Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letla Jehofa Gore a go Kaele fa o Dira Ditshwetso?

Letla Jehofa Gore a go Kaele fa o Dira Ditshwetso?

“Tswelelang lo lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.” —BAEFESO 5:17.

PINA: 69, 57

1. Umaka melao mengwe e e mo Baebeleng mme o tlhalose gore go e ikobela go tla re thusa jang.

BAEBELE e na le melao ya kafa Jehofa a batlang re dira dilo ka gone. Ka sekai, Baebele ya re ga re a tshwanela go obamela medingwana, go utswa, go tagwa kgotsa go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Morwa Modimo le ene o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:19, 20) Sengwe le sengwe se Jehofa le Jesu ba re laelang sone, se re solegela molemo. Melao ya ga Jehofa e re ruta go itlhokomela, go tlhokomela ba malapa a rona, go nna le botsogo jo bo molemo e bile e dira gore re itumele. Mme sa botlhokwa le go feta, fa re ikobela ditaelo tsa ga Jehofa, go akaretsa le taelo ya go rera, Jehofa o tla itumela fela thata e bile o tla re segofatsa.

2, 3. (a) Ke eng fa Baebele e se na molao wa sengwe le sengwe mo botshelong? (b) Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong seno? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

2 Mme gone, Baebele ga e na molao wa sengwe le sengwe mo botshelong. Ka sekai, Baebele ga e na molao o o re laelang gore re apare eng. Seno se re bontsha kafa Jehofa a leng botlhale ka gone. Le fa feshene e fetoga nako le nako e bile batho ba apara mefuta e e farologaneng ya diaparo, Baebele yone ga e felelwe ke nako. Gape ga e na melao e mentsintsi e e re laelang gore re bereke kae, re itlose bodutu jang kgotsa gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore re nne le botsogo jo bo molemo. Jehofa o letleletse gore mongwe le mongwe kgotsa ditlhogo tsa malapa di itirele ditshwetso mo dilong tseno.

3 Ka jalo, fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso mo kgannyeng nngwe mme go se na molao wa Baebele o o ka re kaelang, re ka nna ra ipotsa go re: ‘A Jehofa o amega ka tshwetso e ke e dirang? A o tla e itumelela fa fela ke sa robe melao ya gagwe e e mo Baebeleng? Nka tlhomamisega jang gore o tla itumelela ditshwetso tse ke di dirang?’

DITSHWETSO TSE RE DI DIRANG DI A RE AMA E BILE DI AMA LE BA BANGWE

4, 5. Ditshwetso tse re di dirang di re ama jang e bile di ama jang batho ba bangwe?

4 Go na le batho ba ba akanyang gore ba kgona go dira sengwe le sengwe fela se ba se batlang. Mme rona re batla go dira dilo tse di itumedisang Jehofa. Ka jalo, pele re dira tshwetso, re tlhoka go akanya ka se Baebele e se rutang mme re bo re se dira. Ka sekai, Baebele e re bolelela gore Modimo o ikutlwa jang ka go dirisa madi, ka jalo, re latela se e se rutang. (Genesise 9:4; Ditiro 15:28, 29) Re ka kopa Jehofa gore a re thuse go dira ditshwetso tse di tla mo itumedisang.

5 Ditshwetso tsa rona di a re ama. Fa re dira tshwetso e e botlhale, re atamalana le Jehofa. Mme fa re dira tshwetso e e sa siamang, re tsenya botsala jwa rona le Modimo mo kotsing. Gape ditshwetso tsa rona di ka ama batho ba bangwe. Ga re batle go dira sepe fela se se ka nnang sa kgopisa bakaulengwe ba rona kgotsa go koafatsa tumelo ya bone. Gape ga re batle go kgaoganya bakaulengwe ba rona. Ka jalo, go botlhokwa gore re dire ditshwetso tse di siameng.—Bala Baroma 14:19; Bagalatia 6:7.

6. Ke kaelo efe e re tshwanetseng go e latela fa re dira ditshwetso?

6 Re ka dira jang ditshwetso tse di siameng, fa Baebele e sa re bolelele ka tlhamalalo gore re dire eng? Go na le gore re itirele maratwaepelo, re tshwanetse go akanyetsa boemo jwa rona le go dira tshwetso e e tla itumedisang Jehofa. Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore o tla re thusa go atlega.—Bala Pesalema 37:5.

JEHOFA O BATLA GORE KE DIRE ENG?

7. Fa Baebele e se na molao o o rileng malebana le boemo bongwe, re ka itse jang gore Jehofa o batla gore re dire eng mo boemong joo?

7 Re ka itse jang gore ke eng se se tla itumedisang Jehofa? Baefeso 5:17 ya re: “Tswelelang lo lemoga se e leng thato ya ga Jehofa.” Fa Baebele e se na molao o o rileng malebana le boemo bongwe, re tshwanetse go lemoga kgotsa go tlhaloganya se Jehofa a batlang re se dira mo boemong joo. Re ka dira seo jang? Re tshwanetse go rapela le go letla moya o o boitshepo gore o re kaele.

8. Jesu o ne a lemoga jang se Jehofa a neng a batla gore a se dire? Naya sekai.

8 Ka dinako tsotlhe Jesu o ne a itse se Jehofa a neng a batla gore a se dire. Ka sekai, mo makgetlong a le mabedi, Jesu o ne a dira kgakgamatso ka go rapela le go fepa boidiidi jwa batho ba ba neng ba tshwerwe ke tlala. (Mathaio 14:17-20; 15:34-37) Le fa go ntse jalo, fa a ne a tshwerwe ke tlala a le kwa nageng mme Diabolo a mo raela gore a fetole maje go nna senkgwe, o ne a gana. (Bala Mathaio 4:2-4.) O ne a itse Rraagwe sentle, ka jalo, o ne a itse gore Jehofa o ne a se kitla a itumela fa a ka dirisa moya o o boitshepo ka tsela eo. O ne a tlhomamisegile gore Rraagwe o tla mo kaela le go mo naya dijo ka nako e a di tlhokang ka yone.

9, 10. Ke eng se se tla re thusang gore re dire ditshwetso tse di botlhale? Tshwantsha.

9 Fela jaaka Jesu, le rona re ka dira ditshwetso tse di siameng fa re ikaega ka kaelo ya ga Jehofa. Baebele ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago. O se ka wa ipona o le botlhale. Boifa Jehofa mme o fapoge bosula.” (Diane 3:5-7) Fa re ithuta Baebele mme re lemoga tsela e Jehofa a akanyang ka yone, re tla tlhaloganya se a batlang re se dira mo boemong jo bo rileng. Fa re dira jalo, go tla nna motlhofo go dira ditshwetso tse di mo itumedisang. Seno se tla dira gore re “nne bonako go tsibogela kaelo ya Modimo.”—Esekiele 11:19, ntlha e e kwa tlase mo NW.

10 A re re mosadi yo o nyetsweng o ko mabenkeleng mme o bona ditlhako tse dintle tse di turang. Le fa monna wa gagwe a seyo, o a itse gore o tla ikutlwa jang fa a ka dirisa madi a mantsi jalo. O itse jang? Ba na le lobaka ba le mo lenyalong, ka jalo, o setse a itse gore monna wa gagwe o batla gore madi a dirisiwe jang. Ka tsela e e tshwanang, fa re ithuta ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone le ka se a se dirileng mo nakong e e fetileng, re tla itse se a batlang re se dira mo maemong a a farologaneng.

O KA ITSE JANG GORE JEHOFA O AKANYA ENG?

11. Re ka ipotsa dipotso dife fa re bala Baebele kgotsa re e ithuta? (Bona lebokoso le le reng, “ Fa o Bala Baebele, Ipotse Jaana.”)

11 Re ka itse jang gore Jehofa o akanya eng? Selo sa botlhokwa se re ka se dirang, ke go bala le go ithuta Baebele ka metlha. Fa re dira jalo, re ka ipotsa go re: ‘Ke ithuta eng ka Jehofa? Ke eng a ile a dira dilo ka tsela eno?’ Gape re ka etsa Dafide ka go kopa Jehofa gore a re thuse go mo itse botoka. Dafide o ne a kwala a re: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; Nthute ditselana tsa gago. Gonne o Modimo wa me wa poloko. Ke solofetse mo go wena letsatsi lotlhe.” (Pesalema 25:4, 5) Fa re ithuta sengwe ka Jehofa, re ka akanya ka ditsela tse di farologaneng tse re ka dirisang tshedimosetso eo ka tsone. A re ka e dirisa mo lelapeng, kwa tirong, kwa sekolong kgotsa mo bodireding jwa tshimo? Fa re akanya ka boemo bongwe, go tla nna motlhofo go itse kafa Jehofa a batlang re dirisa tshedimosetso eo ka gone.

Gore re kgone go itse se Jehofa a se akanyang, re tshwanetse go bala le go ithuta Baebele ka metlha

12. Dikgatiso le dipokano tsa rona di ka re thusa jang go itse tsela e Jehofa a akanyang ka yone mo dikgannyeng tse di farologaneng?

12 Tsela e nngwe ya go itse kafa Jehofa a akanyang ka gone, ke ka go ela tlhoko se phuthego ya gagwe e se rutang ka Baebele. Ka sekai, fa re tshwanelwa ke go dira tshwetso, re ka dirisa Watch Tower Publications Index le Kaedi ya go Dira Dipatlisiso ya Basupi ba ga Jehofa go bona tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Gape re ka thusiwa ke go reetsa le go akgela kwa dipokanong mmogo le go tlhatlhanya ka dilo tse re di rutiwang. Seno se tla re thusa go akanya jaaka Jehofa. Fa re dira jalo, re tla kgona go dira ditshwetso tse di tla mo itumedisang le tse a tla di segofatsang.

LETLA JEHOFA GORE A GO THUSE FA O DIRA DITSHWETSO

13. Naya sekai sa kafa go itse dikakanyo tsa ga Jehofa go ka re thusang ka gone go dira ditshwetso tse di siameng.

13 Mma re bone kafa re ka dirang tshwetso e e siameng ka gone fa re tlhatlhanya ka se Jehofa a se akanyang. Gongwe o batla go nna mmulatsela. O setse o dirile diphetogo mo botshelong jwa gago gore o kgone go fetsa nako e ntsi mo bodireding. Mme gone, o sa ntse o ipotsa gore a o tla itumela fa o se na madi le dithoto tse dintsi. Gone Baebele ga e re re tshwanetse go nna babulatsela gore re kgone go direla Jehofa. Re kgona go mo direla sentle re ikanyega re le baboledi. Mme Jesu o ne a re Jehofa o segofatsa ba ba intshang setlhabelo go tshegetsa Bogosi. (Bala Luke 18:29, 30.) Gape Baebele ya re Jehofa o a itumela fa re leka ka natla go mo galaletsa le gore o batla gore re mo direle re itumetse. (Pesalema 119:108; 2 Bakorintha 9:7) Fa re rapela ka dilo tseno e bile re tlhatlhanya ka tsone, re tla dira ditshwetso tse di siameng e bile Jehofa o tla re segofatsa.

14. O ka itse jang gore a mofuta o o rileng wa diaparo o itumedisa Jehofa?

14 Sekai se sengwe ke seno: A re re o rata mofuta o o rileng wa diaparo mme o a itse gore Bakeresete bangwe ba ka nna ba kgopisega fa ba go bona o di apere. Baebele ga e bue sepe ka mofuta oo wa diaparo. Ka jalo, o ka itse jang gore Jehofa o ikutlwa jang ka tsone? Baebele ya re: “Basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa moaparo wa tlhwatlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang fa ba tlotla Modimo, e leng, ka ditiro tse di molemo.” (1 Timotheo 2:9, 10) Ke boammaaruri gore batlhanka botlhe ba ga Jehofa, go akaretsa le banna, ba ka ithuta sengwe go tswa mo kgakololong eno. Fa re le boingotlo, re tla akanyetsa kafa batho ba bangwe ba tla ikutlwang ka gone ka diaparo tse re di aparang. Re tila go kgopisa bakaulengwe ba rona kgotsa go ba utlwisa botlhoko ka gonne re ba rata. (1 Bakorintha 10:23, 24; Bafilipi 3:17) Fa re akanya ka se Baebele e se rutang e bile re itse kafa Jehofa a akanyang ka gone, re tla dira ditshwetso tse di mo itumedisang.

15, 16. (a) Jehofa o ikutlwa jang fa re nnela go akanya ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo? (b) Re ka itse jang gore ke boitlosobodutu bofe jo bo itumedisang Jehofa? (c) Re tshwanetse go dira ditshwetso tse di masisi jang?

15 Baebele e re ruta gore Jehofa o utlwa botlhoko thata fa batho ba dira dilo tse di bosula e bile ba akanya ka tsone. (Bala Genesise 6:5, 6.) Ga go pelaelo gore Jehofa ga a batle gore re akanye ka boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Tota e bile, fa re nnela go akanya ka dilo tseno, re ka nna ra feleletsa re di dira. Mme Jehofa ene o batla gore re akanye ka dilo tse di itshekileng le tse di siameng. Morutwa Jakobe o ne a re botlhale jo bo tswang kwa go Jehofa “sa ntlhantlha bo itshekile, go tswa foo bo na le kagiso, bo tekatekano, bo iketleeleditse go utlwa, bo tletse kutlwelobotlhoko le maungo a a molemo, ga bo tseye batho ka go ba tlhaola, ga bo itimokanye.” (Jakobe 3:17) Ka jalo, Baebele e re ruta gore re tshwanetse go tila boitlosobodutu jo bo ka dirang gore re akanye kgotsa re eletse dilo tse di sa siamang. Mme fa re tlhaloganya ka botlalo se Jehofa a se ratang le se a se tlhoileng, go tla nna motlhofo gore re itse go tlhopha dibuka, difilimi kgotsa metshameko e e siameng. Ga re kitla re tlhoka go botsa ba bangwe gore re dire eng.

16 Fa re dira ditshwetso, gantsi go na le ditsela di le mmalwa tse re ka tlhophang mo go tsone mme gone tsotlhe di itumedisa Jehofa. Mme fa re dira tshwetso ya botlhokwa thata, go ka nna molemo gore re kope kgakololo mo mogolwaneng kgotsa mo Mokereseteng mongwe yo o godileng sentle. (Tito 2:3-5; Jakobe 5:13-15) Ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go kopa motho yoo gore a re direle tshwetso. Go na le moo, re tshwanetse go akanyetsa se Baebele e se rutang go tswa foo, re bo re itirela tshwetso. (Bahebera 5:14) Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.”—Bagalatia 6:5.

17. Re solegelwa molemo jang fa re dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa?

17 Fa re dira ditshwetso tse di itumedisang Jehofa, re atamalana le ene, o a re amogela le go re segofatsa. (Jakobe 4:8) Go tswa foo, tumelo ya rona e a nonofa. Ka jalo, a re tlhatlhanyeng ka se re se balang mo Baebeleng gore re kgone go lemoga tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Ke boammaaruri gore re tla nna re ithuta dilo tse disha ka Jehofa. (Jobe 26:14) Mme fa re leka ka natla go mo ithuta gone jaanong, re tla nna botlhale e bile re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng. (Diane 2:1-5) Maano le dikgopolo tsa rona di a fetoga, mme Jehofa ene ga a fetoge. Mopesalema o ne a re: “Boikaelelo jwa ga Jehofa bo tla ema ka bosakhutleng; dikakanyo tsa pelo ya gagwe di ya kokomaneng e nngwe morago ga kokomana e nngwe.” (Pesalema 33:11) Ga go pelaelo gore re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng fa re ithuta go akanya ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone mme go tswa foo re bo re dira se se mo itumedisang.