Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dithulaganyo Tsa ga Jehofa

Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dithulaganyo Tsa ga Jehofa

“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.”—ISAIA 48:17.

PINA: 117, 114

1, 2. (a) Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jang ka Baebele? (b) Ke karolo efe ya Baebele e o e ratang?

RONA Basupi ba ga Jehofa re rata Baebele fela thata. E a re gomotsa, e re naya tsholofelo le kaelo e re ka e ikanyang. (Baroma 15:4) Ga se buka e e tletseng ka dikgopolo tsa batho go na le moo ke “lefoko la Modimo.”—1 Bathesalonika 2:13.

2 Go na le dikarolo tsa Baebele tse bontsi jwa rona re di ratang thata. Bangwe ba rata Diefangele ka gonne di bontsha dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa mo go Jesu. (Johane 14:9) Ba bangwe ba rata dibuka tsa boporofeti tse di jaaka Tshenolo, e e re bolelelang ka “dilo tse di tla akofang di diragala.” (Tshenolo 1:1) Bangwe ba a gomotsega fa ba bala buka ya Pesalema mme ba bangwe ba itumelela go bala kgakololo e e mo bukeng ya Diane. Ga go pelaelo gore Baebele ke buka ya batho botlhe.

3, 4. (a) Re ikutlwa jang ka dikgatiso tsa rona? (b) Ke dikgatiso dife tse re nang le tsone mme gone di kwaletswe batho ba ba rileng?

3 E re ka re rata Baebele, gape re rata le dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Lefokong la Modimo. Dibuka, diboroutšhara, dimakasine le dikgatiso tse dingwe tsotlhe tse re nang le tsone, di tswa kwa go Jehofa. Di re thusa go atamalana le ene e bile di nonotsha tumelo ya rona.—Tito 2:2.

4 Bontsi jwa dikgatiso tsa rona di kwaletswe Basupi ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, dikgatiso tse dingwe di kwaletswe batho ba ba rileng, jaaka basha kgotsa batsadi. Bontsi jwa ditlhogo le dibidio tse di mo jw.org di rulaganyeditswe batho ba e seng Basupi ba ga Jehofa. Tshedimosetso eno e bontsha gore Jehofa o diragaditse tsholofetso ya gagwe ya gore o tla kaela batho botlhe ka botlalo.—Isaia 25:6.

5. Ke eng se Jehofa a se anaanelang?

5 Bontsi jwa rona re ka rata go nna le nako e e oketsegileng gore re kgone go bala Baebele le dikgatiso tsa rona. Ka jalo, gantsi re ka se fetse nako e e lekanang re ithuta kgatiso nngwe le nngwe. Re ka tlhomamisega gore Jehofa o a itumela fa re dirisa nako ya rona sentle ka go bala le go ithuta Baebele mmogo le dikgatiso tsa rona. (Baefeso 5:15, 16) Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tila kotsi nngwe. Kotsi eo ke efe?

6. Ke eng se se ka dirang gore re se ka ra solegelwa molemo ke dithulaganyo tsa ga Jehofa?

6 Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra akanya gore dikarolo dingwe tsa Baebele kgotsa dikgatiso dingwe, ga di re ame. Ka sekai, re tla dira eng fa karolo nngwe ya Baebele e bonala e kete ga e re thuse go le kalo? Kgotsa re tla dira eng fa kgatiso nngwe e kwaletswe batho ba ba rileng? A re tla e fetisa matlho fela kgotsa a re tla tila go e bala gotlhelele? Fa go le jalo, re ka nna ra latlhegelwa ke tshedimosetso ya botlhokwa e e ka re solegelang molemo. Re ka tila kotsi eo jang? Re tshwanetse go gopola gore tshedimosetso yotlhe e re nang le yone e tswa kwa go Jehofa. Baebele ya re: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo.” (Isaia 48:17) Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dikakantsho di le tharo tse di tla re thusang gore dithulaganyo tsa ga Jehofa di re solegele molemo.

DIKAKANTSHO TSE DI RE THUSANG GO SOLEGELWA MOLEMO KE GO BALA BAEBELE

7. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le mogopolo o o bulegileng fa re bala Baebele?

7 Bala ka mogopolo o o bulegileng. Ke boammaaruri gore dikarolo dingwe tsa Baebele di ne di kwaletswe motho kgotsa setlhopha sa batho ba ba rileng. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16) Ke ka moo re tshwanetseng go nna le mogopolo o o bulegileng fa re bala Baebele. Mokaulengwe mongwe a re o nna a ikgopotsa gore pego e le nngwe ya Baebele e kgona go nna le dithuto di le mmalwa. Seo se mo thusa gore a bone dithuto dingwe tse di sa lemotshegeng motlhofo. Ka jalo, pele re bala Baebele, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye mogopolo o o bulegileng le botlhale gore re kgone go tlhaloganya dilo tse a batlang re di ithuta.—Esera 7:10; bala Jakobe 1:5.

A o solegelwa molemo ke go bala mmalo wa Baebele? (Bona serapa 7)

8, 9. (a) Re ka ipotsa dipotso dife fa re bala Baebele? (b) Ditshwanelego tsa bagolwane ba Bakeresete di re ruta eng ka Jehofa?

8 Ipotse dipotso. Fa o bala Baebele, ema go se kae mme o ipotse dipotso tseno: ‘Pego eno e nthuta eng ka Jehofa? Nka dirisa jang tshedimosetso eno mo botshelong jwa me? Nka e dirisa jang go thusa ba bangwe?’ Go tlhatlhanya ka dipotso tseno go tla re thusa gore re solegelwe molemo ke se re se balang mo Baebeleng. Mma re lebe sekai sengwe. Baebele e tlhalosa ditshwanelego dingwe tse bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone. (Bala 1 Timotheo 3:2-7.) Mme gone, bontsi jwa rona ga re bagolwane, ka jalo, re ka nna ra akanya gore tshedimosetso eno e ka se re thuse ka sepe. Le fa go ntse jalo, a re diriseng dipotso tseno tse tharo go bona kafa ditshwanelego tseno di ka re solegelang molemo ka gone.

9 “Pego eno e nthuta eng ka Jehofa?” Jehofa o re neile lenaane la ditshwanelego tse bagolwane ba tshwanetseng go nna le tsone. O naya banna ba ba tlhokomelang phuthego melao e e kwa godimo. Seno se bontsha gore phuthego e botlhokwa thata mo go Jehofa. Baebele ya re o e rekile “ka madi a Morwawe.” (Ditiro 20:28) Ka jalo, Jehofa o lebeletse gore bagolwane e nne dikao tse di molemo e bile ba ikarabelela mo go ene ka tsela e ba tshwarang maloko a phuthego ka yone. Jehofa o batla gore re ikutlwe re sireletsegile. (Isaia 32:1, 2) Fa re bala ka ditshwanelego tseno, re ithuta gore ruri Jehofa o a re kgathalela.

Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a nne tekatekano le go nna le temogo

10, 11. (a) Fa re bala ka ditshwanelego tsa bagolwane, re ka dirisa jang tshedimosetso eno mo matshelong a rona? (b) Re ka dirisa tshedimosetso eno jang go thusa ba bangwe?

10 “Nka dirisa jang tshedimosetso eno mo botshelong jwa me?” Fa e le gore o setse o le mogolwane, o tshwanetse gore nako le nako o sekaseke ditshwanelego tseno le go leka go tokafatsa fa go tlhokegang gone. Fa o “kgaratlhela tiro ya bolebedi,” o tshwanetse go leka ka natla gore o tshwanelege. (1 Timotheo 3:1) Mme Bakeresete botlhe ba ka ithuta sengwe ka ditshwanelego tseno. Ka sekai, Jehofa o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a nne tekatekano le go nna le temogo. (Bafilipi 4:5; 1 Petere 4:7) Fa bagolwane e le “dikao mo letsomaneng,” re ka ithuta mo go bone le go ‘etsa tumelo ya bone.’—1 Petere 5:3; Bahebera 13:7.

11 “Nka dirisa tshedimosetso eno jang go thusa ba bangwe?” Re ka dirisa ditshwanelego tseno tsa bagolwane ba Bakeresete go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone go bona pharologanyo fa gare ga bagolwane le baruti ba dikereke. Gape ditshwanelego tseno di ka re thusa go gopola tiro ya bonatla e bagolwane bano ba e dirang mo phuthegong. Mme seno se tla dira gore re ba tlotle. (1 Bathesalonika 5:12) Fa re tswelela re ba tlotla, ba tla itumelela kabelo ya bone.—Bahebera 13:17.

12, 13. (a) Re ka dirisa jang didirisiwa tse re nang le tsone go dira dipatlisiso? (b) Naya sekai sa kafa re ka dirisang tshedimosetso e e dikologileng temana ka gone go ithuta thuto nngwe e go seng motlhofo go e bona.

12 Dira dipatlisiso. Fa re ithuta Baebele, re ka batla dikarabo tsa dipotso tse di latelang:

  • Ke mang yo o kwadileng buka eno ya Baebele?

  • E kwaletswe kae le gone leng?

  • Ke ditiragalo dife tsa botlhokwa tse di neng di direga fa buka eno e ne e kwalwa?

Tshedimosetso eno e ka nna ya re thusa go ithuta dithuto tse go seng motlhofo go di bona.

13 Ka sekai, Esekiele 14:13, 14 ya re: “Fa . . . lefatshe,  . . . le ka nteofela ka go dira ka go tlhoka boikanyegi, ke tla le otlololela seatla mme ke le robaganyetse dithobane tse dinkgwe tse di bopegileng jaaka maseka di lepeleditsweng mo go tsone go di dikologa, mme ke tla romela leuba mo go lone ke bo ke kgaola mo go lone motho wa mo lefatsheng le seruiwa. ‘Mme fa banna bano ba bararo ba ka bo ba ne ba le mo gare ga lone, Noa, Daniele le Jobe, ka ntlha ya tshiamo ya bone ba ne ba tla golola moya wa bone,’ go bua Morena Molaodimogolo Jehofa.” Fa re dira dipatlisiso, re tla lemoga gore Esekiele o kwadile mafoko ao dingwaga di ka nna 612 pele Keresete a tla mo lefatsheng. Go ne go fetile dingwaga di le makgolokgolo fa e sa le Noa le Jobe ba tlhokafetse mme Jehofa o ne a sa ntse a gopola boikanyegi jwa bone. Le fa go ntse jalo, Daniele o ne a sa ntse a tshela. Go ka direga gore o ne a na le dingwaga di ka nna 20 fa Jehofa a ne a re o siame fela jaaka Noa le Jobe. Re ithuta eng mo ntlheng eno? Jehofa o bona batlhanka botlhe ba gagwe e bile o a ba anaanela.—Pesalema 148:12-14.

DIRISA DIKGATISO TSE DI FAROLOGANENG

14. Tshedimosetso e e kwaletsweng basha e ba thusa jang, mme e ka solegela ba bangwe molemo jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

14 Dikgatiso tse di kwaletsweng basha. Re ithutile gore re ka kgona go ithuta dithuto tsa botlhokwa mo Baebeleng yotlhe. Ka tsela e e tshwanang, dikgatiso tsotlhe tsa rona di ka re solegela molemo. A re sekasekeng dikai di le mmalwa. Bosheng jaana, Jehofa o ile a naya basha tshedimosetso e e seng kana ka sepe. [1] (Bona ntlha e e kwa bofelong jwa setlhogo.) Tshedimosetso eno e ba thusa go lepalepana le kgatelelo ya kwa sekolong le dikgwetlho tse ba lebanang le tsone fa ba ntse ba gola. Mme rona ba bangwe re ka solegelwa molemo jang ke go bala dikgatiso tseo? Fa re bala tshedimosetso eo, re ithuta ka mathata a basha ba lebanang le one e bile re kgona go ba thusa le go ba kgothatsa.

Bakeresete ba ba godileng ga ba a tshwanela go tlodisa matlho tshedimosetso e e kwaletsweng basha

15. Ke eng fa Bakeresete ba ba godileng ba tshwanetse go kgatlhegela tshedimosetso e e kwaletsweng basha?

15 Bakeresete ba ba godileng ga ba a tshwanela go tlodisa matlho tshedimosetso eno e e kwaletsweng basha. Bontsi jwa mathata a go buiwang ka one mo ditlhogong tseo a ama Bakeresete botlhe. Ka sekai, rotlhe re tshwanetse go femela tumelo ya rona, go laola maikutlo a rona, go gana kgatelelo ya dithaka, go tila ditsala le boitlosobodutu jo bo sa siamang. Ka jalo, le fa dikgatiso tseno di kwaletswe basha, tshedimosetso e e mo go tsone e tswa mo Baebeleng e bile e ka thusa Bakeresete botlhe.

16. Ke eng se dikgatiso tsa rona di thusang basha go se dira?

16 Dikgatiso tseno tse di kwaletsweng basha di ka ba thusa gore ba nonotshe botsala jwa bone le Jehofa. (Bala Moreri 12:1, 13.) Mme tshedimosetso eno e ka thusa le batho ba ba godileng. Ka sekai, Tsogang! ya April 2009 e na le setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana . . . Nka Dira Jang Gore go Bala Baebele go Itumedise?” Setlhogo seo se na le dikakantsho tse di molemo mmogo le lebokoso le motho a ka kgonang go le segolola le go le dirisa ka nako ya go ithuta. A setlhogo seno se ne sa thusa batho ba ba godileng? Mmè mongwe yo o nyetsweng a re go ne go le thata go bala Baebele. Le fa go ntse jalo, o ile a dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seo mme gone jaanong o itumelela go bala Baebele. A re o itumelela go bona kafa dibuka tsa Baebele di nyalanang ka gone e bile a re: “Ke itumelela go bala Baebele fela thata.”

17, 18. Re ka solegelwa molemo jang ke go bala dikgatiso tse di kwaletsweng batho ba re kopanang le bone mo bodireding? Naya sekai.

17 Dikgatiso tse re di tsamaisang mo bodireding. Fa e sa le ka 2008, re ntse re itumelela go ithuta Tora ya Tebelo e re e dirisang kwa dipokanong. Makasine ono o kwaletswe Basupi ba ga Jehofa mme re na le dimakasine tse dingwe tse re di tsamaisang mo bodireding. Makasine ono o re o tsamaisang mo bodireding o ka re solegela molemo jang? A re dire sekai. O a itumela fa e re o laletsa motho go tla kwa Holong ya Bogosi, a bo a tla. Fa sebui se ntse se tsweletse, o akantse ka moeng wa gago. O ipotsa gore motho yono o ikutlwa jang ka tshedimosetso e a e utlwang le gore e ka fetola jang botshelo jwa gagwe. Seo se dira gore o itumelele setlhogo se go tlotlwang ka sone.

18 Go ka nna ga direga se se tshwanang fa re bala dikgatiso tse di kwaletsweng batho ba re kopanang le bone mo bodireding. Ka sekai, Tora ya Tebelo e re e tsamaisang mo bodireding mmogo le ditlhogo tse di mo jw.org di tlhalosa Baebele di dirisa mafoko a go leng motlhofo go a tlhaloganya. Fa re bala tshedimosetso eo, re tlhaloganya Baebele botoka thata e bile re rata dithuto tsa boammaaruri tse re setseng re di itse. Gape re ithuta ditsela tse disha tsa go tlhalosa dilo tse re di dumelang. Ka tsela e e tshwanang, makasine wa Tsogang! o re tlhomamisetsa gore go na le Mmopi. Gape makasine ono o re thusa go tlhalosetsa ba bangwe dilo tse re di dumelang.—Bala 1 Petere 3:15.

19. Re ka bontsha Jehofa jang gore re anaanela dithulaganyo tsa gagwe?

19 Ga go pelaelo gore Jehofa o re neile kgakololo e ntsi e e molemo. (Mathaio 5:3) A re tsweleleng pele re bala le go dirisa dilo tsotlhe tse re di ithutang. Fa re dira jalo, re tla solegelwa molemo e bile re tla bontsha Jehofa gore re anaanela dithulaganyo tsotlhe tsa gagwe.—Isaia 48:17.

^ [1] (serapa 14) Tshedimosetso eno e akaretsa buka ya Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo 1 le 2, mmogo le motseletsele wa ditlhogo tse di reng, “Basha ba Botsa Jaana,” tse ga jaana di tsenngwang fela mo jw.org/tn.