Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basha ‘Emang lo Nitame Kgatlhanong le Diabolo’

Basha ‘Emang lo Nitame Kgatlhanong le Diabolo’

“Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong gore lo tle lo kgone go ema lo nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo.”—BAEF. 6:11.

PINA: 79, 140

1, 2. (a) Ke eng fa basha ba fenya Satane le madimona? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Re tlile go sekaseka eng?

MOAPOSETOLOI Paulo o ile a tshwantsha Bakeresete le masole. Mme gone, ga re lwe le batho, go na le moo, re lwa le Satane le madimona a gagwe. Satane le madimona ke batlhabani ba ba nonofileng ba ba nang le maitemogelo a le mantsi. Go ka nna ga lebega e kete ga re kitla re fenya ntwa eno. Basha ke bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing. Ba ka kgona jang go fenya meya eno e e boikepo le e e maatla? Ba ka kgona go fenya e bile tota ba setse ba fenya! Ke eng fa re rialo? Ka gonne ba “bona maatla mo Moreneng.” Le fa go ntse jalo, ga ba a ikaega ka maatla a Modimo fela, gape ba apere diaparo tsa tlhabano. Fela jaaka masole a a thapisitsweng sentle, ba apere “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.”—Bala Baefeso 6:10-12.

2 Fa Paulo a ne a dira setshwantsho seno, gongwe o ne a akantse ka diaparo tsa masole a kwa Roma. (Dit. 28:16) Mma re sekaseke lebaka la go bo setshwantsho seno se tshwanela. Fa re ntse re dira jalo, ela tlhoko se basha bangwe ba ileng ba se bua ka dikgwetlho le melemo ya go apara diaparo tsa tlhabano.

A o Apere Diaparo Tse di Feletseng Tsa Tlhabano?

‘LOTHEKA LWA LONA LO GATLHIWE KA BOAMMAARURI’

3, 4. Boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo tshwana jang le lebante la masole a kwa Roma?

3 Bala Baefeso 6:14. Lebante la masole a kwa Roma le ne le na le dimetale tse di neng di sireletsa noka ya lesole. Gape le ne le thusa go fokotsa boima jwa seiphemelo sa sehuba. Go na le mabante mangwe a lesole le neng le kgona go tsenya tšhaka le thipa mo go one. Fa lesole le bofile lebante, le ne le ka kgona go ema le nitame kwa ntweng.

4 Ka tsela e e tshwanang, boammaaruri jo re bo ithutang mo Lefokong la Modimo bo re sireletsa mo dithutong tsa maaka. (Joh. 8:31, 32; 1 Joh. 4:1) Fa re rata boammaaruri jwa Baebele, go tla nna motlhofo gore re tshele ka melao e e siameng ya Modimo kgotsa gore re apare “seiphemelo sa sehuba.” (Pes. 111:7, 8; 1 Joh. 5:3) Mo godimo ga moo, fa re tlhaloganya boammaaruri, re ka kgona go bo femela fa re kopana le baganetsi.—1 Pet. 3:15.

5. Ke eng fa re tshwanetse go bua boammaaruri?

5 Fa re ithuta melaometheo ya Baebele e bile re e dirisa mo matshelong a rona, re tla bua boammaaruri ka dinako tsotlhe. Goreng re tshwanetse go tila go bua maaka? Ka gonne go bua maaka ke sebetsa se segolo se Satane a se dirisang thata. Motho yo o buang maaka o ikutlwisa botlhoko e bile o utlwisa batho ba bangwe botlhoko. (Joh. 8:44) Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla go bua boammaaruri ka metlha. (Baef. 4:25) Mme gone, go dira jalo ga go motlhofo. Abigail wa dingwaga tse 18 a re: “Ka dinako tse dingwe, go bua boammaaruri go ka lebega go ka se go thuse, segolobogolo fa go bua maaka go ka go thusa gore o tswe mo mathateng.” Ka jalo, ke eng fa a leka go bua boammaaruri ka metlha? A re: “Fa ke bua boammaaruri, ke nna le segakolodi se se phepa fa pele ga ga Jehofa. Mme batsadi ba me le ditsala tsa me ba a itse gore ba ka ntshepa.” Victoria wa dingwaga di le 23, a re: “Fa o bua boammaaruri e bile o emela se o se dumelang, batho ba ka nna ba go sotla. Le fa go ntse jalo, go dira jalo go go solegela molemo: O nna pelokgale, o atamalana le Jehofa e bile batho ba ba go ratang ba a go tlotla.” Ka jalo, go tla bo go le molemo gore ‘lotheka lwa gago lo nne lo gatlhilwe ka boammaaruri’ ka dinako tsotlhe.

Lebante la boammaaruri (Bona serapa 3-5)

“SEIPHEMELO SA SEHUBA SA TSHIAMO”

6, 7. Ke eng fa melao ya ga Jehofa e tshwantshiwa le seiphemelo?

6 Seiphemelo sa sehuba se masole a kwa Roma a neng a se dirisa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, se ne se na le ditshipi tse ditshesane tse di tshwaraganeng. Di ne di kobilwe ka tsela e e tla dirang gore a kgone go di apara mo sehubeng mme di ne di tshwaragantswe le letlalo. Gape se ne se sireletsa magetla a gagwe. Seiphemelo seno se ne se dira gore a se ka a kgona go tsamaya sentle go le kalo mme gape o ne a tlhoka go nna a se tlhola go bona gore a se sa ntse se dutse sentle. Le fa go ntse jalo, se ne se sireletsa pelo ya gagwe le dikarolo tse dingwe tsa mmele.

7 Ruri setshwantsho seno se tlhalosa sentle tsela e melao e e siameng ya ga Jehofa e ka sireletsang pelo ya rona ya tshwantshetso ka gone! (Dia. 4:23) Fela jaaka lesole le ka se tlogele seiphemelo sa sehuba sa tshipi, le bo le tsaya sa metale e e sa nonofang, le rona re ka se tlogele melao ya ga Jehofa re bo re tshela ka melao e re ipeetseng yone. E re ka re sa itekanela, ga re ka ke ra kgona go dira ditshwetso tse di molemo re sa kaelwe ke Jehofa. (Dia. 3:5, 6) Go na le moo, re tshwanetse go tlhomamisa gore seiphemelo sa tshipi se Jehofa a re fileng sone se dutse sentle e bile se sireleditse pelo ya rona.

8. Ke eng fa go ikobela melao ya ga Jehofa go re tswela mosola?

8 A ka dinako dingwe o tsaya gore melao ya ga Jehofa e a go imela kgotsa e go thibela go dira dilo dingwe tse o di batlang? Daniel, wa dingwaga di le 21, a re: “Barutabana le baithutimmogo le nna ba ne ba nja ditshego ka gonne ke tshela ka melao ya Baebele. Seno se ne sa dira gore ke simolole go inyatsa le go ngomoga pelo.” Ke eng se se mo thusitseng? A re: “Ke ne ka bona gore go tshela ka melao ya ga Jehofa go re tswela mosola. Bangwe ba baithutimmogo le nna ba ne ba simolola go dirisa diokobatsi mme ba bangwe ba ne ba tlogela sekolo. Go ne go utlwisa botlhoko go bona dilo tse di ba diragaletseng. Ruri Jehofa o a re sireletsa.” Madison wa dingwaga di le 15 a re: “Go thata gore ke latele melao ya ga Jehofa le gore ke se ka ka dira dilo tse dithaka tsa me di di ratang.” Ke eng se se mo thusang? A re: “Ke ikgopotsa gore ke bidiwa ka leina la ga Jehofa le gore Satane o dirisa dithaelo go ntlhasela. Fa ke fenya thaelo nngwe, ke a itumela.”

Seiphemelo sa sehuba sa tshiamo (Bona serapa 6-8)

“DINAO TSA LONA DI RWELE IKETLEETSO YA DIKGANG TSE DI MOLEMO TSA KAGISO”

9-11. (a) Bakeresete ba rwala ditlhako dife tsa tshwantshetso? (b) Ke eng se se ka re thusang gore re phuthologe fa re rera dikgang tse di molemo?

9 Bala Baefeso 6:15. Lesole la kwa Roma le ne le ka se ye kwa ntweng le sa rwala ditlhako. Ditlhako tsa masole di ne di dirilwe ka dikarolo tse tharo tsa letlalo tse di neng di tshwaragantswe, ka jalo, di ne di nonofile tota. Mo godimo ga moo, di ne di tsamaisa monate.

10 Ditlhako tsa masole a kwa Roma di ne di ba thusa fa ba le kwa ntweng, mme ditlhako tsa tshwantshetso tse Bakeresete ba di rwalang, di ba thusa go rera molaetsa wa kagiso. (Isa. 52:7; Bar. 10:15) Le fa go ntse jalo, go tlhokega bopelokgale gore motho a rere fa tshono e tlhaga. Lekau la dingwaga tse 20 e bong Bo, la re: “Ke ne ke tshaba go rerela baithutimmogo le nna. Ke akanya gore ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Ga ke itse gore tota goreng ke ne ke tlhabiwa ke ditlhong. Gone jaanong ke itumelela go ba rerela.”

11 Basha ba le bantsi ba lemogile gore fa ba baakanyeditse sentle pele ba ya go rera, seo se dira gore ba phuthologe. Ke eng se se ka go thusang gore o rerele ba bangwe? Julia wa dingwaga di le 16, a re: “Ke nna ke tshwere dikgatiso mo bekeng ya me ya sekolo e bile ke reetsa dilo tse baithutimmogo le nna ba di buang. Go tswa foo, ke kgona go akanya ka se se tla ba thusang. Fa ke baakanyeditse sentle, ke kgona go bua le bone ka dilo tse di tla ba thusang.” Makenzie wa dingwaga di le 23, a re: “Fa o le pelonomi e bile o reetsa, o tla kgona go lemoga gore baithutimmogo le wena ba lebane le mathata afe. Ke tlhomamisa gore ke bala ditlhogo tsotlhe tse di buang ka basha. Seo se dira gore ke kgone go ba bolelela ka sengwe se se mo Baebeleng kgotsa mo jw.org se se ka ba thusang.” Fela jaaka maitemogelo ao a bontsha, fa o baakanyeditse sentle pele o ya go rera, go tla bo go tshwana le fa o rwele ditlhako tse di go lekanang sentle.

Dinao tse di iketleeleditseng (Bona serapa 9-11)

“THEBE E KGOLO YA TUMELO”

12, 13. Marumo mangwe a Satane a re konopang ka one ke afe?

12 Bala Baefeso 6:16. Lesole la kwa Roma le ne le tshwara thebe e e kgolo e e neng e mo sireletsa go tswa kwa magetleng go fitlha kwa mangoleng. Le ne le dirisa thebe eno go itshireletsa gore le se ka la gobadiwa ke ditšhaka le marumo.

13 Marumo mangwe a Satane a ka go konopang ka one ke maaka ka Jehofa. Satane o batla gore o dumele gore Jehofa ga a go kgathalele le gore ga a go rate. Ida wa dingwaga di le 19 o lwantsha maikutlo a go ipona e se motho wa sepe. A re: “Gantsi ke ne ke tsaya gore Jehofa ga a atamalana le nna le gore ga a batle go nna Tsala ya me.” Ke eng se se mo thusang go itshokela kgwetlho eno? A re: “Dipokano di nonotsha tumelo ya me fela thata. Ke ne ke sa akgele kwa dipokanong ka gonne ke akanya gore ga go na ope yo o batlang go utlwa dikakgelo tsa me. Le fa go ntse jalo, gone jaanong ke baakanyetsa dipokano ke bo ke leka go akgela makgetlo a le mabedi kgotsa a le mararo. Ga go motlhofo mme fa ke sena go akgela ke ikutlwa botoka. Bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba nkgothatsa tota. Nako le nako ke tswa kwa dipokanong ke tlhomamisegile gore Jehofa o a nthata.”

14. Maitemogelo a ga Ida a re ruta thuto efe?

14 Maitemogelo a ga Ida a re ruta thuto nngwe ya botlhokwa: Thebe ya rona ya tumelo e farologane le thebe ya mmatota e masole a kwa Roma a neng a e dirisa ka gonne tumelo yone e kgona go nna bokoa kgotsa go nonofa go ikaegile ka gore re dira eng. (Math. 14:31; 2 Bathes. 1:3) Ka jalo go botlhokwa gore re nonotshe tumelo ya rona!

Thebe e e kgolo ya tumelo (Bona serapa 12-14)

“TLHORO YA PHEMELO YA POLOKO”

15, 16. Tsholofelo e tshwana le tlhoro ya phemelo ka tsela efe?

15 Bala Baefeso 6:17. Lesole la kwa Roma le ne le rwala tlhoro ya phemelo gore le sireletse tlhogo, thamo le sefatlhego. Ditlhoro dingwe tsa phemelo di ne di na le selo se o ka se dirisang gore o e tshware ka seatla.

16 Fela jaaka tlhoro ya phemelo e sireletsa tlhogo ya lesole, “tsholofelo ya poloko” e sireletsa megopolo le dikakanyo tsa rona. (1 Bathes. 5:8; Dia. 3:21) Tsholofelo e re thusa gore re nne re tlhomile mogopolo mo ditsholofetsong tsa Modimo le gore mathata a rona a se ka a re kgoba marapo. (Pes. 27:1, 14; Dit. 24:15) Le fa go ntse jalo, fa re batla gore tlhoro ya rona ya phemelo e re sireletse, re tshwanetse go e rwala mo tlhogong e seng go e tshwara ka seatla.

17, 18. (a) Satane a ka re raela jang gore re role tlhoro ya rona ya phemelo? (b) Re ka bontsha jang gore ga re dumele maaka a ga Satane?

17 Satane a ka re raela jang gore re role tlhoro ya rona ya phemelo? Akanya ka tsela e a ileng a leka go raela Jesu ka yone. Satane o ne a itse gore Jesu o na le tsholofelo ya go busa batho. Mme gone, Jesu o ne a tla tshwanelwa ke go letela nako ya ga Jehofa e e tlhomilweng. Pele seo se direga, o ne a tla tshwanelwa ke go boga le go swa. Ka jalo, Satane o ne a naya Jesu tshono ya gore a bone dilo tseo ka bonako. O ne a solofetsa Jesu gore fa a ne a ka mo obamela, o ne a tla busa batho ka yone nako eo. (Luke 4:5-7) Ka tsela e e tshwanang, Satane o a itse gore Jehofa o tlile go re naya dilo tse di molemo mo lefatsheng le lesha. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go leta e bile re ka nna ra boga fa nako eo e ise e tle. Ka jalo, Satane o re naya tshono ya go tshela monate gone jaanong. O batla gore dilo tse re di batlang e nne tsone tsa botlhokwa mo go rona le gore re nne le sengwe le sengwe gone jaanong. Satane o batla gore re beye Bogosi kwa morago ga dilo tse dingwe tse re di batlang.—Math. 6:31-33.

18 Basha ba le bantsi ba Bakeresete ga ba dumele maaka a ga Satane. Ka sekai, Kiana wa dingwaga di le 20, a re: “Ke a itse gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo tla rarabololang mathata otlhe a rona.” Tsholofelo eno e ama jang dilo tse a akanyang ka tsone le tse a di dirang? A re: “Tsholofetso ya Paradaise e nthusa gore ke lebe mekgele ya lefatshe ka tsela e e siameng. Ga ke dirise kitso ya me gore ke dire madi a mantsi kgotsa gore ke iponele tiro ya maemo a a kwa godimo. Go na le moo, ke dirisa nako le maatla a me mo tirelong ya Modimo.”

Tlhoro ya phemelo ya poloko (Bona serapa 15-18)

LEFOKO LA MODIMO KE “TŠHAKA YA MOYA”

19, 20. Re ka tokafatsa jang tsela e re dirisang Lefoko la Modimo ka yone?

19 Tšhaka e masole a kwa Roma a neng a e dirisa ka nako ya fa Paulo a ne a kwala lekwalo la gagwe e ne e le boleele jwa disentimetara di ka nna 50. Masole a kwa Roma e ne e le ditswerere tsa go lwa ka ditšhaka ka gonne ba ne ba ikatisa letsatsi le letsatsi.

20 Paulo o tshwantsha Lefoko la Modimo le tšhaka. Mme gone, re tshwanetse go ithuta go e dirisa sentle gore re femele se re se dumelang kgotsa gore re fetole tsela e re akanyang ka yone. (2 Bakor. 10:4, 5; 2 Tim. 2:15) O ka tokafatsa jang tsela e o dirisang Lefoko la Modimo ka yone? Sebastian wa dingwaga di le 21, a re: “Ke kwala temana e le nngwe go tswa mo mmalong wa Baebele. Ke dira lenaane la ditemana tse ke di ratang. Seno se nthusa gore ke tlhaloganye tsela e Jehofa a akanyang ka yone botoka.” Daniel yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Fa ke bala Baebele, ke tlhopha ditemana tse ke akanyang gore di tla thusa batho ba ke kopanang le bone mo bodireding. Ke lemogile gore batho ba kgatlhegela molaetsa wa rona fa ba bona gore re rata Baebele le gore re leka ka natla go ba thusa.”

Tšhaka ya moya (Bona serapa 19-20)

21. Ke eng fa re sa tlhoke go boifa Satane le madimona?

21 Dikai tsa basha ba re buileng ka bone mo setlhogong seno di bontsha gore ga re tlhoke go boifa Satane le madimona. Le fa ba nonofile, re ka kgona go ba fenya. Mo godimo ga moo, ga ba kitla ba tshelela ruri. Go ise go ye kae, mo Pusong ya ga Keresete ya Dingwaga Tse di Sekete, ba tla tshwarwa mme ga ba kitla ba kgona go gobatsa ope, morago ga moo, ba tla senngwa. (Tshen. 20:1-3, 7-10) Re itse mmaba wa rona sentle e bile re itse maano le maitlhomo a gagwe. Jehofa o tla re thusa gore re eme re nitame kgatlhanong le ene!