Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 19

Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi

Go Bontsha Lorato le go Diragatsa Tshiamiso fa go Dirilwe Boleo jo bo Masisi

“Ga o Modimo yo o natefelelwang ke boikepo; ga go na ope yo o bosula yo o ka agang le wena ka nako epe.”—PES. 5:4.

PINA 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-3. (a) Go ya ka Pesalema 5:4-6, Jehofa o ikutlwa jang ka dilo tsotlhe tse di bosula? (b) Ke eng fa re ka re go sotla bana ka tlhakanelodikobo go kgatlhanong le “molao wa ga Keresete”?

JEHOFA MODIMO o tlhoile dilo tsotlhe tse di bosula. (Bala Pesalema 5:4-6.) O tlhoile go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo, e leng boleo jo bo maswe fela thata le jo bo ferosang sebete. Fela jaaka Jehofa, Basupi ba tlhoile go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo e bile ga ba go letlelele mo phuthegong. Ga ba sireletse batho ba ba sotlang bana, go na le moo, ba ba tseela dikgato.—Bar. 12:9; Baheb. 12:15, 16.

2 Mofuta mongwe le mongwe wa go sotliwa ga bana o kgatlhanong le “molao wa ga Keresete.” (Bagal. 6:2) Ke eng fa re rialo? Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, molao wa ga Keresete ke dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di ruta le tse a neng a di dira. Molao oo o theilwe mo loratong e bile ba ba o ikobelang ba tshwara ba bangwe sentle. Bakeresete ba boammaruri ba ikobela molao ono, ka jalo, ba tshwara bana sentle e bile ba a ba rata. Seo se dira gore bana ba ikutlwe ba sireletsegile. Go sotla bana ka tlhakanelodikobo go phoso e bile ke bosetlhogo. Go dira gore ngwana a ikutlwe e kete ga go na ope yo o mo ratang le yo o mo sireletsang.

3 Go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo ke bothata jo bo anameng mo lefatsheng lotlhe mme ka maswabi, bothata jono bo amile le phuthego ya Modimo. Ka ntlha yang? Ka gonne lefatshe le tletse ka “batho ba ba boikepo le maferefere” mme bangwe ba bone ba ka nna ba itira e kete ba rata boammaaruri ka maikaelelo a go utlwisa ba bangwe botlhoko. (2 Tim. 3:13) Lebaka le lengwe ke gore batho bangwe ba ba reng ba direla Jehofa ba ile ba ineelela keletso e e sa siamang ya tlhakanelodikobo mme ka ntlha ya seo, ba bo ba sotla bana. Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa go sotla bana ka tlhakanelodikobo e le boleo jo bo masisi thata jaana. Re tla bona gore bagolwane ba dira eng fa mongwe mo phuthegong a dirile boleo jo bo masisi, go akaretsa go sotla bana ka tlhakanelodikobo le gore batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang. *

BOLEO JO BO MASISI

4-5. Ke eng fa go sotla bana ka tlhakanelodikobo e le selo se se makgapha?

4 Go sotla bana ka tlhakanelodikobo go na le ditlamorago tse di botlhoko. Go utlwisa batho ba le bantsi botlhoko, go akaretsa ngwana yo o sotliwang, batsadi le ba lelapa la gagwe le bakaulengwe le bokgaitsadi. Go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke selo se se makgapha!

5 Go utlwisa ngwana botlhoko. Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, fa motho a sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, o mo utlwisa botlhoko ka ditsela di le dintsi. Ngwana a ka tswa a mo tshepa mme o mo utlwisa botlhoko ka go dira gore a se ka a tlhola a ikutlwa a sireletsegile. Re tshwanetse go sireletsa bana gore ba se ka ba sotliwa, mme re tshwanetse go thusa le go gomotsa ba ba ileng ba sotliwa mo nakong e e fetileng.—1 Bathes. 5:14.

6-7. Ke eng fa re ka re go sotla bana ka tlhakanelodikobo go senya leina le lentle la phuthego e bile ke tlolomolao?

6 Go sotla bana ka tlhakanelodikobo go senya phuthego leina. Mokeresete yo o sotlang bana ka tlhakanelodikobo o senya leina le lentle la phuthego. (Math. 5:16; 1 Pet. 2:12) Tota seo se utlwisa botlhoko ka gonne Bakeresete ba le bantsi ba “lwa ntwa ka thata [ba] lwela tumelo.” (Jude 3) Ga re letle batho ba ba dirang dilo tse di bosula e bile ba sa ikwatlhaye gore ba tswelele ba le mo phuthegong e bile ba gogagoga leina la phuthego mo seretseng.

7 Go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke tlolomolao. Bakeresete ba tshwanetse go nna “mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Bar. 13:1) Re bontsha gore re “mo taolong ya balaodi ba bagolo” fa re ikobela melao ya puso. Fa Mokeresete a sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, wa bo a tlola molao wa puso. (Bapisa Ditiro 25:8.) Bagolwane ga ba na tetla ya go otlhaya batho ba ba tlolang molao. Le fa go ntse jalo, ga ba sireletse batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo, go na le moo, ba letla puso go dira tiro ya yone. (Bar. 13:4) Motho yoo o tshwanetse go roba se a se jetseng.—Bagal. 6:7.

8. Jehofa o ikutlwa jang fa motho a utlwisa yo mongwe botlhoko?

8 Sa botlhokwa le go feta, fa motho a sotla bana ka tlhakanelodikobo, o leofela Modimo. (Pes. 51:4) Motho yo o utlwisang yo mongwe botlhoko o leofela Jehofa. Akanya ka Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele. Molao oo o ne o re fa motho a tsietsa yo mongwe, o “itshwara ka go tlhoka boikanyegi mo go Jehofa.” (Lefi. 6:2-4) Ka tsela e e tshwanang, Mokeresete yo o sotlang ngwana ka tlhakanelodikobo, ga a ikanyege mo go Jehofa ka gonne ngwana yoo o ne a mo tshepa, ene a bo a mo tsietsa. Fa mongwe a itsiwe e le Mosupi wa ga Jehofa a bo a sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, o tlisa kgobo mo leineng la Modimo. Go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke boleo jo bo maswe thata jo Jehofa a bo tlhoileng mme ga re a tshwanela go bo letlelela.

9. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ga a bolo go gatisa tshedimosetso efe, mme ka ntlha yang?

9 “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ga a bolo go gatisa ditlhogo di le dintsi tse di theilweng mo Dikwalong tse di buang ka kgang ya go sotla bana ka tlhakanelodikobo. Ka sekai, ditlhogo tse di mo makasineng wa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ile tsa ntsha dikakantsho tsa gore batho ba ba kileng ba sotliwa, ba ka itshokela jang se se ba diragaletseng. Gape di ile tsa tlhalosa gore ba bangwe ba ka kgothatsa jang batho ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo le gore batsadi ba ka dira eng go sireletsa bana ba bone. Mo godimo ga moo, phuthego ya Modimo e naya bagolwane tshedimosetso e e theilweng mo Baebeleng ya gore ba dire eng fa mongwe a sotla bana ka tlhakanelodikobo. Setlhopha se se Laolang se nna se sekaseka kaelo e e newang bagolwane malebana le gore ba tshwanetse go dira eng fa mongwe mo phuthegong a sotla bana. Ka ntlha yang? Ka gonne se batla go tlhomamisa gore tsela e bagolwane ba rarabololang kgang eo ka yone, e dumalana le molao wa ga Keresete.

SE BAGOLWANE BA SE DIRANG FA MONGWE A DIRILE BOLEO JO BO MASISI

10-12. (a) Fa bagolwane ba begelwa gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, ba tshwanetse go gopola eng, mme boikarabelo jwa bone jwa botlhokwa ke bofe? (b) Go ya ka Jakobe 5:14, 15, bagolwane ba leka go dira eng?

10 Fa bagolwane ba rarabolola kgang nngwe e e masisi, ba tshwanetse go nna ba gopotse gore molao wa ga Keresete o ba laela gore ba rate Bakeresetemmogo le bone le gore ba tshwanetse go dira se Modimo a reng se siame. Ka jalo, fa ba begelwa gore mongwe o dirile boleo jo bo masisi, ba tshwanetse go akanyetsa dilo di le dintsi. Boikarabelo jwa bone jo bogolo ke go galaletsa Jehofa le go tlhomamisa gore leina la gagwe ga le gogagogwe mo seretseng. (Lefi. 22:31, 32; Math. 6:9) Gape ba tshwanetse go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong gore ba tswelele ba atamalane le Jehofa le go gomotsa ba ba utlwisitsweng botlhoko.

11 Gape bagolwane ba leka go bona gore a motho yo o dirileng boleo jo bo masisi o a ikwatlhaya. Fa e le gore o a ikwatlhaya, ba leka go mo thusa gore a baakanye kamano ya gagwe le Jehofa. (Bala Jakobe 5:14, 15.) Mokeresete yo o dirang boleo jo bo masisi o tshwana le motho yo o lwalang. Seo se raya gore ga a tlhole a na le kamano e e molemo le Jehofa. * Re ka tshwantsha bagolwane le dingaka. Ba leka go “fodisa yo o bokoa [mo maemong ano, yo o dirileng boleo].” Ba dirisa kaelo e e tswang mo Baebeleng go mo thusa gore a baakanye kamano ya gagwe le Modimo. Mme seno se ka kgonega fa fela e le gore motho yoo o ikwatlhaya go tswa pelong.—Dit. 3:19; 2 Bakor. 2:5-10.

12 Go a bonala gore bagolwane ba na le maikarabelo a botlhokwa. Ba rata letsomane le Modimo a ba tlhomileng gore ba le tlhokomele. (1 Pet. 5:1-3) Ba batla gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ikutlwe ba sireletsegile mo phuthegong. Ka jalo, ba tsaya kgato ka bonako fa ba utlwa gore mongwe mo phuthegong o dirile boleo jo bo masisi, go akaretsa go sotla bana ka tlhakanelodikobo. Ke eng fa ba dira jalo? Akanya ka dipotso tse di mo tshimologong ya  serapa 13,  15 le  17.

13-14. A bagolwane ba ikobela molao wa puso o o reng batho ba tshwanetse go bolelela mapodise fa mongwe a latofadiwa ka go sotla bana ka tlhakanelodiko? Tlhalosa.

 13 A bagolwane ba ikobela molao wa puso o o reng batho ba tshwanetse go bolelela mapodise fa mongwe a latofadiwa ka go sotla bana ka tlhakanelodiko? Ee. Fa e le gore molao oo o teng mo lefelong le ba dulang mo go lone, ba tshwanetse go o ikobela. (Bar. 13:1) Melao eo ga e kgatlhanong le molao wa Modimo. (Dit. 5:28, 29) Ka jalo, fa mongwe a bolelela bagolwane gore ngwana mongwe a ka tswa a sotliwa ka tlhakanelodikobo, bagolwane ba ikgolaganya le ofisi ya lekala ba bo ba botsa gore ba ka isa kgang eo jang kwa mapodiseng.

14 Fa bagolwane ba bua le ngwana yo o sotliwang kgotsa le batsadi ba gagwe kgotsa le ope fela yo a ka tswang a itse ka kgang eo, bagolwane ba ba gakolola gore ba ka nna ba isa kgang eo kwa mapodiseng. Mme gotweng fa e le gore motho yo o sotlang ngwana ke mongwe mo phuthegong, kgang eo e bo e tlalatlala mo lefelong le ba nnang mo go lone? A Mokeresete yo o isetseng kgang eo kwa mapodiseng o tshwanetse go ikutlwa e kete o dirile gore leina la Modimo le gogagogwe mo seretseng? Nnyaa. Motho yo o dirileng boleo ke ene a sentseng Modimo leina.

15-16. (a) Go ya ka 1 Timotheo 5:19, ke eng fa go tlhokega basupi ba babedi pele bagolwane ba ka tlhoma komiti ya boatlhodi? (b) Fa mongwe mo phuthegong a latofadiwa ka go sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, bagolwane ba tshwanetse go dira eng?

 15 Pele bagolwane ba ka tlhoma komiti ya boatlhodi, ke eng fa go tlhokega basupi ba babedi? Ka gonne Baebele ya rialo. Fa mongwe a latofadiwa ka gore o dirile boleo jo bo masisi mme a itatola, go tlhokega basupi ba babedi pele bagolwane ba ka tlhoma komiti ya boatlhodi. (Dute. 19:15; Math. 18:16; bala 1 Timotheo 5:19.) A seno se raya gore fa mongwe a latofadiwa ka go sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, go tlhokega basupi ba babedi pele kgang eo e ka isiwa kwa mapodiseng? Nnyaa. Ga go tlhokege basupi ba babedi ka gonne ke tatofatso ya tlolomolao.

16 Fa mongwe mo phuthegong a latofadiwa ka go sotla ngwana ka tlhakanelodikobo, bagolwane ba dira se puso e reng se dirwe mo maemong ao. Morago ga moo, ba dira dipatlisiso go leka go bona gore tota go diragetseng, ba bo ba dirisa kgakololo e e mo Baebeleng go bona gore a ba tshwanetse go tlhoma komiti ya boatlhodi. Bagolwane ba simolola ka go botsa motho yoo gore a selo se a latofadiwang ka sone ke nnete, fa a itatola, ba botsa batho ba bangwe ba ba ka tswang ba itse ka kgang eo. * Fa go na le mosupi wa bobedi yo o tlhomamisang kgang eo, kgotsa a tlhomamisa gore motho yoo o kile a sotla ngwana mongwe ka tlhakanelodikobo mo nakong e e fetileng, bagolwane ba na le bosupi jo bo lekaneng mme ba ka tlhoma komiti ya boatlhodi. Mme gone, fa go se na motho wa bobedi yo o tlhomamisang kgang, seo ga se reye gore kgang eo ga e boammaaruri. Le fa go se na batho ba babedi go tlhomamisa kgang, bagolwane ba a itse gore motho yo o latofadiwang a ka tswa a dirile sengwe se se bosula, se se utlwisitseng ba bangwe botlhoko. Bagolwane ba tla nna ba ba thusa le go ba gomotsa. Mo godimo ga moo, bagolwane ba tla nna ba beile motho yoo leitlho gore a se ka a utlwisa ope mo phuthegong botlhoko.—Dit. 20:28.

17-18. Maikarabelo a komiti ya boatlhodi ke eng?

 17 Maikarabelo a komiti ya boatlhodi ke eng? E re ka motho yo o dirileng boleo a tlodile molao, bagolwane ga ba dire tshwetso ya gore a puso e tshwanetse go mo otlhaya kgotsa nnyaa. Ga ba itshunye nko mo go se puso e se dirang ka motho yoo. (Bar. 13:2-4; Tito 3:1) Tiro ya bagolwane ke go dira tshwetso ya gore a motho yo o dirileng boleo a tlosiwe mo phuthegong kgotsa nnyaa.

18 Tiro ya bagolwane ba ba mo komiting ya boatlhodi ke go rarabolola fela dilo tse di amang phuthego. Ba dirisa Baebele go bona gore a motho yo o dirileng boleo o a ikwatlhaya kgotsa nnyaa. Fa a sa ikwatlhaye, o a tlosiwa, phuthego e bo e itsisiwe gore motho yoo ga e tlhole e le Mosupi wa ga Jehofa. (1 Bakor. 5:11-13) Fa a ikwatlhaya, ga a tlosiwe. Le fa go ntse jalo, bagolwane ba mmolelela gore a ka se nne le ditshiamelo dipe mo phuthegong dingwaga di le dintsi kgotsa tota le e leng botshelo jotlhe jwa gagwe. E re ka bagolwane ba tshwenyegile ka tshireletsego ya bana, ba tla tlhagisa batsadi mo sephiring gore ba beye bana ba bone leitlho fa ba na le motho yoo. Fa bagolwane ba tlhagisa batsadi, ga ba ba bolelele maina a batho ba motho yoo a ba utlwisitseng botlhoko.

O KA SIRELETSA BANA BA GAGO JANG?

Batsadi ba sireletsa bana ba bone gore ba se ka ba sotliwa ka tlhakanelodikobo ka go ba ruta ka yone. Ba dirisa tshedimosetso e e tswang mo dikgatisong tse re di newang mo phuthegong. (Bona serapa 19-22)

19-22. Batsadi ba ka sireletsa bana ba bone jang? (Bona setshwantsho sa khabara.)

19 Go sireletsa bana ke maikarabelo a ga mang? Ke a batsadi. * Bana ba gago ke mpho e e tswang kwa Modimong, “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pes. 127:3) Jehofa o go neile maikarabelo a go ba sireletsa. Ka jalo, o ka sireletsa bana ba gago jang gore ba se ka ba sotliwa ka tlhakanelodikobo?

20 Sa ntlha, ithute. Ithute gore ke batho ba mofuta mang ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo le gore ba dirisa mathaithai afe go tsietsa bana. Nna o ntshitse matlho dinameng. (Dia. 22:3; 24:3) Gopola gore go le gantsi ngwana o sotliwa ke motho yo a setseng a mo itse e bile a mo tshepa.

21 Sa bobedi, itlwaetse go tlotla le bana ba gago o phuthulogile. (Dute. 6:6, 7) Seno se raya gore o tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko fa ba bua le wena. (Jak. 1:19) O se ka wa lebala gore go le gantsi bana ba ba sotliwang ba tshaba go bua. Ba ka tswa ba tshaba gore ga go ope yo o tla ba dumelang kgotsa motho yo o ba sotlang a ka tswa a ba reile a re fa ba ka bolelela mongwe, o tla ba gobatsa. Fa o belaela gore ngwana wa gago a ka tswa a sotliwa ka tlhakanelodikobo, mmotse dipotso o le bonolo mme fa a go araba, mo reetse o sa mo felele pelo.

22 Sa boraro, ruta bana ba gago. Ba bolelele dilo tse ba tlhokang go di itse ka tlhakanelodikobo, go ya ka dingwaga tsa bone le go ya ka se ba ka kgonang go se tlhaloganya. Ba rute gore ba direng le gore ba reng fa mongwe a ba tshwara ka tsela e e sa siamang. Phuthego ya ga Jehofa e go neile tshedimosetso e o ka e dirisang go sireletsa bana ba gago.—Bona lebokoso le le reng “ Ithute O bo O Rute Bana ba Gago.”

23. Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwa jang ka go sotliwa ga bana ka tlhakanelodikobo, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

23 Go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke boleo jo bo masisi tota le jo bo ferosang sebete. Basupi ba ga Jehofa ba ikobela molao wa ga Keresete, ka jalo, ga ba sireletse ope yo o sotlang bana ka tlhakanelodikobo gore a se ka a otlhaiwa. Mme gone, re ka thusa jang bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi ba ba kileng ba sotliwa ka tlhakanelodikobo? Re tla tlotla ka potso eno mo setlhogong se se latelang.

PINA 103 Badisa—Dimpho Tse di Molemo

^ ser. 5 Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka sireletsa bana jang gore ba se ka ba sotliwa ka tlhakanelodikobo. Re tla ithuta gore bagolwane ba sireletsa phuthego jang le gore batsadi ba ka sireletsa jang bana ba bone.

^ ser. 3 TLHALOSO: Go sotla bana ka tlhakanelodikobo ke fa mogolo a dirisa ngwana go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo. Go akaretsa tlhakanelodikobo ya molomo, ya marago, go tshwaratshwara dirwe tsa ngwana tsa tsalo tse di jaaka mabele le marago kgotsa go dira ngwana dilo tse dingwe e le go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo. Fa ngwana a sotliwa ka tlhakanelodikobo, o utlwisiwa botlhoko fela thata mme ga se molato wa gagwe go bo a sotliwa. Le fa gone bana ba le bantsi ba ba sotliwang e le basetsana, basimane le bone ba a sotliwa. Banna ke bone gantsi ba sotlang bana, mme gone, basadi bangwe le bone ba sotla bana.

^ ser. 11 Fa motho a dirile boleo jo bo masisi ka gonne kamano ya gagwe le Jehofa e le bokoa, seno ga se reye gore ga a kitla a ikarabelela ka se a se dirileng. O tla ikarabelela mo go Jehofa.—Bar. 14:12.

^ ser. 16 Bagolwane ba ka se kope ngwana gore a nne teng fa ba botsolotsa motho yo o latofadiwang ka go mo sotla ka tlhakanelodikobo. Motsadi wa ngwana kgotsa motho mongwe yo ngwana a mo tshepang a ka bolelela bagolwane se ngwana a se buileng. Seo se tla thusa ngwana gore a se ka a utlwa botlhoko le go feta.

^ ser. 19 Tshedimosetso eno e kwaletswe batsadi le batho ba ba tlhokometseng kgotsa ba ba godisang bana ba e seng ba bone.