Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 21

O se Ka wa Tsiediwa ke “Botlhale Jwa Lefatshe Leno”

O se Ka wa Tsiediwa ke “Botlhale Jwa Lefatshe Leno”

“Botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong.”—1 BAKOR. 3:19.

PINA 98 Dikwalo di Tlhotlheleditswe ke Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Lefoko la Modimo le re thusa go dira eng?

JEHOFA ke Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo, ka jalo, re ka kgona go emelana le sengwe le sengwe fela. (Isa. 30:20, 21) Lefoko la gagwe le re thusa gore re “tshwanelege ka botlalo,” le gore re kgone go “dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Tim. 3:17) Fa re tshela ka melao ya Modimo, re tla nna botlhale go feta batho ba ba reng “botlhale jwa lefatshe leno” bo botoka.—1 Bakor. 3:19; Pes. 119:97-100.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

2 Jaaka re tla bona, dilo tse batho ba lefatshe leno ba di dirang, di ka re gogela ka gonne ga re a itekanela. Ka jalo, go ka nna thata gore re se ka ra akanya kgotsa ra dira dilo jaaka bone. Ke gone ka moo Baebele e buang jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho.” (Bakol. 2:8) Mo setlhogong seno, re tla bona gore go tlile jang gore batho ba simolole go dumela maaka a ga Satane. Fa re ntse re tlotla ka maaka ao, re tla bona lebaka la go bo botlhale jwa lefatshe e le boeleele. Gape re tla bona gore melao ya Modimo e botoka go feta sengwe le sengwe sa lefatshe leno.

TSELA E BATHO BA ITSHWARANG KA YONE E A FETOGA

3-4. Tsela e batho ba akanyang ka yone e ile ya fetoga jang mo masimologong a dingwaga tsa bo20?

3 Kwa United States, mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, tsela e batho ba neng ba akanya ka yone ka tlhakanelodikobo e ile ya fetoga. Mo nakong e e fetileng, batho ba le bantsi ba ne ba dumela gore banyalani ke bone fela ba tshwanetseng go tlhakanela dikobo. Mo godimo ga moo, go ne go sa buiwe ka tlhakanelodikobo gongwe le gongwe fela. Le fa go ntse jalo, dilo di ile tsa fetoga.

4 Morago ga Ntwa ya Lefatshe I, tsela e batho ba neng ba itshwere ka yone e ile ya fetoga. Ka sekai, batho ba le ba bantsi ba ne ba sa tlhole ba dumela gore banyalani ke bone fela ba tshwanetseng go tlhakanela dikobo. Mmatlisisi mongwe a re: “Difilimi, dipina, dibuka le dipapatso di ile tsa simolola go bua thata ka tlhakanelodikobo.” Mo dingwageng tseo, batho ba ile ba simolola go bina le go apara ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Baebele e ile ya bolelela pele gore mo metlheng ya bofelo, batho ba tla ‘rata menate.’—2 Tim. 3:4.

Batho ba ga Jehofa ga ba tsiediwe ke boitsholo jo bo sa siamang jwa lefatshe leno (Bona serapa 5) *

5. Go tloga ka bo1960, batho ba ile ba simolola go itshwara jang?

5 Go tloga ka bo1960, batho ba le bantsi ba ile ba simolola go nna mmogo ba sa nyalana, go ne ga tlwaelega gore batho ba bong jo bo tshwanang ba kgona go ratana e bile tlhalo e ne ya nna selo fela se se tlwaelegileng. Mo godimo ga moo, boitlosobodutu bo ile jwa simolola go bontsha tlhakanelodikobo fela jaaka e ntse. Mekgwa eno e e sa siamang e ile ya nna le ditlamorago di le dintsi tse di botlhoko. Ka sekai, mokwadi mongwe o ile a tlhalosa gore ka ntlha ya mekgwa eno, malapa a le mantsi a ile a thubega, batsadi ba le bantsi ba ile ba tshwanelwa ke go godisa bana ba le bosi, batho ba le bantsi ba ile ba tshwakgolwa ke ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo mme ba bangwe bone ba ile ba nna le malwetse a go gatelelwa mo maikutlong. Go ile ga nna le malwetse a le mantsi a tlhakanelodikobo a a jaaka AIDS. Dilo tseno tsotlhe di bontsha gore botshelo jo batho ba lefatshe leno ba tsayang gore bo monate, bo felela ka mahutsana.—2 Pet. 2:19.

6. Ke eng fa re ka re fa batho ba leba tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang ba dira se Satane a se batlang?

6 Batho ba lefatshe leno ba leba tlhakanelodikobo ka tsela e e sa siamang, mme seo ke sone se Satane a se batlang. Satane o a itumela fa a bona batho ba tlhakanela dikobo ka tsela e Modimo a sa e amogeleng e bile ba tlontlolola mpho ya lenyalo e Modimo a e neileng batho. (Baef. 2:2) Fa batho ba tlhakanela dikobo ka tsela e Modimo a sa e amogeleng, ba bontsha gore ga ba tseye mpho e Modimo a e neileng batho ya go tshola bana e le botlhokwa. Mo godimo ga moo, go ka dira gore ba se ka ba bona botshelo jo bo sa khutleng.—1 Bakor. 6:9, 10.

BAEBELE YA RENG KA TLHAKANELODIKOBO?

7-8. Baebele ya reng ka tlhakanelodikobo?

7 Batho ba ba sa tsheleng ka melao ya Modimo ba e tseela kwa tlase e bile ba re ga e utlwale. Ba ka nna ba botsa jaana: ‘Ke eng fa Modimo a re bopile re na le keletso ya tlhakanelodikobo go tswa foo a bo a re beela melao ya gore re ka e kgotsofatsa jang?’ Ba botsa jaana ka gonne ba akanya gore batho ba tshwanetse go dira sengwe le sengwe fela se ba se batlang. Baebele yone ga e bue jalo. Ya re ga re a tshwanela go dira sengwe le sengwe fela se re se batlang, go na le moo, re tshwanetse go leka ka natla gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang. (Bakol. 3:5) Mo godimo ga moo, Jehofa a re re ka kgotsofatsa keletso eo fa re nyetse kgotsa re nyetswe. (1 Bakor. 7:8, 9) Banyalani ba ka itumelela tlhakanelodikobo ntle le go tshwenyega ka mathata a le mantsi a a nnang teng fa batho ba ba sa nyalanang ba tlhakanela dikobo.

8 Baebele e re ruta go leba tlhakanelodikobo ka tsela e e siameng. Ya re ke selo se se itumedisang. (Dia. 5:18, 19) Le fa go ntse jalo, gape ya re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha mo go ntseng jaaka mo ditšhaba tse di sa itseng Modimo le tsone di nang le gone.”—1 Bathes. 4:4, 5.

9. (a) Ke eng se se thusitseng batho ba ga Jehofa gore ba tshele ka melao e e mo Baebeleng mo lekgolong la bo20 la dingwaga? (b) 1 Johane 2:15, 16 e na le kgakololo efe e e molemo? (c) Go ya ka Baroma 1:24-27, re tshwanetse go tila mekgwa efe e e sa siamang?

9 Mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga, batho ba ga Jehofa ga ba a ka ba tsiediwa ke batho ba ba neng “ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro.” (Baef. 4:19) Ba ne ba leka ka natla go tshela ka melao ya ga Jehofa. Makasine wa Tora ya Tebelo wa May 15, 1926 o ile wa re “monna kgotsa mosadi o tshwanetse go akanya dilo tse di siameng le go itshwara sentle, segolobogolo fa a na le motho wa bong bo sele.” Le fa ka nako eo batho ba le bantsi ba ne ba sa itshware sentle, batho ba ga Jehofa bone ba ne ba tshela ka melao e e mo Baebeleng. (Bala 1 Johane 2:15, 16.) Ruri re itumelela go bo Jehofa a re file Baebele! Gape re itumelela gore Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re kaela, gore re se ka ra tsiediwa ke boitshwaro jwa batho ba lefatshe leno. *Bala Baroma 1:24-27.

TSELA E BATHO BA AKANYANG KA YONE E A FETOGA

10-11. Baebele e ile ya re batho ba tla nna jang mo metlheng ya bofelo?

10 Baebele e ile ya re mo metlheng ya bofelo, batho e tla nna “baithati.” (2 Tim. 3:1, 2) Ka jalo, ga re gakgamale fa re bona batho ba le bantsi mo lefatsheng ba kgothaletsa ba bangwe gore ba ikakanyetse fela ba le nosi. Buka nngwe ya re, ka bo1970, dibuka tse di nayang batho kgakololo ya gore ba ka atlega jang mo botshelong di ile tsa simolola go tlalatlala. Dingwe tsa tsone di ne di re motho ga a tlhoke go fetoga kgotsa go akanya gore go na le sengwe se se phoso ka se a se dirang. Ka sekai, nngwe ya tsone e ile ya re: “Ithate, ka gonne ga go na motho yo o montle le yo o kgatlhang jaaka wena mo lefatsheng.” Gape buka eo ya re motho o na le tshwanelo ya go itlhophela gore o batla go itshwara jang e bile o tshwanetse go dira sengwe le sengwe fela se a akanyang gore se siame.

11 A ke la ntlha o utlwa sengwe sa go tshwana le seno? Satane o ne a kgothaletsa Efa go dira sengwe se se ntseng jalo. O ne a re Efa a ka kgona go “tshwana le Modimo, [a] itse molemo le bosula.” (Gen. 3:5) Gompieno, batho ba le bantsi ba itseela kwa godimo thata mo e leng gore ba akanya gore ga go na ope, tota le Modimo, yo o tshwanetseng go ba bolelela gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Ka sekai, re bona seno mo tseleng e batho ba lebang lenyalo ka yone.

Mokeresete o akanyetsa batho ba bangwe, segolobogolo molekane wa gagwe wa lenyalo (Bona serapa 12) *

12. Batho ba lefatshe leno ba leba lenyalo jang?

12 Baebele ya re monna le mosadi ba tshwanetse go tlotlana e bile ba tshwanetse go diragatsa maikano a bone a lenyalo. E kgothaletsa banyalani go nna mmogo go ya go ile. Ya re: “Monna o tla [tlogela] rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.” (Gen. 2:24) Batho ba lefatshe leno bone ba leba dilo ka tsela e e farologaneng, ba re mo lenyalong, mongwe le mongwe o tla ipona gore o bereka jang. Mo dinageng dingwe, fa batho ba nyalana, ba ikana gore ba tla nna mmogo botshelo jotlhe. Batho bangwe ba fetotse maikano ao, mme fa ba nyalana, ba re ba tla nna mmogo fa fela ba sa ntse ba ratana. E re ka batho ba sa tseye gore lenyalo ke kgolagano ya botshelo jotlhe, malapa a le mantsi a ile a thubega mme batho ba le bantsi ba ile ba utlwisiwa botlhoko thata. Tsela e batho ba lefatshe leno ba lebang lenyalo ka yone, e felela ka mahutsana fela.

13. Ke eng fa Jehofa a tlhoile batho ba ba boikgogomoso?

13 Baebele ya re: “Mongwe le mongwe yo o pelo e ikgogomosang ke selo se se makgapha mo go Jehofa.” (Dia. 16:5) Ke eng fa Jehofa a tlhoile batho ba ba boikgogomoso? Lebaka lengwe ke gore, batho ba ba itseelang kwa godimo ba a ikgogomosa fela jaaka Satane. Satane o ne a le boikgogomoso tota. O ne a ithaya a re Jesu, yo Jehofa a ileng a mo dirisa go bopa dilo tsotlhe, a ka mo obamela. (Math. 4:8, 9; Bakol. 1:15, 16) Batho ba ba itseelang kwa godimo thata eleruri ba bontsha gore botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong.

BAEBELE YA RENG KA GO ITSEELA KWA GODIMO?

14. Baroma 12:3 e re thusa jang gore re se ka ra itseela kwa godimo?

14 Baebele e re thusa gore re se ka ra itseela kwa godimo. Ya re re tshwanetse go ithata ka tsela e e tshwanetseng. Jesu o ile a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” Seno se bontsha gore ga go phoso go ithata. (Math. 19:19) Le fa go ntse jalo, Baebele ya re ga re a tshwanela go akanya gore re botoka go gaisa batho ba bangwe. Ya re: “Lo [se ka lwa dira] sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng lo tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga lona.”—Bafil. 2:3; bala Baroma 12:3.

15. Ke eng fa o akanya gore go tshela ka kgakololo ya Baebele ya gore re se ka ra itseela kwa godimo go ka re tswela mosola?

15 Gompieno, batho ba le bantsi ba go tweng ba rutegile ba re kgakololo e e mo Baebeleng ga e utlwale. Ba re fa o le boikokobetso, batho ba tla tshamekela mo go wena. Mme gone, go itseela kwa godimo go nna le ditlamorago dife? O lemogileng? A batho ba ba boikgogomoso ba itumetse? A ba na le malapa a a itumetseng? A ba na le ditsala tsa nnete? A ke ditsala tsa Modimo? Go ya ka se o se iponetseng, o ka re ke eng se se re siametseng? A ke go tshela ka melao ya Modimo kgotsa go tshela go ya ka se batho ba lefatshe leno ba akanyang gore se siame?

16-17. Re tshwanetse go lebogela eng mme ka ntlha yang?

16 Go dirisa kgakololo ya batho ba lefatshe leno go tshwana le fa o latlhega o le kwa lefelong lengwe o bo o kopa thuso mo mothong yo le ene a sa itseng lefelo leo. Jesu o ile a bua jaana ka banna ba mo motlheng wa gagwe ba go neng go twe ba botlhale: “Ke bagogi ba ba foufetseng. Jaanong, fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo kgatamping mmogo.” (Math. 15:14) Eleruri, botlhale jwa lefatshe leno ke boeleele mo Modimong!

Batlhanka ba ga Jehofa ba itumetse fa ba akanya ka nako e ba e feditseng ba mo direla (Bona serapa 17) *

17 Ka metlha, kgakololo e e mo Baebeleng e “tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.” (2 Tim. 3:16) Re leboga Jehofa go bo a dirisa phuthego ya gagwe go re thusa gore re se ka ra tsiediwa ke tsela e e sa siamang e batho ba lefatshe leno ba lebang dilo ka yone. (Baef. 4:14) Kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e a re nayang yone e re thusa gore re kgone go tshela ka melao ya gagwe. Eleruri ke tshiamelo go tshela ka kgakololo e e mosola e e tswang mo Baebeleng!

PINA 54 “Tsela ke E”

^ ser. 5 Setlhogo seno se tla re thusa go tlhatswega pelo gore Jehofa ke ene fela a ka kgonang go re kaela. Gape se tla re thusa go bona gore go tshela ka melao ya Modimo go re tswela mosola le gore go dira dilo tse di sa siamang tsa lefatshe leno go ka re tsenya mo mathateng.

^ ser. 50 SETSHWANTSHO: Re bona ditshwantsho tsa banyalani bangwe go tloga ba sale basha go fitlha ba tsofetse. Mokaulengwe le kgaitsadi ba le mo bodireding ka bo1960.

^ ser. 52 SETSHWANTSHO: Ka bo1980, mokaulengwe o tlhokometse mosadi wa gagwe mme morwadiabone o ba lebile.

^ ser. 54 SETSHWANTSHO: Gone jaanong ba itumetse fa ba akanya ka nako e ba e feditseng mo tirelong ya ga Jehofa. Morwadiabone o godile mme le ene o na le lelapa la gagwe, ba itumela le bone.