Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 21

A o Lebogela Dilo Tse di Molemo Tse Jehofa a go Diretseng Tsone?

A o Lebogela Dilo Tse di Molemo Tse Jehofa a go Diretseng Tsone?

“O dirile dilo di le dintsi, Wena Jehofa Modimo wa me, le eleng ditiro tsa gago tse di gakgamatsang le dikakanyo tsa gago mo go rona.”—PES. 40:5.

PINA 5 Ditiro Tse di Gakgamatsang Tsa Modimo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Go ya ka Dipesalema 40:5, Jehofa o re file dimpho dife, mme ke ka ntlha yang fa re tlotla ka tsone?

JEHOFA ke Modimo yo o ratang go aba. Akanya ka dimpho tseno tse Jehofa a re fileng tsone, lefatshe la rona le le ntle, boboko jwa rona jo bo kgatlhang le Lefoko la Gagwe e leng Baebele. E re ka Jehofa a re file dimpho tseno tse tharo, re na le legae, re kgona go tlotla le ba bangwe e bile re itse dikarabo tsa dipotso tse di botlhokwa thata mo botshelong.—Bala Dipesalema 40:5.

2 Re tla tlotla go se kae ka dimpho tseno tse tharo tse Jehofa a re fileng tsone. Go tlhatlhanya ka dimpho tseno tse tharo go tla dira gore re lebogele Jehofa go bo a re file tsone, e bile go tla dira gore re batle go mo itumedisa. (Tshen. 4:11) Gape re tla kgona go araba batho ba ba dumelang gore ditshedi di itlhagetse fela.

POLANETE YA RONA

3. Lefatshe le farologana jang le dipolanete tse dingwe?

3 Fa re leba tsela e Jehofa a bopileng lefatshe ka yone, le dilo tse di mo go lone, re kgona go bona gore Modimo o botlhale. (Bar. 1:20; Baheb. 3:4) Jehofa o bopile dipolanete di le dintsi, mme lefatshe ke lone fela le batho ba kgonang go tshela mo go lone.

4. Tsela e Jehofa a dirileng Lefatshe ka yone e re bontsha jang gore go o botlhale?

4 Re ka tshwantsha lefatshe la rona le sekepe se se tletseng batho. Mme go na le pharologanyo magareng ga rona le sekepe seo. Ka sekai, fa go ne go ka nna le batho ba ba nnang mo sekepeng, mme batho bao ba tshwanelwa ke go itirela okesejene, dijo le metsi, e bile go se na gope kwa ba ka latlhelang leswe la bone gone fa e se fela mo sekepeng, batho bao ba ne ba ka tshela lobaka lo lo kae? Ba ne ba ka swa ka bonako tota. Mme go farologana le sekepe seno, lefatshe lone le kgona go direla batho ba ba nnang mo go lone okesejene, dijo le metsi e bile dilo tseno ga di ke di tlhaela. Le fa re le tlatsa leswe le nna le ntse le le lentle e bile le re tlhogisetsa dijo. Le dira seo jang? Jehofa o dirile gore dilo tse di mo lefatsheng fa di se na go dirisiwa di boe di kgone go dirisiwa gape. A re tlotle ka dingwe tsa tsone. Modikologo wa metsi le modikologo wa okesejene, mme re bone gore di re bontsha jang gore Jehofa o botlhale.

5. Modikologo wa okesejene o direga jang, mme seno se re ruta eng?

5 Okesejene ke moya o batho le diphologolo ba o hemang gore ba kgone go tshela. Mo ngwageng fela ba hema moya o le montsi thata. Mme ba bo ba ntsha moya o o bidiwang khabonetaeokosaete. Batho le diphologolo ga nke ba fetsa okesejene, e bile lefaufau ga nke le tlala ka khabonetaeokosaete. Go tla jang? Jehofa o dirile ditlhare tse ditona le tse dinnye tse di hemang khabonetaeokosaete di bo di ntsha okesejene. E re ka modikologo ono wa okesejene o re thusa gore re nne re na le moya o re o hemang, seno se re ruta gore mafoko a a mo go Ditiro 17:24, 25 a a reng: “Modimo . . . o naya batho botlhe botshelo le mohemo,” a boammaaruri.

6. Modikologo wa metsi o direga jang, mme seno se re ruta eng? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Mpho e Jehofa a re Fileng Yone ya Modikologo wa Metsi.”)

6 Go na le metsi mo lefatsheng ka gonne lefatshe le bokgakala jo bo lekaneng le letsatsi. Fa lefatshe le ka bo le ne le atameditswe go se kae fela ko letsatsing, metsi a a mo go lone a ne a tla kgala, e bile ga go na sepe se se neng se ka kgona go tshela mo go lone. Fa le ka bo le ne le beilwe kgakalanyana le letsatsi, metsi a a mo go lone a ne a tla gatsela mme lefatshe e bo e nna aese. E re ka Jehofa a beile lefatshe mo go tshwanetseng, modikologo wa metsi o kgona go thusa gore go nne le botshelo mo lefatshe. Modikologo wa metsi o direga fa letsatsi le fisa metsi a a mo mawatleng. Metsi ao a bo a fetoga go nna mouwane a bo a tlhatlogela kwa godimo. Fa mouwane o fitlha kwa lefaufaung o fetoga go nna maru. Ka ngwaga fela metsi a letsatsi le a fisang a bo a tlhatlogela kwa godimo a feta metsi a a fitlhelwang mo matamong otlhe fela a a mo lefatsheng. Metsi ano a nna malatsi a le lesome mo lefaufaung pele a boela mo lefatsheng e le pula kana kapoko. Fa pula e na, metsi ao a a bo a boela mo matamong le mo mawatleng kwa a tswang teng. Go tswa foo modikologo wa metsi o a simolola gape. Jehofa o dirile modikologo ono gore lefatshe le nne le na le metsi. Ka jalo, seno se re ruta go re Jehofa o botlhale e bile o maatla.—Jobe 36:27, 28; Mor. 1:7.

7. Re ka dira eng go bontsha gore re lebogela mpho e go buiwang ka yone mo go Dipesalema 115:16?

7 Ke eng se re ka se dirang go bontsha gore re lebogela polanete ya rona le dilo tse di mo go yone? (Bala Dipesalema 115:16) Re ka tlhatlhanya ka dilo tse Jehofa a di bopileng. Seo se tla dira gore re leboge Jehofa ka ntlha ya dilo tse dintle tse a re diretseng tsone. Sengwe gape se re ka se dirang go bontsha gore re lebogela lefatshe la rona ke go phepafatsa mo re nnang teng.

BOBOKO JWA RONA JO BO KGATLHANG

8. Goreng re ka re boboko jwa rona bo dirilwe ka tsela e e gakgamatsang?

8 Boboko jwa rona bo dirilwe ka tsela e e gakgamatsang. Fa o ne o le mo popelong, boboko jwa gago bo ne jwa bopega ka tsela e Jehofa a neng a ikaeletse ka yone. Motsotso le motsotso go ne go nna le disele tse di ntšha tse di bopang boboko jwa gago. Ba batlisisi ba fopholetsa gore boboko jwa motho yo o godileng, bo na le disele di ka nna dibilione di le 100, tse di bidiwang di neuron. Disele tseno ke tsone tse di bopang boboko jwa rona jo bo ka nnang dikelogerama di le 1,5. Mma re tlotle ka dilo di se kae fela tse boboko jwa rona bo kgonang go di dira.

9. Ke eng se se go tlhomamisetsang gore bokgoni jwa go bua ke mpho e e tswang kwa go Jehofa?

9 Bokgoni jwa rona jwa go bua bo a gakgamatsa. A ko o akanye ka se se diregang fa motho a bua. Boboko jwa gago bo tshwanetse go dira gore mesifa ya gago e ka nna 100, e e mo lolemeng, mo kgokgotshong, mo molomong mo ditlhaeng le mo sehubeng e dire mmogo. Gore batho ba kgone go go tlhaloganya fa o bua, mesifa ya gago e tshwanetse ya dirisana sentle. Pego nngwe e e gatisitsweng ka 2019, fa e bua ka bokgoni jo batho ba nang le jone jwa bo bua dipuo tse di farologaneng, ya re bana ba ba sa tswang go tsholwa ba kgona go gopola mafoko mangwe ba bo ba tsiboga. Patlisiso eno e bontsha gore se babatlisisi ba bangwe ba se buang fa ba re re tsholwa re na le bokgoni jwa go bua dipuo tse di farologaneng ke boammaaruri. Ruri bokgoni jwa go bua ke mpho e e tswang kwa go Jehofa.—Ekes. 4:11.

10. Re ka bontsha jang gore re lebogela mpho e Modimo a re neileng yone ya go bua?

10 Re ka bontsha gore re lebogela mpho e Modimo a re neileng yone ya go bua, ka go ruta ba bangwe gore Jehofa o bopile dilo tsotlhe, le gore ga di a itlhagela fela. (Pes. 9:1; 1 Pet. 3:15) Batho ba ba dumelang gore dilo di itlhagetse fela, ba re lefatshe le dilo tse di mo go lone ga di a bopiwa. Re ka dirisa Baebele le dilo tse re di ithutileng mo setlhogong seno, go tlhalosetsa batho gore Jehofa ke ene Mmopi wa dilo tsotlhe.—Pes. 102:25; Isa. 40:25, 26.

11. Ke eng se se kgatlhang ka boboko jwa rona?

11 Bokgoni jwa rona jwa go gopola dilo bo a gakgamatsa. Go na le mmatlisisi mongwe yo o kileng a fopholetsa gore boboko jwa motho bo ka kgona go gopola tshedimosetso e e lekanang le tshedimosetso e e mo dibukeng di ka nna dimilione di le 20. Mme gompieno go dumelwa gore boboko jwa rona bo ka kgona go gopola tshedimosetso e ntsi go feta eo. E re ka boboko jwa rona bo kgona go tshwara tshedimosetso e ntsi, ke eng gape se re kgonang go se dira?

12. Batho ba farologana jang le diphologolo?

12 Go farologana le diphologolo, batho ke bone fela ba ba kgonang go ithuta tsela e ba tshwanetseng go itshwara ka yone, go tswa mo dilong tse di ba diragaletseng. Seo se re thusa gore re nne le mekgwa e e siameng, le gore re kgone go fetola tsela e re akanyang le e re tshelang ka yone. (1 Bakor. 6:9-11; Bakol. 3:9, 10) Tota e bile re kgona go katisa segakolodi sa rona gore se kgone go itse se se siameng le se se sa siamang. (Baheb. 5:14) Gape re kgona go ithuta go rata ba bangwe le go ba utlwela botlhoko. Re kgona go ithuta tsela e Jehofa a bontshang tshiamiso ka yone re bo re mo etsa.

13. Go ya ka Dipesalema 77:11, 12, re ka etsa Jehofa jang?

13 Re ka bontsha Jehofa gore re lebogela mpho e a re fileng yone ya go gakologelwa dilo ka go ikgopotsa tsela e a kileng a re thusa ka yone, le e a kileng a re gomotsa ka yone mo nakong e e fetileng. Seno se tla dira gore re se ka ra belaela gore o tla re thusa mo nakong e e tlang. (Bala Dipesalema 77:11, 12; 78:4, 7) Sengwe gape se re ka se dirang, go bontsha gore re lebogela mpho eno, ke go ikgopotsa dilo dingwe tse dintle tse batho ba kileng ba re direla tsone re bo re ba leboga. Babatlisisi ba lemogile gore gantsi batho ba ba lebogang ba nna ba itumetse. Gape re ka etsa Jehofa ka go tlhopha go lebala dilo dingwe. Ka sekai, go farologana le rona batho, Jehofa ga a lebale. Mme fa re ikwatlhaya, o tlhopha go re itshwarela a bo a lebala diphoso tsa rona. (Pes. 25:7; 130:3, 4) Mme o batla gore re mo etse ka go itshwarela batho ba ba re utlwisitseng botlhoko e bile ba ikwatlhaela se ba se dirileng.—Math. 6:14; Luke 17:3, 4.

Re bontsha gore re lebogela go bo Jehofa a re file boboko ka go bo dirisa go mo galaletsa (Bona serapa 14) *

14. Re ka dira eng go bontsha Jehofa gore re lebogela go bo a re neile boboko.

14 Re ka dirisa mpho e Modimo a re neileng yone, e leng boboko jwa rona go mo galaletsa. Batho bangwe ga ba dirise mpho eno sentle. Ba e dirisa go ipeela melao ya se se siameng le se se sa siamang. (Bar. 12:1, 2) E re Jehofa e le ene a re bopileng, re ka solofela gore melao ya gagwe ya se se siameng le se se sa siamang e botoka thata go gaisa e rona re ka e ipeelang. (Isa. 48:17, 18) Fa re tshela ka melao ya Gagwe re itumelela botshelo, re lemoga gore ke eng se a batlang re se dira re bo re dira se se mo itumedisang.—Dia. 27: 11.

BAEBELE KE MPHO E E TLHWATLHWAKGOLO

15. Mpho e e tswang kwa go Jehofa e leng Baebele e re bontsha jang gore o a re rata?

15 Baebele ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. O dirile gore go nne le batho ba ba e kwalang ka gonne a re rata. Jehofa o dirisa Baebele go araba dipotso tse re nang le tsone tsa botlhokwa thata mo botshelong, tse di jaaka: Re tswa kae? Re tshelela eng? Le gore go tlile go diragala eng mo nakong e e tlang? Jehofa o batla gore batho botlhe ba itse dikarabo tsa dipotso tseno. Ke ka moo a ileng a dira gore e ranolelwe mo dipuong di le dintsi. Gompieno Baebele e teng ke dipuo di feta 3 000. Ga go na buka e nngwe e e ranotsweng kgotsa e e phasaladitsweng jaaka Baebele. Go sa kgathalasege gore re nna kae kgotsa re bua puo efe, rotlhe re ka kgona go ithuta Baebele ka puo e re e tlhaloganyang.—Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Baebele e Ranolelwa mo Dipuong Tse di Buiwang mo Afrika.”

16. Go ya ka Mathaio 28:19, 20 ke eng se re ka se dirang go bontsha gore re lebogela Baebele?

16 Re ka bontsha gore re lebogela Baebele ka go e bala letsatsi le letsatsi, ka go tlhatlhanya ka se re se ithutang mo go yone, le ka go leka ka natla go se dirisa. Gape re ka bontsha Modimo gore re lebogela Mpho e a re fileng yone e leng Baebele ka go thusa batho ba bangwe go e itse.—Pes. 1:1-3; Math. 24:14; bala Mathaio 28:19, 20.

17. Mo setlhogong seno re tlotlile ka dimpho dife, mme re tla tlotla ka eng mo setlhogong se se latelang?

17 Mo setlhogong seno re tlotlile ka dimpho di se kae fela tse Jehofa a re fileng tsone, lefatshe la rona le lentle; boboko jwa rona jo bo kgatlhang le Lefoko la Modimo e leng Baebele. Mme go na le dimpho tse dingwe gape tse Jehofa a re fileng tsone tse re sa kgoneng go di bona. Mo setlhogong se se latelang re tla tlotla ka tsone.

PINA 12 Modimo yo Mogolo, Jehofa

^ ser. 5 Mo setlhogong seno re tla ithuta gore re ka lebogela jang dilo tse tharo tse di molemo tse Jehofa a re diretseng tsone. Gape re tla ithuta gore re ka araba jang batho ba ba dumelang gore ga go na Modimo.

^ ser. 64 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Kgaitsadi o ithuta puo e nngwe gore a kgone go ruta batho ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe boammaaruri.