Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bonolo—Bo re tswela mosola jang?

Bonolo—Bo re tswela mosola jang?

Sara * a re: “Ka tlhago fela ke motho yo o ditlhong, mme fa ke na le batho ba ba buang thata ke tlhaela mafoko. Ka jalo, ga ke kgone go gololesega fa ke na le batho ba ba matlhagatlhaga e bile ba itshepa thata, mme fa ke na le motho yo o bonolo e bile a le boikokobetso ke a gololesega. Ke kgona go mmulela mafatlha ke bo ke tlotla le ene ka mathata a me. Ditsala tsa me tsa tlhogo ya kgomo di ntse jalo.”

Se Sara a se buileng se re bontsha gore ka tlhago fela go motlhofo go atamela batho ba ba bonolo. Gape batho ba ba bonolo ba itumedisa Jehofa. Baebele ya re: “Aparang . . . bonolo.” (Bakol. 3:12) Bonolo ke eng? Jesu o bontshitse jang gore o bonolo? Mme go nna bonolo go ka dira jang gore re itumele?

BONOLO KE ENG?

Batho ba ba bonolo ke batho ba ba ratang kagiso. Fa motho a le bonolo o dirisana sentle le ba bangwe e bile o a ba akanyetsa. Fa go direga dilo tse di sa mo itumediseng ga a tseege maikutlo motlhofo fela.

Ga go reye gore motho o bokoa fa a le bonolo. Lefoko la Segerika le le dirisitsweng mo Baebeleng le le kayang “bonolo”, gantsi le ne le dirisiwa go tlhalosa pitse ya naga e e kgwabofaditsweng. Fa pitse eno e se na go kgwabofadiwa seno ga se reye gore pitse eno ga e tlhole e na le maatla, ke fela gore e katisitswe gore e kgone go dirisa maatla a yone sentle. Ka tsela e e tshwanang fa le rona re le bonolo, re kgona go laola tsela e re buang ka yone le e re dirang dilo ka yone gore re se ka ra kgopisa ba bangwe.

Gongwe o ka nna wa akanya gore: ‘Ka tlhago fela ga ke motho yo o bonolo.’ Gompieno batho ba le bantsi ba bogale e bile ba fela pelo ka bonako, mme seno se dira gore go nne thata go nna le nonofo eno. (Bar. 7:19) Ga go motlhofo go nna bonolo. Ka jalo, Jehofa a ka re thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo fa re sa ineele. (Bagal. 5:22, 23) Goreng re tshwanetse go kgaratlhela go nna batho ba ba bonolo?

Fa o le bonolo batho ba tla go rata. Jaaka Sara a tlhalositse ga go thata go tsalana le batho ba ba bonolo. Jesu o re tlhometse sekao se sentle sa go nna bonolo. (2 Bakor. 10:1) Tota le bana ba ba neng ba sa mo itse ba ne ba rata go ya kwa go ene.—Mar. 10:13-16.

Go nna bonolo go a re sireletsa, e bile go sireletsa le batho ba re ba ratang. Fa re le bonolo ga re tseege maikutlo ka bonako. (Dia. 16:32) Seo se re thusa gore re se ka ra utlwisa batho ba re ba ratang botlhoko, morago ga moo, re bo re itshola. Ba bangwe ba solegelwa molemo ka gonne re tla kgona go laola maikutlo a rona e bile ga re kitla re ba utlwisa botlhoko.

MOTHO YO O NENG A LE BONOLO GO BA GAISA BOTLHE

Le fa Jesu a ne a nna fela a tshwaregile e bile a na le dilo tse dintsi tse a tshwanetseng go di dira, o ne a le bonolo mo bathong botlhe. Batho ba le bantsi ba motlha wa gagwe ba ne ba nna fela ba lapile e bile ba na le mathata a le mantsi. Ka jalo, ba ne ba tlhoka go lapolosiwa. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba gomotsega fa Jesu a ba raya a re: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa.” —Math. 11:28, 29.

Re ka ithuta jang go nna bonolo jaaka Jesu? Re ka ithuta go tswa mo lefokong la Modimo gore Jesu o ne a dirisana jang le batho fa a lebana le maemo a a thata, e bo e re fa re lebana le mathata re bo re leka go mo etsa. (1 Pet. 2:21) A re tlotle ka dilo di le tharo tse di thusitseng Jesu go nna bonolo.

Jesu o ne a le boikokobetso thata. O ne a re o ‘bonolo e bile o boikokobetso mo pelong.’ (Math. 11:29) Baebele e umaka dinonofo tseno mmogo ka gonne gantsi fa motho a le bonolo o a bo a le boikokobetso.—Baef. 4:1-3.

Fa motho a le boikokobetso ga a kgopisiwe ke sengwe le sengwe fela se batho ba se buang. Jesu o ne a itshwara jang fa batho ba ne ba re ke monna yo o jang bobe le yo o lemaletseng go nwa beine. Ga a ka a leka go itlhatswa leina, go na le moo, o ne a letla tsela e a tshelang ka yone e mmuelela. E re ka a ne a le boikokobetso o ne a re “botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.”—Math. 11:19.

Fa mongwe a sa bue sentle ka lotso lwa gago, tsela e o lebegang ka yone kgotsa tsela e o godisitsweng ka yone, gongwe o ka leka go mo araba o le bonolo. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Peter yo o nnang kwa Afrika Borwa a re: “Fa ke utlwa mongwe a bua sengwe se se nkgopisang ke ipotsa gore, ‘Jesu o ne a tla dira eng?’ Ke ithutile go se kgopisiwe ke sengwe le sengwe fela se batho ba se buang.”

Jesu o ne a itse gore batho ga ba itekanela. Go na le dilo di le dintsi tse di molemo tse barutwa ba ga Jesu ba neng ba batla go di dira, mme ba ne ba sa kgone go di dira ka gonne ba ne ba sa itekanela. Ka sekai, mo bosigong jwa bofelo pele Jesu a swa, Petere, Jakobe le Johane ba ne ba palelwa ke go nna ba tsogile jaaka Jesu a ne a ba kopa. O ne a bontsha gore o tlhaloganya lebaka la go bo ba ne ba robetse ka gonne o ne a re: “Moya o tlhaga, mme nama yone e bokoa.” (Math. 26:40, 41) E re ka a ne a tlhaloganya gore barutwa ba gagwe ga ba itekanela, o ne a sa ba felele pelo.

Kgaitsadi Mandy o ne a rata go tshwayatshwaya batho diphoso, mme gone jaanong o leka go etsa tsela e Jesu a neng a le bonolo ka yone. A re: “Ke a itse gore batho ga ba itekanela. Gone jaanong ke leka go tlhoma mogopolo mo dilong tse dintle tse batho ba bangwe ba kgonang go di dira fela jaaka Jehofa a dira.” A tsela e Jesu a neng a leba ba bangwe ka yone e ka go thusa gore o nne bonolo fa o dirisana le batho ba bangwe?

Jesu o ne a tshepa Modimo. O ne a itshokela go bogisiwa fa a ne a le mo lefatsheng. Batho ba ne ba sa mo tlhaloganye, ba mo nyatsa e bile ba mmogisa. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a le bonolo e bile “a nna a ineela mo go ene yo o atlholang ka tshiamo.” (1 Pet. 2:23) Jesu o ne a itse gore Rraagwe o ne a tla mo thusa go itshoka, e bile gape o ne a tla otlhaya ba ba neng ba mmogisa.

Fa o sa tshwarwe sentle, o bo o leka go ipuelela o galefile, o ka nna wa etegetsa bothata. Ke ka moo Baebele e reng: “Tšhakgalo ya motho ga e felele ka tshiamo ya Modimo.” (Jak. 1:20) Le fa ka dinako dingwe re na le mabaka a a utlwalang a go bo re galefile, ka gonne re sa itekanela re ka nna ra palelwa ke go dira dilo ka tsela e e siameng.

Kgaitsadi mongwe yo o nnang kwa Jeremane yo o bidiwang Cathy o ne a tlhola a akanya gore, fa e re o bogisiwa o bo o sa ikemele ga go na ope yo o tla go thusang. Mme fa a se na go ithuta ka Jehofa, o ne a fetola tsela e a akanyang ka yone. A re: “Ke a itse gore go ne jaanong ga ke tlhole ke tlhoka go ikemela. Gone jaanong ke bonolo ka gonne ke a itse gore Jehofa o tla baakanya sengwe le sengwe.” Fa e le gore o a bogisiwa kgotsa o kile wa bogisiwa, go etsa sekao sa ga Jesu sa go tshepa Modimo go ka go thusa gore o nne bonolo.

“GO ITUMELA BA BA BONOLO”

Fa re le bonolo re ka kgona jang go fenya fa re kopana le mathata?

Jesu o ne a re fa re batla go itumela re tshwanetse go nna bonolo. O ne a re: “Go itumela ba ba bonolo.” (Math. 5:5) A re bone gore go nna bonolo go ka go thusa jang fa o lebane le maemo a a latelang.

Fa o le bonolo o ka dira gore go nne le boitumelo mo lenyalong la gago. Mokaulengwe Robert yo o nnang kwa Australia a re: “Ke ne ke tlhola ke raya mosadi wa me mafoko a a botlhoko. Mme se se botlhoko ke gore lefoko ga le boe. Ke ne ke utlwa botlhoko tota fa ke mmona a hutsafetse.”

“Rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2) Ka dinako tse dingwe re bua re sa akanya, mme seo se ka baka mathata mo lenyalong. Go nna bonolo go ka dira gore re nne re ritibetse le gore re kgone go laola se re se buang.—Diane 17: 27.

Robert o ne a dira ka natla gore a nne bonolo le gore a nne boikgapo. Go ne ga felela jang? A re: “Fa nna le mosadi wa me re sa dumalane ka sengwe, ke a mo reetsa, ke bua sentle le ene ka bonolo, e bile ke leka ka natla gore ke se ka ka galefa. Gone jaanong nna le mosadi wa me re itumetse mo lenyalong la rona.”

Fa re le bonolo re tla kgona go dirisana sentle le ba bangwe. Batho ba ba kgopisegang ka bonako ga ba na ditsala tse dintsi. Fa re le bonolo re ka dira gore go nne le sebofo se se “kopanyang sa kagiso.” (Baef. 4:2, 3) Cathy yo re buileng ka ene pelenyana a re: “Fa ke le bonolo go nna motlhofo gore ke dirisane le batho ba bangwe, tota le ba ke fitlhelang go le thata gore ke dirisane le bone.”

Fa re le bonolo re tla nna re itumetse. Baebele ya re “botlhale jo bo tswang kwa godimo” bo tsamaisana le bonolo le kagiso. (Jak. 3:13, 17) Motho yo o bonolo o na le “pelo e e ritibetseng.” (Diane 14:30) Martin yo o neng a leka ka natla go nna bonolo a re: “Gone jaanong, ga ke tlhole ke batla gore sengwe le sengwe se dirwe ka tsela ya me. Seo se dira gore ke nne le kagiso e bile gape se a intumedisa.”

Gone ke boammaaruri gore re tlhoka go dira ka natla gore re nne bonolo. Mokaulengwe mongwe a re: “Go bua nnete fela, ka dinako dingwe ke a tlalelana.” Mme e re ka Jehofa a re rotloetsa go nna bonolo o tla re thusa. (Isa. 41:10; 1 Tim. 6:11) Jehofa o tla “wetsa thapiso” ya rona, gape o tla re nonotsha. (1 Pet. 5:10) Fela jaaka Paulo, le fa go ka re tsaya lobaka, re ka kgona go etsa bonolo le bopelonomi jwa ga Keresete.—2 Bakor. 10:1.

^ ser. 2 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.