Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikgosi Tse di Kgorometsanang mo Metlheng ya Bofelo

Dikgosi Tse di Kgorometsanang mo Metlheng ya Bofelo

Boporofeti bongwe mo tšhateng eno bo diragadiwa fa boporofeti jo bongwe bo ntse bo tsweletse. Bo bontsha gore re tshela mo ‘motlheng wa bokhutlo.’—Dan. 12:4.

  • Dikwalo Tshen. 11:7; 12:13, 17; 13:1-8, 12

    Boporofeti “Sebatana sa naga” se busa batho dingwaga di le diketekete. Mo motlheng wa bofelo, tlhogo ya bosupa ya sebatana seno e a gobadiwa. Moragonyana tlhogo eo e a fola mme “lefatshe lotlhe” le sala sebatana seo morago. Satane o dirisa sebatana seno go ‘tlhabana le ba ba setseng.’

    Tiragatso Morago ga Morwalela, dipuso tse di sa rateng Jehofa di busa batho. Dingwaga di feta 3 000 moragonyana, nngwe ya dipuso tseo, e leng puso ya Boritane e a fenngwa mo Ntweng ya Ntlha ya Lefatshe e bile e latlhegelwa ke maatla. E boa e nna maatla gape fa e simolola go dirisana mmogo le United States. Mo metlheng ya bofelo, Satane o dirisa dipuso go bogisa batho ba ga Jehofa.

  • Lokwalo Dan. 11:25-45

    Boporofeti Mo metlheng ya bofelo, kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di a lwantshana.

    Tiragatso Jeremane e lwantsha Boritane le United States. Ka 1945, Soviet Union le dinaga tse di e emang nokeng e nna kgosi ya bokone. Ka 1991, Soviet Union e a phutlhama mme Russia le dinaga tse di e emang nokeng e nna kgosi ya bokone.

  • Dikwalo Isa. 61:1; Mal. 3:1; Luke 4:18

    Boporofeti Jehofa o romela “morongwa” gore a ‘bule tsela’ pele Bogosi Jwa ga Mesia bo tlhomiwa. Morongwa o simolola “go bolelela ba ba pelonolo dikgang tse di molemo.”

    Tiragatso Go simolola ka 1870, C.T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ithuta Baebele go bona gore tota e ruta eng. Ka 1881, ba ile ba lemoga gore go botlhokwa gore batlhanka ba ga Jehofa ba rerele batho. Ba gatisa setlhogo se se reng, “Go Tlhokega Baboledi ba le 1 000” le se se reng, “Go Tlolediwa go Rera.”

  • Dikwalo Math. 13:24-30, 36-43

    Boporofeti Motho o jala korong mo tshimong ya gagwe. Mme mmaba wa gagwe o a tla a bo a jala mofero mo go yone. Mofero o a gola o bo o dira gore korong e se ka ya bonala. Ka nako ya thobo, korong le mofero di a kgaoganngwa.

    Tiragatso Go simolola ka 1870 pharologanyo mo gare ga Bakeresete ba boammaaruri le ba maaka e a bonala. Mo metlheng ya bofelo, Bakeresete ba boammaaruri ba kgaoganngwa le Bakeresete ba maaka mme ba tlisiwa mo phuthegong.

  • Dikwalo Dan. 2:31-33, 41-43.

    Boporofeti Setshwantsho se se dirilweng ka di metale tse di farologaneng se na le dinao tsa tshipi e e tlhakaneng le letsopa.

    Tiragatso Letsopa le emela batho ba ba busiwang ke puso ya Boritane le United States ba ba tsuologelang dipuso tseno. Ka ntlha ya batho bano, dipuso tseno ga di kgone go dirisa maatla a tsone ka botlalo.

  • Dikwalo Math. 13:30; 24:14, 45; 28:19, 20.

    Boporofeti “Korong” e phuthelwa mo ‘bobolokelong’ mme “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o a tlhomiwa gore a “okamele ba ntlo.” ‘Dikgang tse di molemo tsa bogosi’ di “rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”

    Tiragatso Ka 1919, go tlhomiwa motlhanka yo o boikanyego. Go simolola ka nako eo, Baithuti ba Baebele ba a tlhagafala mo tirong ya go rera. Gompieno Basupi ba ga Jehofa ba rera mo dinageng di feta 200 mme ba gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di feta 1 000.

  • Dikwalo Dan. 12:11; Tshen. 13:11, 14, 15.

    Boporofeti Sebatana sa naga se se nang le dinaka tse pedi se tlhotlheletsa batho gore ba dire “setshwantsho sa sebatana sa naga” mme se naya “setshwantsho sa sebatana sa naga mohemo.”

    Tiragatso Boritane le United States di simolola Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba. Dinaga tse dingwe le tsone di tshegetsa lekgotla leno. Go tloga ka 1926 go fitlha ka 1933 kgosi ya bokone le yone e ne e tshegetsa Lekgotla leno. Batho ba le bantsi ba dumela gore Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le ka dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng, e leng sengwe se se ka dirwang fela ke Bogosi Jwa Modimo. Gape ba dumela se se tshwanang ka Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

  • Lokwalo Dan. 8:23, 24

    Boporofeti Kgosi e e bogale e “senya ka tsela e e gakgamatsang.”

    Tiragatso Puso ya Boritane le United States e bolaile batho ba le bantsi e bile e bakile tshenyo e ntsi. Ka sekai, ka Ntwa Lefatshe ya Bobedi, United States e ile ya baka tshenyo e e seng kana ka sepe fa e ne e latlhela dibomo tse pedi tsa nuklea kwa nageng nngwe.

  • Dikwalo Dan. 11:31; Tshen. 17:3, 7-11

    Boporofeti Sebatana se se “bohibidu jo bo letlhololo” se se nang le dinaka di le lesome se tswa mo moleteng o o se nang bolekanngo mme se nna kgosi ya borobedi. Buka ya Daniele ya re kgosi eno ya borobedi ke “selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo.”

    Tiragatso Ka Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, Lekgotla la Kgolagano ya Ditšhaba le a fedisiwa. Morago ga ntwa, go tlhomiwa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Lekgotla leno le lone le newa tlotlomalo e e tshwanetseng go newa Bogosi Jwa Modimo. Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tla tlhasela bodumedi.

  • Dikwalo 1 Bathes. 5:3; Tshen. 17:16

    Boporofeti Dinaga di goeletsa “kagiso le polokesego” mme “dinaka tse di lesome” le “sebatana sa naga” di tlhasela “seaka”di bo di se fedisa. Morago ga moo, dinaga di a senngwa.

    Tiragatso Dipuso di ka nna tsa re di dirile gore go nne le kagiso le polokesego mo lefatsheng. Dinaga tse di emang Ditšhaba Tse di Kopaneng nokeng di senya bodumedi jwa maaka. Seo e tla bo e le tshimologo ya pitlagano e kgolo. Pitlagano eo e tla fela fa lefatshe la ga Satane le fedisiwa ka ntwa ya Haramagedona.

  • Dikwalo Esek. 38:11, 14-17; Math. 24:31

    Boporofeti Gogo o tla mo lefatsheng la batho ba ga Jehofa. Go tswa foo, baengele ba phutha batlodiwa.

    Tiragatso Kgosi ya bokone le dipuso tse dingwe di tlhasela batho ba ga Jehofa. Nakonyana morago ga tlhaselo eno, batlodiwa ba ba setseng ba isiwa legodimong.

  • Dikwalo Esek. 38:18-23; Dan. 2:34, 35, 44, 45; Tshen. 6:2; 16:14, 16; 17:14; 19:20

    Boporofeti ‘Yo o pagameng pitse e tshweu’ o “digela phenyo ya gagwe” ka go tlhasela Gogo le masole a gagwe. “Sebatana sa naga” se piriganyediwa mo ‘bodibeng jwa molelo’ mme setshwantsho se segolo se a senngwa.

    Tiragatso Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo e bong Jesu o boloka batho ba ga Jehofa. Jesu, batlodiwa ba le 144 000 le baengele ba senya dipuso tse di tlhaselang batho ba ga Jehofa. Ka go dira jalo, ba fedisa lefatshe la ga Satane.