Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 19

“Kgosi ya Bokone” mo Metlheng ya Bofelo

“Kgosi ya Bokone” mo Metlheng ya Bofelo

“Mo motlheng wa bokhutlo kgosi ya borwa e tla kgorometsana le ene [kgosi ya bokone.]”—DAN. 11:40.

PINA 150 Batlang Jehofa Gore lo Bolokwe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Boporofeti jwa Baebele bo re thusa jang?

BATHO ba ga Jehofa ba tla tloga ba lebana le maemo afe? Ga re tlhoke go fopholetsa. Baebele e re bolelela dilo tsa botlhokwa tse di tla tlogang di direga tse di tlileng go re ama rotlhe. Go na le boporofeti bongwe mo Baebeleng jo bo tlhalosang gore dipuso di tlile go dira eng. Boporofeti joo bo mo go Daniele kgaolo 11. Bo bua ka dikgosi tse pedi tse di lwantshanang, e leng kgosi ya bokone le kgosi ya borwa. Dikarolo di le dintsi tsa boporofeti joo di setse di diragaditswe, ka jalo, re ka tlhatswega pelo gore dikarolo tse di setseng le tsone di tla diragadiwa.

2. Go ya ka Genesise 3:15 le Tshenolo 11:7 le 12:17, re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re ithuta Boporofeti jwa ga Daniele?

2 Gore re kgone go tlhaloganya boporofeti jo bo mo Daniele kgaolo 11, re tshwanetse go nna re gopotse dintlha tseno: Boporofeti joo bo bua fela ka babusi kgotsa dipuso tse di neng di busa mafatshe a batho ba Modimo ba le bantsi ba neng ba nna kwa go one kgotsa tse di neng di tlhasela batho ba Modimo. Palo ya batho ba ga Jehofa e nnye thata fa e bapisiwa le palo ya batho ba ba leng teng mo lefatsheng. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa dipuso tseno di bogisa batho ba ga Jehofa? Ke ka gonne Satane le batho ba gagwe ba ba bosula ba batla go fedisa batho botlhe ba ba direlang Jehofa le Jesu. (Bala Genesise 3:15 le Tshenolo 11:7; 12:17.) Mo godimo ga moo, boporofeti jo bo mo bukeng ya Daniele bo tshwanetse go dumalana le boporofeti jo bongwe jo bo mo Baebeleng. Tota e bile, re ka kgona go tlhaloganya boporofeti jwa ga Daniele sentle fa fela re bo bapisa le dipego tse dingwe tse di mo Baebeleng.

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno le se se latelang?

3 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka boporofeti jo bo mo go Daniele 11:25-39. Re tla bona gore kgosi ya bokone le kgosi ya borwa e ne e le bomang go tloga ka 1870 go fitlha ka 1991. Gape re tla bona gore ke eng fa re tshwanetse go tokafatsa tsela e re tlhaloganyang boporofeti jono ka yone. Mo setlhogong se se latelang, re tla tlotla ka boporofeti jo bo mo go Daniele 11:40–12:1. Gape re tla bona gore boporofeti jono bo ka re thusa jang go tlhaloganya se se neng se tla direga magareng ga 1991 go fitlha ka ntwa ya Haramagedona. Fa o ntse o ithuta ditlhogo tseno, nna o ntse o leba tšhate e e nang le setlhogo se se reng, “Dikgosi Tse Pedi Tse di Gaisanang mo Metlheng ya Bofelo.” Mme gone, re tshwanetse go itse gore dikgosi tse go buiwang ka tsone mo boporofeting jono ke bomang.

KGOSI YA BOKONE LE KGOSI YA BORWA

4. Ke dilo dife di le tharo tse di tla re thusang go itse gore kgosi ya bokone le kgosi ya borwa ke bomang?

4 Kwa tshimologong, “kgosi ya bokone” e go buiwang ka yone e ne e le kgosi ya mafelo a a neng a le kwa bokone jwa Iseraele mme “kgosi ya borwa” e ne e le kgosi ya mafelo a kwa borwa jwa Iseraele. Ke eng fa re rialo? Moengele o ne a raya Daniele a re: “Ke tlile go dira gore o lemoge se se tla diragalelang batho ba gaeno [kgotsa ba ga Jehofa] go ela kwa bokhutlong jwa metlha.” (Dan. 10:14) Setšhaba sa Iseraele e ne e le batho ba Modimo go fitlha ka Pentekosete ya 33 C.E. Fa e sale go tloga ka nako eo, Jehofa o ile a tlhalosa gore balatedi ba ga Jesu ke bone batho ba gagwe. Ka jalo, dikarolo di le dintsi tsa boporofeti jo bo mo go Daniele kgaolo 11 di bua ka balatedi ba ga Jesu, e seng setšhaba sa Iseraele. (Dit. 2:1-4; Bar. 9:6-8; Bagal. 6:15, 16) Mo godimo ga moo, kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ne di ntse di tla di fetoga. Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse di neng di sa fetoge ka dikgosi tseno. Sa ntlha, dikgosi tseno di ne di busa lefatshe le batho ba ga Jehofa ba le bantsi ba nnang kwa go lone kgotsa di ne di bogisa batho ba ga Jehofa. Sa bobedi, tsela e di neng di tshwara batho ba ga Jehofa ka yone e bontsha gore di tlhoile Jehofa. Sa boraro, dikgosi tseno di a gaisana ka gonne di batla go nna le taolo.

5. A go ne go na le kgosi ya bokone le kgosi ya borwa go simolola ka lekgolo la bobedi la dingwaga go fitlha kwa bofelelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga? Tlhalosa.

5 Nako nngwe ka lekgolo la bobedi la dingwaga, go ne go tletse Bakeresete ba maaka mo phuthegong ya Bokeresete. Ba ne ba ruta maaka e bile ba fitlhela batho boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo. Go tloga ka nako eo, go fitlha ka lekgolo la bo19 la dingwaga, go ne go sena phuthego ya Modimo mo lefatsheng. Bakeresete bao ba maaka ba ile ba tlhoga fela jaaka mofero mo tshimong mme ka ntlha ya seo, go ne go le thata go bona gore tota Bakeresete ba boammaaruri ke bomang. (Math. 13:36-43) Ke eng fa go le botlhokwa gore re itse seno? Tshedimosetso eno e re thusa go lemoga gore dikgosi tse di neng di busa ka nako eo ga re ka ke ra di bitsa kgosi ya bokone kgotsa kgosi ya borwa ka gonne go ne go se na phuthego ya ga Jehofa mo lefatsheng mo dingwageng tseo. * Le fa go ntse jalo, go ela kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ne tsa boa tsa nna teng gape. Re itse jang?

6. Jehofa o ne a boa gape a nna leng le phuthego mo lefatsheng? Tlhalosa.

6 Go simolola ka 1870, Jehofa o ne a boa gape a nna le phuthego mo lefatsheng. Ka ngwaga oo, Charles T. Russell le ditsala tsa gagwe ba ne ba simolola tlelase ya go ithuta Baebele. Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe e ne e le bone ba Baebele e ba bitsang morongwa yo go neng go boleletswe pele gore o tla “bula tsela” pele Bogosi Jwa ga Mesia bo tlhomiwa. (Mal. 3:1) Jaanong go ne go na le batho ba ba direlang Jehofa ka tsela e a e amogelang. Ka nako eo, a go ne go na le dipuso tse di neng di tla kgoreletsa batho ba ga Jehofa? Mma re bone.

RE KA ITSE JANG GORE DIKGOSI TSENO KE BO MANG?

7. Kgosi ya borwa e ne e le mang go fitlha ka Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha?

7 Ka 1870, Boritane ke yone e neng e busa dinaga di le dintsi thata mo lefatsheng e bile e ne e na le sesole se se nonofileng thata. Boporofeti jwa ga Daniele bo bua ka lonaka lo lo nnye lo lo neng lwa fenya dinaka tse dingwe tse tharo. Lonaka loo lo emela Boritane mme dinaka tse tharo tsone di emela Fora, Spain le Netherlands. (Dan. 7:7, 8) Puso ya Boritane e ne e le yone kgosi ya borwa go fitlha ka Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha. Ka nako eo, United States of America e ne e le yone naga e e neng e humile thata mo lefatsheng mme e ne ya simolola go dirisana mmogo le naga ya Boritane.

8. Kgosi ya borwa mo metlheng ya bofelo ke mang?

8 Ka Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha, United States le Boritane di ne di thusana mme dinaga tseno di ile tsa nna maatla fela thata. Di ne di dirisana mmogo ka jalo di ile tsa simolola go bidiwa Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika. Mmuso ono o ile wa phutha “mophato wa sesole o mogolo le o o thata” fela jaaka Daniele a ne a boleletse pele. (Dan. 11:25) Ka jalo, mo metlheng eno ya bofelo, kgosi ya borwa ke puso ya Mmuso wa Lefatshe Lotlhe wa Maesemane le Maamerika kgotsa Boritane le United States. * Mme gone, kgosi ya bokone ke mang?

KGOSI YA BOKONE KE MANG?

9. Kgosi ya bokone e ne ya boa gape ya nna teng leng, mme Daniele 11:25 e ile ya diragadiwa jang?

9 Ka 1871, ngwaga morago ga gore Mokaulengwe Russell le Ditsala tsa gagwe ba simolole go ithuta Baebele, kgosi ya bokone e ne ya boa ya nna teng gape. Mo go one ngwaga oo, Otto von Bismarck o ne a nna le seabe se segolo mo go kopanyeng mafelo a le mantsi mme a ne a simolola go bidiwa Mmusomogolo wa Jeremane. Jeremane e ne ya simolola go busiwa ke Kgosi Wilhelm I mme o ne a tlhoma Bismarck gore e nne ene a etelelang pele mo pusong. * Fa nako e ntse e ya, Jeremane e ne ya simolola go busa dinaga dingwe kwa Afrika le tse di bapileng le Lewatle la Pacific mme e ne ya leka go nna maatla go feta Boritane. (Bala Daniele 11:25.) Mmusomogolo wa Jeremane le one o ne wa nna le sesole se se maatla, tota e bile, Boritane ke yone fela e neng e na le sesole se se maatla go o feta. Mo ntweng ya ntlha ya lefatshe, Jeremane e ne ya dirisa sesole seo go lwantsha baba ba yone.

10. Boporofeti jo bo mo go Daniele 11:25b le 26 bo ile jwa diragadiwa jang?

10 Gape Daniele o ile a bolelela pele gore go ne go tla direga eng ka Mmusomogolo wa Jeremane le sesole sa one. O ile a re kgosi ya bokone “ga e na go ema.” Ka ntlha yang? “Gonne ba tla e logela maano. Mme bone ba ba jang dijo tsa yone tsa maemo ba tla e senya.” (Dan. 11:25b, 26a) Mo motlheng wa ga Daniele, batho ba ba neng ba ja “dijo tsa maemo tsa kgosi” e ne e le batho ba ba neng ba bereka mo ntlong ya kgosi. (Dan. 1:5) Ka jalo, boporofeti jono bo bua ka bomang? Bo bua ka batho ba ba neng ba na le maemo mo Pusong ya Jeremane, ba ba jaaka masole le balaodi ba masole ba ba neng ba bereka le kgosi. Ka ntlha ya se batho bano ba ileng ba se dira, kgosi e ne ya latlhegelwa ke taolo, mme puso ya Jeremane e ne ya se ka ya tlhola e laolwa ke dikgosi. * Gape boporofeti jwa ga Daniele bo ne jwa bolelelapele gore go ne go tla direga eng fa puso ya Jeremane e lwa le kgosi ya borwa. Boporofeti joo bo ne jwa bua jaana ka kgosi ya bokone: “Mme fa e le mophato wa yone wa sesole, o tla gogolwa jaaka ka morwalela, mme bontsi bo tla wa bo bolailwe setlhogo.” (Dan. 11:26b) Fela jaaka go ile ga bolelelwa pele, masole a Jeremane a ile a fenngwa mo ntweng ya lefatshe ya ntlha, mme batho ba le bantsi ba ile ba bolawa. Go ne ga swa batho ba le bantsi tota mo ntweng eo.

11. Kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ile tsa dirang?

11 Daniele 11:27 le 28 e ile ya tlhalosa dilo tse di neng di tla direga ka Ntwa ya Lefatshe ya Ntlha. E tlhalosa gore kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ne di “tla bua maaka mo tafoleng e le nngwe.” Gape e ne ya re kgosi ya bokone e tla nna le “selekanyo se segolo sa dithoto.” Go ne ga direga fela jalo. Puso ya Jeremane le ya Boritane di ne tsa re di batla kagiso, mme gone, di ile tsa lwantshana ka 1914. Ka jalo, seno se bontsha gore di ne di bua maaka. Ka 1914, Jeremane e ne e humile fela thata, tota e bile, e ne e le yone naga ya bobedi e e humileng go di gaisa mo lefatsheng. Jeremane e ile ya lwa le kgosi ya borwa mme e ne ya fenngwa fela jaaka Daniele 11:29 le karolo ya ntlha ya temana 30 e ne e boleletse pele.

DIKGOSI DI LWANTSHA BATHO BA MODIMO

12. Kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ile tsa dira eng ka ntwa ya lefatshe ya ntlha?

12 Fa e sale go tloga ka 1914, kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ntse di lwantshana e bile di bogisa batho ba ga Jehofa. Ka sekai, ka ntwa ya ntlha ya lefatshe, puso ya Jeremane le puso ya Boritane di ne di bogisa batho ba ga Jehofa ba ba neng ba gana go ya ntweng. Puso ya United States yone e ile ya tshwara bakaulengwe ba ba neng ba eteletse pele mo tirong ya go rera. Seno se ne se diragatsa boporofeti jo bo mo go Tshenolo 11:7-10.

13. Kgosi ya bokone e ile ya dirang ka bo1930 le ka nako ya ntwa ya bobedi ya lefatshe?

13 Ka bo1930, kgosi ya bokone e ile ya bogisa batho ba Modimo setlhogo segolobogolo ka nako ya ntwa ya lefatshe ya bobedi. Fa puso ya Banasi e ne e simolola go busa kwa Jeremane, Hitler le balatedi ba gagwe ba ile ba thibela tiro ya batho ba ga Jehofa kwa nageng eo. Puso ya Jeremane e ile ya bolaya batho ba ga Jehofa ba le bantsi mme ba bangwe e ne ya ba isa kwa dikampeng tsa pogisetso. Daniele o ne a boleletse pele gore dilo tseno tsotlhe di ne di tla direga. Kgosi ya bokone e ne ya “itshepolola lefelo le le boitshepo” e bile e ile ya “tlosa setlhabelo sa ka metlha” ka gonne e ile ya thibela tiro ya go rera ya batho ba ga Jehofa. (Dan. 11:30b, 31a) Tota e bile, Hitler o ne a ikana gore o tlile go bolaya batho ba ga Jehofa botlhe kwa Jeremane.

KGOSI E NTŠHA YA BOKONE

14. Kgosi ya bokone e ne ya nna mang morago ga ntwa ya bobedi ya lefatshe? Tlhalosa.

14 Ka ntwa ya bobedi ya lefatshe, Soviet Union ke yone e neng ya nna kgosi ya bokone. E ne ya simolola go busa mafelo a le mantsi a a neng a busiwa ke Jeremane pele. Puso eno le yone e ne e bogisa batho ba ga Jehofa.

15. Kgosi ya bokone e ile ya dirang morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi?

15 Ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe ya Bobedi, kgosi e ntšha ya bokone e leng Soviet Union e ne ya tlhasela batho ba Modimo. Tshenolo 12:15-17 e tshwantsha pogiso eo le noka. Go dumalana le boporofeti jono, kgosi eno e ile ya thibela tiro ya rona ya go rera e bile e ile ya pateletsa batho ba ga Jehofa ba le bantsi gore ba fudugele kwa Siberia. Ka jalo, fa e sa le metlha ya bofelo e simolola, kgosi ya bokone e ntse e tsweletse e bogisa batho ba ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, ga e kgone go emisa tiro ya bone. *

16. Soviet Union e ile ya diragatsa jang boporofeti jo bo mo go Daniele 11:37-39?

16 Bala Daniele 11:37-39. Kgosi ya bokone e ile ya diragatsa boporofeti jono ka gonne e ile ya bontsha gore ga e na sepe le ‘Modimo wa borraayone.’ Jang? Soviet Union e ne ya leka go fedisa bodumedi. E ne ya leka go dira seo jang? Ka 1918, puso eo e ne ya dira gore kwa dikolong bana ba rutiwe gore ga go na Modimo. Kgosi eno e ile ya “galaletsa modimo wa dikago tsa phemelo” jang? E ile ya dirisa madi a le mantsi tota go nonotsha sesole sa yone le go dira dibomo tsa nuklea. Kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ne tsa feleletsa di na le dibetsa di le dintsi tse di ka kgonang go ganyaola batho ba le dimilionemilione.

KGOSI YA BOKONE LE KGOSI YA BORWA DI A DIRISANA

17. “Selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo” ke eng?

17 Kgosi ya bokone le kgosi ya borwa di ile tsa dirisana mmogo go “baya selo se se ferosang sebete se se bakang kgakgabalo.” (Dan. 11:31) Selo seo “se se ferosang sebete” ke Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng.

18. Ke eng fa Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le tlhalosiwa e le “selo se se ferosang sebete.”?

18 Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le bidiwa “selo se se ferosang sebete” ka gonne la re le ka kgona go dira gore go nne le kagiso mo lefatsheng, e leng selo se se ka dirwang fela ke Bogosi Jwa Modimo. Gape boporofeti jwa ga Daniele jwa re selo se se ferosang sebete “se se bakang kgakgabalo” ka gonne Lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ke lone le tlileng go tlhasela le go fedisa bodumedi jwa maaka. Bona lebokoso le le reng, “Dikgosi Tse di Kgorometsanang mo Metlheng ya Bofelo.”

KE ENG FA RE TSHWANETSE GO ITSE TSHEDIMOSETSO ENO?

19-20. (a) Ke eng fa re tshwanetse go itse tshedimosetso eno? (b) Re tla araba potso efe mo setlhogong se se latelang?

19 Re tshwanetse go itse tshedimosetso eno ka gonne e re thusa go lemoga gore go tloga ka 1870 go fitlha ka 1991, boporofeti jwa ga Daniele bo ile jwa diragadiwa. Ka jalo, re ka tlhatswega pelo gore karolo e e setseng ya boporofeti jono le yone e tlile go diragadiwa.

20 Ka 1991, Soviet Union e ile ya phutlhama, ka jalo, kgosi ya bokone ke mang gone jaanong? Re tla araba potso eno mo setlhogong se se latelang.

PINA 128 Go Itshoka go ya Bokhutlong

^ ser. 5 Go na le bosupi jwa gore boporofeti jwa ga Daniele jo bo buang ka “kgosi ya bokone” le “kgosi ya borwa” bo sa ntse bo diragadiwa. Re itse jang? Mme ke eng fa re tshwanetse go tlhaloganya boporofeti jono sentle?

^ ser. 5 Ka ntlha ya seno, ga re tlhole re re Mmusimogolo wa Roma e bong Aurelian (270-275 C.E.) ke “kgosi ya bokone” e bile ga re tlhole re re Kgosigadi Zenobia (267-272 C.E.) ke “kgosi ya borwa” ka gonne ka nako ya fa ba busa, go ne go se na batho ba ba direlang Jehofa ka tsela e a e amogelang. Seno se tlhabolola tshedimosetso e e mo kgaolo 13 le 14 mo bukeng ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele.

^ ser. 9 Ka 1890, Kgosi Wilhelm II o ne a pateletsa Bismarck gore a role tiro.

^ ser. 10 Ba ile ba dira dilo di le dintsi tse di ileng tsa diga puso ya Jeremane. Ka sekai, ga ba a ka ba tlhola ba ema kgosi nokeng, ba ne ba ntsha tshedimosetso ya khupamarama ka nako ya ntwa e bile ba ile ba pateletsa kgosi gore e fologe setulo.

^ ser. 15 Jaaka go tlhalositswe mo go Daniele 11:34, go ne ga feta nakonyana kgosi ya bokone e sa bogise batho ba ga Jehofa. Seno se ile sa direga fa Soviet Union e ne e phutlhama ka 1991.