Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A batho ba motlha wa Baebele ba ne ba dirisa papirase go dira mekoro?

Semela sa papirase

BATHO ba le bantsi ba a itse gore batho ba kwa Egepeto ya bogologolo ba ne ba kwalela mo pampiring e e dirilweng ka semela se se bidiwang papirase. Bagerika le Baroma le bone ba ne ba kwalela mo papiraseng. * Mme gone, batho ba le bantsi ga ba itse gore papirase e ne e dirisediwa go dira mekoro.

Mekoro e mebedi e e dirilweng ka papirase, e e fitlhetsweng mo lebitleng la Baegepeto

Dingwaga di feta 2 500 tse di fetileng, moporofeti Isaia o ne a re batho ba ba “mo kgaolong ya dinoka tsa Ethiopia” ba ne ba romela “barongwa ka lewatle, le ka dijana tsa koma [kgotsa mekoro ya papirase] mo godimo ga metsi.” Moragonyana, moporofeti Jeremia o ne a bolelela pele gore Baperesia le Bameda ba ne ba tla tlhasela motse wa Babelona ba bo ba fisa “mekoro ya koma [kgotsa ya papirase]” ya Bababelona gore ba se ka ba tshaba.—Isa. 18:1, 2; Jer. 51:32.

Baebele ke lefoko la Modimo, ka jalo batho ba ba ithutang Baebele ga ba gakgamale fa baithutamarope ba fitlhela bosupi jo bo bontshang gore go ne go dirisiwa papirase go dira mekoro mo motlheng wa Baebele. (2 Tim. 3:16) Baithutamarope ba ne ba fitlhela eng? Ba ne ba fitlhela bosupi jwa gore go ne go dirwa mekoro ya papirase kwa Egepeto.

MEKORO YA PAPIRASE E NE E DIRWA JANG?

Mo mabitleng a kwa Egepeto, go ne go na le ditshwantsho tse di gabilweng mo dipoteng, tse di bontshang gore batho ba ne ba dira mekoro jang ba dirisa papirase. Ba ne ba simolola pele ka go kgaola dikutu tsa dimela tsa papirase, ba di dira dingata, go tswa foo ba bo ba bofaganya dingata tseo. Kutu ya papirase e na le dikhona tse tharo. Ka jalo, fa dikutu tseo di bofagantswe mmogo, ngata ya tsone e a nonofa. Buka nngwe ya hisitori ya kwa Egepeto ya re mekoro eno ya papirase e ne e ka nna boleele jwa dimetara di le 17, e bile e ne e na le dikota tse di tsamaisang mokoro di le 10 kgotsa 12 mo letlhakoreng lengwe le lengwe.

Ditshwantsho tsa Baegepeto tse di gabilweng mo loboteng tse di bontshang gore mekoro ya papirase e ne e dirwa jang

GORENG BATHO BA NE BA DIRISA PAPIRASE GO DIRA MEKORO?

Kwa Egepeto, papirase e ne e tlhoga thata kwa Mokgatšheng wa Nile. Gape go ne go le motlhofo go dira mekoro ka papirase. Tota le fa batho ba ne ba simolola go dirisa logong fa ba dira mekoro e megolo, batshwaraditlhapi le batsomi ba ne ba tswelela ba dirisa mekoro e e dirilweng ka papirase.

Go ne ga feta dingwaga tse dintsi batho ba ntse ba dirisa mekoro ya papirase. Mokwadi mongwe wa Mogerika yo o bidiwang Plutarch, yo o tshetseng mo motlheng wa baaposetoloi, a re batho bangwe ba ne ba sa ntse ba dirisa mekoro ya papirase ka nako eo.

^ ser. 3 Dimela tsa papirase di tlhoga mo mafelong a a nang le metsi a a emeng kgotsa a a tsamaelang ka bonya. Semela seno se kgona go nna boleele jwa dimetara di le 5, mme kutu ya sone e kgona go nna bophara jwa disentimetara di le 15.