Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 21

Jehofa o Tla go Nonotsha

Jehofa o Tla go Nonotsha

“Fa ke le bokoa, ke gone ke leng maatla.”—2 BAKOR. 12:10.

PINA 73 Re Neye Bopelokgale

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Basupi ba le bantsi ba lebana le mathata afe?

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a kgothaletsa Timotheo gore a dire sotlhe se a ka se kgonang mo tirong ya go rera. Mme kgakololo ya gagwe e sa ntse e kgothatsa Bakeresete botlhe le gompieno. (2 Tim. 4:5) Ka jalo, re tshwanetse go latela kgakololo ya ga Paulo mme re dire sotlhe se re ka se kgonang mo tirong ya Modimo. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe go thata. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba tlhoka go nna pelokgale fa ba rera dikgang tse di molemo. (2 Tim. 4:2) Ka sekai, akanya ka bakaulengwe ba ba nnang kwa mafelong a tiro ya rona ya go rera e thibetsweng gone. Ba tswelela ba rera tota le fa ba itse gore ba ka tsenngwa mo kgolegelong.

2 Batlhanka ba ga Jehofa ba lebana le mathata a mantsi a a ka ba kgobang marapo. Ka sekai, ba le bantsi ba tlhoka go bereka diura di le dintsi gore ba kgone go tlamela ba malapa a bone ka dilo tse ba di tlhokang. Ba ka rata go oketsa bodiredi jwa bone mme gone, fa beke e fela ba a bo ba lapile. Ba bangwe ga ba kgone go dira go le gontsi mo tirong ya ga Jehofa ka gonne ba lwala, ba tsofetse kgotsa ba sa kgone go tswa mo matlong a bone. Bangwe bone ba ikutlwa ba se botlhokwa mo go Jehofa. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Mary * a re: “Ke tshwanelwa ke go dira ka natla gore ke lwe le maikutlo a go kgobega marapo. Mme seo se dira gore ke ikutlwe ke lapile. Boemo joo bo dira gore ke ikutlwe ke se na nako le maatla a go direla Jehofa mo bodireding, mme seo se dira gore ke ikutlwe ke le molato.”

3. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Le fa re ka tswa re na le mathata afe, Jehofa a ka re naya maatla a gore re tswelele re mo direla kafa re kgonang ka gone. Pele ga re ka tlotla ka gore Jehofa o re thusa jang, a re boneng gore o ile a nonotsha Paulo le Timotheo jang gore ba kgone go dira tiro ya bone le fa ba ne ba lebana le mathata.

JEHOFA O A RE NONOTSHA GORE RE KGONE GO TSWELELA RE RERA

4. Paulo o ile a lebana le mathata afe?

4 Paulo o ne a lebana le mathata a le mantsi. O ne a tlhoka gore Jehofa a mo thuse, segolobogolo fa baba ba gagwe ba ne ba mo itaya, ba mo kgobotletsa ka maje, ba mo tsenya mo kgolegelong le fa ba ne ba leka go mmolaya. (2 Bakor. 11:23-25) Paulo ga a ka a tlhabiwa ke ditlhong go bua gore ka dinako dingwe o ne a tle a kgobege marapo. (Bar. 7:18, 19, 24) Gape o ile a itshokela bothata bongwe jwa botsogo jo bo neng bo ntse jaaka “mutlwa mo nameng” jo a neng a kopa gore Modimo a bo tlose.—2 Bakor. 12:7, 8.

Ke eng se se thusitseng Paulo gore a kgone go dira bodiredi jwa gagwe? (Bona dirapa 5-6) *

5. Paulo o ne a kgona go dira eng le fa a ne a lebane le mathata?

5 Jehofa o ne a nonotsha Paulo gore a tswelele a dira bodiredi jwa gagwe le fa a ne a lebane le mathata. Akanya ka se Paulo a ileng a kgona go se dira. Ka sekai, fa a ne a golegilwe mo ntlong kwa Roma o ne a rerela batho ba le bantsi a tlhagafetse, gongwe go akaretsa le badiredi ba puso. (Dit. 28:17; Bafil. 4:21, 22) Gape o ne a rerela Badisa ba le bantsi ba Mmusimogolo le mongwe le mongwe yo a neng a tla go mo etela. (Dit. 28:30, 31; Bafil. 1:13) Ka yone nako eo, Modimo o ne a dirisa Paulo gore a kwale makwalo a a neng a thusa Bakeresete ba boammaaruri mo nakong e e fetileng, e bile a sa ntse a ba thusa le gompieno. Sekao sa ga Paulo se ne sa nonotsha phuthego ya kwa Roma, mme seo se ne sa felela ka gore bakaulengwe ba gagwe ba bontshe “bopelokgale le go feta, jwa go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.” (Bafil. 1:14) Le fa Paulo a ne a sa kgone go dira se a neng a batla go se dira, o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang, mme seo se ne sa felela ka gore “dikgang tse di molemo di tswelele pele.”—Bafil. 1:12.

6. Go ya ka 2 Bakorintha 12:9 le 10, ke eng se se thusitseng Paulo gore a kgone go dira bodiredi jwa gagwe?

6 Paulo o ne a lemoga gore o ne a sa dire tiro ya ga Jehofa ka maatla a gagwe, mme Modimo ke ene a neng a mo thusa. O ne a re maatla a Modimo ‘a bonala le go feta fa a le bokoa.’ (Bala 2 Bakorintha 12:9, 10.) Jehofa o ne a nonotsha Paulo ka moya wa gagwe o o boitshepo gore a kgone go dira bodiredi jwa gagwe ka botlalo le fa a ne a bogisiwa, a tsenngwa mo kgolegelong kgotsa a lebana le mathata a mangwe.

Ke eng se se thusitseng Timotheo gore a kgone go dira bodiredi jwa gagwe? (Bona serapa 7) *

7. Timotheo o ne a fenya mathata afe gore a kgone go dira bodiredi jwa gagwe?

7 Timotheo, yo e neng e le tsala ya ga Paulo e bile a le mosha, le ene o ne a ikaega ka maatla a Modimo gore a kgone go dira bodiredi jwa gagwe. Timotheo o ne a tsamaya le Paulo mo maetong a maleele a borongwa. Mo godimo ga moo, Paulo o ne a mo roma gore a ye go etela diphuthego gore a di kgothatse. (1 Bakor. 4:17) Timotheo a ka tswa a ne a sa itshepe. Gongwe ke lone lebaka la go bo Paulo a ile a mo raya a re: “A motho ope a se ka a lebela bosha jwa gago kwa tlase le ka motlha.” (1 Tim. 4:12) E bile ka yone nako eo, Timotheo a ka tswa a ne a na le mutlwa mo nameng ka gonne a ne a ‘bobola gangwe le gape.’ (1 Tim. 5:23) Le fa go ntse jalo, Timotheo o ne a itse gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne o tla mo nonotsha gore a kgone go rera dikgang tse di molemo le go thusa bakaulengwe ba gagwe.—2 Tim. 1:7.

JEHOFA O RE THUSA GORE RE IKANYEGE LE FA RE LEBANE LE MATHATA

8. Jehofa o nonotsha batho ba gagwe jang gompieno?

8 Gompieno, Jehofa o naya batho ba gagwe “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore ba kgone go tswelela ba mo direla ka boikanyegi. (2 Bakor. 4:7) A re tlotleng ka dilo di le nnê tse Jehofa a re nayang tsone go re nonotsha le go re thusa gore re tswelele re ikanyega, e leng thapelo, Baebele, go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi le bodiredi jwa rona.

Jehofa o re nonotsha ka thapelo (Bona serapa 9)

9. Thapelo e ka re thusa jang?

9 Jehofa o re nonotsha ka thapelo. Mo go Baefeso 6:18, Paulo o re kgothaletsa gore re rapele Modimo “ka lobaka longwe le longwe.” Modimo o tla araba dithapelo tsa rona a bo a re naya maatla. Jonnie yo o nnang kwa Bolivia, o ile a lemoga gore Jehofa o ile a mo thusa fa a ne a lebana le mathata ka go latelana. Batsadi ba gagwe le mosadi wa gagwe ba ile ba lwala thata ka nako e le nngwe. Go ne go le thata gore Jonnie a ba tlhokomele ba le bararo. Mmaagwe o ne a tlhokafala mme rraagwe le mosadi wa gagwe ba ne ba tswelela ba lwala ka lobaka lo loleele. Fa Jonnie a tlhalosa nako eo e e thata a re, “Fa ke ne ke tshwenyegile thata, ke ne ke thusiwa ke go rapela Jehofa ke mmolelela kafa ke ikutlwang ka gone.” Jehofa o ne a naya Jonnie maatla a a neng a a tlhoka gore a kgone go itshoka. Mogolwane mongwe wa kwa Bolivia, yo o bidiwang Ronald o ne a utlwa gore mmaagwe o tshwerwe ke kankere. Kgwedi moragonyana, mmaagwe o ne a tlhokafala. Ke eng se se neng sa mo thusa mo nakong eo e e thata? A re: “Fa ke rapela, ke kgona go tshololela Jehofa mafatlha ke mmolelela sengwe le sengwe. Ke a itse gore o ntlhaloganya go feta mongwe le mongwe, tota le go feta kafa nna ke itlhaloganyang ka gone.” Ka dinako dingwe, re ka tswa re ikutlwa re sa kgone go itshokela mathata a re nang le one e bile re sa itse gore re reng fa re rapela. Mme gone, Jehofa a re re mo rapele tota le fa re sa itse gore re tlhalose maikutlo a rona jang.—Bar. 8:26, 27.

Jehofa o re nonotsha ka Baebele (Bona serapa 10)

10. Fela jaaka re badile mo go Bahebera 4:12, ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re bale Baebele re bo re akanye ka se re se badileng?

10 Jehofa o re nonotsha ka Baebele. Paulo o ne a bala Dikwalo gore a kgone go gomotsega le gore a nne le maatla, ka jalo le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang. (Bar. 15:4) Fa re bala Lefoko la Modimo e bile re akanya ka lone, Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go lemoga kafa re ka dirisang se re se balang ka gone. (Bala Bahebera 4:12.) Ronald, yo re buileng ka ene mo serapeng se se fetileng a re: “Ke itumelela gore ke itlwaeditse go bala Baebele bosigo bongwe le bongwe. Ke akanya thata ka dinonofo tsa ga Jehofa le tsela e a neng a tlhokomela batho ba gagwe ka yone. Seo se nnaya maatla.”

11. Baebele e ne ya thusa jang kgaitsadi mongwe yo o neng a hutsafetse?

11 Go akanya ka Lefoko la Modimo go tla re thusa gore re se ka ra tlhoma mogopolo mo mathateng a rona. Akanya kafa Baebele e ileng ya thusa motlholagadi mongwe yo o hutsafetseng ka gone. Mogolwane mongwe o ne a mo akantsha gore a bale buka ya Jobe mme a bone gore a ka ithuta dithuto dife tsa botlhokwa mo go yone. Fa a ne a simolola go e bala o ne a tshwaya Jobe phoso ka ntlha ya tsela e a neng a akanya ka yone. E ne e kete a ka mo raya a re: “Jobe! Tlogela go nna o akanya ka mathata a gago fela!” Mme moragonyana o ne a lemoga gore tsela e a neng a leba dilo ka yone e ne e tshwana fela le ya ga Jobe. Seno se ne sa mo thusa gore a fetole tsela e a neng a leba dilo ka yone, sa bo sa mo naya maatla a gore a kgone go itshokela botlhoko jwa go swelwa ke monna.

Jehofa o re nonotsha ka go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi (Bona serapa 12)

12. Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi jang gore ba re nonotshe?

12 Jehofa o re nonotsha ka bakaulengwe le bokgaitsadi. Tsela e nngwe e Jehofa a re nonotshang ka yone ke ka bakaulengwe le bokgaitsadi. Paulo o ne a re o tlhologeletswe go ‘kgothatsana’ le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gagwe. (Bar. 1:11, 12) Mary yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng, o itumelela go fetsa nako le bakaulengwe le bokgaitsadi. A re: “Jehofa o dirisitse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba neng ba sa itse mathata a ke lebaneng le one. Ka nako nngwe ba ne ba bua sengwe se se kgothatsang kgotsa ba nthomelela karata, e leng sone se ke neng ke tla bo ke se tlhoka. Gape go a thusa go bua le bokgaitsadi ba ba ileng ba nna le mathata a ke nang le one le go utlwa gore ba ile ba lebana le one jang. Bagolwane le bone ba nthusa go lemoga gore ke botlhokwa mo phuthegong.”

13. Re ka kgothatsana jang kwa dipokanong?

13 Kwa dipokanong, ke gone kwa re ka kgonang go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. Fa o le kwa dipokanong, o ka nonotsha ba bangwe ka go ba bolelela gore o a ba rata le gore o itumelela se ba se dirang. Ka sekai, letsatsi lengwe pele ga dipokano mogolwane mongwe yo o bidiwang Peter o ne a raya kgaitsadi mongwe yo monna wa gagwe e seng Mokeresete a re: “Go kgothatsa tota go go bona mo dipokanong. Ka metlha o nna gone mo dipokanong le bana ba gago ba barataro mme lo tla lo baakanyeditse gore lo arabe.” O ne a gelela dikeledi a bo a leboga a bua jaana: “Ruri ke ne ke tlhoka go utlwa mafoko ao gompieno.”

Jehofa o re nonotsha ka Bodiredi (Bona serapa 14)

14. Tiro ya go rera e re thusa jang?

14 Jehofa o re nonotsha ka bodiredi. Fa re rerela batho re a itumela, le fa batho ba ka tswa ba re reetsa kgotsa ba sa re reetse. (Dia. 11:25) Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Stacy o ile a lemoga kafa bodiredi bo ka kgonang go nonotsha motho ka gone. Fa mongwe mo lelapeng la gagwe a ne a tlosiwa mo phuthegong, o ne a utlwile botlhoko thata e bile o ne a ipotsa gore, ‘Nkabo ke dirile eng go mo thusa?’ O ne a nna a akantse ka bothata jono. Ke eng se se neng sa mo thusa go itshokela boemo joo? Ke bodiredi! Bodiredi bo ne bo mo thusa gore a akanye ka batho ba ba tlhokang thuso ya gagwe. A re: “Mo go yone nako eo, Jehofa o ne a nnaya motho yo ke neng ka mo ruta Baebele yo a neng a dira diphetogo ka bonako. Seo se ne sa nkgothatsa tota. Tiro ya go rera e ne ya nthusa thata.”

15. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Mary?

15 E re ka maemo a batho a sa tshwane, bangwe ba ka ikutlwa e kete ga ba kgone go dira go le gontsi mo bodireding. Fa e le gore o ikutlwa jalo, se lebale gore Jehofa o a itumela fa o dira sotlhe se o ka se kgonang. Akanya gape ka sekai sa ga Mary. Fa a sena go fudugela kwa lefelong le go buiwang puo e sele kwa go lone, o ne a ikutlwa a se na mosola. A re, “Go ne ga feta nako, ke araba karabo e khutshwane, ke bala temana ya Baebele e bile ke tsamaisa pampitshana fela kwa tshimong.” O ne a inyatsa fa a ipapisa le batho ba ba buang puo eo. Le fa go ntse jalo, o ne a fetola tsela e a neng a akanya ka yone. O ne a lemoga gore Jehofa o ne a sa ntse a ka mo dirisa tota le fa a ne a sa bue puo eo sentle. A re, “Se Baebele e se buang ga se a raraana, mme seo ke sone se se ka fetolang matshelo a batho.”

16. Ke eng se se ka thusang batho ba ba ratang go rera mme ba sa kgone go tswa mo matlong a bone?

16 Jehofa o a itse gore bangwe ba rona ba rata go rera, mme gone ga ba kgone go tswa mo matlong. A ka re thusa gore re kgone go rerela batho ba ba re tlhokomelang, dingaka kgotsa baoki. Fa re bapisa se re kgonang go se dira gone jaanong le se re neng re se dira mo nakong e e fetileng, re ka kgobega marapo. Mme fa re lemoga gore Jehofa o re thusa jang gone jaanong, re tla kgona go itshokela teko nngwe le nngwe re itumetse.

17. Go ya ka Moreri 11:6, goreng re tshwanetse go tswelela ka bodiredi jwa rona tota le fa re sa bone gore bo solegela batho molemo jang ka yone nako eo?

17 Ga re itse gore ke peo efe ya boammaaruri e re e jalang e e tla tlhogang. (Bala Moreri 11:6.) Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o nang le dingwaga di ka nna 80 yo o bidiwang Barbara, gantsi o ne a rera ka founu le ka makwalo. Mo lekwalong lengwe le a le kwadileng, o ne a tsenya makasine wa Tora ya Tebelo wa March 1, 2014, wa setlhogo se se reng “Se Modimo a go Diretseng Sone.” O ne a sa itse gore lekwalo leo le amogetswe ke banyalani ba e neng e sa tlhole e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba bala makasine oo ka makgetlo a le mantsi. Rre wa lelapa leo, o ne a utlwa e kete Jehofa o bua le ene ka tlhamalalo. Le fa go ne go fetile dingwaga di feta 27 banyalani bao ba tlogetse phuthego, ba ne ba simolola go ya dipokanong gape ba bo ba boela mo phuthegong. Ruri Barbara o ne a kgothadiwa le go nonotshiwa ke go bona lekwalo le a le kwadileng le nna le diphelelo tse di molemo!

Jehofa o re nonotsha ka (1) thapelo, (2) Baebele (3) go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi, le (4) bodiredi (Bona serapa 9-10, 12, 14)

18. Re tshwanetse go dira eng gore Modimo a re nonotshe?

18 Jehofa o re naya dilo di le dintsi tse di ka re nonotshang tse di jaaka thapelo, Baebele, go tsalana le bakaulengwe le bokgaitsadi le tiro ya go rera. Fa re dirisa dilo tseno re bontsha gore re dumela gore a ka kgona go re thusa e bile o batla go re thusa. Ka jalo, a ka metlha re bontshe gore re ikanya Rre wa rona yo o kwa legodimong yo o itumelelang go ‘bontsha ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.’—2 Ditir. 16:9.

PINA 61 Tswelelang, Lona Basupi!

^ ser. 5 Re tshela mo dinakong tse di thata. Le fa go ntse jalo, Jehofa o re thusa gore re kgone go di itshokela. Mo setlhogong seno, re tlile go ithuta gore Jehofa o thusitse jang moaposetoloi Paulo le Timotheo gore ba tswelele ba mo direla le fa ba ne ba na le mathata. Re tla tlotla ka dilo di le nnê tse Jehofa a re neileng tsone go re thusa gore re tswelele re mo direla.

^ ser. 2 Maina a fetotswe.

^ ser. 53 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa Paulo a ne a golegilwe mo ntlong kwa Roma, o ne a kwalela diphuthego di le mmalwa makwalo e bile o ne a rerela mongwe le mongwe yo a neng a tla go mo etela.

^ ser. 55 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Timotheo o kgothatsa bakaulengwe fa a etetse diphuthego.