Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGANG YA BOTSHELO

“Ke Ithutile go le Gontsi mo Bathong ba Bangwe!”

“Ke Ithutile go le Gontsi mo Bathong ba Bangwe!”

KE NE ke sa ntse ke le mosha mme ke le mo mophatong wa masole a Fora. Setlhopha sa rona se ne se kampile kwa dithabeng tsa naga ya Algeria. Go ne go lowa thata mo lefelong leo. Bosigo bongwe ke ne ke tshwere tlhobolo, ke disitse ke le nosi, ke iphitlhile ka fa morago ga dikgetsi tsa motlhaba. Fa ke ntse ke disitse ke ne ka utlwa mokgwasa, mme ke ne ke tshogile. Ke ne ke sa batle go bolaya ope e bile ke ne ke sa batle go swa. Ka jalo, ke ne ka kopa Modimo gore a nthuse.

Tiragalo eo e e tshosang e ile ya fetola botshelo jwa me ka gonne ke ile ka simolola go batla go itse Modimo. Pele ga ke go bolelela ka se se diragetseng mo bosigong joo, a ke go tlotlele ka dilo tse di diragetseng fa ke sa ntse ke le monnye tse di dirileng gore ke batle go ithuta ka Modimo.

SE KE ITHUTILENG SONE MO GO RRE

Ke tshotswe ka 1937 kwa toropong ya moepo e e bidiwang Guesnain, e e kwa bokone jwa Fora. Rre o ne a bereka kwa moepong wa malatlha, mme o ne a nthuta botlhokwa jwa go dira ka natla. Gape o ne a nthuta gore ke tlhoe tshiamololo. Rre o ne a bona gore batho ba le bantsi ba ba neng ba bereka kwa moepong, ba ne ba sa tshwarwe sentle le gore ba ne ba bereka mo maemong a a kotsi mme o ne a batla go ba thusa. Ka jalo, o ne a tsena mo mekgatlhong e e neng e lwela ditshwanelo tsa batho ba ba neng ba bereka mo meepong. Gape o ne a galefisiwa ke baruti ba ba neng ba sa dirise se ba neng ba se ruta. Bontsi jwa bone ba ne ba tshela botshelo jwa manobonobo; mme ba ne ba kopa dijo le madi mo bathong ba ba humanegileng ba ba berekang mo moepong. Rre o ne a galefisiwa ke tsela e baruti ba neng ba itshwere ka yone, mme seo se ne sa dira gore a se ka a nthuta sepe ka bodumedi. Tota e bile, nna le ene ga re ise re ko re bue sepe ka Modimo.

Fa ke gola, le nna ke ne ka simolola go tlhoa tshiamololo. Sengwe sa dilo tse ke neng ke akanya gore ga di a siama, ke gore batho ba bantsi ba re neng re nna le bone ba ne ba tlhoile batho ba ba fudugetseng mo Fora ba tswa kwa dinageng tse dingwe. Ke ne ke tshameka bolo le bana ba ba tswang kwa dinageng tse dingwe e bile ke itumelela go fetsa nako le bone. Tota e bile, mmê o ne a tswa kwa Poland e ne e se Mofora. Ke ne ke batla gore batho ba ditso tse di farologaneng ba tshele mmogo ka kagiso le gore ba tshwarane sentle.

KE NE KA SIMOLOLA GO IPOTSA GORE TOTA RE TSHELELA ENG?

Fa ke ne ke le lesole

Ka 1957, puso e ne ya nkwadisa mo bosoleng. Ke sone se se dirileng gore ke feleletse ke le kwa dithabeng tsa Algeria mo bosigong jo ke tlotlileng ka jone kwa tshimologong. Fa ke sena go kopa Modimo gore a nthuse, go ne ga tlhaga tonki e seng lesole la mmaba! Ke ne ka wela makgwafo! Le fa go ntse jalo, tiragalo eo le ntwa e re neng re lebane le yone di ne tsa dira gore ke ipotse gore, Re tshelela eng? A Modimo o a re kgathalela? A go tla tsamaya go nna le kagiso e e nnelang ruri mo lefatsheng?

Moragonyana fa ke ne ke etetse batsadi ba me kwa gae, ke ne ka kopana le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ile a nnaya khopi ya Baebele ya Makatoliki e e neng e ranoletswe mo puong ya Sefora e e bidiwang La Sainte Bible, mme ke ne ka simolola go e bala fa ke boela kwa Algeria. Temana e e neng ya dira gore ke akanye thata ke Tshenolo 21:3 le 4, e e reng: “Mogope wa Modimo o mo bathong . . . Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” * Mafoko ao a ne a nkgakgamatsa tota. Ke ne ka ipotsa gore, ‘A mme tota ke boammaaruri?’ Ka nako eo, ke ne ke sa itse sepe ka Modimo le ka Baebele.

Ka 1959, fa ke sena go wetsa dingwaga tse ke neng ke di beetswe mo bosoleng, ke ne ka kopana le Mosupi mongwe yo o bidiwang François, yo o neng a nthuta dilo di le dintsi mo Baebeleng. Ka sekai, o ne a mpontsha leina la Modimo, e bong Jehofa mo Baebeleng. (Pes. 83:18) Gape o ne a ntlhalosetsa gore Jehofa o tlile go dira gore go nne le tshiamiso mo lefatsheng, a fetole lefatshe gore e nne paradaise a bo a diragatse mafoko a a mo go Tshenolo 21:3 le 4.

Dilo tse a neng a di nthuta di ne di utlwala e bile di nkama pelo. Mme gone, ke ne ke galefetse baruti e bile ke batla go ba bolelela gore dilo tse ba di rutang ga di tswe mo Baebeleng! Go lebega ke ne ke sa ntse ke leba dilo ka tsela e rre a neng a di leba ka yone. Ke ne ke batla go lwantsha tshiamololo e seng go emela nako e Jehofa a e tlhomileng. Ke ne ke batla go baakanya dilo ka yone nako eo!

François le ditsala tse dingwe tsa me tsa Basupi ba ne ba nthusa gore ke laole bogale. Ba ne ba ntlhalosetsa gore Bakeresete ga ba a tshwanela go atlhola batho ba bangwe, mme ba tshwanetse go ba thusa ka go ba bolelela dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Eo ke yone tiro e Jesu a neng a e dira e bile o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba e dire. (Math. 24:14; Luke 4:43) Ke ne ka ithuta go bua le batho ka botlhale le ka bonolo le fa ke ne ke sa dumalane le dilo tse ba neng ba di dumela. Baebele e a re: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Tim. 2:24.

Ke ne ka dira diphetogo tse di neng di tlhokega, mme ka 1959 kwa kopanong ya potologo, ke ne ka kolobediwa gore ke nne Mosupi wa ga Jehofa. Ke gone kwa ke neng ka kopana le kgaitsadi mongwe yo mosha yo o bidiwang Angèle, mme o ne a nkgatlha. Ke ne ka simolola go etela phuthego e a neng a kopanela kwa go yone, mme ka 1960 re ne ra nyalana. Angèle ke mosadi yo o molemo, yo o setswerere, e bile ke mpho e e tswang kwa go Jehofa.—Dia. 19:14.

Ka letsatsi la rona la lenyalo

KE ITHUTILE GO LE GONTSI MO BANNENG BA BA BOTLHALE LE BA BA NANG LE MAITEMOGELO

Fa dingwaga di ntse di ya, ke ne ka ithuta dilo di le dintsi tse di botlhokwa mo bakaulengweng ba ba botlhale le ba ba nang le maitemogelo. Selo sa botlhokwa thata mo dilong tseo tse ke di ithutileng ke gore: E le gore ke atlege mo kabelong e e thata, ke tshwanetse go nna boikokobetso mme ke dirise kgakololo e e mo go Diane 15:22 e e reng: “Go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.”

Re le mo tirong ya potologo kwa Fora ka 1965

Ka 1964, ke ne ka simolola go bona gore mafoko ao a boammaaruri. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka nna molebedi wa potologo ke etela diphuthego gore ke kgothatse bakaulengwe le bokgaitsadi le go ba nonotsha semoyeng. Ka nako eo, ke ne ke na le dingwaga di le 27 e bile ke se na maitemogelo. Ka jalo, ke ne ke dira diphoso mme ke ne ke leka go ithuta mo go tsone. Mo godimo ga moo, ke ne ka ithuta dithuto tsa botlhokwa mo ‘bagalokoding’ ba ba nang le bokgoni le ba ba nang le maitemogelo.

Ke gopola sengwe se se neng sa direga fa ke ne ke sa tswa go nna molebedi wa potologo. Fa ke sena go etela phuthego nngwe kwa Paris, mokaulengwe mongwe yo o nang le maitemogelo o ne a kopa gore re bue, mme ke ne ka dumela.

O ne a mpotsa jaana, “Louis, fa ngaka e ya kwa legaeng la mongwe, tota e ya go bona mang?”

Ke ne ka araba ka re, “E ya go bona motho yo o lwalang.”

O ne a re: “O bua nnete. Mme gone, ke lemo- gile gore wena o fetsa nako e ntsi o na le batho ba ba atamalaneng le Jehofa, ba ba jaaka molebedi wa phuthego. Phuthego ya rona e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bantsi ba basha, ba ba kgobegileng marapo le ba ba ditlhong. Ba ka itumela tota fa o ka fetsa nako le bone le fa o ka ya go ja le bone kwa magaeng a bone.”

Ke leboga kgakololo eo e e molemo e mokaulengwe yoo yo o lorato a neng a nnaya yone. Tsela e a neng a rata dinku tsa ga Jehofa ka yone, e ne ya nkama fela thata. Le fa go ne go le thata go dumela gore ke dirile phoso, ke leboga Jehofa go bo a re neile bakaulengwe ba ba ntseng jalo.

Ka 1969 le ka 1973, ke ne ka tlhomiwa gore ke okamele Lefapha la Tirelo ya Dijo kwa dikopanong tse pedi tsa boditšhabatšhaba tse di neng di tshwaretswe kwa Colombes, Paris. Kwa kopanong ya 1973, re ne re tshwanetse go apeela batho ba ka nna 60 000 ka malatsi a le matlhano! Ke ne ke sa itse gore re tla dira seo jang. Mme le mo lekgetlong leno, ke ne ka thusiwa ke kgakololo e e mo go Diane 15:22 e e re kgothaletsang gore re batle kgakololo mo bathong ba bangwe. Ke ne ka kopa bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo gore ba nthuse. Bangwe ba bone e ne e le batho ba ba berekang kwa selageng, ba ba jalang merogo, ba ba apayang le ba tiro ya bone e leng go reka dijo. Re ne ra dira mmogo gore re wetse tiro eo e e seng kana ka sepe.

Ka 1973, nna le mosadi wa me re ne ra lalediwa go ya go direla kwa Bethele ya kwa Fora. Kabelo ya ntlha e ke neng ke e neilwe kwa Bethele, le yone e ne e le thata. E re ka tiro ya rona e ne e thibetswe go simologa ka 1970 go fitlha ka 1993 kwa Cameroon, kwa Afrika, ke ne ke tshwanetse go batla ditsela tsa go romelela bakaulengwe ba rona dikgatiso. Le ka nako eno, ke ne ke sa akanye gore ke tla kgona go dira tiro eo. Gongwe mokaulengwe yo o neng a okametse tiro kwa Fora ka nako eo, o ne a lemogile gore ke ikutlwa jang ka gonne o ne a nkgothatsa a re: “Bakaulengwe ba rona ba kwa Cameroon ba tlhoka dikgatiso. Re tshwanetse go ba romelela tsone!” Mme re ne ra di fela jalo.

Re le kwa pokanong e e kgethegileng kwa Nigeria re na le bakaulengwe ba kwa Cameroon ka 1973

Ke ne ka ya kwa dinageng tse di gaufi le Cam- eroon ka makgetlo a le mmalwa gore ke ye go kopana le bagolwane ba naga eo. Bakaulengwe bao ba ba pelokgale e bile ba le botlhale, ba ne ba nthusa go bona ditsela tsa go romela dikgatiso kwa Cameroon gore bakaulengwe ba kgone go nna le dikgatiso ka metlha. Jehofa o ne a segofatsa matsapa a rona. Tota e bile, mo dingwageng di ka nna 20, batho ba gagwe kwa nageng eo ga ba a ka ba tlolwa ke makasine ope wa Tora ya Tebelo le kgatiso ya kgwedi le kgwedi e e neng e bidiwa Our Kingdom Service ka nako eo.

Ka 1977, nna le Angèle re etetse kwa Nigeria gore re kopane le balebedi ba potologo le basadi ba bone ba ba tswang kwa Cameroon

KE ITHUTILE GO LE GONTSI MO MOSADING WA ME YO O RATEGANG

Go tloga fela fa nna le Angèle re simolola go ratana, ke ne ka lemoga gore o atamalane thata le Jehofa. Mme fa re sena go nyalana, ke ne ka lemoga seo le go feta. Ka sekai, mo bosigong jwa ntlha fa re sena go nyalana, o ne a kopa gore ke rapele Jehofa ke mmolelele ka keletso ya rona ya go batla go mo direla re le banyalani. Jehofa o ile a araba thapelo ya rona.

Gape Angèle o ne a nthusa gore ke tshepe Jehofa ka botlalo. Ka sekai: Fa re ne re lalediwa go ya go direla kwa Bethele ka 1973, ke ne ke okaoka ka gonne ke rata tiro ya go potologa. Mme gone, Angèle o ne a nkgopotsa gore re ineetse mo go Jehofa le gore re tshwanetse go dira sengwe le sengwe se phuthego ya gagwe e kopang gore re se dire. (Baheb. 13:17) Ke ne ke dumalana le se a neng a se bua, ka jalo re ne ra ya go direla kwa Bethele. Mosadi wa me o botlhale, o tekatekano e bile o rata Jehofa. Dinonofo tseo di nonotshitse lenyalo la rona tsa bo tsa re thusa go dira ditshwetso tse di siameng mo dingwageng tsotlhe tse re di feditseng re le mmogo.

Ke na le Angèle mo tshingwaneng ya Bethele kwa Fora

Le fa gone jaanong re tsofetse, Angèle e sa ntse e le mosadi yo o molemo e bile o nkema nôkeng. Ka sekai, e re ka dikolo di le dintsi tsa bodiredi di tshwarwa ka Seesemane, re ne ra tshwanelwa ke go dira ka natla go ithuta puo eo gore dikolo tseo di re solegele molemo. Ka jalo, re ne ra ya kwa phuthegong ya Seesemane le fa gone re ne re le mo dingwageng tsa bo70. E re ka ke ne ke le leloko la Komiti ya Lekala la Fora, go ne go le thata gore ke bone nako ya go ithuta puo eo. Le fa go ntse jalo, nna le Angèle re ne re thusana. Gone jaanong re mo dingwageng tsa bo80, mme re sa ntse re baakanyetsa dipokano ka Seesemane le Sefora. Re leka ka natla go nna gone kwa dipokanong le kwa bodireding mmogo le phuthego e re abetsweng kwa go yone. Jehofa o segofaditse maiteko a rona a go ithuta Seesemane.

Ka 2017 nna le Angèle re ne ra lalediwa go ya kwa Sekolong sa Maloko a Komiti ya Lekala le Basadi ba Bone, se se neng se tshwaretswe kwa Watchtower Educational Center kwa Patterson, New York.

Ruri Jehofa ke Motlhatlheledi yo Mogolo! (Isa. 30:20) Ka jalo, ga go gakgamatse go bo batho ba gagwe botlhe ba newa thuto ya maemo a a kwa godimo, go sa kgathalesege gore a ba godile kgotsa ba sa ntse ba le basha. (Dute. 4:5-8) Ke lemogile gore basha ba ba reetsang Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le maitemogelo, ba kgona go dira ditshwetso tse di molemo le go direla Jehofa ka boikanyegi. Diane 9:9 e a re: “Naya motho yo o botlhale mme o tla nna botlhale le go feta. Naya mongwe yo o siameng kitso mme o tla oketsa go ithuta.”

Ke a tle ke akanye ka bosigo jole jo bo tshosang ke le kwa dithabeng tsa Algeria dingwaga di le 60 tse di fetileng. Mo bosigong joo, ke ne ke sa itse gore ke ne ke tla itumelela botshelo jaana. Ke ithutile dilo di le dintsi mo bathong ba bangwe! Jehofa o ile a naya nna le Angèle, botshelo jo bo monate le jo bo kgotsofatsang. Re ikemiseditse go tswelela re ithuta mo go Rraarona yo o kwa legodimong le mo bakaulengweng le mo bokgaitsading ba ba botlhale le ba ba nang le maitemogelo e bile ba rata Jehofa.

^ ser. 11 Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo.