Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 21

Tshenolo e a Reng ka Bokamoso Jwa Gago?

Tshenolo e a Reng ka Bokamoso Jwa Gago?

“Amen! Tla, Morena Jesu.”—TSHEN. 22:20.

PINA 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Batho botlhe ba tshwanelwa ke go dira tshwetso efe e e botlhokwa?

 BATHO ba tshwanelwa ke go dira tshwetso e e botlhokwa gompieno. Ba tshwanetse go tlhopha gore a ba tla tsaya Jehofa Modimo e le ene yo o tshwanelwang ke go busa legodimo le lefatshe, kgotsa ba tla ema mmaba yo o setlhogo wa ga Jehofa e leng Satane Diabolo nôkeng. Mongwe le mongwe o tla tshwanelwa ke go tlhopha gore o ema mo letlhakoreng lefe. Tshwetso e ba tla e dirang, ke yone e e tla supang gore a ba tla tshelela ruri kgotsa nnyaa. (Math. 25:31-33, 46) Ka nako ya ‘pitlagano e kgolo’ ba tla tshwaiwa gore a ba tla falola kgotsa ba tla senngwa.—Tshen. 7:14; 14:9-11; Esek. 9:4, 6.

2. (a) Bahebera 10:35-39 e re kgothaletsa gore re dire eng? (b) Buka ya Tshenolo e ka re thusa jang?

2 Bala Bahebera 10:35-39. Fa o tlhophile go ema bolaodi jwa ga Jehofa nôkeng o dirile tshwetso e e siameng. Jaanong o batla go thusa ba bangwe gore le bone ba dire tshwetso eo. Gore o kgone go ba thusa, o ka dirisa tshedimosetso e e mo bukeng ya Tshenolo. Buka eo e e kgatlhang, e tlhalosa se se tla diragalelang batho ba ba sa direleng Jehofa, gape e re bolelela ka masego a batho ba ba emang bolaodi jwa gagwe nôkeng ka boikanyegi ba tla nnang le one. Re tshwanetse go ithuta boammaaruri jo bo botlhokwa jo bo mo bukeng eo. Fa re dira jalo, seno se tla re thusa gore re kgone go tswelela re direla Jehofa. Mo godimo ga moo, re ka dirisa se re se ithutileng go thusa ba bangwe gore ba dire tshwetso ya go direla Jehofa le gore ba se ka ba kgaotsa go mo direla.

3. Ke dipotso dife tse re tlileng go di araba mo setlhogong seno?

3 Mo setlhogong seno, re tlile go araba dipotso tse di latelang: Go tlile go direga eng ka batho ba ba emang bolaodi jwa Modimo nôkeng? Mme go tlile go direga eng ka batho ba ba tshegetsang sebatana se sehibidu se go buiwang ka sone mo bukeng ya Tshenolo?

KE ENG SE SE TLA DIRAGALELANG BA BA DIRELANG JEHOFA KA BOIKANYEGI?

4. Moaposetoloi Johane o bona Jesu a na le setlhopha sefe kwa legodimong?

4 Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o bona ditlhopha tse pedi tsa batho ba ba emang bolaodi jwa ga Jehofa nôkeng e bile ba amogela masego a botshelo jo bo sa khutleng. Setlhopha sa ntlha ke sa ba ba 144 000. (Tshen. 7:4) Ba tsewa mo lefatsheng gore ba ye go busa le Jesu e le karolo ya puso kgotsa Bogosi jo bo kwa legodimong. Ba tla busa lefatshe ba na le ene. (Tshen. 5:9, 10; 14:3, 4) Mo ponatshegelong eo, Johane o ba bona ba na le Jesu mo Thabeng ya Siona kwa legodimong.—Tshen. 14:1.

5. Mo bogautshwaneng, ke eng se se tla diragalelang masalela a ba setlhopha sa ba ba 144 000?

5 Fa e sa le go simologa ka motlha wa baaposetoloi go tla go fitlha gone jaanong, batho ba le bantsi ba ntse ba tlhophiwa go ya go nna karolo ya ba ba 144 000. (Luke 12:32; Bar. 8:17) Le fa go ntse jalo, Johane o bolelelwa gore mo malatsing a bofelo, go tla bo go setse palo e nnye ya masalela a a tla bong a tshela mo lefatsheng. Jehofa o tla naya batho bano “ba ba setseng” ‘letshwao’ la bofelo, go bontsha gore o a ba amogela pele pitlagano e kgolo e simologa. (Tshen. 7:2, 3; 12:17) Ka nako ya pitlagano e kgolo, masalela ao a tla tseelwa kwa legodimong go ya go kopana le ba bangwe ba ba suleng ba ikanyega gore e nne palo ya 144 000. Ke gone kwa ba tla busang mmogo le Jesu mo Bogosing Jwa Modimo.—Math. 24:31; Tshen. 5:9, 10.

6-7. (a) Ke setlhopha sefe se sengwe se Johane a se bonang, mme re bolelelwa eng ka sone? (b) Goreng masalela le “boidiidi jo bogolo jwa batho” ba tshwanetse go kgatlhegela se Tshenolo kgaolo 7 e se buang?

6 Fa Johane a sena go bona setlhopha sa batho ba ba tla tshelang kwa legodimong, o bona setlhopha sa “boidiidi jo bogolo jwa batho.” Go farologana le ba ba 144 000, setlhopha seo sone ga se na palo. (Tshen. 7:9, 10) Re bolelelwa eng ka bone? Johane o bolelelwa jaana: “Bano ke bone ba ba tswang mo pitlaganong e kgolo, mme ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse ditelele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” (Tshen. 7:14) Fa ‘boidiidi jo bogolo jono jwa batho’ ba sena go falola pitlagano e kgolo, ba tla tshela mo lefatsheng e bile ba tla itumelela masego a mantsi.—Pes. 37:9-11, 27-29; Diane 2:21, 22; Tshen. 7:16, 17.

7 Re tshwanetse go ipona re le gone fa mafoko a a mo go Tshenolo kgaolo 7 a tla bo a diragadiwa, re ka tswa re tlhophilwe go ya go tshela kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng. Ruri ditlhopha tseno tse pedi tsa batlhanka ba Modimo di tla itumelela nako eo e e kgatlhang! Re tla itumelela go bo re ile ra tlhopha go ema bolaodi jwa ga Jehofa nôkeng. Buka ya Tshenolo e re bolelela eng gape ka pitlagano e kgolo?—Math. 24:21.

BATHO BA BA GANETSANG MODIMO BA TLA DIRAGALELWA KE ENG?

8. Pitlagano e kgolo e tla simolola jang, mme batho ba le bantsi ba tla dira eng?

8 Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore go ise go ye kae dipuso tsa dipolotiki di tla tlhasela Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa lefatshe lotlhe wa bodumedi jwa maaka. (Tshen. 17:16, 17) Tiragalo eno e tla bo e le tshimologo ya pitlagano e kgolo. A seno se tla dira gore batho ba le bantsi ba simolole go direla Jehofa? Nnyaa. Tshenolo kgaolo 6 e bontsha gore ka nako eo, batho ba ba sa direleng Jehofa ba tla batla tshireletsego mo mekgatlhong ya dipolotiki le mo kgwebong ya lefatshe leno, e leng dilo tse di tshwantshiwang le dithaba. E re ka batho bao ba tla bo ba sa eme Bogosi jwa Modimo nôkeng, Jehofa o tla ba tsaya ba mo ganetsa.—Luke 11:23; Tshen. 6:15-17.

9. Ke eng se se tla dirang gore batho ba ga Jehofa ba tlhomologe ka nako ya pitlagano e kgolo, mme ba tla diragalelwa ke eng?

9 Ruri batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba tla bo ba tlhomologile ka nako eo e e thata ya pitlagano e kgolo. E tla bo e sa ntse e le bone fela batho ba ba direlang Jehofa Modimo mo lefatsheng lotlhe e bile ba gana go ema “sebatana” nôkeng. (Tshen. 13:14-17) E re ka ba tla tswelela ba ikanyega, batho ba ba ganetsang Jehofa ba tla galefa fela thata. Seo se tla dira gore ditšhaba di kopane mmogo go tlhasela batho ba Modimo mo lefatsheng lotlhe. Baebele e bitsa tlhaselo eo e re ke go tlhasela ga Gogo wa Magogo.—Esek. 38:14-16.

10. Jehofa o tla dira eng fa batho ba gagwe ba tlhaselwa fela jaaka go tlhalositswe mo go Tshenolo 19:19-21?

10 Jehofa o tla dira eng fa batho ba gagwe ba tlhaselwa? O re bolelela jaana: “Bogale jwa me jo bogolo bo tla tuka.” (Esek. 38:18, 21-23) Tshenolo kgaolo 19 e re bolelela se se tla diregang morago ga moo. Jehofa o tla roma Morwawe gore a sireletse batho ba Gagwe le gore a fenye baba ba bone. Jesu le “masomosomo a a kwa legodimong,” e leng baengele ba ba ikanyegang le ba ba 144 000, ba tla tlhasela Gogo wa Magogo. (Tshen. 17:14; 19:11-15) Ntwa eo e tla felela jang? Batho botlhe le mekgatlho yotlhe e e ganetsang Jehofa ba tla fedisiwa gotlhelele.—Bala Tshenolo 19:19-21.

MORAGO GA NTWA GO NNA LE LENYALO

11. Ke tiragalo efe ya botlhokwa thata mo bukeng ya Tshenolo e e tla diregang?

11 Leka go akanya gore batho ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba le mo lefatsheng ba tla ikutlwa jang fa ba falola, mme baba botlhe ba Modimo bone ba fedisiwa! Ka nako eo, e tla bo e le boitumelo fela! Le fa gone go tla bo go na le boitumelo kwa legodimong fa Babelona yo Mogolo a fedisiwa, go na le selo se sengwe gape se se tla dirang gore go nne le boitumelo le go feta. (Tshen. 19:1-3) Tota e bile, selo seo ke tiragalo ya botlhokwa thata mo bukeng ya Tshenolo. Tiragalo eo ke “lenyalo la Kwana.”—Tshen. 19:6-9.

12. Tshenolo 21:1, 2 e a re lenyalo la Kwana le tla nna teng leng?

12 Lenyalo la Kwana le tla nna teng leng? Pele fela fa ntwa ya Aramagedona e simologa botlhe ba ba 144 000 ba tla bo ba le kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, eo e tla bo e ise e nne nako ya gore lenyalo la Kwana le simologe. (Bala Tshenolo 21:1, 2.) Lenyalo la Kwana le tla nna teng morago ga ntwa ya Aramagedona fa baba botlhe ba Modimo ba tla bo ba fedisitswe.—Pes. 45:3, 4, 13-17.

13. Go tlile go direga eng kwa lenyalong la Kwana?

13 Go tlile go direga eng kwa lenyalong la Kwana? Fela jaaka lenyalo le kopanya monna le mosadi, ka tsela e e tshwanang lenyalo la Kwana le kopanya Kgosi e bong Jesu Keresete le “monyadiwa” wa gagwe e leng ba ba 144 000. Tiragalo eo ya botlhokwa e tla bo e le go simologa ga puso e ntšha e e tla busang lefatshe ka dingwaga tse di 1 000.—Tshen. 20:6.

MOTSE O O GALALELANG LE BOKAMOSO JWA GAGO

Tshenolo kgaolo 21 e tlhalosa motse wa tshwantshetso e leng Jerusalema yo Mosha “o fologa o tswa kwa legodimong kwa Modimong.” Puso ya Dingwaga Tse di Sekete, e tla tlisetsa batho ba ba ikobelang Jehofa masego a mantsi (Bona serapa 14-16)

14-15. Tshenolo kgaolo 21 e tshwantsha ba ba 144 000 le eng? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

14 Morago ga tiragalo eo, Tshenolo kgaolo 21 e tshwantsha ba ba 144 000 le motse o montle thata o o bidiwang “Jerusalema yo Mosha.” (Tshen. 21:2, 9) Motse ono o na le maje a le 12 mo motheong wa one a a kwadilweng “maina a le 12 a baaposetoloi ba ba 12 ba ga Kwana.” Goreng Johane a ne a kgatlhegela kgang eno? Ka gonne o ne a bona leina la gagwe le kwadilwe mo go lengwe la maje ao. Ruri eo e ne e le tshiamelo e e seng kana ka sepe!—Tshen. 21:10-14; Baef. 2:20.

15 Ga go na motse ope o o tshwanang le motse ono. O na le tsela e kgolo e e dirilweng ka gauta e e sa tswakanngwang, dikgoro tse 12 tsa diperela, dipota le metheo e e kgabisitsweng ka maje a a tlhwatlhwakgolo, e bile sengwe le sengwe se lekantswe sentle. (Tshen. 21:15-21) Mme Johane o ne a lemoga gore go ne go na le sengwe se se neng se tlhaela. O ne a re: “Ga ke a ka ka bona tempele mo go one, ka gonne Jehofa Modimo Mothatayotlhe ke ene tempele ya one, Kwana le ene ke tempele ya one. Mme motse oo o ne o sa tlhoke lesedi la letsatsi kgotsa la ngwedi, ka gonne kgalalelo ya Modimo e ne e o bonesitse, e bile lobone lwa one e ne e le Kwana.” (Tshen. 21:22, 23) Ba e tla bong e le karolo ya Jerusalema yo Mosha ba tla bo ba na le Jehofa. (Baheb. 7:27; Tshen. 22:3, 4) Ka jalo, Jehofa le Jesu ke bone tempele ya motse oo.

Ke bomang ba ba tla solegelwang molemo ke masego a a emelwang ke “noka” le “ditlhare”? (Bona serapa 16-17)

16. Go tla direga eng ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya Bogosi Jwa Modimo?

16 Batlodiwa ba a itumela fa ba akanya ka motse ono. Le fa go ntse jalo, ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le bone ba tshwanetse go o kgatlhegela. Ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya Bogosi Jwa Modimo, Jerusalema yo Mosha o tla tlisetsa ba ba mo lefatsheng masego a mantsi. Johane o ne a bona masego ao a elela jaaka “noka ya metsi a a nayang botshelo.” Mme mo matlhakoreng a mabedi a noka eo go na le “ditlhare tsa botshelo” tse di nang le ‘matlhare a a tla fodisang ditšhaba.’ (Tshen. 22:1, 2) Batho botlhe ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla solegelwa molemo ke masego ao. Boleo bo tla tlosiwa mo bathong botlhe ba ba ikobelang Jehofa. Ka iketlo ka iketlo go tla bo go sa tlhole go na le bolwetse, botlhoko le khutsafalo.—Tshen. 21:3-5.

17. Tshenolo 20:11-13 e a re ke bomang ba ba tla solegelwang molemo mo nakong ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete?

17 Ke bomang ba ba tla solegelwang molemo ke masego ao? Batho ba ntlha ba ba tla solegelwang molemo, ke boidiidi jo bogolo jwa batho ba ba tla falolang Aramagedona le bana bape fela ba ba ka tsholwang kwa lefatsheng le lesha. Gape Tshenolo kgaolo 20 e solofetsa gore baswi ba tlile go tsosiwa. (Bala Tshenolo 20:11-13.) Batho ba ba “siameng” ba ba neng ba tlhokafala mo nakong e e fetileng mmogo le batho ba ba “sa siamang” ba ba neng ba se ka ba nna le tshono ya go ithuta ka Jehofa, ba tla tsosiwa gore ba tshele mo lefatsheng gape. (Dit. 24:15; Joh. 5:28, 29) A seno se raya gore batho botlhe ba tla tsosiwa ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete? Nnyaa. Batho ba ba ileng ba nna le tshono ya go direla Jehofa pele ba tlhokafala mme ba gana go dira jalo ka boomo, ga ba kitla ba tsosiwa. Ba neilwe tshono, mme tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne ya bontsha gore ga ba tshwanelege go tshela mo lefatsheng la Paradaise.—Math. 25:46; 2 Bathes. 1:9; Tshen. 17:8; 20:15.

TEKO YA BOFELO

18. Go tla bo go ntse jang mo lefatsheng kwa bofelong jwa dingwaga tse di 1 000?

18 Kwa bofelong jwa dingwaga tse di 1 000, batho botlhe ba ba tshelang mo lefatsheng, ba tla bo ba se na boleo. Ga go kitla go tlhola go nna le motho ope yo o nang le boleo jo re bo gotsitseng kwa go Adame. (Bar. 5:12) Phutso ya boleo jwa ga Adame, e tla bo e tlositswe gotlhelele. Seo se raya gore ba ba mo lefatsheng ba tla “tshela” ka gonne ba tla bo ba se na boleo fa dingwaga tse di 1 000 di wela.—Tshen. 20:5.

19. Ke eng fa batho ba tshwanetse go lekiwa la bofelo?

19 Re a itse gore Jesu o ne a tswelela a ikanyega mo Modimong tota le fa Satane a ne a mo leka. Mme gone, a batho botlhe ba ba se nang boleo ba tla tswelela ba ikanyega mo go Jehofa fa Satane a newa tshono ya gore a ba leke? Mongwe le mongwe o tla kgona go bontsha gore a o ikanyega mo go Jehofa fa Satane a gololwa mo khuting e e kwa tengteng kwa bofelong jwa dingwaga tse di 1 000. (Tshen. 20:7) Ba ba tla ikanyegang ka nako ya teko eno ya bofelo, ba tla newa botshelo jo bo sa khutleng e bile ba tla nna le kgololesego ya mmatota. (Bar. 8:21) Batho botlhe ba ba tla tlhanogelang Modimo, ba tla fedisiwa mmogo le Diabolo le madimona a gagwe.—Tshen. 20:8-10.

20. O ikutlwa jang ka boporofeti jo bo mo bukeng ya Tshenolo?

20 O ikutlwa jang ka tshobokanyo eno e khutshwane ya buka ya Tshenolo? A ga o itumelele go ipona o tshela ka nako ya fa boporofeti jono jo bo kgatlhang bo diragadiwa? A seno ga se dire gore o batle go laletsa batho ba bangwe go tla mo kobamelong ya boammaaruri gore ba tle go direla Modimo le rona? (Tshen. 22:17) E re ka jaanong re tlotlile ka dilo tseno tse di tlileng go direga mo nakong e e tlang, re a itumela e bile re batla go bua jaaka moaposetoloi Johane yo o neng a re: “Amen! Tla, Morena Jesu.”—Tshen. 22:20.

PINA 27 Go Galalediwa ga Barwa ba Modimo

[Ntlha e e kwa tlase]

^ Seno ke setlhogo sa bofelo mo ditlhogong tse re tlotlileng ka tsone tse di buang ka buka ya Tshenolo. Jaaka re tla bona mo setlhogong seno, batho ba ba ikanyegang mo go Jehofa ba tla nna le bokamoso jo bo itumedisang, mme ba ba ganang go busiwa ke Modimo bone ba tla fedisiwa.