Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 19

Tshenolo e go Ama Jang?

Tshenolo e go Ama Jang?

“Go itumela motho yo o balelang mafoko a boporofeti jono kwa godimo.”—TSHEN. 1:3.

PINA 15 Bakang Leitibolo la ga Jehofa!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Ke eng fa re tshwanetse go kgatlhegela go bala buka ya Tshenolo?

 A MONGWE o kile a go laletsa gore o tle go leba alebamo ya dinepe? Fa o leba dinepe tseo, o bona batho ba le bantsi ba o sa ba itseng. Mme fa o bona senepe sengwe, o ema go sekae. Goreng? Ka gonne o le teng mo senepeng seo. Fa o ntse o se lebile, o leka go akanya gore senepe seo se tserwe leng le gone kae. E bile o leka go bona gore batho ba bangwe ba ba mo senepeng seo ke bomang. Senepe seo se botlhokwa thata mo go wena.

2 Buka ya Tshenolo e tshwana le senepe seo. Goreng re rialo? Ka ntlha ya mabaka a mabedi. La ntlha, buka eno ya Baebele e kwaletswe rona. Temana ya yone ya ntlha e a re: “Tshenolo ya ga Jesu Keresete, e Modimo a neng a mo e naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla tlogang di diragala.” (Tshen. 1:1) Ka jalo, se se mo bukeng eo ga se a kwalelwa batho botlhe, mme se kwaletswe rona ka gonne re le batlhanka ba Modimo e bile re ineetse mo go ene. E re ka re le batho ba Modimo, ga re gakgamale fa re lemoga gore re nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jo bo mo bukeng eno e e kgatlhang. Ka jalo, fa re bala buka ya Tshenolo, go nna jaaka e kete re ipona mo senepeng.

3-4. Buka ya Tshenolo e a re boporofeti jo bo mo go yone bo tla diragadiwa leng, mme seo se tshwanetse go re rotloetsa gore re dire eng?

3 Lebaka la bobedi la go bo re tshwanetse go kgatlhegela boporofeti jo bo mo bukeng ya Tshenolo ke nako e bo tla diragadiwang ka yone. Moaposetoloi Johane yo a neng a godile o ne a bua gore boporofeti jono bo ne bo tla diragadiwa leng, fa a ne a re: “Moya o o boitshepo o ne wa ntlisa mo letsatsing la Morena.” (Tshen. 1:10) Fa Johane a ne a kwala mafoko ao mo e ka nnang ka 96 C.E., ‘letsatsi la Morena’ le ne le sa ntse le le kgakala. (Math. 25:14, 19; Luke 19:12) Mme gone, boporofeti jo bo mo Baebeleng bo tlhalosa gore letsatsi leo le simologile ka 1914 fa Jesu a ne a tlhomiwa go nna Kgosi kwa legodimong. Fa e sa le ka ngwaga oo go ya pele, boporofeti jo bo mo go Tshenolo jo bo amang batho ba Modimo, bo ne jwa simolola go diragadiwa. Boammaaruri ke gore gone jaanong re tshela mo “letsatsing la Morena.”

4 E re ka re tshela mo nakong eno e e kgatlhang, re tshwanetse go ela tlhoko kgakololo eno e e lorato e e kwadilweng mo go Tshenolo 1:3, e e reng: “Go itumela motho yo o balelang mafoko a boporofeti jono kwa godimo le ba ba utlwang le ba ba ikobelang dilo tse di kwadilweng mo go jone, ka gonne nako e e tlhomilweng e gaufi.” Ruri re tshwanetse go ‘balela kwa godimo’ gore re ‘utlwe mafoko a boporofeti jono,’ le gore re a ‘ikobele.’ Mangwe a mafoko ano a re tshwanetseng go a ikobela ke afe?

TLHOMAMISA GORE JEHOFA O AMOGELA KOBAMELO YA GAGO

5. Buka ya Tshenolo e bontsha jang botlhokwa jwa go tlhomamisa gore Jehofa o amogela kobamelo ya rona?

5 Go simolola fela ka kgaolo ya ntlha ya buka ya Tshenolo, re bolelelwa gore Jesu o itse sengwe le sengwe se se diregang mo diphuthegong tsa batho ba gagwe. (Tshen. 1:12-16, 20; 2:1) Re kgona go lemoga seo mo melaetseng e Jesu a neng a e romelela diphuthego tse supa tsa kwa Asia Minor. Mo melaetseng eo, Jesu o ne a naya Bakeresete ba ba neng ba tshela ka nako eo kaelo e e neng e tla ba thusa go tlhomamisa gore a Jehofa o amogela kobamelo ya bone. E bile se a neng a se bua mo melaetseng eo, se ama batho botlhe ba Modimo gompieno. Re ithuta eng mo go seno? Moeteledipele wa rona e bong Keresete Jesu o a itse gore a re atamalane le Jehofa kgotsa nnyaa. O a re kaela, o a re sireletsa e bile o bona sengwe le sengwe. O a itse gore re tshwanetse go dira eng gore Jehofa a nne a re amogela. Ke kaelo efe e a re neileng yone e re tshwanetseng go e ikobela gompieno?

6. (a) Mafoko a ga Jesu a a mo go Tshenolo 2:3, 4 a bontsha gore phuthego ya kwa Efeso e ne e na le bothata bofe? (b) Re ithuta eng mo go seno?

6 Bala Tshenolo 2:3, 4Re tshwanetse go tswelela re rata Jehofa ka tsela e re neng re mo rata ka yone pele. Molaetsa wa ga Jesu o o neng o ya kwa Bakereseteng ba phuthego ya Efeso, o ne o bontsha gore ba ne ba itshokile le gore ba ne ba tswelela ba direla Jehofa le fa ba lebana le mathata a mantsi. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhole ba na le lorato lo ba neng ba na le lone pele. Ba ne ba tshwanetse go tsosolosa lorato loo, mme fa ba ne ba ka se dire jalo, Jehofa o ne a ka se ka a amogela kobamelo ya bone. Le rona gompieno re tshwanetse go itshoka, mme re dire jalo ka mabaka a a siameng. Modimo wa rona ga a amege fela ka se re se dirang, gape o amega ka mabaka a go bo re dira selo seo. Mo go ene, go botlhokwa gore re dira sengwe ka mabaka afe, ka gonne o batla gore re mo obamele ka go bo re mo rata e bile re mo leboga.—Diane 16:2; Mar. 12:29, 30.

7. (a) Jaaka go bontshitswe mo go Tshenolo 3:1-3, Jesu o ne a re phuthego ya Saredisa e ne e na le bothata bofe? (b) Rona re tshwanetse go dira eng?

7 Bala Tshenolo 3:1-3. Re tshwanetse go nna re tsogile e bile re disitse. Bakeresete ba phuthego ya kwa Saredisa ba ne ba na le bothata jo bo farologaneng. Le fa ba ne ba direla Jehofa mo nakong e e fetileng, jaanong ba ne ba sa tlhole ba dira jalo. Ka jalo, Jesu o ne a ba bolelela gore ba “tsoge.” Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Ke boammaaruri gore Jehofa ga a ka ke a lebala tiro ya rona. (Baheb. 6:10) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go akanya gore ga re tlhoke go direla Jehofa gone jaanong ka gonne re mo diretse mo nakong e e fetileng. Le fa re sa tlhole re kgona go dira jaaka pele, re tshwanetse go nna re tshwaregile mo ‘tirong e re e direlang Morena,’ re nne re tsogile e bile re disitse go ya go fitlha kwa bokhutlong.—1 Bakor. 15:58; Math. 24:13; Mar. 13:33.

8. Re ithuta eng mo mafokong a Jesu a neng a a bolelela bakaulengwe ba phuthego ya kwa Laodikia, a a tlhagang mo go Tshenolo 3:15-17?

8 Bala Tshenolo 3:15-17. Re tshwanetse go tlhagafala le go obamela Jehofa ka pelo yotlhe. Molaetsa wa ga Jesu o o neng o ya kwa Bakereseteng ba kwa Laodikia, o ne o bontsha bothata jo bongwe gape. Kobamelo ya bone e ne e le “mololo.” E re ka ba ne ba itlhokomolosa dilo tsa botlhokwa, Jesu o ne a ba bolelela gore ba ne ba ‘utlwisa botlhoko e bile ba tlhomola pelo.’ Ka jalo, ba ne ba tshwanetse go tlhagafala mo kobamelong ya ga Jehofa. (Tshen. 3:19) Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Fa re lemoga gore ga re tlhole re tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa, re tshwanetse go oketsa tsela e re lebogelang dilo tse di molemo tse Jehofa le phuthego ya gagwe ba re nayang tsone. (Tshen. 3:18) Ga re a tshwanela go dira ka natla go tshela botshelo jwa manobonobo gone jaanong, mme seo sa dira gore go direla Jehofa e se ka ya tlhola e nna selo sa botlhokwa mo botshelong jwa rona.

9. Melaetsa ya ga Jesu e e yang kwa Bakereseteng ba kwa Peregamo le kwa Thiatira e re thusa go tila kotsi efe?

9 Re tshwanetse go gana dithuto tsa batlhanogi. Jesu o ne a kgalemela bangwe kwa phuthegong ya Peregamo ba ba neng ba dira gore go nne le dikgaogano le makoko mo phuthegong. (Tshen. 2:14-16) O ne a akgolela Bakeresete ba kwa Thiatira gore ba ile ba gana “dilo tse di boteng tsa ga Satane,” a bo a ba rotloetsa gore ba ‘ngangatlele boammaaruri.’ (Tshen. 2:24-26) Bakeresete ba ba sa nonofang mo tumelong ba ba neng ba simolotse go dumela dithuto tsa maaka, ba ne ba tshwanetse go ikwatlhaya. Go tweng ka rona gompieno? Re tshwanetse go gana dithuto tsotlhe tse di sa dumalaneng le tsela e Jehofa a akanyang ka yone. Batlhanogi ba ka nna “ba itira e kete ba boifa Modimo” mme tsela e ba tshelang ka yone “e sa bontshe seo.” (2 Tim. 3:5) Fa re ithuta Lefoko la Modimo ka tlhoafalo, go tla nna motlhofo gore re lemoge dithuto tsa maaka le go di gana.—2 Tim. 3:14-17; Jude 3, 4.

10. Re ithuta eng gape mo go se Jesu a ileng a se bolelela Bakeresete ba phuthego ya kwa Peregamo le ya kwa Thiatira?

10 Ga re a tshwanela go dira boitsholo jo bo sa siamang, e bile ga re a tshwanela go bo letlelela le go bo rotloetsa. Bakaulengwe ba kwa Peregamo le ba kwa Thiatira ba ne ba na le bothata jo bongwe gape. Jesu o ne a kgala bangwe mo diphuthegong tseo ka gonne ba ne ba dira boitsholo jo bo sa siamang. (Tshen. 2:14, 20) Re ithuta eng mo kgannyeng eno? Ga re ka ke ra akanya gore Jehofa o tla re letlelela gore re dire boitsholo jo bo sa siamang, ka gonne re na le dingwaga di le dintsi re mo direla e bile re na le maikarabelo a mantsi. (1 Sam. 15:22; 1 Pet. 2:16) O batla gore re tshele ka melao ya gagwe ya boitsholo, le fa boitsholo jwa batho ba lefatshe leno bo ntse bo nna maswe le go feta.—Baef. 6:11-13.

11. Re ithutile eng go fitlha jaanong? (Bona le lebokoso le le reng “ Se re Se Ithutang Gompieno.”)

11 Re ithutile eng go tla go fitlha jaanong? Re tshwanetse go tlhomamisa gore a Jehofa o amogela kobamelo ya rona. Fa e le gore go na le sengwe se re se dirang se se ka dirang gore Jehofa a se ka a amogela kobamelo ya rona, re tshwanetse go dira diphetogo ka bonako gore Jehofa a re amogele. (Tshen. 2:5, 16; 3:3, 16) Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se Jesu a neng a se bua mo melaetseng e a neng a e bolelela diphuthego tseo. O ne a ba bolelela eng?

IKEMISETSE GO ITSHOKELA GO BOGISIWA

Fa Satane a sena go ntshiwa kwa legodimong, o ntse a tlhasela batho ba Modimo jang? (Bona serapa 12-16)

12. Re ka ithuta eng mo melaetseng e Jesu a neng a e bolelela bakaulengwe ba kwa Semerena le ba kwa Filadelefia? (Tshenolo 2:10)

12 A jaanong re sekaseke melaetsa ya ga Jesu e a neng a e bolelela phuthego ya kwa Semerena le ya kwa Filadelefia. O ne a bolelela Bakeresete ba koo gore ba se ka ba boifa go bogisiwa ka gonne Jehofa o ne a tla ba duela fa ba ikanyega. (Bala Tshenolo 2:10; 3:10) Re ka ithuta eng mo kgannyeng eo gompieno? Re tshwanetse go nna re gopotse gore re tla bogisiwa, mme re ikemisetse go itshoka. (Math. 24:9, 13; 2 Bakor. 12:10) Ke eng fa kgakololo eno e le botlhokwa?

13-14. Ditiragalo tse di tlhalositsweng mo go Tshenolo kgaolo 12 di ne tsa ama batho ba Modimo jang?

13 Buka ya Tshenolo e re bolelela gore batho ba Modimo ba tla bogisiwa mo “letsatsing la Morena” e leng nako e re tshelang mo go yone gone jaanong. Tshenolo kgaolo 12 e re bolelela gore fela fa Bogosi Jwa Modimo bo sena go tlhomiwa go ne ga tsoga ntwa kwa legodimong. Mikaele, e leng leina le Jesu Keresete a bidiwang ka lone fa a sena go newa kgalalelo, mmogo le baengele ba gagwe, ba ne ba lwa le Satane le madimona a gagwe. (Tshen. 12:7, 8) Seo se ne sa felela ka gore baba bao ba Modimo ba fenngwe mme ba latlhelwe mo lefatsheng, kwa ba neng ba bakela batho ba le bantsi mathata. (Tshen. 12:9, 12) Mme gone, seo se ne sa ama batho ba Modimo jang?

14 Buka ya Tshenolo e re bolelela gore morago ga moo Satane o ne a dira eng. O ne a sa tlhole a kgona go tsena kwa legodimong, ka jalo o ne a tlhasela batlhanka ba Modimo ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng. Batlodiwa bano ke baemedi ba Bogosi Jwa Modimo ba ba ‘neilweng kabelo ya go naya bosupi ka ga Jesu.’ (Tshen. 12:17; 2 Bakor. 5:20; Baef. 6:19, 20) Boporofeti jono bo diragaditswe jang?

15. Ke bomang ba ba neng ba emela ‘basupi ba babedi’ ba go buiwang ka bone mo go Tshenolo kgaolo 11, mme ba ne ba diragalelwa ke eng?

15 Satane o ne a dira gore baba ba Modimo ba tlhasele bakaulengwe ba ba tloditsweng ba ba neng ba eteletse pele tiro ya go rera dikgang tsa Bogosi. Banna bao ba ne ba emela ‘basupi ba babedi’ ba buka ya Tshenolo e reng ba ne ba bolawa. * (Tshen. 11:3, 7-11) Ka 1918, bakaulengwe ba le robedi ba ba neng ba eteletse phuthego pele ba ne ba latofadiwa ka maaka, ba bonwa molato, ba bo ba atlholelwa go nna kwa kgolegelong lobaka lo loleele. Batho ba le bantsi ba ne ba akanya gore tiro ya batlodiwa bano, e ne e emisitswe.

16. Ka 1919, go ne ga direga eng se se neng se sa lebelelwa, mme Satane o ne a tswelela a dira eng fa e sa le ka nako eo?

16 Gape boporofeti jo bo mo go Tshenolo kgaolo 11 bo ne jwa tlhalosa gore ‘basupi bao ba babedi’ ba ne ba tla tsosiwa morago ga lobaka lo lokhutshwane lwa nako. Boporofeti joo, bo ne jwa diragadiwa ka tsela e e gakgamatsang ka gonne bakaulengwe bao ga ba a fetsa ngwaga kwa kgolegelong. Ka March 1919, bakaulengwe bao ba ba tloditsweng ba ne ba gololwa kwa kgolegelong, mme moragonyana molato wa bone o ne wa phimolwa. Ka yone nako eo, bakaulengwe bao ba ne ba simolola go etelela pele gape mo tirong ya go rera le go ruta. Le fa go ntse jalo, seo ga se a ka sa dira gore Satane a kgaotse go tlhasela batho ba Modimo gape. Fa e sa le ka nako eo, Satane o ne a tlisetsa batho botlhe ba Modimo ‘noka’ ya pogiso. (Tshen. 12:15) Ke gone ka moo rotlhe re “tlhokang go itshoka le go nna le tumelo.”—Tshen. 13:10.

DIRA BOJOTLHE MO TIRONG E JEHOFA A RE NEILENG YONE

17. Batho ba Modimo ba ne ba bona kae thuso e ba neng ba sa e lebelela, tota le fa Satane a ne a ba tlhasela?

17 Tshenolo kgaolo 12 e bontsha gore batho ba Modimo ba ne ba tla bona thuso kwa ba neng ba sa e lebelela. Go ne go tla nna jaaka e kete “lefatshe” le kometsa “noka” ya pogiso. (Tshen. 12:16) Go ne ga direga fela jalo. Ka dinako dingwe, dikarolo dingwe tsa lefatshe la ga Satane jaaka tsamaiso ya semolao, di ne tsa thusa batho ba Modimo. Ka makgetlo a le mantsi, batlhanka ba ga Jehofa, ba ne ba fenya dikgetsi tse di neng tsa dira gore ba nne le kgololesego. Ba dirisitse jang kgololesego eo? Ba ne ba dirisa nako ya bone ka botlhale go dira tiro e Jehofa a neng a ba neile yone. (1 Bakor. 16:9) Tiro eno e akaretsa eng?

Batho ba Modimo ba rera melaetsa efe e mebedi? (Bona serapa 18-19)

18. Re na le tiro efe ya botlhokwa mo malatsing ano a bofelo?

18 Jesu o ne a bolelela pele gore batho ba gagwe ba ne ba tla rera ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi’ jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Fa ba rera, ba thusiwa ke moengele kgotsa setlhopha sa baengele ba ba tlhalosiwang ba “tshotse dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng gore [ba] di bolelele ba ba nnang mo lefatsheng, [ba] di bolelele batho ba ditšhaba tsotlhe le ba ditso tsotlhe le ba dipuo tsotlhe le ba merafe yotlhe.”—Tshen. 14:6.

19. Batho ba ba ratang Jehofa ba tshwanetse go rera molaetsa ofe o mongwe?

19 Dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ga se one fela molaetsa o batho ba Modimo ba tshwanetseng go o rera. Gape ba tshwanetse go ema nôkeng tiro e baengele ba ba tlhalosiwang mo go Tshenolo kgaolo 8 go fitlha ka 10 ba e dirang. Baengele bano ba itsise ka dipetso tse di tla welang batho ba ba ganang go amogela Bogosi Jwa Modimo. Ka jalo, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba rera molaetsa wa katlholo o o tshwantshanngwang le “sefako le molelo” o o tlhalosang kafa Modimo a tlileng go atlhola dikarolo tse di farologaneng tsa lefatshe le le bosula la ga Satane. (Tshen. 8:7, 13) Batho ba tshwanetse go itse gore bofelo bo gaufi gore ba kgone go dira diphetogo mo matshelong a bone mme ba falole letsatsi la bogale jwa ga Jehofa. (Sefa. 2:2, 3) Le fa go ntse jalo, molaetsa ono ga o ratiwe. Re tshwanetse go nna pelokgale gore re bolelele batho ba bangwe molaetsa ono. Ka nako ya pitlagano e kgolo, molaetsa wa bofelo wa katlholo o tla galefisa batho le go feta.—Tshen. 16:21.

IKOBELE MAFOKO A BOPOROFETI JONO

20. Re tlile go sekaseka eng mo ditlhogong tse pedi tse di latelang?

20 Ruri re tshwanetse go ikobela “mafoko a boporofeti jono” ka gonne go diragadiwa ga se re se balang mo bukeng ya Tshenolo go a re ama. (Tshen. 1:3) Le fa go ntse jalo, re ka dira eng gore re itshokele pogiso ka boikanyegi le gore re tswelele re rera melaetsa eno ka bopelokgale? Re tla nonotshiwa ke dilo tseno tse pedi: sa ntlha ke se buka ya Tshenolo e re bolelelang gore se tla diragalela baba ba Modimo, mme sa bobedi ke masego a re tla nnang le one mo nakong e e tlang fa re ka nna re ikanyega. Re tlile go sekaseka dintlha tseno mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

PINA 32 Nna ka fa Letlhakoreng la ga Jehofa!

^ Re tshela mo dinakong tse di kgatlhang. Boporofeti jo bo mo bukeng ya Tshenolo bo a diragadiwa gompieno. Boporofeti joo bo re ama jang? Setlhogo seno le tse pedi tse di latelang, di tla tlotla ka dintlha dingwe tse di mo bukeng ya Tshenolo. Di tla re bontsha gore re tshwanetse go dira eng gore Jehofa Modimo a nne a amogela kobamelo ya rona fa re ikobela dilo tse di kwadilweng mo bukeng eo.

^ Bona setlhogo sa Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 2014, ts. 30.