Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 24

O ka Kgona go Fitlhelela Mekgele ya Gago

O ka Kgona go Fitlhelela Mekgele ya Gago

“A re se ka ra lesa go dira se se molemo, gonne ka nako e e siameng re tla roba fa re sa lape.”—BAGAL. 6:9.

PINA 84 Go Dira ka Natla

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Ke mekgele efe e go ka nnang thata gore re e fitlhelele?

 A O KILE wa ipeela mokgele mme go bo go nna thata gore o o fitlhelele? b Fa go le jalo, itse gore ga se wena fela. Ka sekai, mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Philip, o ne a batla go tokafatsa tsela e a rapelang ka yone e bile o ne a batla go rapela gantsinyana go feta kafa a neng a rapela ka teng. Mme go ne go le thata gore a bone nako ya go rapela. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Erika o ne a batla go tsena ka nako kwa pokanong ya tshimo, le fa go ntse jalo o ne a nna a tsena thari. Mokaulengwe yo o bidiwang Tomáš ene o ile a leka ka makgetlo a le mmalwa go bala Baebele yotlhe. A re: “Ke ne ke sa itumelele go bala Baebele. Ke ile ka leka go e bala makgetlo a le mararo, mme nako le nako ke ne ke felela mo go Lefitiko.”

2. Goreng re sa tshwanela go kgobega marapo fa go na le mokgele mongwe o re iseng re o fitlhelele?

2 Fa e le gore o ipeetse mokgele mongwe mme ga o ise o o fitlhelele, o se ka wa kgobega marapo. Ka dinako dingwe, tota le mekgele e e sa reng sepe e tlhoka nako e bile re tshwanetse go dira ka natla gore re e fitlhelele. E re ka o sa ntse o batla go fitlhelela mokgele wa gago, seno se bontsha gore o rata Jehofa le gore o batla go mo direla ka bojotlhe. Jehofa o lebogela matsapa a o a tsayang. Ga a a lebelela gore o dire dilo tse o sa kgoneng go di dira. (Pes. 103:14; Mik. 6:8) Ka jalo, ipeele mokgele o o itseng gore o ka kgona go o fitlhelela. Fa o ipeetse mokgele, ke eng se se ka go thusang gore o o fitlhelele? A re tlotleng ka dilo dingwe tse di ka go thusang.

NNA LE KELETSO YA GO FITLHELELA MOKGELE WA GAGO

Kopa Jehofa gore a go thuse (Bona serapa 3-4)

3. Goreng o tshwanetse go eletsa go fitlhelela mokgele o o ipeetseng one?

3 O tshwanetse go eletsa go fitlhelela mokgele o o ipeetseng one ka gonne fa go le jalo o tla dira ka natla go o fitlhelela. Re ka tshwantsha keletso eo le phefo e e thusang sekepe gore se tsamaye. Fa phefo e foka thata, e thusa sekepe gore se goroge ka bonako kwa se yang teng. Ka tsela e e tshwanang, fa re na le keletso ya go fitlhelela mokgele o re ipeetseng one, re tla kgona go o fitlhelela. Mokaulengwe mongwe wa kwa El Salvador yo o bidiwang David a re: “Fa o eletsa go dira sengwe, o se tseela matsapa. Ga o letle sepe se go thibela go dira se o se ikaeletseng.” Ka jalo, ke eng se se ka go thusang gore o nne le keletso ya go fitlhelela mokgele wa gago?

4. Re ka rapelela eng? (Bafilipi 2:13) (Bona le setshwantsho.)

4 Kopa Jehofa gore a go thuse. Jehofa a ka dirisa moya wa gagwe go go thusa gore o nne le keletso ya go fitlhelela mokgele wa gago. (Bala Bafilipi 2:13.) Ka dinako tse dingwe re ipeela mokgele ka gonne re a itse gore re tshwanetse go dira jalo, mme gone, re ka tswa re se na keletso ya go o fitlhelela. Seno se ile sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa Uganda yo o bidiwang Norina. O ne a ipeetse mokgele wa go tshwara thuto ya Baebele mme gone o ne a se na keletso ya go dira jalo ka gonne o ne a tsaya gore ga a itse go ruta. O ile a thusiwa ke eng? A re: “Ke ne ke kopa Jehofa letsatsi le letsatsi gore a nthuse go nna le keletso ya go tshwara thuto ya Baebele. Mme ga ke a ka ka nna fela ke sa dire sepe, ke ne ka simolola go tokafatsa tsela e ke rutang ka yone. Morago ga dikgwedi di se kae, ke ile ka simolola go nna le keletso ya go ithuta Baebele le mongwe. Mo go one ngwaga oo, ke ile ka simolola go ithuta Baebele le batho ba le babedi.”

5. Ke eng se se ka go thusang gore o eletse go fitlhelela mokgele wa gago?

5 Akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a go diretseng sone. (Pes. 143:5) Moaposetoloi Paulo o ile a akanyetsa kwa teng ka bopelonomi jo bogolo jo Jehofa a ileng a mmontsha jone, mme seno se ile sa mo rotloetsa gore a dire ka natla mo tirong ya ga Jehofa. (1 Bakor. 15:9, 10; 1 Tim. 1:12-14) Le wena fa o akanyetsa kwa teng ka se Jehofa a go diretseng sone, o tla nna le keletso ya go fitlhelela mokgele wa gago. (Pes. 116:12) Utlwa gore kgaitsadi mongwe wa kwa Honduras o ile a thusiwa ke eng gore a fitlhelele mokgele wa gagwe wa go nna mmulatsela wa ka metlha. A re: “Ke ile ka akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a mpontshitseng ka yone gore o a nthata. O nkgogetse mo phuthegong ya gagwe, mo godimo ga moo, o a ntlhokomela e bile o a ntshireletsa. Go akanya ka dilo tseno go ile ga dira gore ke rate Jehofa le go feta mme ke ile ka ikemisetsa gore ke tla dira ka natla gore ke nne mmulatsela.”

6. Ke eng gape se se ka go thusang go nna le keletso ya go fitlhelela mokgele o o ipeetseng one?

6 Nna o akantse ka gore go fitlhelela mokgele wa gago go tlile go go tswela mosola jang. Ela tlhoko gore ke eng se se thusitseng Erika, yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng gore a tshware nako. A re: “Ke ile ka lemoga gore go tsena thari go dira gore ke latlhegelwe ke dilo di le dintsi. Go fitlha ka nako go ne go tla nthusa gore ke kgone go dumedisa bakaulengwe le bokgaitsadi e bile ke tlotle le bone. Gape go ne go tla nthusa gore ke ithute dilo di le dintsi mo pokanong ya tshimo tse di neng di tla nthusa gore ke itumelele bodiredi.” Go akanya ka dilo tseno go ile ga thusa Erika gore a kgone go tshwara nako. Wena ke dilo dife tse o ka akanyang ka tsone? Fa e le gore o ipeetse mokgele wa go bala Baebele kgotsa wa go tokafatsa dithapelo tsa gago, akanya kafa seo se tla nonotshang botsala jwa gago le Jehofa ka gone. (Pes. 145:18, 19) Fa e le gore o batla go nna le nonofo nngwe, o ka akanya ka gore go dira jalo go tlile go go thusa jang gore o dirisane sentle le ba bangwe. (Bakol. 3:14) O ka nna wa kwala mabaka a go bo o batla go fitlhelela mokgele wa gago mme o nne o akanya ka one. Tomáš yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Fa ke na le mabaka a gore ke eng fa ke batla go fitlhelela mokgele mongwe o o rileng, ke tsaya matsapa go o fitlhelela.”

7. Ke eng se se thusitseng Julio le mosadi wa gagwe gore ba fitlhelele mokgele wa bone?

7 Itsalanye le batho ba ba tla go kgothaletsang gore o fitlhelele mokgele wa gago. (Diane 13:20) Ela tlhoko gore ke eng se se thusitseng Julio le mosadi wa gagwe gore ba kgone go fitlhelela mokgele wa bone wa go dira mo go oketsegileng mo bodireding. Julio a re: “Re ile ra itsalanya le batho ba ba neng ba re kgothatsa e bile re ne re tlhola re tlotla le bone ka mokgele wa rona. Bontsi jwa bone ba ne ba setse ba kgonne go dira mo go oketsegileng mo bodireding, ka jalo ba ne ba re fa maele. Ba ne ba tlhola ba re botsa gore go tsamaya jang e bile ba ne ba re kgothatsa fa go tlhokega.”

FA KELETSO E SEYO

Dira ka natla gore o fitlhelele mokgele wa gago (Bona serapa 8)

8. Goreng re tshwanetse go dira ka natla go fitlhelela mekgele e re ipeetseng yone le fa re se na keletso ya go dira jalo? (Bona le setshwantsho.)

8 Boammaaruri ke gore ka malatsi mangwe ga re eletse go dira sepe. A seno se raya gore re tshwanetse go itlhoboga? Nnyaa. Ka sekai, phefo e ka thusa sekepe gore se kgone go fitlha kwa se yang teng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe phefo ga e foke thata, mme ka dinako tse dingwe ga e foke gotlhelele. A seno se raya gore sekepe se tla ema fela se sa tsamaye? Nnyaa, ka gonne dikepe dingwe di na le enjene, mme tse dingwe di na le dikota tse di se thusang go tsamaya. Motho yo o kgweetsang sekepe a ka dirisa dilo tseno gore sekepe se tswelele se tsamaya. Le rona ka dinako dingwe re nna le keletso ya go fitlhelela mekgele ya rona, mme ka tse dingwe keletso eo ga e yo. Ka jalo, fa e le gore re tla dira ka natla fa fela re na le keletso ya go dira jalo, re ka se fitlhelele mekgele ya rona. Fela jaaka motho yo o tsamaisang sekepe a dirisa dilo tse dingwe gore sekepe se tswelele se tsamaya, le rona go na le dilo tse re ka di dirang gore re fitlhelele mekgele ya rona, le fa re se na keletso ya go dira jalo. Gone ke nnete gore go ka se nne motlhofo, mme re tla itumela tota fa re e fitlhelela. Pele ga re bona gore re ka dira eng fa re se na keletso ya go fitlhelela mekgele e re ipeetseng yone, a re tlotleng ka potso nngwe ya botlhokwa.

9. A re tshwanetse go tswelela re dira ka natla gore re fitlhelele mokgele o re o ipeetseng le fa re se na keletso ya go dira jalo? Tlhalosa.

9 Jehofa o batla gore re mo direle ka go rata e bile re itumetse. (Pes. 100:2; 2 Bakor. 9:7) Ka jalo, a re tshwanetse go tswelela re dira ka natla gore re fitlhelele mokgele o re o ipeetseng le fa re se na keletso ya go dira jalo? Akanya ka se Paulo a ileng a se bua. O ile a re: “Ke laola mmele wa me ke bo ke o tshwara jaaka motlhanka.” (1 Bakor. 9:25-27) Paulo o ne a dira ka natla go dira se Jehofa a se batlang le fa ka dinako tse dingwe a ne a se na keletso ya go dira jalo. A Jehofa o ne a itumelela se Paulo a neng a mo direla sone? Ee o ne a se itumelela, e bile o ile a mo segofatsa.—2 Tim. 4:7, 8.

10. Fa re dira ka natla go fitlhelela mekgele ya rona le fa re se na keletso ya go dira jalo, seno se tla re tswela mosola jang?

10 Jehofa o a itumela fa a re bona re dira ka natla go fitlhelela mekgele ya rona le fa re se na keletso ya go dira jalo. O a itumela ka gonne o a itse gore le fa re se na keletso ya go dira se a batlang gore re se dire, re se dira ka gonne re mo rata. O tla re segofatsa fela jaaka a ile a segofatsa Paulo. (Pes. 126:5) Fa re lemoga gore Jehofa o a re segofatsa, re ka nna ra simolola go nna le keletso ya go fitlhelela mokgele o re ipeetseng one. Kgaitsadi mongwe wa kwa Poland yo o bidiwang Lucyna a re: “Ka dinako tse dingwe ke itsemeletsa go ya tshimong, segolobogolo fa ke lapile. Mme fa ke tswa tshimong, ke tla ke itumetse tota.” Ka jalo, mma re bone gore re ka dira eng fa re se na keletso ya go fitlhelela mekgele e re ipeetseng yone.

11. Jehofa a ka re thusa jang gore re nne boikgapo?

11 Kopa Jehofa gore a go thuse go nna boikgapo. Motho yo o boikgapo o kgona go laola maikutlo a gagwe le dilo tse a di dirang. Go le gantsi re tlhoka boikgapo gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, gape re bo tlhoka gore re kgone go dira se se siameng, segolobogolo fa se re tshwanetseng go se dira se le thata kgotsa re se na keletso ya go se dira. Gopola gore boikgapo ke nngwe ya dinonofo tse moya o o boitshepo o re thusang go nna le tsone. Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse go nna le nonofo eno. (Luke 11:13; Bagal. 5:22, 23) Go rapela go ile ga thusa David yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng. O ne a batla go latela thulaganyo e a neng a ipeetse yone ya go ithuta Baebele beke le beke. A re: “Ke ile ka kopa Jehofa gore a nthuse go latela thulaganyo e ke neng ke ipeetse yone, mme o ne a dira fela jalo.”

12. Moreri 11:4 e ka re thusa jang go fitlhelela mekgele ya rona?

12 O se ka wa emela gore sengwe le sengwe se siame. Fa fela re sa ntse re tshela mo lefatsheng leno la ga Satane, go tla nna go na le sengwe se se sa tsamayeng sentle. Ka jalo, fa re ka re re emela gore sengwe le sengwe se siame, ga re kitla re tsamaya re fitlhelela mekgele ya rona. (Bala Moreri 11:4.) Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Dayniel a re: “Fa re batla go fitlhelela mekgele e re ipeetseng yone, ga re a tshwanela go emela gore dilo di tsamaye sentle, go na le moo, re tshwanetse go dira se re batlang go se dira.” Mokaulengwe wa kwa Uganda yo o bidiwang Paul ene o tlhalosa lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go dira se re ikaeletseng go se dira. A re: “Fa re dira ka natla go fitlhelela mekgele ya rona le fa go se motlhofo, Jehofa o tla re thusa.”—Mal. 3:10.

13. Goreng re sa tshwanela go ikimetsa ka go ipeela mekgele e re ka se kgoneng go e fitlhelela?

13 O se ka wa ikimetsa. Sengwe se se ka dirang gore re se ka ra nna le keletso ya fitlhelela mekgele ya rona, ke fa go lebega e kete go thata go e fitlhelela. Fa e le gore ga o kgone go fitlhelela mokgele o o ipeetseng one, simolola ka go dira dilo tse dinnye tse o ka di kgonang. Ka sekai, fa e le gore o batla go nna le nonofo nngwe, o ka simolola ka go dira dilo tse dinnye tse di tla go thusang go nna le nonofo eo. Fa e le gore o batla go bala Baebele yotlhe, o ka simolola ka go bala ditemana di se kae fela. Tomáš yo re buileng ka ene kwa serapeng sa ntlha, o ne a ipeetse mokgele wa go bala Baebele yotlhe mo ngwageng, mme o ne a sa kgone go o fitlhelela. A re: “Ke ile ka lemoga gore ke ne ke ikimetsa, ka jalo ke ile ka leka gape, mme mo lekgetlong leno ke ne ke bala ditemana di se kae fela ka letsatsi ke bo ke akanyetsa kwa teng ka tsone. Ke ne ka simolola go itumelela go bala Baebele.” E re ka jaanong Tomáš a ne a itumelela go bala Baebele, o ile a oketsa ditemana tse a neng a di bala ka letsatsi, mme o ne a feleletsa a badile Baebele yotlhe. c

O SE KWA KGOBEGA MARAPO FA DILO DI SA TSAMAYE SENTLE

14. Ke eng se se ka dirang gore go nne thata gore o fitlhelele mokgele wa gago?

14 Ka maswabi, le fa o ka tswa o na le boikgapo e bile o eletsa go fitlhelela mokgele wa gago, go ka direga sengwe se se ka go kgoreletsang. Ka sekai, go ka direga ‘sengwe se o sa se lebelelang’ o bo o sa nne le nako ya go dira se o se ikaeletseng. (Mor. 9:11) O ka nna le mathata a a dirang gore o kgobege marapo o bo o felelwe ke maatla. (Diane 24:10) Boleo bo ka dira gore o dire dilo dingwe tse di ka go kgoreletsang go fitlhelela mokgele wa gago. (Bar. 7:23) Kgotsa o ka nna wa ikutlwa fela o lapile. (Math. 26:43) Ke eng se se ka go thusang gore o se ka wa ineela fa go nna le sengwe se se go kgoreletsang?

15. Goreng o sa tshwanela go ineela fa go le thata gore o fitlhelele mokgele wa gago? (Pesalema 145:14)

15 Gopola gore fa go direga sengwe se se go kgoreletsang, seno ga se reye gore o paletswe. Baebele e a re go tla nna go na le mathata. Le fa go ntse jalo, e re bolelela gore Jehofa a ka re thusa go fitlhelela mekgele ya rona. (Bala Pesalema 145:14.) Mokaulengwe Philip yo re buileng ka ene mo dirapeng tse di fetileng a re: “Ga ke tlhome mogopolo mo dilong tse di ileng tsa nkgoreletsa, go na le moo, ke tswelela ke kgaratlha gore ke fitlhelele mokgele wa me.” David ene a re: “Fa go nna le sengwe se se nkgoreletsang, ga ke se letle se nkgoba marapo, mme ke se tsaya e le tshono ya go bontsha Jehofa gore ke a mo rata.” Fa o nna o leka go fitlhelela mokgele wa gago le fa go le thata, o bontsha Jehofa gore o a mo rata. Jehofa o tshwanetse a bo a itumela tota fa a go bona o sa ineele le fa go le thata gore o fitlhelele mokgele wa gago.

16. O ka ithuta eng fa go direga sengwe se se go kgoreletsang go fitlhelela mokgele wa gago?

16 Fa go nna le sengwe se se go kgoreletsang go fitlhelela mokgele wa gago, ithute mo go sone. Akanya ka se se diragetseng mme o ipotse go re, ‘Nka dira eng gore se se ka sa direga gape?’ (Diane 27:12) Ka dinako tse dingwe fa o sa kgone go fitlhelela mokgele o o ipeetseng one, seo se ka tswa se bontsha gore o ne o batla go dira sengwe se o ka se kgoneng go se dira. Fa e le gore go ntse jalo, akanya ka mokgele wa gago gape, o leke go bona gore a mme o ka kgona go o fitlhelela. d Jehofa ga a lebelela gore o dire sengwe se o ka se kgoneng go se dira.—2 Bakor. 8:12.

17. Goreng o tshwanetse go akanya ka se o setseng o kgonne go se dira?

17 Nna o akanya ka se o setseng o kgonne go se dira. Baebele e a re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya [gago].” (Baheb. 6:10) Le wena o se ka wa e lebala. Akanya ka dilo tse o setseng o kgonne go di dira. Gongwe o kgonne go nna tsala ya ga Jehofa, go bolelela batho ba bangwe ka ene kgotsa go kolobediwa. Fela jaaka o kgonne go fitlhelela mekgele e o neng o ipeetse yone mo nakong e e fetileng, o ka kgona go fitlhelela le o o ipeetseng one gone jaanong.—Bafil. 3:16.

Itumelele loeto (Bona serapa 18)

18. O tshwanetse go dira eng fa o ntse o leka ka natla go fitlhelela mokgele wa gago? (Bona le setshwantsho.)

18 Jehofa a ka go thusa gore o kgone go fitlhelela mokgele wa gago, mme o tla itumela fela jaaka motho yo o kgweetsang sekepe a itumela fa a fitlha kwa a yang teng. Nna o gopotse gore motho yo o kgweetsang sekepe ga a akanye fela ka kwa a yang teng, mme gape o itumelela loeto. Ka tsela e e tshwanang, fa o ntse o dira ka natla go fitlhelela mokgele wa gago, itumelele go bona kafa Jehofa a go thusang le kafa a go segofatsang ka gone mo loetong lono. (2 Bakor. 4:7) Jehofa o tla go segofatsa le go feta fa o sa ineele.—Bagal. 6:9.

PINA 126 Nnang lo Tsogile, Nitamang, Nnang Maatla

a Re nna re rotloediwa gore re ipeele mekgele ya go tokafatsa tsela e re direlang Jehofa ka yone. O ka dira eng fa e le gore go na le sengwe se o lekang go se tokafatsa mme go se motlhofo? Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo dingwe tse di tla re thusang go fitlhelela mekgele mengwe e re ipeetseng yone.

b TLHALOSO: Mo setlhogong seno fa go buiwa ka mokgele, go tewa sengwe se o lekang go se tokafatsa kgotsa go se dira gore o kgone go direla Jehofa mo go oketsegileng le gore o mo itumedise. Ka sekai, o ka leka go nna le nonofo nngwe kgotsa go tokafatsa dilo dingwe tse o tshwanetseng go di dira tse di jaaka go bala Baebele, go ithuta o le nosi kgotsa go nna le seabe mo bodireding.

c Bona buka ya setlhogo se se reng Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, ts. 10-11, ser. 4.

d Go ithuta mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Ipeele Mekgele E o Ka Kgonang go e Fitlhelela Mme o Ipele” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 15, 2008.