Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 23

O se Ka wa Letla Gore “Kgabo ya ga Jah” e Time

O se Ka wa Letla Gore “Kgabo ya ga Jah” e Time

“Malakabe a [lorato] ke molelo o o tukang, kgabo ya ga Jah.”—SEFELA 8:6.

PINA 131 “Se Modimo a se Kopantseng Mmogo”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1. Baebele e tlhalosa lorato lwa mmatota jang?

 BAEBELE e tlhalosa lorato lwa mmatota ka tsela e e kgatlhang. E a re “malakabe a [lorato] ke molelo o o tukang, kgabo ya ga Jah. Metsi a a gogomogang ga a kgone go tima lorato, le dinoka ga di kgone go lo gogola.” b (Sefela 8:6, 7) Mafoko ano a netefaletsa banyalani gore ba ka kgona go ratana ka lorato lwa mmatota.

2. Banyalani ba tshwanetse go dira eng gore lorato lwa bone lo se ka lwa fokotsega?

2 Banyalani ba tshwanetse go tsaya matsapa gore ba tswelele ba ratana botshelo jotlhe. Ka sekai, molelo o ka tswelela o tuka fa o nna o kgotlediwa. Fa o sa kgotlediwe o tla tima. Monna le mosadi le bone ba ka tswelela ba ratana fa fela ba ka tsaya matsapa a go nonotsha lenyalo la bone. Ka dinako tse dingwe, tsela e banyalani ba ratanang ka yone e ka fokotsega, segolobogolo fa ba se na madi, ba lwala kgotsa ba na le mathata a go godisa bana. Ka jalo, fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, o ka dira jang gore lorato lwa lona lo nne lo tuka? Mo setlhogong seno, re tlile go tlotla ka dilo di le tharo tse di tla thusang banyalani gore ba tswelele ba ratana le gore ba itumele mo lenyalong. c

TSWELELANG LO NONOTSHA BOTSALA JWA LONA LE JEHOFA

Monna le mosadi ba tshwanetse go atamalana thata le Jehofa, fela jaaka Josefa le Marea (Bona serapa 3)

3. Go atamalana le Jehofa go ka thusa banyalani jang gore lorato lwa bone lo tswelele lo tuka? (Moreri 4:12) (Bona le setshwantsho.)

3 Gore “kgabo ya ga Jah” e tswelele e tuka, monna le mosadi ba tshwanetse go dira ka natla go nonotsha botsala jwa bone le Jehofa. Seo se tla nonotsha lenyalo la bone jang? Fa banyalani ba atamalane le Jehofa, ba tla dirisa kgakololo e a ba nayang yone. Mme seo se ka ba thusa go rarabolola mathata a a ka dirang gore lorato lwa bone lo fokotsege. (Bala Moreri 4:12.) Gape batho ba ba atamalaneng le Jehofa ba dira sotlhe se ba ka se kgonang go nna le dinonofo tse di tshwanang le tsa gagwe tse di jaaka bopelonomi, bopelotelele le go itshwarela. (Baef. 4:32–5:1) Fa banyalani ba na le dinonofo tseo, go nna motlhofo gore lorato lwa bone lo tswelele lo tuka. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Lena, yo o nang le dingwaga di feta 25 a nyetswe a re: “Go motlhofo go rata le go tlotla motho yo o atamalaneng le Jehofa.”

4. Goreng Jehofa a tlhophile Josefa le Marea gore e nne batsadi ba ga Mesia?

4 Akanya ka banyalani bangwe ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Jehofa o ile a tlhopha Josefa le Marea gore ba nne batsadi ba ga Mesia le fa go ne go na le batho ba bantsi mo ditlogolwaneng tsa ga Dafide ba a neng a ka ba tlhopha. Goreng a ile a ba tlhopha? Ba ne ba atamalane thata le ene, e bile o ne a itse gore ba ne ba tla dira gore a nne botlhokwa thata mo lenyalong la bone. Banyalani, lo ka ithuta eng mo go Josefa le Marea?

5. Banna ba ka ithuta eng mo go Josefa?

5 Josefa o ne a le bonako go dira se Jehofa a neng a re a se dire, mme seo se ne sa dira gore e nne monna yo o molemo. Modimo o ne a mo naya ditaelo dingwe ka makgetlo a le mararo tse di neng di ama lelapa la gagwe. Mo makgetlong ao otlhe, o ne a dira se Modimo a neng a mo laetse gore a se dire le fa go ne go se motlhofo. (Math. 1:20, 24; 2:13-15, 19-21) Fa Josefa a ne a ikobela Modimo, o ne a kgona go sireletsa Marea le go mo tlhokomela. Seo se tshwanetse sa bo se ile sa dira gore Marea a rate Josefa le go feta le gore a mo tlotle. Banna, lo ka etsa Josefa ka go batla kgakololo mo Baebeleng ya gore lo ka tlhokomela ba malapa a lona jang. d Fa lo dirisa kgakololo ya Baebele le fa go se motlhofo, lo bontsha gore lo rata basadi ba lona e bile seo se tla nonotsha manyalo a lona. Kgaitsadi mongwe wa kwa Vanuatu yo o nang le dingwaga di feta 20 a nyetswe a re: “Fa monna wa me a dirisa kgakololo ya ga Jehofa, ke mo tlotla le go feta. Seno se dira gore ke mo tshepe le gore ke tlhatswege pelo gore ditshwetso tse a di dirang di tla re tswela mosola.”

6. Basadi ba ka ithuta eng mo go Marea?

6 Marea o ne a atamalane le Jehofa. O ne a tsaya matsapa a go nonotsha botsala jwa gagwe le ene. O ne a itse Dikwalo sentle. e Gape o ne a akanyetsa kwa teng ka se a neng a se ithuta. (Luke 2:19, 51) Ga go pelaelo gore tsela e Marea a neng a atamalane le Modimo ka yone e ne ya dira gore e nne mosadi yo o molemo. Basadi ba le bantsi gompieno ba leka ka natla go dira se Marea a neng a se dira. Ka sekai, kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Emiko a re: “Pele ke nyalwa ke ne ke ipha nako ya go rapela, go bala Baebele le go akanyetsa kwa teng ka se ke neng ke se ithuta. Fa ke sena go nyalwa, monna wa me ke ene a neng a rapela e bile a tshwara kobamelo ya lelapa. Ka jalo ke ne ka lemoga gore ke ne ke sa tlhole ke itirela dilo tseno. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go nonotsha botsala jwa me le Jehofa. Gone jaanong ke ipha nako ya go rapela, go bala le go akanyetsa kwa teng ka se ke se balang.” (Bagal. 6:5) Basadi, fa lo tswelela lo atamalana le Jehofa, banna ba lona ba tla lo baka e bile ba tla lo rata le go feta.—Diane 31:30.

7. Banyalani ba ka ithuta eng mo go Josefa le Marea?

7 Gape Josefa le Marea ba ne ba dira mmogo go nonotsha botsala jwa bone le Jehofa. Ba ne ba itse gore go botlhokwa gore lelapa le obamele Jehofa mmogo. (Luke 2:22-24, 41; 4:16) Go dira jalo go ka tswa go ne go le thata, segolobogolo fa bana ba oketsega, mme ba ile ba kgona. Seo ke sekao se sentle se banyalani ba ka se etsang. Fa e le gore lo na le bana fela jaaka Josefa le Marea, go ka tswa go le thata go ya dipokanong kgotsa go tshwara kobamelo ya lelapa e bile go ka tswa go le thata go bona nako ya go ithuta le go rapela lo le babedi. Mme gone, gopolang gore fa lo obamela Jehofa mmogo, lo tla atamalana. Dirang gore go obamela Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a lona.

8. Banyalani ba ba nang le mathata mo lenyalong ba ka dira eng gore ba itumelele kobamelo ya lelapa?

8 Lo ka dira eng fa e le gore lo na le mathata mo lenyalong? Lo ka tswa lo sa itumelele go tshwara kobamelo ya lelapa mmogo. Fa go le jalo, simololang pele ka go dira sengwe se se sa tseyeng nako e telele e bile lo ka se itumelela lo le babedi. Seo se tla lo thusa gore lo ratane le go feta le gore lo batle go obamela Jehofa mmogo.

FETSANG NAKO MMOGO

9. Goreng banyalani ba tshwanetse go fetsa nako mmogo?

9 Go fetsa nako le motho yo o nyalaneng le ene go tla go thusa gore o tswelele o mo rata. Gape go tla go thusa gore o itse gore o akanya eng le gore o ikutlwa jang. (Gen. 2:24) Go na le sengwe se Lilia le Ruslan ba ileng ba se lemoga fa ba sena go nyalana dingwaga di feta 15 tse di fetileng. Lilia a re: “Re ile ra lemoga gore re ne re sa kgone go fetsa nako mmogo jaaka re batla. Re ne re tshwaregile ka tiro ya boitshediso, tiro ya mo ntlong, mme moragonyana ka go godisa bana. Re ne ra lemoga gore fa re sa iphe nako ya go nna mmogo, lorato lwa rona lo tla fokotsega.”

10. Banyalani ba ka dirisa jang molaomotheo o o mo go Baefeso 5:15 le 16?

10 Banyalani ba ka dira eng gore ba fetse nako mmogo? Ba ka beela nako kwa thoko gore ba nne mmogo. (Bala Baefeso 5:15, 16.) Mokaulengwe mongwe wa kwa Nigeria yo o bidiwang Uzondu a re: “Fa ke rulaganya dilo tse ke tshwanetseng go di dira, ke tsenya le nako e ke tla e fetsang ke na le mosadi wa me. Mme ke netefatsa gore ga ke dire dilo tse dingwe ka nako eo.” (Bafil. 1:10) Mosadi mongwe yo o bidiwang Anastasia yo o nyetsweng ke molebedi wa potologo kwa Moldova o dirisa nako ya gagwe sentle. A re: “Ke dira dilo tse ke tshwanetseng go di dira fa monna wa me a dira dilo tsa phuthego. Seo se re thusa gore re kgone go fetsa nako mmogo fa a feditse.” Lo ka dira eng fa go le thata gore lo fetse nako mmogo?

Ke dilo dife tse lo ka di dirang mmogo? (Bona serapa 11-12)

11. Akhwila le Peresila ba ne ba dira ditiro dife mmogo?

11 Bakeresete ba le bantsi ba bogologolo ba ne ba rata Akhwila le Peresila. Ka jalo, banyalani ba ka ithuta go le gontsi mo go bone. (Bar. 16:3, 4) Baebele ga e re bolelele dilo tse dintsi ka lenyalo la bone, mme gone e re bolelela gore ba ne ba bereka, ba rera e bile ba thusa batho ba bangwe ba le mmogo. (Dit. 18:2, 3, 24-26) Tota e bile, fa Baebele e ba umaka, e bua ka bone ba le mmogo.

12. Banyalani ba ka dira eng gore ba fetse nako mmogo? (Bona le setshwantsho.)

12 Banyalani ba ka etsa Akhwila le Peresila jang? Ntle le pelaelo, go na le dilo tse dintsi tse lo tshwanetseng go di dira. Gongwe lo ka rulaganya go dira dingwe tsa tsone mmogo. Ka sekai, Akhwila le Peresila ba ne ba rera mmogo. A le lona lo tle lo bereke mmogo mo tshimong? Gape Akhwila le Peresila ba ne ba bereka mmogo mo tirong ya boitshediso. Wena le motho yo o nyalaneng le ene lo ka tswa lo sa dire tiro e e tshwanang ya boitshediso, mme gone lo ka dira ditiro tsa mo lelapeng mmogo. (Mor. 4:9) Fa lo ntse lo bereka mmogo, lo tla kgona go tlotla e bile lo tla atamalana. Robert le Linda ba na le dingwaga di feta 50 ba nyalane. Robert a re: “Nnete ke gore ga re kgone go fetsa nako e ntsi re itlosa bodutu mmogo. Le fa go ntse jalo, fa ke tlhatswa dijana mosadi wa me a bo a di phimola, kgotsa ke bereka kwa ntle a bo a tla go nthusa, ke a itumela. Fa re dira dilo mmogo re a atamalana e bile re ratana le go feta.”

13. Banyalani ba tshwanetse go dira eng gore ba atamalane?

13 Mme gone, tota le fa monna le mosadi ba fetsa nako mmogo, seo ga se reye gore ba tla atamalana. Mosadi mongwe wa kwa Brazil a re: “Go na le dilo tse dintsi tse di itayang tsebe, ka jalo re ka akanya gore re fetsa nako mmogo ka gonne re nna mo ntlong e le nngwe. Ke lemogile gore go nna mmogo ga go a lekana. Gape ke tshwanetse go bua le monna wa me le go mo reetsa.” Utlwa gore Bruno le mosadi wa gagwe e bong Tays ba dira eng gore ba kgone go atamalana. Bruno a re: “Fa re iketlile mmogo, ga re letle difouno gore di re kgoreletse.”

14. Banyalani ba ka dira eng fa ba sa itumelele go fetsa nako mmogo?

14 Lo ka dira eng fa e le gore ga lo itumelele go fetsa nako mmogo? Gongwe ga lo rate dilo tse di tshwanang kgotsa lo nnela go omana fa lo le mmogo. Lo ka dira eng? Akanya ka sekai se re tlotlileng ka sone mo dirapeng tse di fetileng. Fa o simolola go gotsa molelo, ga o tuke thata. O tshwanetse go nna o tsenya dikgong. Gongwe le lona lo ka simolola ka go fetsa nakonyana mmogo letsatsi le letsatsi. Dirang sengwe se lo ka se itumelelang, e seng se se ka dirang gore lo omane. (Jak. 3:18) Fa lo dira jalo, lo ka nna lwa simolola go atamalana gape.

TLOTLANANG

15. Goreng banyalani ba tshwanetse go tlotlana gore lorato lwa bone lo tswelele lo tuka?

15 Go botlhokwa gore banyalani ba tlotlane. Re ka tshwantsha go tlotlana le go butswela molelo. Fa molelo o sa butswelwe, o tla tima ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, fa banyalani ba sa tlotlane, lorato lwa bone lo tla fokotsega. Banyalani ba ba lekang ka natla go bontshana tlotlo, ba dira gore lorato lwa bone lo tswelele lo tuka. Le fa go ntse jalo, gopola gore sa botlhokwa ga se gore wena o akanya gore o tlotla motho yo o nyalaneng le ene, mme ke gore a ene o ikutlwa a tlotliwa. Penny le Aret ba na le dingwaga di feta 25 ba nyalane. Penny a re: “E re ka re tlotlana, go rena kagiso mo legaeng la rona. Re kgona go tlotla ka sengwe le sengwe ka gonne re a reetsana.” Ka jalo, o ka dira eng gore motho yo o nyalaneng le ene a ikutlwe a tlotliwa? Akanya ka sekai sa ga Aborahame le Sara.

Monna o tshwanetse go bontsha mosadi wa gagwe gore o a mo tlotla ka go mo reetsa (Bona serapa 16)

16. Banna ba ka ithuta eng mo go Aborahame? (1 Petere 3:7) (Bona le setshwantsho.)

16 Aborahame o ne a tlotla Sara. O ne a mo reetsa e bile a leka go akanyetsa tsela e a ikutlwang ka yone. Nako nngwe Sara o ne a utlwile botlhoko thata, mme o ne a bolelela Aborahame gore o ikutlwa jang a bo a mo latofatsa ka gore ke ene a bakileng bothata. A Aborahame o ne a galefa a bo a mo tlhaba ka mafoko? Nnyaa, o ne a itse gore Sara o ne a mo ikobela le gore o ne a mo ema nôkeng. Aborahame o ne a mo reetsa a bo a leka go rarabolola bothata joo. (Gen. 16:5, 6) Re ithuta eng? Banna, lo na le maikarabelo a go dira ditshwetso mo malapeng a lona. (1 Bakor. 11:3) Mme gone, fa o bua le mosadi wa gago pele o dira ditshwetso, segolobogolo tse di mo amang, seo se bontsha gore o a mo rata. (1 Bakor. 13:4, 5) Ka dinako tse dingwe, fa mosadi wa gago a utlwile botlhoko, a ka nna a tlhoka go go bolelela gore o ikutlwa jang. A o bontsha gore o a mo tlotla ka go mo reetsa ka tlhoafalo? (Bala 1 Petere 3:7.) Angela le Dmitry ba na le dingwaga di ka nna 30 ba nyalane. Angela a re: “Ka metlha fa ke utlwile botlhoko e bile ke batla go bua le mongwe, Dmitry o a ntheetsa. O pelotelele le nna, tota le fa ke bua ke phatloga fela.”

17. Basadi ba ka ithuta eng mo go Sara? (1 Petere 3:5, 6)

17 Sara o ne a bontsha gore o tlotla Aborahame ka go mo ema nôkeng. (Gen. 12:5) Ka nako nngwe, Aborahame o ne a amogela baeng ba ba neng ba sa ba lebelela. O ne a kopa Sara gore a tlogele se a neng a se dira mme a direle baeng dijo. Dijo tseo di ne di le dintsi. (Gen. 18:6) Sara o ile a dira se Aborahame a neng a mo kopa gore a se dire. Basadi, lo ka etsa Sara ka go ema banna ba lona nôkeng. Fa lo dira jalo, manyalo a lona a tla nonofa. (Bala 1 Petere 3:5, 6.) Dmitry yo re buileng ka ene mo serapeng se se fetileng, a re mosadi wa gagwe o a mo tlotla. A re: “Ke itumelela gore Angela o nkema nôkeng fa ke dira ditshwetso, tota le fa a sa dumalane le tsone. Fa ditshwetso tseo di sa atlege, ga a mpege molato.” Fa motho a go tlotla, go motlhofo gore o mo rate.

18. Fa banyalani ba dira ka natla gore ba tswelele ba ratana, seo se ka ba tswela mosola jang?

18 Satane o batla go dira gore banyalani ba se ka ba tlhola ba ratana. O a itse gore fa banyalani ba sa tlhole ba ratana, ba ka nna ba tlogela go direla Jehofa. Mme gone, lorato lwa mmatota ga lo ka ke lwa fela. Ka jalo, e kete lorato lwa lona lo ka tshwana le lorato lo go buiwang ka lone mo bukeng ya Sefela sa Difela. Ikemisetseng go direla Jehofa mmogo, ipheng nako ya go nna mmogo lo bo tlotlane. Fa lo dira jalo, lenyalo la lona le tla tlotla Jehofa e bile lorato lwa lona lo tla tswelela lo tuka fela jaaka molelo o o nnang o kgotlediwa.

PINA 132 Jaanong re Nama e le Nngwe

a Lenyalo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. Fa monna le mosadi ba nyalane, ba kgona go ratana thata. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe lorato loo lo ka fokotsega. Fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, setlhogo seno se tla go thusa gore o tswelele o rata molekane wa gago le gore lo itumele.

b Lorato lwa mmatota ga lo fele. Baebele e lo bitsa “kgabo ya ga Jah” ka gonne le tswa kwa go Jehofa.

c Dikakantsho tseno di ka go thusa le fa motho yo o nyalaneng le ene e se Mosupi.—1 Bakor. 7:12-14; 1 Pet. 3:1, 2.

d Ka sekai, o ka bona kgakololo e e ka go tswelang mosola mo motseletseleng wa setlhogo se se reng, “Go Thusa Lelapa” mo JW Library®.