Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 22

Tswelela o Tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’

Tswelela o Tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’

“Go tla nna le tsela e kgolo, . . . Tsela ya Boitshepo.”​—ISA. 35:8.

PINA 31 Lo Tsamayeng le Modimo!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. Bajuda ba ba neng ba nna kwa Babelona ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso efe ya botlhokwa? (Esera 1:2-4)

 KGOSI e ne ya dira kitsiso ya gore Bajuda ba ba neng ba feditse dingwaga di le 70 e le batshwarwa kwa Babelona, ba ne ba ka boela kwa nageng ya bone kwa Iseraele. (Bala Esera 1:2-4.) Jehofa ke ene fela a neng a ka dira gore seno se kgonege. Ke eng fa re rialo? Bababelona ba ne ba sa golole batshwarwa. (Isa. 14:4, 17) Le fa go ntse jalo, motse wa Babelona o ne o fentswe, mme kgosi e e neng e sa tswa go tlhomiwa e ne ya bolelela Bajuda gore ba ka boela gae. Ka jalo, Mojuda mongwe le mongwe, segolobogolo ditlhogo tsa malapa, ba ne ba tshwanetse go dira tshwetso ya gore a ba tla boela kwa Iseraele kgotsa ba tla tswelela ba nna kwa Babelona. Go ka tswa go ne go se motlhofo go dira tshwetso eo. Ka ntlha ya eng?

2 Bajuda bangwe ba ne ba setse ba tsofetse, ka jalo ba ne ba ka se kgone go tsaya loeto loo lo loleele. Mo godimo ga moo, Bajuda ba le bantsi ba ne ba tsholetswe kwa Babelona. Ka jalo, ba ka tswa ba ne ba tsaya gore Babelona ke legae la bone, mme Iseraele ke legae la borrabonemogolo. Bajuda bangwe ba ne ba humile, mme go ne go ka nna thata gore ba tlogele matlo a bone a mantle kgotsa dikgwebo tsa bone, ba bo ba ya kwa lefatsheng le ba sa le itseng.

3. Jehofa o ne a tla segofatsa jang Bajuda ba ba ikanyegang ba ba neng ba tla boela Iseraele?

3 Bajuda ba ba ikanyegang ba ne ba itse gore go boela kwa Iseraele, go ne go tla ba tswela mosola thata le fa ba ne ba ka tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe. Fa ba le kwa Iseraele ba ne ba tla kgona go obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang. Go ne go na le ditempele di feta 50 tse go neng go obamelwa medingwana mo go tsone kwa Babelona, mme go ne go se na tempele ya ga Jehofa. Molao wa ga Moshe o ne o laela Baiseraele gore ba ntshe ditlhabelo. Le fa go ntse jalo, go ne go se na dibeso kgotsa baperesiti kwa Babelona. Mo godimo ga moo, batho ba ba neng ba obamela medingwana ba ne ba le bantsi thata go feta ba ba neng ba obamela Jehofa e bile ba tshela ka melao ya gagwe. Ka jalo, Bajuda ba le bantsi ba ba neng ba rata Jehofa ba ne ba swegaswega pelo go boela kwa Iseraele gore ba kgone go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.

4. Jehofa o ne a solofetsa Bajuda ba ba neng ba tla boela kwa Iseraele eng?

4 Go tswa kwa Babelona go ya kwa Iseraele go ne go ka tsaya dikgwedi di ka nna nnê. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a solofeditse gore o tla tlosa dikgoreletsi tsotlhe tse ba neng ba ka kopana le tsone mo tseleng. Isaia o ne a re: “Baakanyang tsela ya ga Jehofa! Direlang Modimo wa rona tsela e kgolo e e ralalang sekaka. . . . Lefatshe le le magwata le tshwanetse go rethefadiwa, le lefatshe le le tletseng maje le tshwanetse go nna lebala.” (Isa. 40:3, 4) Ruri batho ba Modimo ba ne ba tla itumelela go tsamaya mo tseleng eo e e baakantsweng e e fetang mo gare ga dithaba. Go ne go tla nna motlhofo thata fa ba tsamaya mo tseleng e e baakantsweng, go na le go palama kgotsa go potologa dithaba le dithota. Gape ba ne ba tla tsena ka bonako fa ba tsamaya mo tseleng e e baakantsweng.

5. Tsela ya tshwantshetso e e tswang kwa Babelona e ya kwa Iseraele e ne e bidiwa eng?

5 Gompieno, ditsela di le dintsi di na le maina kgotsa dinomoro. Tsela ya tshwantshetso e Isaia a neng a bua ka yone, le yone e ne e na le leina. Baebele e a re: “Go tla nna le tsela e kgolo, tsela e e bidiwang Tsela ya Boitshepo. Yo o seng phepa ga a kitla a tsamaya mo go yone.” (Isa. 35:8) Tsholofetso eno e ne e kaya eng mo Baiseraeleng ba nako eo? Mme e kaya eng mo go rona gompieno?

“TSELA YA BOITSHEPO” YA MO NAKONG E E FETILENG LE YA GONE JAANONG

6. Goreng tsela e Isaia a neng a bua ka yone e bidiwa boitshepo?

6 Tsela e Isaia a neng a bua ka yone, e ne e bidiwa “Tsela ya Boitshepo.” Ruri leina leo le a kgatlha! Goreng tsela eno e ne e bidiwa boitshepo? Ka gonne go ne go se na ope “yo o seng phepa” yo a neng a letlelelwa go tsamaya mo go yone. Seno se raya gore Mojuda mongwe le mongwe yo a neng a dira boitsholo jo bo sa siamang, a obamela medingwana kgotsa a dira maleo a mangwe a a masisi, o ne a ka se letlelelwe go ya go nna kwa Iseraele. Bajuda ba ba neng ba tla boela kwa Iseraele ba ne ba tshwanetse go nna “setšhaba se se boitshepo.” (Dute. 7:6) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Bajuda ba ba neng ba tswa kwa Babelona ba ne ba sa tlhoke go dira diphetogo dipe gore ba itumedise Jehofa.

7. Bajuda bangwe ba ne ba tshwanetse go dira diphetogo dife? Naya sekai.

7 Jaaka re setse re bone, Bajuda ba le bantsi ba ne ba tsholetswe kwa Babelona. Ka jalo, go lebega bontsi jwa bone ba ne ba setse ba tlwaetse tsela e Bababelona ba akanyang ka yone le e ba dirang dilo ka yone. Dingwaga di le dintsi fa Bajuda ba ntlha ba sena go boela kwa Iseraele, Esera o ne a bolelelwa gore Bajuda bangwe ba ne ba nyetse basadi ba ba sa obameleng Jehofa. (Ekes. 34:15, 16; Esera 9:1, 2) Nakwana morago ga foo, Mmusi Nehemia o ne a gakgametse tota fa a lemoga gore bana ba ba neng ba tsholetswe kwa Iseraele ba ne ba sa itse Sehebera. (Dute. 6:6, 7; Neh. 13:23, 24) Lefoko la Modimo le ne le kwadilwe ka Sehebera. Ka jalo, bana bao ba ne ba ka se kgone go rata Jehofa le go mo obamela, ka gonne ba ne ba sa tlhaloganye Lefoko la gagwe. (Esera 10:3, 44) Bajuda bao ba ne ba tshwanetse go dira diphetogo tse dintsi. E re ka ba ne ba nna kwa Iseraele, go ne go tla nna motlhofo gore ba dire diphetogo tseo, ka gonne ba ne ba simolotse go obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang.—Neh. 8:8, 9

Fa e sa le go tloga ka 1919, banna, basadi le bana ba le bantsi ba tswile mo Babelona yo Mogolo, mme jaanong ba tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo’ (Bona serapa 8)

8. Dilo tse di diregileng bogologolo di re ama jang? (Bona setshwantsho se se mo khabareng.)

8 Mongwe a ka nna a re: ‘Ke a utlwa. Mme gone dilo tse di diragaletseng Bajuda bogologolo, rona di re ama jang?’ Di a re ama ka gonne ka tsela nngwe le rona re tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ Le fa re ka tswa re le batlodiwa kgotsa re le ba “dinku tse dingwe,” re tshwanetse go tswelela re tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ Go dira jalo, go tla re thusa gore re tswelele re obamela Jehofa gone jaanong, le mo nakong e e tlang fa Bogosi jwa gagwe bo dira lefatshe paradaise. b (Joh. 10:16) Fa e sa le go tloga ka 1919, banna, basadi le bana ba le bantsi ba tswile mo Babelona yo Mogolo, e leng mmusomogolo wa bodumedi jwa maaka, mme jaanong ba tsamaya mo tseleng eno ya tshwantshetso. O ka tswa o le mongwe wa bone. Batho ba ile ba simolola go tsamaya mo tseleng eno dingwaga di ka nna 100 tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, bangwe ba ile ba simolola go baakanya tsela eno dingwaga di le dintsi pele ga moo.

TSELA E A BAAKANNGWA

9. Go ya ka Isaia 57:14, Jehofa o ile a tlosa jang dikgoreletsi mo ‘Tseleng ya Boitshepo’?

9 Fa Bajuda ba ne ba tswa kwa Babelona, Jehofa o ne a netefatsa gore ga go na dikgoreletsi dipe mo tseleng ya bone. (Bala Isaia 57:14.) A Jehofa o ne a tlosa dikgoreletsi le mo ‘Tseleng ya Boitshepo’ ya mo motlheng wa rona? Go ntse jalo. Dingwaga di le dintsi pele ga 1919, Jehofa o ile a dirisa banna bangwe ba ba neng ba mo rata gore ba thuse batho go tswa mo Babelona yo Mogolo. (Bapisa le Isaia 40:3.) Ba ile ba dira tiro ya botlhokwa e moragonyana e neng e tla thusa batho ba ba siameng gore ba tswe mo bodumeding jwa maaka mme ba obamele Jehofa le batho ba gagwe. Ba ile ba dira eng? A re tlotleng ka dilo dingwe tse ba ileng ba di dira.

Go ne ga feta dingwaga di le dintsi banna bangwe ba ba ratang Modimo ba dira tiro e e neng e tla thusa batho go tswa mo Babelona yo Mogolo (Bona serapa 10-11)

10-11. Tiro ya go printa le go ranola, e thusitse jang batho ba le bantsi gore ba itse se Baebele e se rutang? (Bona le setshwantsho.)

10 Tiro ya go printa. Baebele e ne e kwalololwa ka seatla go fitlha mo e ka nnang ka ngwaga wa 1450. Go dira jalo, go ne go tsaya nako e telele. Ka jalo, go ne go se motlhofo go nna le Baebele e bile e ne e tura. Mme fa go sena go dirwa motšhini wa go printa, go ile ga printiwa Dibaebele di le dintsi e bile batho ba le bantsi ba ne ba simolola go nna le tsone.

11 Tiro ya go ranola. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi thata Baebele e le teng ka Selatine fela. Mme batho ba ba rutegileng e ne e le bone fela ba tlhaloganyang puo eo. Fa metšhini ya go printa e nna mentsi, banna bangwe ba ba ratang Modimo ba ile ba dira ka natla go ranolela Baebele mo dipuong tse dingwe. Seo se ile sa thusa batho go bona gore a se baruti ba neng ba se ruta se dumalana le se Baebele e se rutang.

Banna bangwe ba ba ratang Modimo ba ile ba dira tiro e e neng e tla thusa batho go tswa mo Babelona yo Mogolo (Bona serapa 12-14) c

12-13. Ka bo1800, batho bangwe ba ba ithutang Baebele ba ile ba simolola jang go senola dithuto tsa maaka?

12 Dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng. Batho bangwe ba ba neng ba ithuta Baebele ka kelotlhoko ba ile ba ithuta dilo di le dintsi mo go yone. Ba ne ba bolelela batho dilo tse ba di ithutileng mo Baebeleng mme seno se ne se galefisa baruti ba le bantsi. Ka sekai, ka bo1835, banna bangwe ba ne ba simolola go gatisa dipampitshana tse di neng di senola dithuto tsa maaka tse di rutiwang mo dikerekeng.

13 Mo e ka nnang ka 1835, monna mongwe yo o bidiwang Henry Grew yo o neng a rata Modimo, o ne a gatisa pampitshana e e neng e tlhalosa se se diregang ka motho fa a swa. Dikereke di le dintsi di ne di ruta gore batho ba na le moya o o sa sweng, mme o ile a dirisa Baebele go bontsha gore seo ga se boammaaruri. Ka 1837, moruti mongwe yo o bidiwang George Storrs o ne a fitlhela pampitshana eo mo tereneng. O ile a e bala a bo a lemoga gore e bua boammaaruri. O ne a bolelela ba bangwe se a se ithutileng. Ka 1842, o ne a simolola go neela dipuo tsa setlhogo se se reng, “Potso—A Baikepi Ba na Le Bosasweng?” Charles Taze Russell o ile a ithuta go le gontsi mo dikgatisong tsa ga George Storrs.

14. Tiro e e dirilweng mo nakong e e fetileng ya go baakanya tsela ya tshwantshetso, e ile ya thusa jang Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe? (Bona le setshwantsho.)

14 Tiro e e neng e dirilwe mo nakong e e fetileng ya go baakanya tsela ya tshwantshetso, e ne ya thusa jang Mokaulengwe Russell le ba bangwe? Fa ba ntse ba ithuta ba ne ba dirisa dibuka tse di tlhalosang mafoko, dikhonkhodense le dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele tse di nnileng teng pele ga motlha wa bone. Gape ba ile ba thusiwa ke dipatlisiso tse di dirilweng ke batho ba ba jaaka Henry Grew, George Storrs, le ba bangwe. Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe le bone ba ile ba nna le seabe mo tirong ya go baakanya tsela ya tshwantshetso, ka gonne ba ile ba gatisa dibuka le dipampitshana di le dintsi tse di theilweng mo Baebeleng.

15. Go ile ga direga eng sa botlhokwa ka 1919?

15 Ka 1919, batho ba Modimo ba ne ba tswa mo dinaleng tsa Babelona yo Mogolo. Ka one ngwaga oo, go ne ga tlhomiwa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” mme o ile a thusa batho ba ba siameng gore ba simolole go tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ (Math. 24:45-47) Tiro ya go baakanya e e ileng ya dirwa mo nakong e e fetileng, e ile ya thusa ba ba neng ba simolola go tsamaya mo tseleng eno gore ba ithute mo go oketsegileng ka Jehofa le ka se a ikaeletseng go se dira. (Diane 4:18) Gape ba ba thusitse gore ba kgone go tshela ka melao ya Modimo. Jehofa o ne a sa lebelela gore batho ba gagwe ba dire diphetogo ka nako e le nngwe fela. Go na le moo, o ile a ba thusa go dira diphetogo ka bonya ka bonya. (Bona lebokoso le le reng, “ Jehofa o Thusa Batho ba Gagwe go Dira Diphetogo.”) Re itumelela gore mo nakong e e tlang re tlile go kgona go dira dilo tse di itumedisang Jehofa ka metlha.—Bakol. 1:10.

“TSELA YA BOITSHEPO” E SA NTSE E BUTSWE

16. Fa e sa le go tloga ka 1919, “Tsela ya Boitshepo” e ntse e baakanngwa jang? (Isaia 48:17; 60:17)

16 Tsela nngwe le nngwe e tshwanetse go nna e baakanngwa. Fa e sa le go tloga ka 1919, “Tsela ya Boitshepo” e nna e baakanngwa, mme seno se thusa batho ba le bantsi gore ba tswe mo Babelona yo Mogolo. Ka 1921, motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale, o ile a gatisa buka e e bidiwang, The Harp of God. Go ile ga gatisiwa dikhopi di ka nna dimilione di le thataro tsa buka eno ka dipuo di le 36. Mme e ile ya thusa batho ba le bantsi gore ba itse boammaaruri. Gone jaanong, re na le buka e ntšha e re e dirisang go tshwara dithuto tsa Baebele ya setlhogo se se reng Itumelele go Tshelela Ruri! Mo metlheng eno ya bofelo, Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re naya ditaelo tse di tswang mo Lefokong la gagwe. Ditaelo tseno di re thusa rotlhe gore re tswelele re tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’—Bala Isaia 48:17; 60:17.

17-18. “Tsela ya Boitshepo” e re isa kae?

17 Fa motho a dumela go ithuta Baebele, o nna le tshono ya go tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ Bangwe ba tsamaya ka nakwana fela mo tseleng eno ba bo ba tswa mo go yone. Ba bangwe bone ba ipoleletse gore ba tla tswelela ba tsamaya mo go yone go fitlha ba goroga kwa ba yang teng. Tsela eno e ba isa kae?

18 Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela kwa legodimong, “Tsela ya Boitshepo” e ba isa kwa “paradaiseng ya Modimo” kwa legodimong. (Tshen. 2:7) Ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng bone, tsela eno e ba isa kwa bowelong jwa puso ya ga Keresete ya dingwaga di le 1 000. Ka nako eo, batho ba tla bo ba sa tlhole ba na le boleo. Fa e le gore o tsamaya mo tseleng eno gone jaanong, o se ka wa akanya ka dilo tse o di tlogetseng kwa morago. O se ka wa tswa mo tseleng eno go fitlha o goroga kwa lefatsheng le lesha. Tsela tshweu!

PINA 24 Tlang mo Thabeng ya ga Jehofa

a Jehofa o ile a bitsa tsela ya tshwantshetso e e tswang kwa Babelona e ya kwa Iseraele a re ke “Tsela ya Boitshepo.” A Jehofa o ile a baakanyetsa batho ba gagwe ba mo motlheng wa rona tsela e ba tla tsamayang mo go yone? Ee! Fa e sa le go tloga ka 1919, batho ba le bantsi ba ile ba tswa mo Babelona yo Mogolo ba bo ba simolola go tsamaya mo ‘Tseleng ya Boitshepo.’ Re tshwanetse go tswelela re tsamaya mo tseleng eno, go fitlha re goroga kwa re yang teng.

b Bona buka ya setlhogo se se reng, Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe, ts. 56-57, ser. 19.

c TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mokaulengwe Russell le ditsala tsa gagwe, ba ile ba thusiwa ke dikgatiso tse di ileng tsa nna teng pele ga motlha wa bone.