Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO IKANYEGA?

A go Ikanyega go Feletswe ke Nako?

A go Ikanyega go Feletswe ke Nako?

Hitoshi o ne a bereka mo ofising ya diakhaonto ya mokgatlho o o batlelang batho tiro kwa Japane. Fa ene le mookamedi wa gagwe ba ntse ba sekaseka pego nngwe ya diakhaonto, o ne a bolelelwa gore go lebeletswe gore a kwale pego e e seng boammaaruri. Hitoshi o ne a tlhalosa gore segakolodi sa gagwe se ka se mo letle go dira jalo. Ka ntlha ya seo, mookamedi wa gagwe o ne a mo tshosetsa ka gore o tla mo leleka mo tirong, mme kgabagare o ne a latlhegelwa ke tiro.

Mo dikgweding tse di latelang, Hitoshi o ne a feletswe ke tsholofelo ya gore o tla tlhola a bona tiro. Ka sekai, nako nngwe fa a ne a tlhatlhobelwa tiro, o ne a re a ka se dire tiro e e bontshang go sa ikanyege. Motho yo a neng a mo tlhatlhoba o ne a mo raya a re: “Tsela e o akanyang ka yone ga e a tlwaelega!” Ba lelapa la ga Hitoshi le ditsala tsa gagwe ba ne ba mo kgothaletsa gore a tswelele a ikemiseditse go nna a ikanyega, le fa go ntse jalo, o ne a simolola go nna le dipelaelo. Ka sekai, o ne a re, “ke ne ke ipotsa gore a go ikanyega ka ntlha ya se ke se dumelang e ne e le kakanyo e e siameng.”

Se se diragaletseng Hitoshi se bontsha gore ga se mongwe le mongwe yo o tsayang go ikanyega go le botlhokwa. Tota e bile, bangwe ba ka tsaya go ikanyega e le sekgoreletsi, segolobogolo batho ba tsa kgwebo. Mosadi mongwe yo o berekang kwa Afrika Borwa o ne a re, “ke dikologilwe ke batho ba ba sa ikanyegeng mme ka dinako dingwe kgatelelo ya go batla go tshwana le bone e kgolo tota.”

Mofuta mongwe wa go sa ikanyege o o tlwaelegileng thata gompieno, ke go bua maaka. Mo dingwageng tse di fetileng, dipatlisiso tse di neng tsa dirwa ke moithutatlhaloganyo wa Yunibesithi ya Massachusetts Amherst e bong Robert S. Feldman, di ne tsa bontsha gore diperesente di le 60 tsa batho ba ba godileng, di bua maaka bobotlana gangwe mo puisanong ya metsotso e le lesome. Feldman a re, “se re se fitlheletseng se ne se gakgamatsa, re ne re sa lebelela gore go bua maaka e ka nna selo se se tlwaelegileng thata jaana.” A ga go gakgamatse gore batho ba le bantsi ba tlhoile go akediwa, mme gone, bontsi jwa bone ba bua maaka?

Ke eng fa go bua maaka, go utswa le mefuta e mengwe ya go sa ikanyege e aname thata gompieno? Go sa ikanyege go ama setšhaba jang? Mme sa botlhokwa le go feta, re ka tila jang go nna le seabe mo mekgweng eno?