Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo

Itse Nnete ka Bogosi Jwa Modimo

Jesu o ile a ruta balatedi ba gagwe go rapela jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:9, 10) Bogosi Jwa Modimo ke eng? Bogosi joo bo dira eng? Goreng re tshwanetse go bo rapelela?

Jesu ke Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo.

Luke 1:31-33: “O mo reye leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo mme o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo; Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe, mme o tla busa ntlo ya ga Jakobe ka bosaengkae e le kgosi, mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”

Selo se Jesu a neng a rera thata ka sone e ne ele Bogosi Jwa Modimo.

Mathaio 9:35: “Jesu a bolola a etela metse yotlhe le metsana, a ruta mo disinagogeng tsa bone e bile a rera dikgang tse di molemo tsa bogosi e bile a alafa bolwetse jwa mofuta mongwe le mongwe le bokoa jwa mofuta mongwe le mongwe.”

Jesu o ne a naya baletedi ba gagwe sesupo sa gore Bogosi joo bo tla tla leng.

Mathaio 24:7: “Gonne setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi, mme go tla nna le ditlhaelo tsa dijo le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong ka go latelana.”

Gone jaanong balatedi ba ga Jesu ba rera ka Bogosi joo mo lefatsheng lotlhe.

Mathaio 24:14: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”