Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgakololo e e Thusang

Kgakololo e e Thusang

Kgakololo ya Baebele e thusitse batho ba le bantsi mo dikarolong tseno tse nnê.

1. Lenyalo

Batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng ka lenyalo le ka se se tlhokegang gore banyalani ba itumele.

BAEBELE E A RE: “Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go rata mosadi wa gagwe jaaka a ithata; ka fa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go tlotla monna wa gagwe thata.”​—Baefeso 5:33.

SE E SE KAYANG: Modimo ke ene a simolotseng thulaganyo ya lenyalo, ka jalo o a itse gore ke eng se banyalani ba tlhokang go se dira gore ba itumele. (Mareko 10:6-9) Fa monna le mosadi ba amega thata ka se yo mongwe a se tlhokang go na le go amega ka se ene a se tlhokang, boobabedi ba tla itumela. Fa monna a rata mosadi wa gagwe, o tla bontsha seo ka go mo tlhokomela le ka go dirisana le ene ka bonolo. Mme mosadi yo o tlotlang monna wa gagwe o tla bontsha seo ka tsela e a buang le ene ka yone le ka go mo ema nôkeng.

KGAKOLOLO YA BAEBELE E A THUSA: Quang le Thi ba kwa Vietnam, ba ne ba akanya gore ba ka se tsamaye ba itumetse mo lenyalong la bone. Gantsi Quang o ne a sa tshware mosadi wa gagwe sentle. A re: “Ke ne ke sa kgathale gore Thi o ikutlwa jang e bile gantsi ke ne ke mo tlhabisa ditlhong.” Ka jalo, Thi o ne a batla go mo tlhala. A re: “Ke ne ke bona gore nka se tlhole ke tshepa monna wa me kgotsa go mo tlotla.”

Fa nako e ntse e ya, Quang le Thi ba ile ba ithuta se Baebele e se rutang le gore ba ka dirisa jang Baefeso 5:33 mo lenyalong la bone. Quang a re: “Temana eno e ne ya nthusa gore ke lemoge gore ke tlhoka go dirisana le Thi ka bonolo le gore ke tlhomamise gore o ikutlwa a ratiwa, ke mo tlhokomele ka dilo tse a di tlhokang e bile ke akanyetse maikutlo a gagwe. Seo se dira gore a nthate e bile a ntlotle le go feta.” Thi ene a re, “Fa ke dirisa kgakololo e e mo go Baefeso 5:33 mme ke bontsha monna wa me gore ke a mo tlotla, seo se dira gore a nthate, a ntshireletse e bile ke nna le kagiso.”

Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka lenyalo, bala makasine wa Tsogang! No. 2 2018, wa setlhogo se se reng “Dilo Tse 12 Tse di ka Thusang Malapa Gore a Itumele” mo jw.org.

2. Tsela e re Tshwarang ba Bangwe ka Yone

Gantsi batho ga ba tshware ba bangwe sentle ka ntlha ya lotso, setšhaba, tsela e ba lebegang ka yone, bodumedi jwa bone kgotsa gore ke ba bong bofe.

BAEBELE E A RE: “Tlotlang batho botlhe.”​—1 Petere 2:17.

SE E SE KAYANG: Baebele ga e re rute gore re tlhoe batho ba ditso kgotsa ba ditšhaba tse dingwe kgotsa batho ba ba ratanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Go na le moo, e re kgothaletsa gore re tlotle batho botlhe, go sa kgathalesege gore ke ba lotso lofe, setšhaba sefe, gore a ba humile kgotsa ba humanegile. (Ditiro 10:34) Tota le fa re sa dumalane le se ba bangwe ba se dumelang kgotsa tsela e ba dirang dilo ka yone, re sa ntse re ka dirisana le bone ka bonolo le ka tlotlo.​—Mathaio 7:12.

KGAKOLOLO YA BAEBELE E A THUSA: Daniel o ne a rutilwe gore batho ba ba tswang kwa Asia ba kotsi mo nageng ya bone. O ne a ba tlhoile e bile o ne a tle a ba tlhapatse fa pele ga batho. Daniel a re: “Ke ne ke akanya gore ke sireletsa naga ya rona. Ke ne ke sa akanye gore tsela e ke neng ke akanya ka yone le e ke neng ke dira dilo ka yone e ne e sa siama.”

Labofelo, Daniel o ne a ithuta se Baebele e se rutang. A re: “Ke ile ka tshwanelwa ke go fetola tsela e ke akanyang ka yone. Ke ne ka tshwanelwa ke go leba batho ka tsela e Modimo a ba lebang ka yone, ka gonne mo Modimong rotlhe re a tshwana, go sa kgathalesege gore re tswa kae.” Daniel o tlhalosa gore gone jaanong o ikutlwa jang fa a kopana le batho. A re: “Gantsi ga nke ke akanya le gore ba tswa kae. Ke rata batho botlhe e bile ke na le ditsala tse di tswang mo lefatsheng lotlhe.”

Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala makasine wa Tsogang! No. 3 2020, wa setlhogo se se reng, “A Tlhaolele E Tla Fela?” mo jw.org.

3. Madi (Tšhelete)

Batho ba le bantsi ba batla go huma e le gore ba itumele le gore ba nne le bokamoso jo bo itumedisang.

BAEBELE E A RE: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso, mme molemo wa kitso le botlhale ke gore di boloka botshelo jwa mong wa tsone.”​—Moreri 7:12.

SE E SE KAYANG: Re tlhoka madi, mme gone a ka se dire gore re itumele kgotsa re nne le bokamoso jo bo itumedisang. (Diane 18:11; 23:4, 5) Go na le moo, fa re batla go nna le boitumelo jwa mmatota le bokamoso jo bo itumedisang, re tshwanetse go dirisa botlhale jo bo tswang kwa Modimong, jo bo fitlhelwang mo Baebeleng.​—1 Timotheo 6:17-19.

KGAKOLOLO YA BAEBELE E A THUSA: Monna mongwe yo o bidiwang Cardo wa kwa Indonesia o ne a tlhomile mogopolo mo go humeng. O ne a re: “Ke ne ke na le sengwe le sengwe se bontsi jwa batho ba neng ba batla go nna le sone. Ke ne ke kgona go etela mafelo a a farologaneng, go reka dilo tsa manobonobo, dikoloi tse di turang le matlo a mantle.” Mme madi a gagwe ga a a ka a nnela ruri. Cardo a re: “Mongwe o ne a ntsietsa mme a tsaya madi a me otlhe a ke neng ke dirile ka natla gore ke nne le one. Ke ne ke feditse dingwaga di le dintsi ke dira ka natla gore ke hume, mme kwa bofelong ke ne ke swabile ka gonne ke ne ke se na sepe e bile ke ikutlwa ke se na mosola.”

Cardo o ne a simolola go dirisa kgakololo e e tswang mo Baebeleng e e buang ka madi. Ga a tlhole a tlhomile mogopolo mo go humeng, go na le moo o tlhophile go tshela botshelo jo bo motlhofo. A re: “Gone jaanong ke na le dikhumo tsa mmatota ka gonne ke atamalane thata le Modimo. Ke kgona go robala boroko e bile ke itumetse.”

Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le gore Baebele e leba madi jang, bala setlhogo se se reng, “A go Huma le go Rutega go Dira Gore o Nne le Bokamoso?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo No. 3 2021, mo jw.org.

4. Tlhakanelodikobo

Batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le gore ke eng se se amogelesegang ka tlhakanelodikobo.

BAEBELE E A RE: “Lo ithibe mo boitsholong jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Mongwe le mongwe wa lona o tshwanetse go itse kafa a ka laolang mmele wa gagwe ka gone gore o nne boitshepo o bo o tlotlege, mme a se ka a tshwana le batho ba ditšhaba tse di sa itseng Modimo ba ba nang le keletso e e sa laolesegeng ya tlhakanelodikobo mme ba sa kgotsofale.”​—1 Bathesalonika 4:3-5.

SE E SE KAYANG: Baebele e na le melao e e re kaelang gore re laole dikeletso tsa rona tsa tlhakanelodikobo. Polelwana e e reng “boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo” e akaretsa boaka, go gweba ka mmele, go tlhakanela dikobo ga batho ba ba sa nyalanang, go tlhakanela dikobo ga batho ba bong jo bo tshwanang le go tlhakanela dikobo le diphologolo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Tlhakanelodikobo ke mpho e Modimo a e fileng fela monna le mosadi ba ba nyalaneng.​—Diane 5:18, 19.

KGAKOLOLO YA BAEBELE E A THUSA: Mosadi mongwe wa kwa Australia yo o bidiwang Kylie a re: “Fa ke ne ke ise ke nyalwe, ke ne ke akanya gore fa nka tlhakanela dikobo, ke tla ikutlwa ke ratiwa e bile ke sireletsegile. Mme go ne ga direga se se farologaneng. Ke ne ke tlhobaela e bile ke utlwile botlhoko thata.”

Moragonyana, Kylie o ne a ithuta se Baebele e se rutang ka tlhakanelodikobo a bo a se dirisa. A re: “Ke kgona go lemoga gore melao ya Modimo e diretswe go re sireletsa gore re se ka ra utlwa botlhoko. Ke dira dilo ka tsela e Jehofa a e batlang. Gone jaanong monna wa me o dira gore ke ikutlwe ke sireletsegile e bile ke ratiwa. Go dirisa kgakololo ya Baebele go nthusitse gore ke tswe mo kutlobotlhokong e ke neng ke le mo go yone!”

Fa o batla go itse mo go oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Baebele e a Reng ka Monna le Mosadi ba ba Nnang Mmogo ba sa Nyalana?” mo jw.org.

Mmopi wa rona o re thusa go itse se se siameng le se se sa siamang. Le fa gone go ikobela se a se buang go se motlhofo ka metlha, go dira jalo go re solegela molemo. Re ka tlhatswega pelo gore ka metlha se a se buang se tla re tlisetsa boitumelo jo bo nnelang ruri.