A Bakeresete ba Tshwanetse go Obamela Kwa Mafelong a Gotweng a Boitshepo?
NGWAGA le ngwaga batho ba feta dimilione tse thataro, ba etela kwa sekgweng se se kwa Pheninsuleng ya Shima kwa Japane. Ba ya kwa lefelong le le bidiwang Grand Shrine of Ise, kwa modimogadi wa Bashinto wa letsatsi e bong Amaterasu Omikami, a sa bolong go obamelwa gone dingwaga di ka nna dikete tse pedi. Baobamedi bao ba simolola pele ba intlafatsa ka go tlhapa diatla le molomo. Go tswa foo, ba ema fa pele ga karolo ya lefelo leno e e bidiwang haiden (holo ya kobamelo), ba bo ba latela moetlo wa go obama, go opa diatla le go rapela modimogadi. * Bodumedi jwa Bashinto bo letla batho ba jone go nna le seabe mo ditumelong tse dingwe, mme le Babuda bangwe, le batho ba ba ipitsang Bakeresete le ba ditumelo tse dingwe, ga ba bone go le phoso go dira meetlo ya Seshinto mo lefelong leno.
Madumedi a le mantsi a magolo a na le mafelo a kobamelo a gotweng a boitshepo, * mme batho ba le bantsi ba a a etela. Mo dinageng tse gotweng ke tsa Bokeresete, go na le dikereke tse dintsi le mafelo ano a gotweng a boitshepo a a diretsweng Jesu, Marea le baitshepi. A mangwe a a tshwanang le one a tlhomiwa kwa mafelong a go tsewang gore ditiragalo tsa Baebele kgotsa “dikgakgamatso” tsa bosheng di diregile kwa go one kgotsa kwa mafelong a go beilweng dilo dingwe tsa bodumedi tse di tsewang e le segopotso. Batho ba le bantsi ba etela mafelo ano ka gonne ba dumela gore dithapelo tsa bone di tla arabiwa fa ba rapela ba le kwa go one. Mo go ba bangwe, go ya kwa mafelong ano ke phitlhelelo e kgolo mo loetong lo ba sa bolong go lo tsaya lo lo bontshang gore ba ineetse mo bodumeding jwa bone.
A mme gone dithapelo le mekokotlelo di tla utlwiwa le go arabiwa fa di dirwa mo lefelong le gotweng le boitshepo? A Modimo o tla itumedisiwa ke boineelo jwa batho ba ba tsayang maeto a sedumedi go ya kwa mafelong ano? Sa botlhokwa le go feta, a Bakeresete ba tshwanetse go obamela mo mafelong ano? Dikarabo tsa dipotso tseno ga di re bolelele fela gore re tshwanetse go leba mafelo ano jang, mme gape di re thusa go tlhaloganya mofuta wa kobamelo o tota o itumedisang Modimo.
GO OBAMELA “KA MOYA LE KA BOAMMAARURI”
Puisano ya ga Jesu le mosadi wa Mosamarea e senola kafa Modimo a lebang ka gone kobamelo ya mo mafelong a gotweng a boitshepo. Jesu o ne a feta mo gare ga Samarea mme a ikhutsa fa sedibeng se se gaufi le motse wa Sikara. O ne a tlotla le mosadi mongwe yo o neng a tlile go ga metsi mo sedibeng. Fa ba ntse ba bua, mosadi yono o ne a tlhalosa gore bodumedi jwa Bajuda le jwa Basamarea bo farologane thata. O ne a re: “Borraaronamogologolwane ba ne ba obamela mo thabeng eno; mme lona lo bolela gore Jerusalema ke lefelo le batho ba tshwanetseng ba obamela kwa go lone.”—Johane 4:5-9, 20.
Johane 4:21) Ruri mafoko ao a ne a gakgamatsa, segolobogolo ka a ne a buiwa ke Mojuda! Ke eng fa Modimo a ne a se kitla a tlhola a obamelwa kwa tempeleng e e kwa Jerusalema?
Mosadi yono o ne a bua ka Thaba ya Gerisime, e e dikilometara di ka nna 50 kwa bokone jwa Jerusalema. Basamarea ba kile ba bo ba na le tempele koo, e mo go yone ba neng ba keteka meletlo e e jaaka Tlolaganyo. Mme gone, go na le gore Jesu a tlhome mogopolo mo kgannyeng eno ya moruthutha ya gore ba farologane, o ne a raya mosadi yono a re: “Ntumela, mosadi, nako e etla ya fa lo se kitla lo obamela Rara mo thabeng eno le fa e le kwa Jerusalema.” (Jesu o ne a tswelela a re: “Nako e etla, le jaanong e fitlhile, ya fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela.” (Johane 4:23) Bajuda ba ne ba feditse makgolokgolo a dingwaga ba tsaya tempele e ntle ya kwa Jerusalema e le boremelelo jwa kobamelo ya bone. Ba ne ba ya koo gararo ka ngwaga go ya go ntshetsa Jehofa Modimo wa bone ditlhabelo. (Ekesodo 23:14-17) Mme gone Jesu o ne a re seno se ne se tla fetoga le gore “baobamedi ba boammaaruri” ba ne ba tla obamela “ka moya le boammaaruri.”
Tempele ya Bajuda e ne e le kago e o ka kgonang go e bona e e mo lefelong le le rileng. Le fa go ntse jalo, moya le boammaaruri ga se dilo tse o kgonang go di bona, e bile ga di nne mo lefelong le le rileng. Ka jalo, Jesu o ne a tlhalosa gore kobamelo ya boammaaruri ya Bokeresete e ne e se kitla e remelela mo lefelong le le rileng kgotsa e ikaega ka kago nngwe, e ka tswa e le Thaba ya Gerisime, tempele ya kwa Jerusalema kgotsa lefelo le lengwe le le boitshepo.
Fa Jesu a tlotla le mosadi wa Mosamarea, gape o ne a re “nako” ya gore go nne le phetogo eno mo kobamelong ya Modimo e ne ‘e tla.’ Seo se ne se tla direga leng? Nako eo e ne ya fitlha fa Jesu a ne a khutlisa tsamaiso ya kobamelo ya Sejuda e e neng e theilwe mo Molaong wa ga Moshe, a dirisa setlhabelo sa gagwe. (Baroma 10:4) Le fa go ntse jalo, gape Jesu o ne a re: “Nako . . . e fitlhile.” Goreng a ne a rialo? Ka gonne e re ka e le Mesia, o ne a setse a simolotse go phutha barutwa ba ba neng ba tla ikobela taelo eno e a neng a e bua morago ga moo: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Mme gone, go obamela ka moya le ka boammaaruri go kaya eng?
Fa Jesu a ne a bua ka go obamela ka moya, o ne a sa bue ka mofuta wa kobamelo o mo go one motho a dirang dilo tse di sa tlwaelegang, a bua ka matlhagatlhaga gotwe o tsenwe ke moya. Go na le moo, o ne a bua ka go kaelwa ke moya o o boitshepo wa Modimo, o o re thusang go tlhaloganya Dikwalo. (1 Bakorintha 2:9-12) Boammaaruri jo Jesu a neng a bua ka jone ke kitso ya boammaaruri ka dithuto tsa Baebele. Ka jalo, Modimo o tla amogela kobamelo ya rona fa e dumalana le se Baebele e se rutang le fa e kaelwa ke moya o o boitshepo, e seng fa re obamela kwa lefelong lengwe le le kgethegileng.
TSELA E BAKERESETE BA LEBANG KA YONE MAFELO A GOTWENG A BOITSHEPO
Mme gone, Bakeresete ba tshwanetse go ikutlwa jang ka go tsaya maeto a maleele go ya kwa mafelong ao le go obamela kwa go one? Fa re akanya ka taelo ya ga Jesu ya gore baobamedi ba boammaaruri ba obamele Modimo ka moya le ka boammaaruri, go bonala sentle gore Rraarona yo o kwa legodimong ga a tseye kobamelo e e dirwang kwa mafelong a a boitshepo e kgethegile. Mo godimo ga moo, Baebele e re bolelela gore Modimo o leba jang go tlotlomatsa medingwana mo kobamelong. Ya re: “Tshabang kobamelo ya medingwana” e bo e re “itiseng mo medingwaneng.” (1 Bakorintha 10:14; 1 Johane 5:21) Ka jalo, Mokeresete wa boammaaruri a ka se ka a obamela kwa lefelong lepe le gotweng le boitshepo kgotsa le le kgothaletsang kobamelo ya medingwana. Ka ntlha ya se se dirwang kwa mafelong ano, Bakeresete ba boammaaruri ga ba obamele kwa go one.
Mme gone, Lefoko la Modimo ga le thibele gore go nne le lefelo lengwe la go rapela Modimo, go ithuta ka ene le go tlhatlhanya. Lefelo la kobamelo le le nang le seriti le botlhokwa gore batho ba kgone go ithuta le go tlotla ka dilo tse di amanang le kamano ya bone le Modimo. E bile ga go phoso go direla moswi segopotso se se jaaka go baya letlapa. Seno se ka tswa se bontsha gore re gopola motho yoo kgotsa re a mo rata. Le fa go ntse jalo, go tsaya lefelo leo le le boitshepo kgotsa go tlotlomatsa ditshwantsho kgotsa dilo tse di tsewang e le segopotso tse di mo go lone, go tla bo go le kgatlhanong le mafoko a ga Jesu.
Ka jalo, ga o tlhoke go ya kwa lefelong la kobamelo le gotweng le boitshepo ka tsholofelo ya gore Modimo o tla go reetsa fa o rapela o le koo. E bile Modimo a ka se itumele kgotsa a go segofatsa ka gonne o tsere loeto lo loleele go ya kwa lefelong leo. Baebele ya re Jehofa Modimo, “Morena wa legodimo le lefatshe, ga a nne mo ditempeleng tse di dirilweng ka diatla.” Re ka mo rapela re le gongwe le gongwe mme o tla re utlwa ka gonne ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:24-27.
^ ser. 2 Meetlo e e dirwang kwa mafelong a gotweng a boitshepo a Bashinto e ka nna ya farologana.
^ ser. 3 Bona lebokose le le reng, “ Lefelo la Kobamelo le Gotweng le Boitshepo ke Eng?”