Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa re ikobela melao ya Modimo re tla itumela

Ba ba Ikobelang Modimo ba Tla Segofadiwa

Ba ba Ikobelang Modimo ba Tla Segofadiwa

Moshe o ile a re Modimo o tla re segofatsa fa re ikobela ditaelo tsa gagwe. (Duteronome 10:13; 11:27) Ga re obamele Modimo fela ka gonne re tshaba gore o tlile go re otlhaya. E re ka re rata Modimo, re a mo ikobela e bile ga re batle go dira sepe se se tla mo utlwisang botlhoko. “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe.”—1 Johane 5:3.

Go ikobela Modimo go re tswela mosola jang? Akanya ka ditsela tseno tse pedi.

1. FA RE IKOBELA MODIMO RE TLA NNA BOTLHALE

“Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone.”—ISAIA 48:17.

Jehofa Modimo o a re itse e bile o re naya kaelo e re e tlhokang. Fa re batla gore dilo tse Modimo a re rutang tsone di re thuse go dira ditshwetso tse di siameng, re tshwanetse go ithuta mo Dikwalong Tse di Boitshepo gore Modimo o batla gore re direng mme re bo re di dira.

2. FA RE IKOBELA MODIMO RE TLA ITUMELA

“Go itumela ba ba utlwang lefoko la Modimo e bile ba le boloka!”—LUKE 11:28.

Gompieno batho ba le bantsi ba ba ikobelang molao wa Modimo ba itumetse. Ka sekai, monna mongwe wa kwa Spain yo o neng a na le bothata jwa go tenegatenega fela e bile a tenegela le mosadi wa gagwe, letsatsi lengwe o ile a bala se Moshe a neng a se kwadile ka botho jwa ga Josefa morwa Jakobe. Josefa o ile a rekisiwa go nna lekgoba a bo a tsenngwa mo kgolegelong a sena molato mme le fa go ntse jalo, o ile a tswelela a le bonolo, a rata go dira kagiso e bile a itshwarela batho ba bangwe. (Genesise kgaolo 37-45) Monna yole wa kwa Spain a re: “Go akanya ka sekao sa ga Josefa, go nthusa gore ke batle go nna motho yo o bonolo, yo o dirang kagiso le yo o itshwarelang. Gone jaanong ke itumetse thata.”

Gape Dikwalo Tse di Boitshepo di re ruta gore re dirisane jang le batho ba bangwe. Mo setlhogong se se latelang re tla bona gore re ka dira seo jang.