Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itumelele Masego a a Tswang Kwa Modimong

Itumelele Masego a a Tswang Kwa Modimong
  • A o eletsa go tshela mo lefatsheng le le senang dintwa, thubakanyo le dikgotlhang?

  • A o ka se itumelele go tshela go sena bolwetse, pogo le loso?

  • A o ka rata go tshela o se na mathata le ditlhobaelo?

  • A ga o eletse go tshela mo lefatsheng le le se- nang masetlapelo a tlholego?

Mmopi wa rona yo o lorato, o re tshepisitse gore re tla tshela ka kagiso le ka boitumelo mo lefatsheng ka bosakhutleng. Ditsholofetso tse Modimo a re solofedi- tseng tsone ga se dijo tsa ditoro fela, di tla direga.

Fa o ntse o bala ditlhogo tse di latelang, o ka akanya ka dilo tseno:

  • Gore Mmopi wa rona o a re rata

  • Lefoko la Modimo le re tshwaretse molaetsa ofe?

  • Baporofeti ba ile ba reng ka dilo tsotlhe tse di molemo tse Modimo a re direlang tsone le tse a tla re direlang tsone?

  • Modimo o tla re thusa jang gore re itumele gone jaanong le mo nakong e e tlang?

Re tla simolola ka go tlhatlhoba dilo tsotlhe tse Modimo a re direlang tsone go bontsha gore o a re rata.