Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone; Modimo, Modimo wa rona, o tla re segofatsa.”—PESALEMA 67:6

O ka Nna le Masego a a Tswang Kwa Modimong

O ka Nna le Masego a a Tswang Kwa Modimong

Modimo o ile a solofetsa moporofeti Aborahame gore ditlogolwana tsa gagwe di ne di tla tlisa masego mo “setšhaba sotlhe sa lefatshe.” (Genesise 22:18) Go ne go buiwa ka mang?

Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Modimo o ile a naya setlogolwana sa ga Aborahame e leng Jesu maatla a go dira dikgakgamatso. Seno se ne se bontsha gore se Modimo a ileng a se solofetsa Aborahame se ne se tla diragadiwa ka Jesu.—Bagalatia 3:14.

Dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira di ne di thusa batho go bona gore ke ene yo Modimo a mo tlhophileng gore a tlisetse batho masego.Gape di ne di bontsha dingwe tsa dinonofo tse a nang le tsone.

Bonolo—Jesu o ne a fodisa ba ba lwalang.

Nako nngwe fa molepero a ne a kopa Jesu gore a mo fodise, Jesu o ile a mo kgoma a bo a mo raya a re: “Ke a batla!” Mme monna yoo o ile a fola.—Mareko 1:40-42.

Bopelotshweu—Jesu o ne a fepa ba ba tshwerweng ke tlala.

Jesu o ne a sa batle gore batho ba bolawe ke tlala. Nako nngwe o ile a fepa batho ba le bantsi. (Mathaio 14:17-21; 15:32-38) Batho ba ne ba ja ba bo ba kgora, mme go ne ga sala dijo tse dingwe gape.

Kutlwelobotlhoko—Jesu o ne a tsosa baswi.

Fa mosadi mongwe wa motlholagadi a ne a tlhokafaletswe ke morwawe, Jesu o ne a mo “tlhomogela pelo” mme a tsosa ngwana wa gagwe.—Luke 7:12-15.