Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmopi wa Rona O a Re Rata

Mmopi wa Rona O a Re Rata

1. MMOPI WA RONA O RE TLHABISETSA LETSATSI

Ga re ka ke ra kgona go tshela go sena letsatsi. Letsatsi le thusa ditlhare gore di nne le makakaba, malomo, maungo le dipeo. Gape le thusa ditlhare gore di kgone go nwa metsi a a mo mmung ka medi ya tsone mme metsi ao a bo a ya kwa maka- kabeng a bo a fetoga go nna mouwane.

2. MMOPI WA RONA O RE NESETSA PULA

Modimo o re nesetsa pula mme e bo e nosetsa dijalo re bo re nna le dijo. O re naya dipula go tswa legodimong le dipaka tsa maungo, e bile o tlatsa dipelo tsa rona ka boitumelo jo bogolo.

3. MMOPI WA RONA O RE TLAMELA KA DIJO LE DIAPARO

Borre ba le bantsi ba tshwenyegile thata ka go tlamela malapa a bone ka dijo le diaparo. Ela tlhoko se lekwalo leno le se buang: “Lepang ka kelotlhoko dinonyane tsa legodimo, ka gonne ga di jale peo le gone ga di robe le gone ga di phuthele mo matlong a polokelo; le fa go ntse jalo Rraalona wa selegodimo o a di fepa. A ga lo botlhokwa go feta tsone?”—Mathaio 6:25, 26.

“Ithuteng mo dithunyeng tsa masoma tsa legola, kafa di golang ka gone . . . . ; mme ke lo raya ke re le eleng [Kgosi] Solomone mo kgalalelong yotlhe ya gagwe o ne a sa kgabe jaaka sengwe sa tseno. Jaanong, fa Modimo a apesa dimela tsa naga jalo . . . , a go na le moo ga a na a apesa lona bogolo?”—Mathaio 6:28-30.

Fa Modimo a kgona go re tlamela ka dijo le diaparo, seno se raya gore a ka kgona go re tlamela ka dilo tse dingwe tse re di tlhokang mo botshelong. Modimo o tla segofa- tsa maiteko mangwe le mangwe a re a di- rang a go leka go itlamela fa re dira thato ya gagwe.—Mathaio 6:32, 33.

Fa re akanya ka dilo tse dintle tse Modimo a di dirileng tse di jaaka letsatsi, pula, dinonyane le malomo, ruri re nna le mabaka a mantsi a go mo rata. Setlhogo se se latelang se tla re tlhalosetsa gore Modimo o dirisitse mekgwa efe go bua le batho.