Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o ka thusa ba bangwe go sa kgathalasege gore ba tswa kae, ke ba bodumedi bofe kgotsa ba na le dingwaga tse kae?

Ba ba Thusang ba ba Tlhokang ba Tla Segofadiwa

Ba ba Thusang ba ba Tlhokang ba Tla Segofadiwa

Batho ba le bantsi gompieno ba tlhoka dijo e bile ga ba na ko ba ka robalang teng. Batho bangwe ga ba akanye gore go tla tsamaya go nna botoka. Modimo o tla re segofatsa jang fa re thusa batho ba ba tlhokang?

DIKWALO TSE DI BOITSHEPO TSONE TSA RENG?

“Yo o utlwelang motho wa maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa, mme O tla duela tsela e a neng a mo tshwere ka yone.”—DIANE 19:17.

GO THUSA BA BA TLHOKANG GO KAYA ENG?

Jesu o ile a bua ka monna mongwe yo o neng a tlhasetswe ke magodu a bo a mo tlogela gore a swe. (Luke 10:29-37) Monna mongwe o ne a ema, a bo a thusa monna yono yo o neng a gobetse botlhoko. O ile a dira seno le fa gone ba ne ba sa tswe mo lotsong lo lo tshwanang.

Monna yono o ile a mo direla sengwe le sengwe se a neng a se tlhoka, a bo a mo gomotsa le go mo kgothatsa.

Jesu o batla gore re ithute eng mo sekaing seno? O batla gore re dire sotlhe se re ka se kgonang go thusa ba bangwe. (Diane 14:31) Dikwalo Tse di Boitshepo di bontsha gore mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko. Mme gone re ka ipotsa gore, Modimo o tlile go dira seo jang le gone leng? Setlhogo se se latelang se tla re bolelela gore ke masego afe a Modimo a tla re nayang one.