Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tsaya Lefoko la Modimo le le Botlhokwa?

A o Tsaya Lefoko la Modimo le le Botlhokwa?

“E rile lo amogela lefoko la Modimo . . . lwa le amogela, . . . fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.”—1 BATHES. 2:13.

PINA: 114, 113

1-3. Go tlile jang gore Yudia le Sentike ba se ka ba utlwana, mme re ka tila jang mathata a a ntseng jalo gompieno? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

BATLHANKA ba ga Jehofa ba tsaya Lefoko la Modimo le le botlhokwa. E re ka re sa itekanela, rotlhe re newa kgakololo e e tswang mo Baebeleng. Re tla tsiboga jang fa re e newa? Akanya ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Yudia le Sentike. Basadi bano ba babedi ba ba tloditsweng ba ne ba itaana ka noga e tshela. Bothata e ne e le eng? Baebele ga e tlhalose. Mme gore re kgone go tlhaloganya kgang eno sentle, akanya ka se se ka tswang se ile sa direga.

2 A re re Yudia o laleditse bakaulengwe le bokgaitsadi kwa legaeng la gagwe gore ba tle go itumelela dijo le botsala jo bo molemo. Sentike ga a lalediwa mme o utlwile gore go ne go le monate. Sentike a ka tswa a ile a re: ‘Ga ke dumele gore Yudia ga a ntaletsa! Ke ne ke ithaya ke re re ditsala.’ Ka ntlha ya seo, Sentike o ne a simolola go belaela Yudia. Ka jalo, Sentike le ene o ne a laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi bao kwa legaeng la gagwe mme a se ka a laletsa Yudia! Bothata jo bo neng bo le gone fa gare ga ga Yudia le Sentike, bo ka bo bo ile jwa senya kagiso ya phuthego. Baebele ga e re bolelele gore go ne ga felela jang mme bokgaitsadi bano, ba ka tswa ba ile ba amogela kgakololo e e lorato ya ga moaposetoloi Paulo.—Bafil. 4:2, 3.

3 Ka dinako dingwe, maemo a a tshwanang le ao a ka baka dikgotlhang mo diphuthegong tsa batho ba ga Jehofa gompieno. Le fa go ntse jalo, fa re dirisa kgakololo e e mo Lefokong la Modimo, re ka kgona go rarabolola kgotsa go tila mathata a a ntseng jalo. Mme fa re tsaya Baebele e le botlhokwa, re tla tshela ka melao ya yone.—Pes. 27:11.

KAFA BAEBELE E AMANG TSELA E RE IKUTLWANG KA YONE

4, 5. Baebele ya reng ka go laola maikutlo a rona?

4 Fa re sa tshwarwa sentle kgotsa re diretswe tshiamololo, go thata go laola maikutlo a rona. Go utlwisa botlhoko fa re tlhaolwa ka ntlha ya setso sa rona, mmala wa rona kgotsa gongwe ka gonne re farologane le batho ba bangwe ka tsela nngwe. Ruri go utlwisa botlhoko fa seo se dirwa ke Mokeresetemmogo le wena! A go na le kgakololo nngwe ya Baebele e e ka re thusang fa re ka diragalelwa ke dilo tseno?

5 Jehofa ga a bolo go ela tlhoko tsela e batho ba dirisanang ka yone. O itse tsela e re ikutlwang ka yone le dilo tse re di dirang. Fa re itetla go galefa, seo se ka dira gore re bue kgotsa re dire dilo tse re tla di ikwatlhaelang. Go tla bo go le botlhale gore re dirise kgakololo ya Baebele ya gore re laole bogale jwa rona le go tila go kgopisega ka bonako! (Bala Diane 16:32; Moreri 7:9.) Rotlhe re tshwanetse go leka go se kgopisege motlhofo fa ba bangwe ba dira diphoso e bile re tshwanetse go leka go itshwarela ba bangwe. Jehofa le Jesu ba tsaya go itshwarela ba bangwe go le botlhokwa. (Math. 6:14, 15) A o tlhoka go nna pelotelele le go itshwarela ba bangwe?

6. Ke eng fa re sa tshwanela go nna bosilo?

6 Gantsi batho ba ba sa kgoneng go laola maikutlo a bone ba nna bosilo. Ka ntlha ya seo, batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba batla go itsalanya le bone. Motho yo o bosilo a ka dira gore dilo di se ka tsa tsamaya sentle mo phuthegong. A ka leka go fitlha bosilo kgotsa letlhoo la gagwe mme dilo tse di sa siamang tse di mo pelong ya gagwe di “tla bipololwa mo phuthegong.” (Dia. 26:24-26) Bagolwane ba ka thusa motho yoo go lemoga gore bosilo, letlhoo le go boloka sekgopi, ke dilo tse di sa letlelelwang mo phuthegong ya Modimo. Baebele e tlhalosa kgang eno ka tsela e e utlwalang sentle. (Lefi. 19:17, 18; Bar. 3:11-18) A o dumalana le se e se buang?

GOPOLA GORE RE KAELWA JANG

7, 8. (a) Jehofa o kaela jang karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe? (b) Ke melao efe e mengwe e e mo Lefokong la Modimo, mme goreng re tshwanetse go e ikobela?

7 Jehofa o kaela batho ba ba mo karolong e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe a dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” yo o kaelwang ke Keresete, “tlhogo ya phuthego.” (Math. 24:45-47; Baef. 5:23) Fela jaaka setlhopha se se laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga, motlhanka yono o ikobela Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo e bile o le tsaya le le botlhokwa. (Bala 1 Bathesalonika 2:13.) Ke melao efe e mengwe ya Baebele e e re solegelang molemo?

8 Baebele e re kgothaletsa gore re nne gone ka metlha mo dipokanong. (Baheb. 10:24, 25) E re kgothaletsa gore re dumele dithuto tse di tshwanang. (1 Bakor. 1:10) Lefoko la Modimo le re bolelela gore Bogosi bo tshwanetse go tla pele mo matshelong a rona. (Math. 6:33) Gape Baebele e gatelela gore re na le boikarabelo le tshiamelo ya go rera ka ntlo le ntlo, kwa mafelong a batho botlhe le fa re se mo bodireding. (Math. 28:19, 20; Dit. 5:42; 17:17; 20:20) Lefoko la Modimo le laela bagolwane ba Bakeresete gore ba boloke phuthego ya gagwe e le phepa. (1 Bakor. 5:1-5, 13; 1 Tim. 5:19-21) Mo godimo ga moo, Jehofa o laela botlhe ba ba mo phuthegong ya gagwe gore ba nne phepa mo mmeleng le gore ba se ka ba tshwaediwa ke dithuto tsa maaka.—2 Bakor. 7:1.

9. Ke mang yo o re thusang go tlhaloganya Lefoko la Modimo?

9 Bangwe ba tsaya gore ba ka tlhaloganya Baebele ka bobone fela. Le fa go ntse jalo, Jesu o tlhomile “motlhanka yo o boikanyego” gore e nne ene a re nayang dithuto tsa boammaaruri. Fa e sale ka 1919, Jesu Keresete o ntse a dirisa motlhanka yoo go thusa balatedi ba gagwe gore ba tlhaloganye Lefoko la Modimo le go le ikobela. Fa re ikobela melao e e mo Baebeleng, re dira gore phuthego e nne phepa e bile e nne le kagiso le kutlwano. Go tla bo go le molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A ke ikobela tsela e Jesu a e dirisang go re naya dithuto tsa boammaaruri?’

KARA YA GA JEHOFA E TSAMAYA KA LOBELO!

10. Buka ya Esekiele e tlhalosa jang karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo?

10 Lefoko la Modimo le re thusa go tlhaloganya karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya gagwe. Ka sekai, moporofeti Esekiele o ne a bona ponatshegelo e mo go yone karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya Modimo e tshwantshediwang ke kara ya kwa legodimong. (Esek. 1:4-28) Jehofa ke mokgweetsi wa kara eno e bile o e kaela gongwe le gongwe kwa a batlang gone. Mme karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya gagwe e ama e e mo lefatsheng. Ruri kara eno e tsamaya ka lobelo! Akanya ka diphetogo di le dintsi tse di dirilweng mo phuthegong ya Modimo mo dingwageng di le lesome tse di fetileng. Mme gakologelwa gore Jehofa ke ene a tlhotlheleditseng gore go nne le diphetogo tseno. E re ka Keresete le baengele ba ba boitshepo ba tloga ba senya lefatshe leno le le boikepo, kara ya ga Jehofa e tsamaya ka lobelo gore e tlotlomatse bolaodi jwa ga Jehofa le go itshepisa leina la gagwe le le boitshepo!

Ruri re anaanela tiro e baithaopi ba e dirang mo diporojekeng tsa go aga! (Bona serapa 11)

11, 12. Phuthego ya ga Jehofa e kgonne go fitlhelela dilo dife?

11 Akanya ka dilo tse karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya Modimo e kgonneng go di fitlhelela mo metlheng eno ya bofelo. Tiro ya go aga. Badiri ba le bantsi ba ntse ba tshwaregile ka go aga ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick, New York, U.S.A. Baithaopi ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba dira ka natla mo go ageng Diholo Tsa Bogosi le mo go tlhabololeng diofisi tsa makala mme ba dira tiro eno ba kaelwa ke Lefapha la go Tlhama Dipolane Le la Go Aga. Ruri re anaanela tiro e baithaopi bano ba e dirang mo diporojekeng tseno tsa go aga! Gakologelwa gore Jehofa o segofatsa bareri ba Bogosi ba ka boikokobetso le ka boikanyegi ba dirang sotlhe se ba ka se kgonang go tshegetsa diporojeke tseno ka meneelo.—Luke 21:1-4.

12 Go ruta. Akanya ka dikolo tse di farologaneng tse di rutang thuto ya Modimo. (Isa. 2:2, 3) Go na le Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela, Sekolo sa Baboledi ba Bogosi, Sekolo sa Gileade, Sekolo sa Maloko a Masha a Bethele, Sekolo sa Balebedi ba Potologo le Basadi ba Bone, Sekolo sa Bagolwane ba Phuthego, Sekolo sa Bodiredi sa Bogosi le Sekolo sa Maloko a Komiti ya Lekala le Basadi ba Bone. Ruri Jehofa o rata go ruta batho ba gagwe! Gape website ya rona ya jw.org e na le dithuto tsa Baebele e bile e na le dikgatiso di le dintsi tsa dipuo tse di farologaneng. Website eno e na le karolo e e kgethegileng ya bana le malapa e bile e na le karolo ya dikgang. A o ntse o dirisa jw.org mo bodireding le ka nako ya kobamelo ya lona ya lelapa?

IKANYEGE MO GO JEHOFA E BILE O EME PHUTHEGO YA GAGWE NOKENG

13. Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba na le boikarabelo bofe?

13 Ruri ke tshiamelo e e seng kana ka sepe go nna karolo ya phuthego ya ga Jehofa! E re ka re itse melao ya Modimo, re na le boikarabelo jwa go dira se se siameng le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe. Fa lefatshe leno le ntse le nna bosula le go feta, re tshwanetse go ‘tlhoa se se bosula’ fela jaaka Jehofa. (Pes. 97:10) Ga re batle go tshwana le batho ba ba sa ikobeleng Modimo ka go bua re re: “Molemo ke bosula le bosula ke molemo.” (Isa. 5:20) E re ka re batla go itumedisa Modimo, re leka go nna re le phepa mo mmeleng, mo boitsholong le go tswelela re na le kamano e e molemo le Jehofa. (1 Bakor. 6:9-11) Re rata Jehofa e bile re a mo ikanya; re bontsha gore re ikanyega mo go ene ka go tshela ka melao e e kwadilweng mo Lefokong la gagwe. Mme re leka ka natla go ikobela melao eo gongwe le gongwe; fa re le mo phuthegong, kwa gae, kwa tirong kgotsa kwa sekolong. (Dia. 15:3) Akanya ka ditsela tse dingwe tse re ka bontshang ka tsone gore re ikanyega mo Modimong.

14. Batsadi ba Bakeresete ba ka bontsha jang gore ba ikanyega mo Modimong?

14 Go godisa bana. Batsadi ba Bakeresete ba bontsha gore ba ikanyega mo go Jehofa ka go ruta bana ba bone Lefoko la gagwe. Batsadi ba ba ikobelang Modimo ga ba tlhotlhelediwe ke tsela e batho ba ba mo ditsong tsa bone ba lebang go godisa bana ka yone. Go leba dilo ka tsela ya lefatshe ga go a letlelelwa mo lelapeng la Bakeresete. (Baef. 2:2) Rre yo o kolobeditsweng wa Mokeresete a ka se akanye jaana: ‘Mme gone, mo nageng ya rona bommè ke bone ba rutang bana.’ Baebele e tlhalosa kgang eno ka tsela e e utlwalang sentle: “Borre, . . . tswelelang lo . . . godisetsa [bana ba lona] mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baef. 6:4) Batsadi ba ba ikobelang Modimo ba batla gore bana ba bone ba tshwane le Samuele, ka gonne Jehofa o ne a tswelela a na le ene fa a ntse a gola.—1 Sam. 3:19.

15. Re ka bontsha jang gore re ikanyega mo go Jehofa fa re dira ditshwetso tse di botlhokwa?

15 Go dira ditshwetso. Fa re dira ditshwetso tse di botlhokwa, re ka bontsha gore re ikanyega mo Modimong ka go batla kgakololo mo Lefokong la gagwe le mo phuthegong. Gore re bone botlhokwa jwa go dira jalo, akanya ka kgang nngwe ya botlhokwa e e amang batsadi ba le bantsi. Go tlwaelegile gore batho ba ba fudugetseng kwa dinageng tse dingwe ba romele bana ba bone kwa go ba masika gore ba ba tlhokomele mme bone ba tswelele ba bereka le go dira madi kwa nageng e ba leng kwa go yone. Eno ke tshwetso e mongwe le mongwe a tshwanetseng go itirela yone mme gone re tshwanetse go gopola gore re tla ikarabelela mo Modimong ka ditshwetso tse re di dirang. (Bala Baroma 14:12.) A go tla bo go le botlhale go dira ditshwetso tse di botlhokwa ka lelapa le ka tiro ya boitshediso re sa batla kgakololo mo Lefokong la Modimo? Legoka! E re ka re sa kgone go kaela dikgato tsa rona, re tlhoka thuso ya Rre wa rona yo o kwa legodimong.—Jer. 10:23.

16. Mmè mongwe o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso efe fa morwawe a ne a tsholwa, mme ke eng se se mo thusitseng go dira tshwetso e e siameng?

16 Mosadi mongwe yo o neng a sa tswa go tshola ngwana wa mosimane fa a ntse a nna kwa nageng e nngwe, o ne a batla go romela ngwana wa gagwe kwa nageng ya gaabo gore batsadi ba gagwe ba mo tlhokomelele ngwana. Pele a ka dira jalo, o ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a gatela pele mme a ithuta gore ke boikarabelo jwa gagwe gore a godise ngwana e bile a mo rute ka Jehofa. (Pes. 127:3; Dia. 22:6) Mosadi yono o ne bulela Jehofa mafatlha, jaaka Baebele e re kgothaletsa go dira. (Pes. 62:7, 8) Mo godimo ga moo, o ne a bua le motho yo a ithutang Baebele le ene le go bua le ba bangwe mo phuthegong ka kgang eno. Le fa gone ba masika le ditsala ba ne ba batla gore a romele ngwana wa gagwe kwa batsading ba gagwe, o ne a swetsa ka gore go tla bo go sa siama go dira jalo. Monna wa gagwe o ne a kgatlhiwa ke tsela e phuthego e neng ya ba thusa ka gone mo a neng a simolola go ithuta Baebele le go ya dipokanong le bone. Ga go pelaelo gore mosadi yono o ne a lemoga gore ruri Jehofa o ne a arabile thapelo ya gagwe!

17. Re neilwe kaelo efe malebana le batho ba re ithutang Baebele le bone?

17 Go ikobela kaelo. Tsela nngwe e ka yone re ka bontshang gore re ikanyega mo Modimong, ke ka go ikobela kaelo e re e newang mo phuthegong. Ka sekai, akanya ka dikakantsho tse re di neilweng malebana le batho ba re ithutang Baebele le bone. Re kgothalediwa gore fa re ithuta Baebele le mongwe ka metlha re dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? re dirise metsotso e le mmalwa morago ga thuto nngwe le nngwe go tlhalosetsa motho yoo ka phuthego. Re ka dira jalo ka go mmontsha bidio ya setlhogo se se reng, Go Dirwang Kwa Holong ya Bogosi? le go bala le ene boroutšhara jwa, Ke Bomang ba ba Dirang Thato ya ga Jehofa Gompieno? Gape re kgothalediwa gore fa re fetsa go ithuta buka ya Baebele e Ruta Eng le moithuti yo o gatetseng pele, re ithute le ene buka ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” le fa a setse a kolobeditswe. Phuthego e re neile kaelo eno gore barutwa ba basha ba kgone go “tsepamisiwa mo tumelong.” (Bakol. 2:7) A o ikobela kaelo eno e re e newang ke phuthego ya ga Jehofa?

18, 19. Re na le mabaka afe a go leboga Jehofa?

18 Re na le mabaka a le mantsi a go leboga Jehofa! Ke ene a re neileng botshelo, ntle le ene re ka bo re seyo. (Dit. 17:27, 28) O re neile mpho e e tlhwatlhwakgolo e leng Baebele. Re e tsaya e le Lefoko la Modimo fela jaaka Bakeresete ba kwa Thesalonika.—1 Bathes. 2:13.

19 E re ka re na le Lefoko la Modimo, re kgonne go atamalana le Jehofa e bile le ene o atamalane le rona. (Jak. 4:8) Rre wa rona yo o kwa legodimong o re neile tshiamelo ya go nna karolo ya phuthego ya gagwe. Ruri re anaanela tshiamelo eo fela thata! Mopesalema o ne a tlhalosa kgang eno sentle fa a ne a re: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo; gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.” (Pes. 136:1) Mafoko a a reng “bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng,” a tlhaga makgetlo a le 26 mo go Pesalema 136. Fa re nna re ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe, re tla iponela boammaaruri jwa mafoko ano ka gonne re tla tshela ka bosakhutleng!