Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Rulagantswe go Dumalana le Lefoko la Modimo

Re Rulagantswe go Dumalana le Lefoko la Modimo

“Jehofa ka boene o thaile lefatshe ka thata ka botlhale. O tlhomamisitse magodimo ka temogo.”—DIA. 3:19.

PINA: 105, 107

1, 2. (a) Ke eng se bangwe ba se buang fa ba utlwa gore Modimo o na le phuthego? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno?

A MODIMO o na le phuthego? Bangwe ba ka nna ba re: “Ga ke tlhoke go kaelwa ke phuthego epe, selo sa botlhokwa ke gore ke nne le kamano le Modimo.” A go siame go leba dilo ka tsela eo? Ke eng se bosupi bo se bontshang?

2 Mo setlhogong seno, re tlile go sekaseka bosupi jo bo bontshang gore Jehofa ke Modimo wa thulaganyo e bile ke Morulaganyi yo mogolo go ba gaisa botlhe. Gape re tla bona kafa re tshwanetseng go tsiboga ka gone fa re newa kaelo mo phuthegong ya ga Jehofa. (1 Bakor. 14:33, 40) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. le mo motlheng wa rona, batho ba ga Jehofa ba kgonne go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe ka gonne ba latela kaelo e e mo Baebeleng. E re ka re ikobela melao ya Modimo le go latela kaelo e re e newang mo phuthegong, re thusa gore phuthego ya rona e nne phepa e bile e nne le kagiso le kutlwano.

JEHOFA KE MORULAGANYI YO MOGOLO GO BA GAISA BOTLHE

3. Ke eng se se go tlhomamisetsang gore Jehofa o rulaganya dilo sentle go feta motho ope yo mongwe?

3 Popo e bontsha gore Modimo ke Morulaganyi yo mogolo go ba gaisa botlhe. Baebele ya re: “Jehofa ka boene o thaile lefatshe ka thata ka botlhale. O tlhomamisitse magodimo ka temogo.” (Dia. 3:19) Re itse “dintlha fela tsa ditsela tsa [Modimo],” gape re ‘utlwile go le gonnye fela ka ga gagwe.’ (Jobe 26:14) Le fa re itse go le gonnye fela ka dipolanete, dinaledi le masagaripa, tshedimosetso eno e re thusa go lemoga gore dilo tseno di rulagantswe ka matsetseleko. (Pes. 8:3, 4) Masagaripa a na le dinaledi di le dimilionemilione mme tsotlhe di tsamaya ka tsela e e rulaganeng. Tota e bile, dipolanete di dikologa letsatsi ka tsela e e rulaganeng fela jaaka dikoloi tse di ikobelang melao ya tsela! Eleruri, thulaganyo eno e e jesang kgakge e re e bonang mo lobopong ke bosupi jwa gore Jehofa ‘yo o dirileng magodimo’ le lefatshe ‘ka tlhaloganyo kgotsa ka botswerere,’ o tshwanelwa ke gore re mmake, re ikanyege mo go ene e bile re mo obamele.—Pes. 136:1, 5-9.

4. Ke eng fa saense e sa kgone go araba dipotso di le dintsi?

4 Saense e re rutile dilo di le dintsi ka lobopo le ka lefatshe mme tshedimosetso eo e re solegetse molemo ka ditsela di le dintsi. Le fa go ntse jalo, saense ga e kgone go re naya dikarabo tsa dipotso di le dintsi. Ka sekai, baithutadinaledi ga ba kgone go re bolelela gore go tlile jang gore lobopo lo nne teng le gore ke eng fa re le mo lefatsheng leno le le nang le ditshedi di le dintsi. Mo godimo ga moo, batho ga ba kgone go tlhalosa gore ke eng fa batho ba eletsa go tshelela ruri. (Mor. 3:11) Ke eng fa go na le dipotso di le dintsi jaana tse di botlhokwa mme batho ba sa bone dikarabo tsa tsone? Lebaka lengwe ke gore baitsesaense le batho ba bangwe ba tlhotlheletsa batho gore ba dumele gore ga go na Mmopi e bile ba buelela thuto ya go iphetogela ga ditshedi go nna tse dingwe. Mme Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe e leng Baebele go araba dipotso tse batho ba tshwenyegileng ka tsone.

5. Re ikaegile ka melao ya tlholego ka ditsela dife?

5 Re ikaegile ka melao e e sa fetogeng ya tlholego e e tlhomilweng ke Jehofa. Batho ba ba berekang ka motlakase, ba ba baakanyang dipeipi tsa metsi, baenjenere, bakgweetsi ba difofane le dingaka, botlhe ba ikaegile ka melao eno gore ba kgone go dira tiro ya bone. Ka sekai, dingaka di a itse gore tsela e mmele wa motho o bopegileng ka yone e tlhomame. Ka jalo, ngaka ga e thatafalelwe ke go itse gore pelo ya motho e fa kae. Rotlhe re ikobela melao ya tlholego. Tota e bile, fa o ka leka go itlhokomolosa molao wa maatlakgogedi o tla di gama o sa di tlhapela!

RE RULAGANTSWE KE MODIMO

6. Ke eng fa go utlwala go swetsa ka gore baobamedi ba ga Jehofa ba tshwanetse go rulaganngwa sentle?

6 Lobopo ke sekai se se molemo sa sengwe se se rulagantsweng ka tsela e ntle. Ka jalo, ga go pelaelo gore Jehofa o batla gore batho ba ba mo obamelang le bone ba rulaganngwe sentle mme o re neile Baebele go re bontsha gore re ka dira seo jang. Fa re ne re ka leka go tshela re sa kaelwe ke phuthego ya Modimo le melao ya gagwe, seo se ne se tla re leretse mahutsana.

7. Ke eng se se bontshang gore Baebele ke buka e e rulagantsweng sentle?

7 Baebele ga se buka fela e e nang le mekwalo e e sa dumalaneng ya Bajuda le ya Bakeresete. Go na le moo, ke buka e e rulagantsweng sentle e e tlhotlheleditsweng ke Modimo. Dibuka tsotlhe tsa Baebele di a dumalana. Go simolola ka Genesise go fitlha ka Tshenolo, Baebele e bua ka go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa le go diragadiwa ga boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe a dirisa Bogosi jwa gagwe jo bo eteletsweng pele ke Keresete yo e leng “losika” lo lo solofeditsweng.—Bala Genesise 3:15; Mathaio 6:10; Tshenolo 11:15.

8. Ke eng fa re ka re Baiseraele ba ne ba rulagantswe sentle?

8 Baiseraele ba ne ba rulagantswe sentle. Ka sekai, go ya ka Molao wa ga Moshe, go ne go na le “malata a a neng a dira tirelo e e rulagantsweng fa kgorong ya mogope wa bokopanelo.” (Ekes. 38:8) Fa Baiseraele ba fuduga le fa ba ne ba fudusa motlaagana ba ne ba dira jalo ka thulaganyo. Moragonyana, Kgosi Dafide o ne a kgaoganya Balefi le baperesiti go nna ditlhopha tse di rulagantsweng sentle. (1 Ditir. 23:1-6; 24:1-3) Mme fa Baiseraele ba ne ba ikobela Jehofa, go ne go nna le thulaganyo, kagiso le kutlwano.—Dute. 11:26, 27; 28:1-14.

9. Ke eng se se bontshang gore phuthego ya Bokeresete ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e rulagantswe sentle?

9 Phuthego ya Bokeresete ya mo lekgolong la ntlha la dingwaga e ne e rulagantswe sentle mme e ne e solegelwa molemo ke kaelo ya setlhopha se se laolang, se kwa tshimologong se neng se akaretsa baaposetoloi. (Dit. 6:1-6) Moragonyana, bakaulengwe ba bangwe ba ne ba akarediwa mo setlhopheng seo se se laolang. (Dit. 15:6) Gape phuthego e ne e amogela kaelo le kgakololo mo makwalong a a tlhotlheleditsweng a a neng a kwadilwe ke banna ba e neng e le maloko a setlhopha se se laolang kgotsa ba dirisana le sone. (1 Tim. 3:1-13; Tito 1:5-9) Diphuthego di ne di solegelwa molemo jang fa di latela kaelo ya setlhopha se se laolang?

10. Go ne ga nna le diphelelo dife fa diphuthego tsa bogologolo di ne di ikobela ditaelo tse di dirilweng ke setlhopha se se laolang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

10 Bala Ditiro 16:4, 5Bakaulengwe ba ba emelang setlhopha se se laolang ba ba neng ba etela diphuthego ba ne ba di naya “ditaelo . . . tse baaposetoloi le banna ba bagolwane ba ba neng ba le kwa Jerusalema ba neng ba dirile tshwetso ka tsone.” Fa diphuthego di ikobela ditaelo tseo, di ne di “tswelela di nitamisiwa mo tumelong e bile di oketsega ka palo letsatsi le letsatsi.” Pego eno ya Baebele e re ruta thuto ya botlhokwa e re ka e dirisang mo phuthegong gompieno.

A O LATELA KAELO E RE E NEWANG?

11. Banna ba ba tlhomilweng ba tshwanetse go dira eng fa ba newa kaelo mo phuthegong ya Modimo?

11 Ke eng se maloko a Dikomiti Tsa Lekala kgotsa Tsa Dinaga, balebedi ba potologo le bagolwane mo diphuthegong ba tshwanetseng go se dira fa ba newa kaelo mo phuthegong ya Modimo? Lefoko la Modimo le re kgothaletsa gore re utlwe mme re ikobe. (Dute. 30:16; Baheb. 13:7, 17) Go tshwaya diphoso kgotsa go gana go amogela kaelo ga go a letlelelwa mo phuthegong ka gonne seo se ka dira gore go se ka ga nna le lorato, kagiso le kutlwano mo phuthegong. Gone ke boammaaruri gore, ga go Mokeresete ope yo o ikanyegang yo a ka batlang go bontsha lonyatso le go se ikanyege jaaka Dioterefese. (Bala 3 Johane 9, 10.) Re ka ipotsa jaana: ‘A ke thusa batho ba ke atamalaneng le bone go nna le kamano e e molemo le Jehofa? Fa bakaulengwe ba ba eteletseng pele ba naya phuthego kaelo, a ke a e amogela le go e ema nokeng?’

12. Go dirilwe phetogo efe mo tseleng e bagolwane le batlhanka ba bodiredi ba tlhomiwang ka yone?

12 Akanya ka tshwetso e e dirilweng bosheng jaana ke Setlhopha se se Laolang. Setlhogo sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa November 15, 2014, se ne se tlhalosa kafa thulaganyo ya go tlhomiwa ga bagolwane le batlhanka ba bodiredi e fetotsweng ka gone. Setlhogo seno se ne se tlhalosa gore Setlhopha se se Laolang sa mo lekgolong la ntlha la dingwaga se ne se neile balebedi ba ba etang tetla ya go tlhoma banna ba ba etelelang pele mo phuthegong. Go dumalana le seo, fa e sale ka September 1, 2014, balebedi ba potologo ba ntse ba tlhoma bagolwane le batlhanka ba bodiredi. Molebedi wa potologo o leka go tlwaelana le banna ba ba bueletsweng go nna bagolwane kgotsa batlhanka ba bodiredi e bile o bereka le bone mo bodireding jwa tshimo fa go kgonega. Gape o ela tlhoko tsela e lelapa la mokaulengwe yono le dirang dilo ka yone. (1 Tim. 3:4, 5) Setlhopha sa bagolwane le molebedi wa potologo ba sekaseka ka kelotlhoko ditshwanelego tsa Dikwalo tsa batlhanka ba bodiredi le bagolwane.—1 Tim. 3:1-10, 12, 13; 1 Pet. 5:1-3.

13. Re ka bontsha jang gore re ema nokeng kaelo e re e newang ke bagolwane?

13 Re tshwanetse go ikobela kaelo ya bagolwane e e theilweng mo Baebeleng. Badisa bano ba ba ikanyegang ba ba mo phuthegong ya Modimo ba kaelwa ke mafoko a a “itekanetseng” a a mo Lefokong la Modimo. (1 Tim. 6:3) Akanya ka kgakololo ya ga Paulo e e kaga batho ba ba sa direng dilo ka thulaganyo mo phuthegong. Batho bangwe ba ne “ba sa dire gotlhelele mme ba itsenyatsenya mo dilong tse di sa ba ameng.” Go bonala bagolwane ba ile ba ba kgalema mme ba tswelela ba itlhokomolosa kgakololo eo. Phuthego e ne e tshwanetse go dirisana jang le motho yo o ntseng jalo? Paulo o ne a re: “Nnang lo mo tshwaile lo tlogele go tlwaelana le ene.” Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tshwanela go leba motho yoo e le mmaba. (2 Bathes. 3:11-15) Gompieno bagolwane ba ka neela puo e e tlhagisang phuthego e e buang ka mongwe yo o dirang dilo tse di senyang leina le lentle la phuthego, gongwe a dira jalo ka go intsha le motho yo e seng Mosupi. (1 Bakor. 7:39) O ikutlwa jang fa bagolwane ba bona go le botlhokwa gore go neelwe puo e e ntseng jalo? Fa o itse ka kgang e go buiwang ka yone mo puong eo, a o tla tila go itsalanya le motho yoo? Fa o ikobela taelo ya go sa itsalanye le motho yoo mme gone o tswelela o mo tlhagisa, seno se ka mo thusa gore a ikwatlhaye mme a fetoge. [1]

DIRA GORE PHUTHEGO E NNE E LE PHEPA, E NA LE KAGISO LE KUTLWANO

14. Re ka thusa jang gore phuthego e nne e sa leswafala?

14 Re ka thusa gore phuthego e nne e sa leswafala ka go latela kaelo e e mo Lefokong la Modimo. Akanya ka se se neng sa direga kwa Korintha. Paulo o ne a dira ka natla a rera mo motseng oo e bile o ne a rata “baitshepi” mmogo le ene ba ba neng ba nna koo. (1 Bakor. 1:1, 2) Mme o ne a utlwa botlhoko thata fa a ne a tshwanelwa ke go rarabolola bothata jwa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jo bo neng bo letlelelwa mo phuthegong eo! Paulo o ne a laela bagolwane gore ba neele Satane monna yoo yo o dirang boitsholo jo bo sa siamang, ka mafoko a mangwe, ba mo tlose mo phuthegong. Bagolwane ba ne ba tshwanetse go tlosa “sebediso,” gore phuthego e nne e sa leswafala. (1 Bakor. 5:1, 5-7, 12) Fa re ema nokeng tshwetso e bagolwane ba e dirang ya go tlosa moleofi yo o sa ikwatlhayeng, re thusa gore phuthego e nne e le phepa e bile re ka nna ra thusa motho yoo gore a ikwatlhaye mme Jehofa a mo itshwarele.

15. Re ka dira eng gore go tswelele go na le kagiso mo phuthegong?

15 Go ne go na le bothata jo bongwe kwa Korintha jo bo neng bo tlhoka go rarabololwa. Bakaulengwe bangwe ba ne ba isa badumedimmogo le bone kwa kgotlatshekelo. Paulo o ne a ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa bogolo lo sa iteseletse go fosediwa?” (1 Bakor. 6:1-8) Go ile ga direga se se tshwanang gompieno. Ka dinako dingwe, kagiso e bakaulengwe le bokgaitsadi ba nang le yone e ne ya senyega ka gonne kgwebo e ba neng ba e kopanetse e phutlhame mme seo se dirile gore ba latlhegelwe ke madi kgotsa ba latofadiwe ka boferefere. Bangwe ba ile ba isa bakaulengwe ba bone kwa kgotlatshekelo mme Lefoko la Modimo le re thusa go lemoga gore go botoka go latlhegelwa go na le go kgoba leina la Modimo kgotsa go dira gore go se ka ga nna le kagiso mo phuthegong. [2] Fa re batla go rarabolola dikgotlhang tse di masisi, re tshwanetse go dirisa kgakololo ya ga Jesu. (Bala Mathaio 5:23, 24; 18:15-17.) Fa re dira jalo, re tla dira gore go nne le kutlwano mo lelapeng la baobamedi ba ga Jehofa.

16. Ke eng fa batho ba Modimo ba le seoposengwe?

16 Lefoko la Modimo le re tlhalosetsa lebaka la go bo batho ba gagwe ba le seoposengwe. Mopesalema o ne a opela jaana: “Bona! A bo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!” (Pes. 133:1) Fa Baiseraele ba ne ba ikobela Jehofa, ba ne ba rulagana sentle e bile ba nna seoposengwe. Modimo o ne a bolelela pele jaana ka maemo a mo isagweng a batho ba gagwe: “Ke tla ba baya mo kutlwanong, jaaka letsomane mo lesakeng.” (Mik. 2:12) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a bolelela pele jaana a dirisa moporofeti Sefania: “Ke tla fetolela ditšhaba mo puong e e itshekileng [ya boammaaruri jwa Dikwalo], gore botlhe ba bitse leina la ga Jehofa, e le gore ba mo direle ba le seoposengwe.” (Sefa. 3:9) Ruri re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go obamela Jehofa re le seoposengwe!

Bagolwane ba thusa motho yo o tsereng kgato e e phoso gore a baakanye kamano ya gagwe le Modimo (Bona serapa 17)

17. Bagolwane ba tshwanetse go rarabolola jang dikgang tsa boatlhodi gore phuthego e nne le kutlwano e bile e nne e sa leswafala?

17 Bagolwane ba tshwanetse go rarabolola dikgang tsa boatlhodi ka bonako le ka lorato gore phuthego e nne le kutlwano e bile e nne e sa leswafala. Paulo o ne a itse gore lorato lwa Modimo ga lo tlhotlhelediwe ke go tseega maikutlo e bile ga a itlhokomolose dilo tse di phoso. (Dia. 15:3) Ka jalo Paulo o ne a kwala lekwalo la Ntlha la Bakorintha a kgalemela boitshwaro jo bo sa siamang, mme gone a dira jalo ka lorato. Lekwalo la Bobedi la Bakorintha, le le neng la kwalwa dikgwedi di se kae moragonyana, le bontsha gore Bakorintha ba ne ba dirile diphetogo ka gonne bagolwane ba ile ba latela kaelo ya ga Paulo. Fa Mokeresete a tsaya kgato nngwe e e phoso pele ga a e lemoga, banna ba ba tshwanelegang ba tshwanetse go leka go thusa motho yoo ka moya o o bonolo.—Bagal. 6:1.

18. (a) Kgakololo e e mo Lefokong la Modimo e ile ya thusa jang diphuthego tsa mo lekgolong la ntlha la dingwaga? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

18 Go bonala sentle gore kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo Lefokong la Modimo e ile ya thusa Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba kwa Korintha le kwa mafelong a mangwe gore diphuthego tsa bone di nne le kagiso le kutlwano e bile di nne di le phepa. (1 Bakor. 1:10; Baef. 4:11-13; 1 Pet. 3:8) Mme seo se ile sa dira gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba motlha oo ba fitlhelele go le gontsi mo bodireding. Ke gone ka moo Paulo a neng a re dikgang tse di molemo ‘di ne tsa rerwa mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.’ (Bakol. 1:23) Gompieno kitso e e malebana le maikaelelo a a itumedisang a Modimo, e anamisiwa lefatshe lotlhe ka ntlha ya maiteko a a dirwang ke bao ba leng mo phuthegong e e seoposengwe e e rerang dikgang tse di molemo. Setlhogo se se latelang se tla re naya bosupi jo bo oketsegileng jo bo bontshang gore bareri ba dikgang tse di molemo ba tsaya Baebele e le botlhokwa e bile ba ikemiseditse go galaletsa Morena Molaodimogolo Jehofa.—Pes. 71:15, 16.

^ [1] (serapa 13) Bona buka ya Re Rulaganyeditswe go Dira Thato ya ga Jehofa, ts. 134-136.

^ [2] (serapa 15) Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le maemo a mo go one Mokeresete a ka swetsang ka gore a ise mokaulengwe yo mongwe kwa kgotlatshekelo, bona buka ya “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo,” ts. 223, ntlha e e kwa tlase.