Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Sekao sa ga Jehofa sa Tshiamiso le Kutlwelobotlhoko

Etsa Sekao sa ga Jehofa sa Tshiamiso le Kutlwelobotlhoko

“Dirang katlholo ya lona ka tshiamiso ya boammaaruri; mme lo direlane bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko.”—SEKA. 7:9.

PINA: 21, 69

1, 2. (a) Jesu o ne a ikutlwa jang ka Molao wa Modimo? (b) Bakwadi le Bafarasai ba ile ba dirisa jang Molao ka tsela e e sa siamang?

JESU o ne a rata Molao wa ga Moshe. Seo ga se gakgamatse ka gonne Molao oo o ne o tswa mo mothong yo o botlhokwa thata mo go Jesu, e bong Jehofa. Tsela e Jesu a neng a rata molao wa Modimo ka yone, e ne ya bolelelwa pele jaana mo go Pesalema 40:8: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” Jesu o ne a bontsha ka puo le ka ditiro gore Molao wa Modimo o siame, o tswela mosola le gore se se tlhalosiwang mo go one se tla diragadiwa.—Math. 5:17-19.

2 Ga go pelaelo gore Jesu o ne a utlwa botlhoko tota fa a bona bakwadi le Bafarasai ba dirisa Molao wa ga Rraagwe ka tsela e e sa siamang. Ba ne ba tlhomile mogopolo thata mo go direng dilo tse di sa reng sepe tse di tlhalosiwang mo molaong. Jesu o ne a bua jaana ka bone: “Lo ntsha nngwesomeng ya minte le dile le kumina.” Bothata e ne e le eng ka go dira jalo? Jesu o ne a tswelela a re: “Lo itlhokomolositse dilo tse di bokete segolo tsa Molao, e leng, tshiamiso le kutlwelobotlhoko le boikanyegi.” (Math. 23:23) Jesu o ne a sa tshwane le Bafarasai bao ba ba neng ba ipona tshiamo bobe ka gonne ene o ne a tlhaloganya maikaelelo a Molao oo le dinonofo tsa Modimo tse di tlhomololwang ke one.

3. Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

3 Bakeresete ga ba ka fa tlase ga kgolagano ya Molao. (Bar. 7:6) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a tlhotlheletsa gore Molao oo o kwalwe mo Lefokong la gagwe. Jehofa ga a batle gore re tlhome mogopolo mo dintlheng tsotlhe tsa Molao, go na le moo, o batla gore re lemoge melaometheo e e tlhomololwang mo Molaong oo. Ka sekai, thulaganyo ya metse ya botshabelo e tlhomolola melaometheo efe? Setlhogo se se fetileng se ile sa tlhalosa dilo tse re ka di ithutang go tswa mo go se mmolai a neng a tshwanelwa ke go se dira. Mme metse ya botshabelo e re ruta sengwe ka Jehofa le kafa re ka etsang dinonofo tsa gagwe ka teng. Setlhogo seno se tla araba dipotso di le tharo: Metse ya botshabelo e bontsha jang gore Jehofa o kutlwelobotlhoko? E re ruta eng ka tsela e Modimo a lebang botshelo ka yone? E bontsha jang gore Jehofa o tshiamiso? Fa re ntse re tlotla ka dipotso tseno, batla ditsela tse o ka etsang Jehofa ka tsone.—Bala Baefeso 5:1.

“METSE E E LO SIAMETSENG”—SESUPO SA KUTLWELOBOTLHOKO

4, 5. (a) Go ile ga dirwa eng go tlhomamisa gore go nna motlhofo go ya kwa metseng ya botshabelo, mme ka ntlha yang? (b) Seno se re ruta eng ka Jehofa?

4 Go ne go le motlhofo go ya kwa metseng e merataro ya botshabelo. Jehofa o ne a laela Baiseraele gore ba age metse eo mo matlhakoreng oomabedi a Noka ya Joredane. Ka ntlha yang? Gore go nne motlhofo gore mmolai a tshabele kwa go yone ka bonako. (Dipa. 35:11-14) Ditsela tse di yang kwa metseng eo di ne di tlhokometswe sentle. (Dute. 19:3) Go ya ka molao wa Sejuda, go ne go na le matshwao mo tseleng a a bontshang gore metse ya botshabelo e kwa kae. E re ka go ne go na le metse ya botshabelo, motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a sa patelesege go tshabela kwa nageng e nngwe, kwa a neng a ka raelesega go obamela medimo ya maaka teng.

5 Akanya fela! Jehofa ke ene a neng a laela gore motho yo o bolaileng yo mongwe ka boomo a bolawe, mme gone, o ne a naya motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso tshono ya gore a bontshiwe kutlwelobotlhoko le gore a sirelediwe. Mokwadi mongwe o ne a re: “Sengwe le sengwe se ne se dirilwe motlhofo. Seno se ne se bontsha gore Modimo o kutlwelobotlhoko.” Jehofa ga se moatlhodi yo o setlhogo yo o itlhaganelelang go otlhaya batlhanka ba gagwe. Go na le moo, o ‘humile kutlwelobotlhoko.’—Baef. 2:4.

6. Bafarasai ba ne ba farologane jang le Jehofa fa go tla mo kgannyeng ya go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko?

6 Bafarasai bone ba ne ba sa batle go bontsha batho kutlwelobotlhoko. Ka sekai, go ya ka tlwaelo ya bone, ba ne ba sa itshwarele motho fa a ba diretse phoso e e tshwanang ka makgetlo a feta a le mararo. Jesu o ile a bontsha tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone ka baleofi ka go dira setshwantsho sa Mofarasai yo o neng a rapela jaana: “Ao tlhe Modimo, ke a go leboga gore ga ke tshwane le batho ba bangwe botlhe, ba ba tsayang ka dikgoka, ba ba sa siamang, baakafadi, kgotsa le mokgethisi yono.” Le fa go ntse jalo, mokgethisi yoo ene o ne a kopa Modimo gore a mmontshe kutlwelobotlhoko. Ke eng fa Bafarasai ba ne ba sa batle go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko? Baebele ya re ba ne “ba tsaya ba bangwe botlhe e se sepe.”—Luke 18:9-14.

A o dira gore go nne motlhofo gore ba bangwe ba ikopele maitshwarelo mo go wena? Atamelesega (Bona serapa 4-8)

7, 8. (a) O ka etsa Jehofa jang fa mongwe a go diretse phoso? (b) O ka bontsha jang gore o boikokobetso?

7 Etsa Jehofa, e seng Bafarasai. Bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko. (Bala Bakolosa 3:13.) O ka dira jalo ka go dira gore go nne motlhofo gore ba bangwe ba ikopele maitshwarelo mo go wena. (Luke 17:3, 4) Ipotse jaana: ‘A ke itshwarela batho ba ba ntiretseng phoso e e tshwanang ka makgetlo a le mmalwa? A ke iketleeleditse go dira kagiso le mongwe yo o nkgopisitseng kgotsa yo o nkutlwisitseng botlhoko?’

8 Fa o itshwarela ba bangwe, seo se bontsha gore o boikokobetso. Bafarasai ba ne ba se boikokobetso ka gonne ba ne ba tseela batho ba bangwe kwa tlase. Bakeresete bone ba tshwanetse go “tsaya ba bangwe ba le kwa godimo” ga bone e bile ba tshwanetse go itshwarela ba bangwe. (Bafil. 2:3) A o tla etsa Jehofa ka go nna boikokobetso? Fela jaaka go ne go le motlhofo go ya kwa metseng ya botshabelo, dira gore go nne motlhofo gore ba bangwe ba kgone go kopa maitshwarelo mo go wena. O se ka wa itlhaganelela go kgopisega, go na le moo, nna bonako go bontsha ba bangwe kutlwelobotlhoko.—Mor. 7:8, 9.

TLOTLA BOTSHELO “GORE O SE KA WA NNA LE MOLATO OPE WA MADI”

9. Jehofa o ile a bontsha Baiseraele jang gore o tsaya botshelo bo le botlhokwa?

9 Boikaelelo jwa thulaganyo ya metse ya botshabelo e ne e le go thusa Baiseraele gore ba se ka ba nna le molato wa madi. (Dute. 19:10) Jehofa o rata botshelo e bile o tlhoile “diatla tse di tshololang madi a a se nang molato.” (Dia. 6:16, 17) Tota e bile, e re ka e le Modimo yo o tshiamiso le yo o boitshepo, o ne a ka se itlhokomolose polao epe fela le fa e ne e dirilwe ka phoso. Gone ke boammaaruri gore motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a bontshiwa kutlwelobotlhoko. Le fa go ntse jalo, motho yoo o ne a tshwanetse go isa kgang ya gagwe kwa banneng ba bagolwane, mme fa ba tsaya tshwetso ya gore o ne a sa mmolaya ka boomo, mmolai yoo o ne a tshwanetse go nna mo motseng wa botshabelo go fitlha moperesiti yo mogolo a tlhokafala. Seno se raya gore o ne a ka nna mo motseng oo botshelo jotlhe jwa gagwe. Seno se ne se bontsha Baiseraele gore Jehofa o tsaya botshelo jwa motho bo le botlhokwa. Ba ne ba tshwanetse go bontsha gore ba tlotla Moneibotshelo ka go tila sepe fela se se neng se ka tsenya botshelo jwa motho yo mongwe mo kotsing.

10. Go ya ka Jesu, bakwadi le Bafarasai ba ile ba bontsha jang gore ga ba tseye botshelo bo le botlhokwa?

10 Bafarasai bone ba ne ba bontsha gore ga ba tseye botshelo bo le botlhokwa. Ba ne ba dira seo jang? Jesu o ne a ba raya a re: “Lo ne lwa tsaya selotlolo sa kitso; lona ka bolona lo ne lwa se ka lwa tsena, mme ba ba tsenang lo ne lwa ba kgoreletsa!” (Luke 11:52) Ba ne ba tshwanetse go tlhalosetsa batho Lefoko la Modimo le go ba thusa gore ba tsamaye mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Ga ba ka ba dira jalo, go na le moo, ba ne ba faposa batho gore ba se ka ba latela “Moemedi yo Mogolo wa botshelo” e bong Jesu, ba ba faposetsa kwa tseleng e e isang kwa tshenyegong. (Dit. 3:15) Bafarasai ba ne ba le boikgogomoso e bile ba ikakanyetsa fela ba le nosi, ka jalo, ba ne ba se na sepe le batho ba bangwe. Ruri ba ne ba le setlhogo!

11. (a) Paulo o ile a bontsha jang gore o tsaya botshelo bo le botlhokwa fela jaaka Modimo? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re tlhagafale mo bodireding fela jaaka Paulo?

11 Re ka dira eng gore re etse Jehofa mme re se ka ra tshwana le bakwadi le Bafarasai? Re tshwanetse go tlotla botshelo le go bo anaanela. Moaposetoloi Paulo o ile a dira jalo ka go tlhagafala mo bodireding. Ka ntlha ya seo, o ne a re: “Ke phepa mo mading a batho botlhe.” (Bala Ditiro 20:26, 27.) Le fa go ntse jalo, o ne a sa rere ka gonne a ikutlwa molato kgotsa a ikutlwa a patelesega. Go na le moo, o ne a rata batho e bile o ne a tsaya botshelo jwa bone bo le botlhokwa. (1 Bakor. 9:19-23) Le rona re tshwanetse go tsaya botshelo bo le botlhokwa fela jaaka Modimo. Jehofa “o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Pet. 3:9) Gotweng ka wena? O tla lemoga gore go nna kutlwelobotlhoko go tla go tlhotlheletsa gore o tlhagafale mo bodireding le gore o itumelele go rera.

12. Ke eng fa tshireletsego e le botlhokwa mo bathong ba Modimo?

12 Gape re ka bontsha gore re tsaya botshelo bo le botlhokwa fela jaaka Jehofa fa go tla mo kgannyeng ya tshireletsego. Re tshwanetse go kgweetsa sentle le go tlhomamisa gore re latela melao ya tshireletsego fa re bereka, tota le fa re aga, re baakanya kgotsa re ya kwa mafelong a kobamelo. Tshireletsego le botsogo jwa rona di botlhokwa thata go feta go boloka nako kgotsa madi. Modimo wa rona yo o tshiamiso o dira se se siameng ka metlha. Le rona re batla go dira jalo. Bagolwane ba leka ka natla go latela melao ya tshireletsego gore ba se ka ba gobala kgotsa gore batho ba ba berekang le bone ba se ka ba gobala. (Dia. 22:3) Fa mogolwane mongwe a go gopotsa melao e e rileng ya tshireletsego, o tshwanetse go mo reetsa. (Bagal. 6:1) Tsaya botshelo bo le botlhokwa “gore o se ka wa nna le molato ope wa madi.”

‘ATLHOLA . . . KAFA DIKATLHOLONG TSENO’

13, 14. Ke eng se se neng se ka thusa banna ba bagolwane gore ba bontshe tshiamiso jaaka Jehofa?

13 Jehofa o ne a laela banna ba bagolwane ba Iseraele gore ba etse sekao sa gagwe sa tshiamiso. Sa ntlha, fa bagolwane ba ne ba atlhola, ba ne ba tshwanetse go tlhomamisa gore a dintlha tsotlhe di boammaaruri. Mo godimo ga moo, fa ba dira tshwetso ya gore a ke ka ba utlwele mmolai botlhoko, ba ne ba tshwanetse go sekaseka ka kelotlhoko maikaelelo a gagwe, tsela e a ikutlwang ka yone ka se a se dirileng le tsela e a neng a itshwara ka yone mo nakong e e fetileng. Gore ba kgone go bontsha kutlwelobotlhoko, ba ne ba tshwanetse go bona gore a mmolai yoo o ne a dirile seo ka ntlha ya “letlhoo” le gore a o ne a ikaeletse go bolaya motho yoo. (Bala Dipalo 35:20-24.) Fa e le gore go na le bangwe ba ba neng ba neela bosupi mo kgannyeng eo, go ne go tshwanetse ga nna le basupi ba le babedi kgotsa go feta gore go tlhomamisiwe gore a polao eo e ne e le ya ka boomo kgotsa jang.—Dipa. 35:30.

14 Ka jalo, fa banna ba bagolwane ba sena go bona dintlha tsotlhe, jaanong ba ne ba tshwanetse go akanya ka motho yoo, e seng fela se a se dirileng. Ba ne ba tshwanetse go nna le temogo, e leng bokgoni jwa go lemoga se se ka tswang se dirile gore motho yoo a bolaye yo mongwe. Mme sa botlhokwa le go feta, ba ne ba tlhoka moya o o boitshepo o o neng o tla ba thusa go nna le temogo, kutlwelobotlhoko le go bontsha tshiamiso jaaka Jehofa.—Ekes. 34:6, 7.

15. Tsela e Jesu a neng a leba baleofi ka yone e ne e farologane jang le e Bafarasai ba neng ba ba leba ka yone?

15 Bafarasai ba ne ba tlhoma mogopolo fela mo go se motho a se dirileng, ba se na sepe le gore motho o ntse jang. Fa Jesu a ne a ile moletlong kwa ntlong ya ga Mathaio, Bafarasai ba ile ba botsa barutwa ba gagwe jaana: “Ke ka ntlha yang fa moruti wa lona [a] ja le bakgethisi le baleofi?” Jesu o ne a ba araba jaana: “Batho ba ba tsogileng sentle ga ba tlhoke ngaka, mme ba ba bobolang ba a e tlhoka. Tsamayang, mme lo ithute gore seno se rayang, ‘Ke batla kutlwelobotlhoko, e seng setlhabelo.’ Gonne ke tletse go bitsa, e seng batho ba ba siameng, fa e se baleofi.” (Math. 9:9-13) A Jesu o ne a mpampetsa maleo a a masisi? Nnyaa. Tota e bile molaetsa wa gagwe o ne o tlhagisa batho gore ba ikwatlhaele maleo a bone. (Math. 4:17) Jesu o ile a lemoga gore bangwe ba “bakgethisi le baleofi” bao, ba ne ba batla go fetoga. Ba ne ba sa ela dijo fela kwa ntlong ya ga Mathaio. Go na le moo, ‘go ne go na le ba bantsi ba bone ba ba neng ba sala Jesu morago.’ (Mar. 2:15) Ka maswabi, Bafarasai ba ne ba sa lebe batho bao ka tsela e Jesu a neng a ba leba ka yone. Ba ne ba sa tshwane le Modimo yo o tshiamiso le yo o kutlwelobotlhoko yo ba neng ba iphaka ka gore ba a mo direla ka gonne bone ba ne ba re batho ba bangwe ke baleofi e bile ba re batho bao ba ka se fetoge.

16. Bagolwane ba leka go lemoga eng fa ba le mo komiting ya boatlhodi?

16 Gompieno bagolwane ba tshwanetse go etsa “morati wa tshiamiso” e bong Jehofa. (Pes. 37:28) Sa ntlha, ba tshwanetse go ‘tlhotlhomisa le go botsa thata’ go bona gore a go na le boleo jo bo dirilweng. Fa bo le teng, ba tla dirisa kaelo e e mo Baebeleng go atlhola kgang eo. (Dute. 13:12-14) Fa ba le mo komiting ya boatlhodi, ba tshwanetse go leka go bona gore a Mokeresete yo o dirileng boleo jo bo masisi o a ikwatlhaya kgotsa jang. Go lemoga gore a motho wa ikwatlhaya kgotsa jang ga go motlhofo. Go akaretsa go lemoga gore motho yoo o ikutlwa jang ka se a se dirileng le gore ke eng se se mo pelong ya gagwe. (Tshen. 3:3) Gore moleofi a utlwelwe botlhoko, o tshwanetse go ikwatlhaya. *

17, 18. Ke eng se se ka thusang bagolwane go bona gore a Mokeresete o a ikwatlhaya kgotsa jang? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

17 Bagolwane ga ba tshwane le Jehofa le Jesu ka gonne bone ga ba kgone go bona se se mo pelong ya motho. Ka jalo, fa o le mogolwane, o ka dira eng go bona gore a tota motho o ikwatlhaya go tswa pelong? Sa ntlha, rapelela botlhale le temogo. (1 Dikg. 3:9) Sa bobedi, dirisa Lefoko la Modimo le dikgatiso tsa motlhanka yo o boikanyego go go thusa go farologanya “kutlobotlhoko ya lefatshe” le “kutlobotlhoko ka tsela ya bomodimo,” e leng boikwatlhao jwa mmatota. (2 Bakor. 7:10, 11) Leka go bona kafa Baebele e tlhalosang ka teng batho ba ba ikwatlhayang le ba ba sa ikwatlhayeng. E tlhalosa jang tsela e ba ikutlwang ka yone, e ba lebang dilo ka yone le kafa ba itshwarang ka teng?

18 Sa bofelo, leka go bona gore Mokeresete yoo ke motho wa mofuta mang, o se ka wa tlhoma mogopolo fela mo go se a se dirileng. Akanyetsa tsela e a godileng ka yone, maitlhomo le makoa a gagwe. Baebele e ile ya bolelela pele jaana ka tlhogo ya phuthego e bong Jesu: “Ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.” (Isa. 11:3, 4) Bagolwane ke baemedi ba ga Jesu, ka jalo, o tla ba thusa gore ba atlhole ka tsela e e siameng. (Math. 18:18-20) Eleruri re leboga go bo re na le bagolwane ba ba lorato ba ba lekang go atlhola ka tsela e e siameng. Re anaanela matsapa a ba a tsayang go re thusa gore re bontshane kutlwelobotlhoko le tshiamiso.

19. O ikemiseditse go dirisa thuto efe e o e ithutileng mo thulaganyong ya metse ya botshabelo?

19 Molao wa ga Moshe o na le “sebopego sa kitso le sa boammaaruri.” O re ruta ka Jehofa le ka melao ya gagwe e e siameng. (Bar. 2:20) Ka sekai, thulaganyo ya metse ya botshabelo e ruta bagolwane go ‘dira katlholo ka tshiamiso ya boammaaruri,’ e bile e ruta Bakeresete botlhe gore ba “direlane bopelonomi jwa lorato le mautlwelobotlhoko.” (Seka. 7:9) Ga re tlhole re le ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a fetoge, e bile o sa ntse a tsaya tshiamiso le kutlwelobotlhoko di le botlhokwa fela thata. Ke tshiamelo go obamela Modimo yo re dirilweng mo setshwanong sa gagwe, yo re ka kgonang go etsa dinonofo tsa gagwe le yo re ka tshabelang kwa go ene.

^ ser. 16 Bona setlhogo se se reng “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa September 15, 2006, ts. 30.