Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Jehofa ke Botshabelo Jwa Gago?

A Jehofa ke Botshabelo Jwa Gago?

“Jehofa o golola moya wa batlhanka ba gagwe; mme ga go na ope wa ba ba tshabelang mo go ene yo o tla bonwang molato.”—PES. 34:22.

PINA: 49, 65

1. Ka ntlha ya boleo, bontsi jwa batho ba ba ikanyegang ba Modimo ba ikutlwa jang?

“A NNA motho yo o tlhomolang pelo!” (Bar. 7:24) Bontsi jwa batho ba ba ikanyegang ba Modimo, ba ile ba bua mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo. Rotlhe re a boga ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng, mme fa ditiro tsa rona di sa tsamaisane le keletso ya rona ya go batla go itumedisa Jehofa, re ka kgobega marapo. Bakeresete bangwe ba ba ileng ba dira boleo jo bo masisi ba ne ba tsaya gore Modimo a ka se ba itshwarele.

2. (a) Pesalema 34:22 e bontsha jang gore batho ba Modimo ga ba tlhoke go ikutlwa molato? (b) Re tla sekaseka eng mo setlhogong seno? (Bona lebokose le le reng “ Thuto Kgotsa Tshwantshetso?”)

2 Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhomamisetsa gore ba ba dirang gore Jehofa e nne botshabelo jwa bone, ga ba tlhoke go nna ba ikutlwa molato. (Bala Pesalema 34:22.) Go dira Jehofa botshabelo jwa gago go akaretsa eng? Re tshwanetse go tsaya dikgato dife gore Jehofa a re utlwele botlhoko le go re itshwarela? Re tla itse dikarabo tsa dipotso tseno fa re sekaseka thulaganyo ya metse ya botshabelo ya kwa Iseraele wa bogologolo. Thulaganyo eno e ne e le karolo ya kgolagano ya Molao e e neng ya emisediwa ka kgolagano e nngwe ka Pentekosete ya 33 C.E. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Molao oo o ne o tswa kwa go Jehofa. Ka jalo, thulaganyo eno ya metse ya botshabelo, e re ruta gore Jehofa o leba jang boleo, baleofi le boikwatlhao. Sa ntlha, a re sekasekeng boikaelelo jwa metse eno.

‘ITLHOPHELENG METSE YA BOTSHABELO’

3. Baiseraele ba ne ba dira eng fa motho a bolaile yo mongwe ka boomo?

3 Kwa Iseraele wa bogologolo, Jehofa o ne a tsaya kgang ya go bolaya motho yo mongwe e le masisi. Motho yo o bolaileng yo mongwe ka boomo, o ne a bolawa ke monna yo o mo losikeng la motho yo o bolailweng, monna yoo o ne a bidiwa “mmusolosi wa madi.” (Dipa. 35:19) Thulaganyo eno e ne e duelela madi a motho yo o bolailweng. Fa mmolai a bolawa ka bonako, seo se ne se dira gore Lefatshe le le Solofeditsweng le se ka la leswafala, ka gonne Jehofa o ne a re: “Lo se ka lwa kgotlela lefatshe le lo leng mo go lone; ka gonne madi [a motho yo o bolailweng] ke one a kgotlelang lefatshe.”—Dipa. 35:33, 34.

4. Baiseraele ba ne ba dira eng fa motho a bolaile yo mongwe ka phoso?

4 Le fa go ntse jalo, Baiseraele ba ne ba dira eng fa motho a bolaile yo mongwe ka phoso? Le fa gone motho yoo a dirile jalo ka phoso, o ne a sa ntse a na le molato wa go bolaya motho yo mongwe. (Gen. 9:5) Mme gone, o ne a letleletswe gore a tshabele mmusolosi wa madi kwa go nngwe ya metse e merataro ya botshabelo. Fa a le koo, o ne a tla sireletsega. Mo godimo ga moo, o ne a tshwanetse go nna koo go fitlha moperesiti yo mogolo a tlhokafala.—Dipa. 35:15, 28.

5. Thulaganyo ya metse ya botshabelo e ka re thusa jang go itse Jehofa botoka?

5 Kgang ya gore go nne le metse ya botshabelo, ga e a tla ka motho ope. Jehofa ka boene o ne a raya Joshua a re: “Bua le bomorwa Iseraele, o re, ‘[Itlhopheleng] metse ya botshabelo.’” Metse eno e ne e neilwe “maemo a a boitshepo.” (Josh. 20:1, 2, 7, 8) E re ka Jehofa e le ene a rulagantseng gore metse eno e nne ya botshabelo, re ka ipotsa jaana: Thulaganyo eno e re thusa jang go lemoga kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka gone? Mme e re ruta eng ka go dira gore Jehofa e nne botshabelo jwa rona?

O TSHWANETSE GO ‘BUA MAFOKO A GAGWE LE BANNA BA BAGOLWANE’

6, 7. (a) Tlhalosa boikarabelo jwa banna ba bagolwane fa ba atlhola motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso. (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Ke eng fa mmolai a ne a tshwanetse go ya go bua le banna ba bagolwane?

6 Fa Moiseraele a sena go bolaya motho ka phoso, o ne a tshwanetse go ya kwa kgorong ya motse wa botshabelo mme “a bue mafoko a gagwe banna ba bagolwane ba motse oo ba utlwa.” Mme banna bao ba bagolwane ba ne ba tshwanetse go mo amogela. (Josh. 20:4) Nakwana morago ga moo, Moiseraele yoo o ne a busediwa kwa banneng ba bagolwane ba kwa motseng o a neng a bolaya motho gone, mme banna bao ba ne ba tshwanetse go atlhola kgang ya gagwe. (Bala Dipalo 35:24, 25.) Mme fa ba swetsa ka gore o bolaile motho ka phoso, ke gone a neng a ka boela kwa motseng wa botshabelo.

7 Ke eng fa banna ba bagolwane ba ne ba tsenngwa mo dikgannyeng tseo? Ba ne ba tshwanetse go tlhomamisa gore phuthego ya Iseraele e nne e sa leswafala le go thusa motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso gore a itshwarelwe ke Jehofa. Moithuti mongwe wa Baebele o ne a re fa mmolai yoo a ne a ka se ye kwa banneng ba bagolwane, “o ne a tla di gama a sa di tlhapela.” Gape o ne a re: “Ga go na ope yo o neng a tla bonwa molato fa a bolawa, ka gonne ga a ka a dirisa thulaganyo e Modimo a mo diretseng yone.” Go ne go na le thulaganyo e e neng e ka thusa mmolai yono, mme ke ene a neng a tshwanetse go batla thuso eo. Fa a sa ye go batla thuso kwa metseng ya botshabelo, mongwe wa losika lwa motho yo a mmolaileng, o ne a letleletswe go mmolaya.

8, 9. Ke eng fa Mokeresete yo o dirileng boleo jo bo masisi a tshwanetse go kopa thuso kwa bagolwaneng?

8 Gompieno, Mokeresete yo o dirileng boleo jo bo masisi o tshwanetse go batla thuso kwa bagolwaneng ba phuthego gore a boe a nne le kamano e e molemo le Jehofa. Ke eng fa seo se le botlhokwa? Sa ntlha, thulaganyo ya gore bagolwane ba rarabolole dikgang tsa batho ba ba dirileng boleo jo bo masisi e tswa kwa go Jehofa a dirisa Lefoko la gagwe. (Jak. 5:14-16) Sa bobedi, thulaganyo eno e thusa baleofi ba ba ikwatlhayang gore ba nne le kamano e e molemo le Jehofa le gore ba se ka ba boeletsa maleo a bone. (Bagal. 6:1; Baheb. 12:11) Sa boraro, bagolwane ba tlhomilwe e bile ba thapisitswe gore ba kgothatse baleofi ba ba ikwatlhayang gore ba se ka ba tlhola ba ipona molato. Jehofa a re banna bano ke “lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu.” (Isa. 32:1, 2) Thulaganyo eno ke tsela nngwe e Modimo a re bontshang kutlwelobotlhoko ka yone.

9 Batho ba le bantsi ba Modimo ba ile ba ikutlwa ba imologile morago ga go bua le bagolwane le go amogela thuso ya bone. Ka sekai, mokaulengwe mongwe e bong Daniel, o ne a dira boleo jo bo masisi mme go ne ga feta dikgwedi di le mmalwa a okaoka go bua le bagolwane. O ne a re: “E re ka go ne go fetile nako e ntsi, ke ne ke akanya gore ga go na sepe se bagolwane ba ka tlholang ba se dira go nthusa. Le fa go ntse jalo, ke ne ke nna ke tshogile gore mongwe a ka itse ka boleo jo ke bo dirileng mme ka tshwanelwa ke go lebana le ditlamorago tsa teng. Mme fa ke ne ke rapela Jehofa, ke ne ke akanya gore nako le nako ke tshwanetse go simolola ka go kopa maitshwarelo.” Kwa bofelong, Daniel o ne a kopa thuso kwa bagolwaneng. O ne a re: “Gone ke ne ke tshaba go bua le bone. Mme morago ga moo, go ne go lebega e kete mongwe o nthotse morwalo o o neng o nkimela. Jaanong ke kgona go bua le Jehofa go se na sepe se se nkgoreletsang.” Gone jaanong Daniel o na le segakolodi se se phepa e bile o ne a tlhomiwa go nna motlhanka wa bodiredi.

‘O TSHWANETSE GO TSHABELA KWA GO NNGWE YA METSE ENO’

10. Motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a tshwanetse go tsaya kgato efe gore a itshwarelwe?

10 Motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso o ne a tshwanetse go tsaya kgato ka bonako gore a tle a itshwarelwe. O ne a tshwanetse go tshabela kwa motseng o o gaufi wa botshabelo. (Bala Joshua 20:4.) Go ne go ka se kgonege gore a kgobe kgetsi a bo a sa dire sepe ka gonne o ne a tshwanetse go ya kwa motseng oo ka bonako mme a nne koo gore a se ka a bolawa! Seno se ne se raya gore o ne a tshwanelwa ke go ithontsha dilo dingwe. O ne a tshwanelwa ke go tlogela tiro ya gagwe ya boitshediso, legae la gagwe le kgololesego ya go eta, go fitlha moperesiti yo mogolo a tlhokafala. * (Dipa. 35:25) Mme go dira jalo go ne go mo tswela mosola. Fa a ne a ka tswa mo motseng wa botshabelo, o ne a tla bo a bontsha gore ga a kgathale go bo a bolaile motho e bile botshelo jwa gagwe bo ne bo tla nna mo kotsing.

11. Ke dilo dife tse Mokeresete yo o ikwatlhayang a di dirang tse di bontshang gore o anaanela kutlwelobotlhoko ya Modimo?

11 Gompieno baleofi ba ba ikwatlhayang le bone ba tshwanetse go tsaya kgato gore Modimo a ba itshwarele. Re tshwanetse go tlogela gotlhelele go dira boleo jo bo masisi mme seo se akaretsa gore re tlogele le diphoso tse di ka dirang gore re dire boleo jo bo masisi. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ditiro tsa Bakeresete ba kwa Korintha ba ba neng ba ikwatlhaya. O ne a re: “Gonne, bona! sone selo seno, go utlwa botlhoko ga lona ka tsela ya bomodimo, a bo go ne ga tsala tlhoafalo e kgolo jang ne mo go lona, ee, go intlafatsa, ee, bogale, ee, poifo, ee, tlhologelelo, ee, tlhoafalo, ee, go baakanngwa ga phoso!” (2 Bakor. 7:10, 11) Fa re dira ka natla go tlogela go dira boleo, re tla bo re bontsha Jehofa gore re tshwenyegile ka se re se dirileng e bile ga re tseye gore ke tshwanelo gore Jehofa a re utlwele botlhoko.

12. Mokeresete o tshwanetse go tlogela dilo dife gore Modimo a tle a mo utlwele botlhoko?

12 Mokeresete o tshwanetse go tlogela dilo dife gore Modimo a tle a mo utlwele botlhoko? O tshwanetse go tlogela dilo dingwe tse a di ratang thata fa e le gore di ka dira gore a feleletse a dirile boleo. (Math. 18:8, 9) Fa e le gore o na le ditsala dingwe tse di go tlhotlheletsang gore o dire dilo tse di sa itumediseng Jehofa, a o tla tlogela go itsalanya le bone? Fa e le gore o thatafalelwa ke go dirisa bojalwa sentle, a o iketleeleditse go tila maemo a a ka dirang gore o nwe thata? Fa e le gore o lwantsha dikeletso tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo, a o tila difilimi, di-website kgotsa ditiro dipe tse di ka dirang gore o nne le dikakanyo tse di leswe? Gopola gore sepe fela se re se dirang gore re nne re ikanyega mo go Jehofa ruri se molemo tota. Ga go na sepe se se botlhoko thata jaaka go latlhwa ke Jehofa. Mme gape ga go na sepe se se kgotsofatsang go feta gore Jehofa a go bontshe “bopelonomi jwa lorato ka bosakhutleng.”—Isa. 54:7, 8.

‘E TLA NNA BOTSHABELO JWA LONA’

13. Tlhalosa lebaka la go bo mmolai a ne a ka kgona go sireletsega le go itumela kwa motseng wa botshabelo.

13 Motho yo o bolaileng yo mongwe o ne a sireletsegile fa a le kwa motseng wa botshabelo. Jehofa o ne a bua jaana ka metse eo: ‘E tla nna botshabelo jwa lona.’ (Josh. 20:2, 3) Jehofa o ne a sa batle gore mmolai yoo a atlholwe gape, e bile mmusolosi wa madi o ne a sa tshwanela go ya kwa motseng wa botshabelo gore a mmolaye. Ka jalo, mmolai yoo o ne a sa tlhoke go boifa gore o tla bolawa. Fa a le kwa motseng wa botshabelo, Jehofa o ne a mo sireleditse. O ne a se mo kgolegelong. O ne a kgona go dira tiro nngwe, go thusa ba bangwe le go direla Jehofa ka kagiso kwa motseng oo. Eleruri o ne a kgona go kgotsofala le go itumelela botshelo koo!

Tlhomamisega gore Jehofa o tla go itshwarela (Bona serapa 14-16)

14. Mokeresete yo o ikwatlhayang a ka tlhomamisega ka eng?

14 Batho bangwe ba Modimo ba ba ileng ba dira boleo jo bo masisi, ba ne ba ipona molato le fa ba sena go ikwatlhaya e bile ba ne ba akanya gore Jehofa o tla nna a ba tsaya e le batho ba ba sa siamang. Fa e le gore o ikutlwa jalo, tlhomamisega gore fa Jehofa a go itshwarela, o go itshwarela ka botlalo! Daniel yo re buileng ka ene pelenyana, o ile a iponela seo. Morago ga gore bagolwane ba mo thuse go nna le segakolodi se se siameng, o ne a re: “Ke ne ke ikutlwa ke imologile tota. Fa kgang eno e sena go rarabololwa sentle, ke ne ke sa tlhole ke ipona molato. Fa o itshwaretswe boleo, go fedile. Jehofa a re o latlhela mokgweleo wa gago kgakala le wena. Ga o kitla o o bona gape.” Fa mmolai a sena go tsena mo motseng wa botshabelo, o ne a sa tlhole a tlhoka go boifa gore mmusolosi wa madi a ka tla go mmolaya. Ka tsela e e tshwanang, fa Jehofa a itshwaretse maleo a rona, ga re tlhoke go boifa gore a ka re gopotsa one gape kgotsa a re atlhola ka ntlha ya one.—Bala Pesalema 103:8-12.

15, 16. Seabe sa ga Jesu sa go nna Morekolodi le Moperesiti yo Mogolo se go tlhomamisetsa jang gore Modimo o tla go utlwela botlhoko?

15 Tota e bile, re na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore Jehofa o tla re utlwela botlhoko. Fa Paulo a sena go tlhalosa gore o palelwa ke go ikobela Jehofa ka botlalo, o ne a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!” (Bar. 7:25) Le fa gone a ne a lwantsha keletso ya go dira se se sa siamang e bile a ikutlwa molato ka ntlha ya dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng tse tota a neng a setse a di ikwatlhaetse, o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o mo itshwaretse ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. E re ka Jesu a re rekolotse, o re thusa go nna le segakolodi se se phepa le gore re ritibale maikutlo. (Baheb. 9:13, 14) E re ka e le Moperesiti yo Mogolo, ‘o kgona go boloka ka botlalo ba ba atamelang Modimo ka ene, ka gonne ka metlha o a tshela gore a tle a ba rapelele.’ (Baheb. 7:24, 25) Fa e le gore seabe sa moperesiti yo mogolo se ne se tlhomamisetsa Baiseraele gore ba tla itshwarelwa maleo, rona re tshwanetse go tlhomamisega le go feta gore seabe sa Moperesiti wa Rona yo Mogolo e bong Jesu, se tla dira gore “re amogele kutlwelobotlhoko re bo re bone bopelonomi jo bo sa re tshwanelang gore re bone thuso ka nako e e tshwanetseng.”—Baheb. 4:15, 16.

16 Gore Jehofa e nne botshabelo jwa rona, re tshwanetse go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu. O se ka wa tsaya fela gore thekololo e solegela batho ba bantsi molemo. Go na le moo, dumela gore le wena thekololo e go solegela molemo. (Bagal. 2:20, 21) Dumela gore thekololo ke yone e dirang gore o itshwarelwe maleo. Dumela gore thekololo e go naya tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. Setlhabelo sa ga Jesu ke mpho e Jehofa a go nayang yone.

17. Ke eng fa o tshwanetse go dira Jehofa botshabelo jwa gago?

17 Metse ya botshabelo e bontsha kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka gone. Thulaganyo eno ya Modimo e ne e bontsha gore botshelo bo boitshepo mme gape e re bontsha kafa bagolwane ba re thusang ka gone, gore go ikwatlhaya ka pelo yotlhe go akaretsa eng le gore ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o re itshwarela ka botlalo. A Jehofa ke botshabelo jwa gago? Ga go na botshabelo bope jo bo gaisang jono! (Pes. 91:1, 2) Mo setlhogong se se latelang, re tla bona kafa metse eno ya botshabelo e ka re thusang ka gone go etsa sekao se se molemo sa ga Jehofa sa go bontsha tshiamiso le kutlwelobotlhoko.

^ ser. 10 Go ya ka dibuka dingwe tsa Bajuda, lelapa la motho yo o bolaileng yo mongwe ka phoso le ne le ya go nna le ene kwa motseng wa botshabelo.