Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Opela ka Boitumelo!

Opela ka Boitumelo!

“Go molemo go leletsa Modimo wa rona pina.”—PES. 147:1.

PINA: 9, 138

1. Go opela go re thusa go dira eng?

MOKWADI yo o itsegeng wa dipina o ne a re: “Mafoko a dira gore o akanye. Mmino o dira gore o nne le maikutlo mangwe a a rileng. Mme pina yone e dira gore maikutlo a gago a tsamaisane le se o se akanyang.” Eleruri ga go na dipina dipe tse di gaisang dipina tse di re tlhotlheletsang go galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa le go mo rata. Ke ka moo go opela go leng botlhokwa thata mo kobamelong ya boammaaruri, e ka ne motho o opela a le nosi kgotsa a na le batho ba Modimo kwa phuthegong.

2, 3. (a) Bangwe ba ikutlwa jang ka go opela kwa dipokanong? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

2 Mme gone, o ikutlwa jang ka go opela kwa dipokanong? A go go tlhabisa ditlhong? Mo ditsong dingwe, banna ba ikobonya go opela mo gare ga batho. Kgang eno e ka nna ya ama phuthego yotlhe segolobogolo fa ba ba eteletseng pele ba dira diipato tsa gore ba se ka ba opela kgotsa ba dira ditiro tse dingwe fa phuthego e opela.—Pes. 30:12.

3 E re ka go opela e le karolo e e botlhokwa ya kobamelo ya rona, go tla bo go sa siama gore re tswele kwa ntle fa go opelwa kgotsa gore re foswe ke karolo eno ya dipokano. Ka jalo, rotlhe re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘Ke ikutlwa jang ka go opela kwa dipokanong? Ke eng se nka se dirang gore ke se ka ka tshaba go opela ka boitumelo? Mo godimo ga moo, ke eng se nka se dirang gore ke opele dipina tsa Bogosi ka pelo yotlhe?’

GO OPELA KE KAROLO YA BOTLHOKWA YA KOBAMELO YA BOAMMAARURI

4, 5. Dithulaganyo tsa go opela kwa Iseraele di ne di ntse jang?

4 Baobamedi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ga ba bolo go dirisa mmino go galaletsa Jehofa. Go a kgatlha gore fa Baiseraele ba ne ba direla Jehofa ka boikanyegi, go opela e ne e le selo sa botlhokwa mo kobamelong ya bone. Ka sekai, ka nako ya fa go ne go baakanyediwa tiro ya kwa tempeleng, Kgosi Dafide o ne a rulaganya Balefi ba le 4 000 gore ba tshameke mmino wa pako. Mo palong eno, go ne go na le ba le 288 ba ba neng ‘ba thapiseditswe go opelela Jehofa, e le ditswerere botlhe.’—1 Ditir. 23:5; 25:7.

5 Fa tempele e ne e kgakolwa, go tshameka mmino le go opela e ne e le dilo tsa botlhokwa tota. Baebele e tlhalosa jaana: “Fa ba ba letsang diterompeta le baopedi ba ne ba le seoposengwe mo go direng gore go utlwale modumo o le mongwe fela mo go bakeng le mo go lebogeng Jehofa, e bile e rile fela fa ba tlhatlosa modumo ka diterompeta le ka disemebala le ka diletswa tsa pina le ka go baka Jehofa . . . kgalalelo ya ga Jehofa e ne [ya tlala] mo ntlong ya Modimo wa boammaaruri.” Ruri eo e tshwanetse ya bo e ne e le tiragalo e e nonotshang tumelo!—2 Ditir. 5:13, 14; 7:6.

6. Tlhalosa thulaganyo e e kgethegileng ya go opela ka nako ya fa Nehemia e ne e le mmusi kwa Jerusalema.

6 Fa Nehemia a ne a eteletse Baiseraele pele mo tirong ya go aga sesha dipota tsa Jerusalema, o ne a tlhoma Balefi gore ba tshameke mmino. Fa dipota tse di agilweng sesha di neelwa, thulaganyo e e kgethegileng ya mmino e ne ya dira gore tiragalo eo e itumedise fela thata. Mo lekgetlong leno, go ne go na le “ditlhopha tse pedi tse dikgolo tsa baopedi.” Ditlhopha tseno tse pedi di ne di le kwa matlhakoreng a a farologaneng mme di ne tsa kopana mo loboteng lo lo gaufi le tempele gore di dire modumo o o neng o utlwala kgakala. (Neh. 12:27, 28, 31, 38, 40, 43) Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a itumelela go utlwa baobamedi ba gagwe ba mo galaletsa ka dipina.

7. Jesu o ne a bontsha jang gore go opela go botlhokwa mo kobamelong ya Bokeresete?

7 Fa phuthego ya Bokeresete e sena go tlhomiwa, mmino o ne o sa ntse o le botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri. Mo bosigong jwa botlhokwa mo hisitoring ya batho, fa Sejo sa Morena sa Maitseboa se sena go tlhomiwa, Jesu o ne a kopa gore go opelwe.—Bala Mathaio 26:30.

8. Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba re tlhometse sekao sefe?

8 Bakeresete ba mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba re tlhomela sekao sa go galaletsa Modimo ka go opela. Le fa gone ba ne ba kopanela mo magaeng a ba bangwe, ga ba a ka ba letla seo se dira gore ba se ka ba tlhagafalela go opelela Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwalela bakaulengwe ba gagwe jaana: “Nnang lo rute lo bo lo tlhagisane ka dipesalema, dipako tse di yang kwa Modimong, dipina tsa semoya di na le bopelontle, lo opelela Jehofa mo dipelong tsa lona.” (Bakol. 3:16) Dipina tse di mo bukeng ya rona ya dipina ruri ke ‘dipina tsa kobamelo tse di tshwanetseng go opelwa ka bopelontle.’ Ke karolo ya dithuto tsa boammaaruri tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.”—Math. 24:45.

GO TSHABA GO OPELA

9. (a) Ke eng se se ka dirang gore bangwe ba tshabe go opela kwa dipokanong le kwa dikopanong? (b) Re tshwanetse go opelela Jehofa jang, mme ke bomang ba ba tshwanetseng go etelela pele mo kgannyeng eno? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

9 Gotweng fa e le gore go opela ga go a tlwaelega mo lelapeng la lona, mo setsong sa lona kgotsa mo lefelong le lo nnang mo go lone? Thekenoloji e dira gore go nne motlhofo go reetsa baopedi ba e leng ditswerere. Le fa go ntse jalo, o ka nna wa tlhabiwa ke ditlhong kgotsa wa swaba fa o bapisa lentswe la gago le la baopedi ba ba itsegeng. Mme gone, seo ga se a tshwanela go dira gore o itlhokomolose boikarabelo jwa gago jwa go opelela Jehofa. Go na le moo, tshwarela kopelo ya gago kwa godimo, tsholetsa tlhogo mme o opele ka pelo yotlhe! (Esera 3:11; bala Pesalema 147:1.) Mo Diholong di le dintsi Tsa Bogosi, mafoko a dipina a tlhagelela mo sekirining mme seno se re thusa gore re opelele kwa godimo. Se se kgatlhang ke gore gone jaanong go opela dipina tsa Bogosi ke karolo ya thapiso ya bagolwane ya kwa Sekolong sa Bodiredi sa Bogosi. Seno se bontsha botlhokwa jwa gore bagolwane ba etelele pele fa phuthego e opela.

10. Re tshwanetse go gopola eng fa e le gore re tshaba go opelela kwa godimo?

10 Sengwe se se dirang gore batho ba le bantsi ba tshabe go opela ke letshogo. Ba ka tswa ba tshaba gore ba tla utlwala kwa godimo thata kgotsa gore ba tla tlaila ba bo ba sulafaletsa ba bangwe go opela. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go gopola gore fa re bua, “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2) Mme gone, seo ga se dire gore re se ka ra bua. Ka jalo, ke eng fa re tshwanetse go tshaba go opelela Jehofa ka gonne re sa kgone go opela sentle?

11, 12. Ke dikakantsho dife tse di ka re thusang go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go opela?

11 Gongwe re ka tswa re tshaba go opela ka gonne ga re itse gore re ka opela jang. Le fa go ntse jalo, re ka nna le bokgoni jwa go opela fa re ka dirisa dikakantsho dingwe tse di molemo. *

12 O ka ithuta go opelela kwa godimo ka go hema ka tsela e e siameng. Fela jaaka motlakase o naya tleloupu maatla, go hema go nonotsha mantswe a rona fa re bua kgotsa fa re opela. O tshwanetse go opela ka lentswe le le lekanang le lentswe le o buang ka lone kgotsa le le kwa godimo ga lone. (Bona dikakantsho tse di mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, tsebe 181 go ya go 184, mo setlhogwaneng se se reng, “Laola Tsela e o Hemang ka Yone Sentle.”) Tota e bile, fa go tla mo kgannyeng ya go opela, ka dinako dingwe Dikwalo di laela baobamedi ba ga Jehofa gore ba ‘goe ka boipelo.’—Pes. 33:1-3.

13. Tlhalosa gore ke eng se re ka se dirang gore re kgone go opela ka bopelokgale.

13 Ka nako ya kobamelo ya lona ya lelapa kgotsa fa o le nosi, dira jaana: Tlhopha pina nngwe e o e ratang thata mo bukeng ya rona ya dipina. Bala mafoko a pina eo ka lentswe le le kwa godimo le le nonofileng. Go tswa foo, ka lentswe le le tshwanang, bua mafoko otlhe a mola o le mongwe wa pina eo fa o sena go goga mowa gangwe. Morago ga moo, opela mola oo ka lone lentswe leo le le nonofileng. (Isa. 24:14) Fa o dira jalo, lentswe le o opelang ka lone le tla nonofa mme seo se molemo tota. O se ka wa letla gore seo se go tshose kgotsa se go tlhabise ditlhong!

14. (a) Go bula molomo wa gago thata go ka go thusa jang go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go opela? (Bala lebokose le le reng, “ Go Tokafatsa Bokgoni Jwa Gago Jwa go Opela.”) (b) Ke dikakantsho dife tse di molemo tse o akanyang gore di ka go thusa go baakanya lentswe la gago?

14 O ka se kgone go opelela kwa godimo fa o sa bule molomo. Ka jalo, sengwe se se ka go thusang ke gore o bule molomo thata go feta tsela e o o bulang ka yone fa o bua. Ke eng se o ka se dirang fa o akanya gore o na le lentswe le le bokoa kgotsa le le kwa godimo thata? O ka bona dikakantsho tse di molemo malebana le bothata jono mo bukeng ya Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo, tsebe 184, mo lebokoseng le le reng, “Go Fenya Mathata Mangwe.”

OPELA KA PELO YOTLHE

15. (a) Go ne ga dirwa kitsiso efe kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya 2016? (b) Ke eng se se tokafaditsweng mo bukeng e ntšha ya dipina?

15 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba itumetse tota kwa pokanong ya ngwaga le ngwaga ya 2016 ya Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania fa Mokaulengwe Stephen Lett wa Setlhopha se se Laolang a ne a itsise gore buka e ntšha ya dipina ya setlhogo se se reng, Opelelang Jehofa ka Boitumelo e tla simolola go dirisiwa kwa dipokanong mo bogautshwaneng. Mokaulengwe Lett o ne a tlhalosa gore lengwe la mabaka a gore buka eno ya dipina e tokafadiwe ke gore mafoko a yone a tsamaisane le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e e tokafaditsweng. Seno se raya gore go ne go tla ntshiwa kgotsa go tokafadiwe mafoko a a sa tlholeng a le gone mo Thanolong ya Lefatshe le Lesha ya 2013 e e tokafaditsweng. Mo godimo ga moo, go tsentswe dipina tse disha tse di buang ka tiro ya rona ya go rera le tse di tlhalosang kafa re anaanelang thekololo ka gone. Gape e re ka go opela e le karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona, Setlhopha se se Laolang se ne se batla go dira buka e khabara ya yone e tshwanang le khabara e ntle ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e tokafaditsweng.

16, 17. Ke diphetogo dife tse di dirilweng mo bukeng e ntšha ya dipina?

16 Dipina tse di mo bukeng ya Opelelang Jehofa ka Boitumelo di rulagantswe go ya ka ditlhogo gore go nne motlhofo go dirisa buka eno. Ka sekai, dipina tsa ntlha tse 12 di bua ka Jehofa, mme tse di latelang tse 8 di bua ka Jesu le ka thekololo, jalo le jalo. Go na le kaedi ya ditlhogo e e ka thusang thata, ka sekai, gongwe fa o batla go tlhopha pina e o tla e dirisetsang puo ya phatlalatsa.

17 Gore mongwe le mongwe a kgone go opela ka pelo yotlhe, mafoko mangwe a tokafaditswe gore kgangkgolo e tle e kgone go utlwala sentle e bile go ntshitswe mafoko mangwe a a sa tlholeng a dirisiwa thata gompieno. Ka sekai, mafoko mangwe a ntshitswe go bo go tsenngwa mafoko a a dirisiwang ke batho ba le bantsi le a a tlhaloganyesegang motlhofo. Setlhogo se se reng, “Bopelotelele,” se fetotswe go nna “Go Bontsha Bopelotelele” mme mafoko a sone a fetotswe go dumalana le phetogo eno. Go fetola setlhogo se se reng, “Disa Pelo ya Gago” gore e nne “A re Diseng Dipelo Tsa Rona” go ne go tshwanela. Ka ntlha yang? Kwa dipokanong le kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo go na le batho ba le bantsi ba basha, ba ba kgatlhegang, bana le bokgaitsadi ba ba neng ba se kitla ba gololesega go opela mafoko a yone ka gonne ba ne ba tla bo ba laela ba bangwe gore ba dire eng. Ka jalo, setlhogo sa yone le mafoko a yone a ne a fetolwa.

Opela dipina tsa Bogosi ka nako ya kobamelo ya lelapa (Bona serapa 18)

18. Ke eng fa re tshwanetse go itlwaetsa dipina tse di mo bukeng e ntšha ya dipina? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

18 Bontsi jwa dipina tse di mo bukeng ya Opelelang Jehofa ka Boitumelo di kwadilwe ka tsela e e dirang gore e nne thapelo. Ka jalo, o ka kgona go dirisa dipina tseno go bulela Jehofa mafatlha. Dipina tse dingwe di tla re ‘tlhotlheletsa mo loratong le mo ditirong tse di molemo.’ (Baheb. 10:24) Go tla bo go le molemo gore re itlwaelanye le molodi, morethetho le mafoko a tsone. O ka nna wa dira jalo ka go reetsa dipina tse di rekotilweng tsa khwaere ya phuthego tse di gone mo jw.org. Fa o nna o opela dipina tseno kwa gae, o ka kgona go ithuta go di opela ka pelo yotlhe o sa tshabe. *

19. Batho botlhe mo phuthegong ba ka nna le seabe jang mo go obameleng Jehofa?

19 Gopola gore go opela ke karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya rona. Ke tsela e e molemo tota e re ka bontshang ka yone gore re rata Jehofa e bile re lebogela dilo tse a re direlang tsone. (Bala Isaia 12:5.) Fa o opela ka boitumelo, o tla tlhotlheletsa ba bangwe gore le bone ba se ka ba tshaba go opela. Eleruri mongwe le mongwe mo phuthegong, basha, bagolo le batho ba ba kgatlhegang, ba ka nna le seabe mo go obameleng Jehofa ka tsela eno. Ka jalo, o se ka wa tshaba go opela. Go na le moo, ikobele kaelo eno e e tlhotlheleditsweng ya mopesalema: “Opelelang Jehofa!” A rotlhe re opele ka boitumelo!—Pes. 96:1.

^ ser. 11 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng kaga gore o ka nna jang le bokgoni jwa go opela, bona thulaganyo ya kgwedi ya December 2014 mo JW Broadcasting ka Seesemane. (tsena mo, video category FROM OUR STUDIO).

^ ser. 18 Gore re kgone go ipaakanyetsa go opela, thulaganyo nngwe le nngwe ya dikopano tse dinnye le tse dikgolo e simolola ka mmino wa metsotso e le lesome. Mmino ono o rulagantswe ka tsela e e tla dirang gore re kgone go ipaakanyetsa thulaganyo e e latelang. Ka jalo, re kgothalediwa gore re nne fa fatshe le go reetsa ka kelotlhoko fa thulaganyo eno ya mmino e simologa.