Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se Letle Sepe se go Amoga Sekgele

Se Letle Sepe se go Amoga Sekgele

“A motho ope . . . a se ka a lo amoga sekgele.”—BAKOL. 2:18.

PINA: 32, 134

1, 2. (a) Batlhanka ba Modimo ba lebile pele go amogela sekgele sefe? (b) Ke eng se se tla re thusang go tlhoma mogopolo mo go amogeleng sekgele? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

FELA jaaka moaposetoloi Paulo, Bakeresete ba ba tloditsweng le bone ba na le tsholofelo e e itumedisang ya go amogela “tuelo ya pitso ya kwa godimo ya Modimo.” (Bafil. 3:14) Ba lebile pele go busa le Jesu Keresete mo Pusong ya gagwe kwa legodimong le go dira mmogo le ene go thusa batho gore ba itekanele. (Tshen. 20:6) Eleruri Modimo o ba neile tsholofelo e e molemo tota! Ba dinku tse dingwe le bone Modimo o ba neile tsholofelo e e itumedisang ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise!—2 Pet. 3:13.

2 Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba tswelele ba ikanyega mo Modimong e le gore ba gape sekgele, o ne a re: “Bolokang megopolo ya lona e tsepame mo dilong tse di kwa godimo.” (Bakol. 3:2) Ba ne ba tshwanetse go nna ba akantse ka tsholofelo ya bone ya go tshela kwa legodimong. (Bakol. 1:4, 5) Eleruri, fa batlhanka ba Modimo ba akanya thata ka masego a Jehofa a tla ba leretseng one, seo se dira gore ba nne ba tlhomile mogopolo mo go amogeleng sekgele.—1 Bakor. 9:24.

3. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ka dikotsi dife?

3 Gape Paulo o ile a tlhagisa Bakeresetemmogo le ene ka dilo dingwe tse di neng di ka ba amoga sekgele. Ka sekai, o ile a tlhagisa Bakolosa ka Bakeresete ba maaka ba ba neng ba leka go itumedisa Modimo ka go ikobela Molao wa ga Moshe go na le go bontsha tumelo mo go Keresete. (Bakol. 2:16-18) Gape Paulo o ile a bua ka dilo dingwe tse di ka re amogang sekgele gompieno. O ile a tlhalosa se re ka se dirang go tila dikeletso tse di sa siamang, go rarabolola mathata mo phuthegong le mo lelapeng. Kgakololo ya gagwe malebana le dikgang tseno e sa ntse e le botlhokwa le gompieno. Ka jalo, mma re tlotle ka dilo tse Paulo a ileng a re tlhagisa ka tsone mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakolosa.

TILA DIKELETSO TSA BOITSHOLO JO BO SA SIAMANG

4. Ke eng fa go eletsa go dira boitsholo jo bo sa siamang go ka re amoga sekgele?

4 Fa Paulo a sena go gopotsa bakaulengwe ba gagwe ka tsholofelo e ba nang le yone e e itumedisang, o ne a re: “Jalo, bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha.” (Bakol. 3:5) Go eletsa go dira boitsholo jo bo sa siamang go ka nna maatla tota e bile go ka senya kamano ya rona le Jehofa le go dira gore re se ka ra amogela masego a Jehofa a re solofetsang one. Mokaulengwe mongwe yo o neng a tsene ka tlhogo mo boitsholong jo bo sa siamang o ne a bua jaana fa a sena go boela mo phuthegong: “Keletso eo e ne e le maatla thata mo ke neng ka thanya lomapo lo le tsebeng.”

5. Re ka itshireletsa jang mo maemong a a kotsi?

5 Go botlhokwa gore re nne re ntshitse matlho dinameng segolobogolo fa re lebane le maemo a a ka dirang gore re tlole melao ya ga Jehofa ya boitsholo. Ka sekai, go botlhokwa gore fa batho ba simolola go ratana ba ipeele ditekanyetso fa go tliwa mo kgannyeng ya go tshwarana le go atlana le go tlhomamisa gore ga ba nne mmogo ba le babedi fela. (Dia. 22:3) Mokeresete a ka iphitlhela a le mo maemong a a ka dirang gore a tlole molao wa Modimo wa boitsholo fa gongwe a tsamaile ka tiro kgotsa a bereka le mongwe wa bong bo sele. (Dia. 2:10-12, 16) Fa o ka iphitlhela o le mo maemong ao, tlhomamisa gore o bolelela badirimmogo le wena gore o Mosupi wa ga Jehofa, itshware sentle mme o se ka wa lebala gore go tshameka ka maikutlo a lorato go nna le diphelelo tse di botlhoko. Mme gape go ka nna motlhofo gore re tlole molao wa Modimo wa boitsholo fa re utlwile botlhoko kgotsa re kgobegile marapo. Fa re ikutlwa jalo, re ka nna ra eletsa go nna le mongwe yo o tla dirang gore re ikutlwe re ratiwa. Re ka nna ra bo ra tsalana le mongwe le mongwe fela. Fa seno se ka go diragalela, kopa Jehofa le batho ba gagwe gore ba go thuse gore o se ka wa latlhegelwa ke sekgele.—Bala Pesalema 34:18; Diane 13:20.

6. Re tshwanetse go nna re gopotse eng fa re tlhopha boitlosobodutu?

6 Gore re tile dikeletso tsa boitsholo jo bo sa siamang, re tshwanetse go tila boitlosobodutu jo bo sa siamang. Gompieno boitlosobodutu bo tletse ka dilo tse di neng di dirwa kwa Sodoma le Gomora. (Jude 7) Batho ba ba dirang difilimi le dipina ba dira gore go lebege e kete boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo itshiametse fela le gore ga bo na diphelelo dipe tse di bosula. Re tshwanetse go nna kelotlhoko, re se ka ra amogela mofuta mongwe le mongwe fela wa boitlosobodutu. Re tshwanetse go tlhopha boitlosobodutu jo bo se kitlang bo re itsa go nna re tlhomile matlho a rona mo sekgeleng.—Dia. 4:23.

“APARANG” LORATO LE BOPELONOMI

7. Go ka nna le mathata afe mo phuthegong?

7 Eleruri, go nna mo phuthegong ya Bokeresete ke tshiamelo. E re ka re ithuta Lefoko la Modimo kwa dipokanong e bile re kgothatsana ka lorato le ka bopelonomi, seno se re thusa gore re tswelele re tlhomile matlho mo sekgeleng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe, dikgotlhang di ka tsosa dikgogakgogano mo phuthegong. Fa re sa rarabolole dikgotlhang tseo ka bonako, seo se ka dira gore re tshware ba bangwe ka pelo.—Bala 1 Petere 3:8, 9.

8, 9. (a) Ke dinonofo dife tse di tla re thusang gore re gape sekgele? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re dire kagiso fa Mokeresetemmogo le rona a re kgopisitse?

8 Re ka dira eng gore re se ka ra boloka sekgopi mme re amogele sekgele? Paulo o ne a raya Bakolosa a re: “Jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakol. 3:12-14.

9 Go rata batho le go ba bontsha bopelonomi go ka re thusa gore re itshwarelane. Ka sekai, fa o utlwisitswe botlhoko ke sengwe se mongwe a se buileng kgotsa a se dirileng, o ka leka go gopola makgetlo a o neng wa bua kgotsa wa dira sengwe se se neng sa kgopisa Mokeresetemmogo le wena. Ga go pelaelo gore re anaanela lorato le bopelonomi jo Bakeresetemmogo le rona ba re bontshang jone fa ba re itshwarela. (Bala Moreri 7:21, 22.) Mme gape re anaanela bopelonomi jo Keresete a re bontshang jone ka go re thusa gore re obamele Jehofa ka kutlwano. (Bakol. 3:15) Rotlhe re rata Modimo a le mongwe, re rera molaetsa o o tshwanang e bile re lebana le dikgwetlho tse di tshwanang. Fa re itshwarelana diphoso, re dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong e bile re nna re tlhomile matlho mo sekgeleng.

10, 11. (a) Ke eng fa go nna lefufa go le kotsi? (b) Re ka dira eng gore re se ka ra nna lefufa mme re amogele sekgele?

10 Go nna lefufa go ka re amoga sekgele. Dikai dingwe mo Baebeleng di re bontsha boammaaruri jwa seno. Ka sekai, Kaine o ne a fufegela monnawe e bong Abele a bo a mmolaya. Kora, Dathane le Abirame ba ne ba fufegela Moshe mme ba nna kgatlhanong le ene. Kgosi Saulo le ene o ne a fufegela Dafide a bo a leka go mmolaya. Ke ka moo Lefoko la Modimo le reng: “Koo lefufa le manganga di leng gone, gone koo go na le go tlhoka thulaganyo le sengwe le sengwe se se bosula.”—Jak. 3:16.

11 Fa re lwela go bontsha lorato le bopelonomi, ga re kitla re fufegela ba bangwe. Lefoko la Modimo la re: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege.” (1 Bakor. 13:4) Gore re se ka ra fufegela ba bangwe, re tshwanetse go lwela go leba dilo jaaka Jehofa. Re tshwanetse go leba Bakeresetemmogo le rona jaaka maloko a mmele o le mongwe, e leng phuthego ya Bokeresete. Go dira jalo go tla re thusa gore re ba rate, mme re tla kgona go diragatsa kgakololo eno ya Dikwalo: “Fa tokololo e galalediwa, ditokololo tse dingwe tsotlhe di ipela le yone.” (1 Bakor. 12:16-18, 26) Ka jalo, fa ba bangwe ba amogela ditshiamelo dingwe, ga re kitla re ba fufegela, go na le moo, re tla itumela le bone. Akanya ka morwa Kgosi Saulo e bong Jonathane. Ga a ka a fufega fa Dafide a ne a tlhophiwa go nna kgosi. Go na le moo, o ne a mo kgothatsa. (1 Sam. 23:16-18) A re ka bontsha ba bangwe lorato le bopelonomi jaaka Jonathane?

GAPANG SEKGELE LO LE LELAPA

12. Ke kgakololo efe ya Dikwalo e e tla thusang lelapa gore le gape sekgele?

12 Go dirisa melaometheo ya Baebele go ka dira gore go nne le kagiso le boitumelo mo lelapeng e bile go ka thusa ba lelapa gore ba gape sekgele. Paulo o ne a naya Bakeresete ba kwa Kolosa kgakololo efe ya Dikwalo? O ne a re: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e re ka go tshwanela mo Moreneng. Lona banna ba lo nyetseng, nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko. Lona bana, utlwang batsadi ba lona mo go sengwe le sengwe, gonne seno se itumedisa thata mo Moreneng. Lona borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona, gore ba se ka ba tshwenyega mo maikutlong.” (Bakol. 3:18-21) Ga go pelaelo gore go dirisa kgakololo ya ga Paulo e e tlhotlheleditsweng go sa ntse go solegela banna, basadi le bana molemo.

13. Mosadi wa Mokeresete a ka dira eng gore a thuse monna wa gagwe yo e seng Mosupi go direla Jehofa?

13 Gotweng fa e le gore o mosadi yo o nyetsweng mme o akanya gore monna wa gago yo e seng Mosupi ga a go tshware sentle? A dilo di tla siama fa o ngangisana le ene ka tsela e a go tshwarang ka yone? Le fa go dira jalo go ka go thusa, a boitshwaro jwa gago bo tla dira gore a batle go direla Jehofa? Nnyaa. Go farologana le seo, fa o ka tlotla botlhogo jwa monna wa gago, o tla dira gore go nne le kagiso mo lelapeng, o tla galaletsa Jehofa e bile o ka nna wa thusa monna wa gago gore a batle go direla Jehofa mme seo se tla dira gore bobedi jwa lona lo gape sekgele.—Bala 1 Petere 3:1, 2.

14. Monna wa Mokeresete o tshwanetse go dira eng fa e le gore mosadi wa gagwe yo e seng Mosupi ga a mo tlotle?

14 Gotweng fa e le gore o monna yo o nyetseng mme o akanya gore mosadi wa gago yo e seng Mosupi ga a go tlotle? A o tla dira gore a go tlotle ka go mo omanya le go mmontsha gore go lela setlhako sa ga mang? Legoka! Modimo o lebeletse gore o nne tlhogo ya lelapa e e lorato fela jaaka Jesu a rata phuthego. (Baef. 5:23) Jesu o pelotelele le phuthego e bile o e bontsha lorato. (Luke 9:46-48) Fa monna yo o nyetseng a etsa sekao sa ga Jesu, a ka thusa mosadi wa gagwe gore a batle go direla Jehofa.

15. Monna wa Mokeresete a ka bontsha jang gore o rata mosadi wa gagwe?

15 Jehofa o laela banna ba ba nyetseng jaana: “Nnang lo rate basadi ba lona mme lo se ka lwa ba galefela mo go botlhoko.” (Bakol. 3:19) Monna yo o lorato o tlotla mosadi wa gagwe ka go mo reetsa le ka go mo tlhomamisetsa gore o tsaya se a se buang se le botlhokwa. (1 Pet. 3:7) Le fa gone e se ka metlha a ka dirang se mosadi wa gagwe a se kopang, o kgona go dira tshwetso e e molemo ka go buisana le ene pele. (Dia. 15:22) Monna yo o lorato o dira gore go nne motlhofo gore mosadi wa gagwe a mo tlotle, ga a mo pateletse go dira jalo. Monna yo o ratang mosadi le bana ba gagwe o tla nna le lelapa le le itumelelang go direla Jehofa e bile ba tla gapa sekgele.

Re ka dira eng gore mathata a lelapa a se ka a re amoga sekgele? (Bona serapa 13-15)

BASHA, SE LETLENG SEPE SE LO AMOGA SEKGELE!

16, 17. Fa o le mosha, o ka dira eng gore o se ka wa tenegela batsadi ba gago?

16 Gotweng fa e le gore o mosha mme o akanya gore batsadi ba gago ba Bakeresete ga ba go tlhaloganye le gore ba go thibela go dira se o se batlang? Seno se ka nna sa go galefisa fela thata mo o ka ipotsang gore a mme go direla Jehofa ke tshwetso e e siameng. Le fa go ntse jalo, fa o ka letla boikutlo joo gore bo dire gore o tlogele go direla Jehofa, o tla lemoga kwa bofelong gore ga go na ope yo o amegang ka wena go feta batsadi ba gago ba Bakeresete le phuthego.

17 Fa batsadi ba gago ba sa nke ba go kgalema, a ga o kitla o ipotsa gore a mme tota ba a go rata? (Baheb. 12:8) Le fa go ntse jalo, gongwe ga o rate tsela e batsadi ba gago ba go kgalemang ka yone. Go na le go tshwenyega ka seo, leka go bona gore a go na lebaka la go bo ba itshwara ka tsela eo. Ka jalo, nna o digile makgwafo mme o se ka wa itetla go kgopisega fa o kgalemelwa. Lefoko la Modimo la re: “Ope fela yo o thibelang mafoko a gagwe o na le kitso, mme motho yo o nang le temogo o na le moya o o ritibetseng.” (Dia. 17:27) Ipeele mokgele wa go nna motho yo o godileng sentle yo o kgonang go amogela kgakololo ntle le go tseega maikutlo mme go na le go tshwenyega thata ka go re o e neilwe jang bona kafa e ka go thusang ka gone. (Dia. 1:8) Go nna le batsadi ba Bakeresete ba ba ratang Jehofa ke mpho e e tlhwatlhwakgolo. Ruri ba batla go go thusa gore o gape sekgele.

18. Ke eng fa o ikemiseditse go nna o tlhomile mogopolo mo sekgeleng?

18 Sekgele se Modimo a re solofeditseng sone e ka ne e le botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong ruri ke tsholofetso e e itumedisang e re ka nnang re akantse ka yone. Ke tsholofelo ya mmatota e Mmopi ka boene a re solofeditseng yone. Modimo o ne a bua jaana ka lefatshe la Paradaise: “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa.” (Isa. 11:9) Ka nako eo, mongwe le mongwe yo o nnang mo lefatsheng o tla rutwa ke Modimo. Seno ke sekgele se rotlhe re tshwanetseng go dira ka natla gore re se gape. Ka jalo, nna o akantse ka se Jehofa a re solofeditseng sone mme o se ka wa letla sepe se go amoga sekgele!