Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tila Tsela e Lefatshe le Akanyang ka Yone

Tila Tsela e Lefatshe le Akanyang ka Yone

“Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea . . . [ya] lefatshe.”—BAKOL. 2:8.

PINA: 60, 26

1. Moaposetoloi Paulo o ne a naya Bakeresetemmogo le ene kgakololo efe? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

MOAPOSETOLOI Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba kwa Kolosa fa a ne a tloga a gololwa mo kgolegelong kwa Roma kgotsa mo e ka nnang ka ngwaga wa 60-61. O ne a ba tlhalosetsa botlhokwa jwa “go tlhaloganya ga semoya” e leng bokgoni jwa go leba dilo jaaka Jehofa a di leba. (Bakol. 1:9) Gape Paulo o ne a ba raya a re: “Seno ke se bua gore motho ope a se ka a lo tsietsa ka dikgang tse di tlhotlheletsang. Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka ba a ba tsomileng a dirisa botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakol. 2:4, 8) Mo godimo ga moo, Paulo o ne a tlhalosa lebaka la go bo dilo dingwe tse batho ba di ratang di le phoso le gore ke eng fa tsela e lefatshe le akanyang ka yone e ka nna ya kgatlha batho ba ba sa itekanelang. Ka sekai, e ka nna ya dira gore motho a akanye gore o botlhale kgotsa o botoka go na le ba bangwe. Paulo o ne a kwala lekwalo leo gore a thuse bakaulengwe ba gagwe gore ba tile tsela e lefatshe le akanyang ka yone le gore ba tile dilo tse di sa siamang.—Bakol. 2:16, 17, 23.

2. Ke eng fa re tlile go tlotla ka dikai tsa tsela e lefatshe le akanyang ka yone?

2 Batho ba ba akanyang ka tsela ya lefatshe ba itlhokomolosa kgotsa ba nyenyefatsa melao ya ga Jehofa mme tlhotlheletso ya bone e ka nna ya koafatsa tumelo ya rona. Tsela e lefatshe le akanyang ka yone e aname thata gompieno. E bonala mo thelebisheneng, mo Internet, kwa tirong le kwa dikolong. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka se re ka se dirang gore re se ka ra tshwaediwa ke tsela e lefatshe le akanyang ka yone. Re tla sekaseka dikai di le tlhano tsa tsela e lefatshe le akanyang ka yone re bo re bona gore re ka tila jang tsela eo ya go akanya.

A RE TLHOKA GO DUMELA MO MODIMONG?

3. Batho ba le bantsi ba rata kgang efe, mme ka ntlha yang?

3 “Ga ke tlhoke go dumela mo Modimong gore ke nne motho yo o siameng.” Mo dinageng di le dintsi, batho ba le bantsi ba tlhalosa gore ga ba dumele mo Modimong; ba re ga se batho ba bodumedi. Ba ka tswa ba sa batlisisa ka kelotlhoko gore a Modimo o teng mme gone, ba rata kgang ya gore ba ka kgona go itirela jaaka ba rata. (Bala Pesalema 10:4.) Ba bangwe bone ba ka nna ba akanya gore ba botlhale fa ba re, “Ga ke tlhoke go dumela mo Modimong gore ke nne motho yo o siameng.”

4. Re ka thusa jang motho yo o dumelang gore ga go na Mmopi?

4 A go a utlwala go dumela gore ga go na Mmopi? Fa motho a ka batlisisa mo saenseng go bona gore a go na le Mmopi, a ka nna a tlhakanngwa tlhogo ke tshedimosetso e ntsintsi. Le fa go ntse jalo, tota karabo e e bonolo ke go re, fa e le gore moago mongwe o tlhoka go agiwa ke mongwe, dilo tse di tshelang le tsone di tshwanetse tsa bo di bopilwe ke mongwe! Kana e bile, disele di raraane thata go feta ntlo epe fela ka gonne di kgona go dira selo se ntlo e ka se kgoneng go se dira, e leng go dira disele tse dingwe. Ka jalo, disele tseno di kgona go boloka tshedimosetso e di e tlhokang gore di kgone go dira disele tse dingwe. Ke mang yo o dirileng gore disele di nne le bokgoni jwa go dira jalo? Baebele ya re: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.”—Baheb. 3:4.

5. Re ka reng ka kgang ya gore motho ga a tlhoke go dumela mo Modimong gore a itse se se siameng?

5 Gotweng ka kgang ya gore motho ga a tlhoke go dumela mo Modimong gore a itse se se siameng? Lefoko la Modimo le tlhalosa gore batho bangwe ba ba sa direleng Modimo ba na le dinonofo dingwe tse di molemo. (Bar. 2:14, 15) Ka sekai, ba ka tswa ba tlotla batsadi ba bone e bile ba ba rata. Mme gone, a tota o ka re motho o siame fa a gana go dumela gore Mmopi wa rona yo o lorato ke ene a tlhomileng melao ya se se siameng le se se sa siamang? (Isa. 33:22) Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle ba dumela gore maemo a lefatshe a a maswe a bontsha gore tota batho ba tlhoka thuso ya Modimo. (Bala Jeremia 10:23.) Ka jalo, ga re a tshwanela go akanya gore motho a ka kgona go itse se se siameng a sa dumele mo Modimong e bile a sa ikobele melao ya gagwe.—Pes. 146:3.

A RE TLHOKA BODUMEDI?

6. Batho ba le bantsi ba akanyang ka bodumedi?

6 “O ka kgona go itumela o se mo bodumeding bope.” Batho ba le bantsi ba rata kakanyo eno ka gonne ba tsaya gore bodumedi ga bo ba thuse ka sepe e bile bo feletswe ke nako. Gape, madumedi a le mantsi a dira gore batho ba se ka ba rata Modimo ka gonne a ruta ka dihele, a ba duedisa madi a mantsi e bile a rera ka dipolotiki. Ke ka moo batho ba le bantsi ba akanyang gore ba ka kgona go itumela le fa ba se mo bodumeding bope! Ba ka nna ba ipuelela jaana: “Ke dumela mo Modimong mme ga ke batle go tsenela bodumedi bope.”

7. Kobamelo ya boammaaruri e re thusa jang gore re itumele?

7 A tota ke boammaaruri gore motho a ka kgona go itumela le fa a se mo bodumeding bope? Eleruri motho a ka kgona go itumela fa a se mo bodumeding jwa maaka mme a ka se itumele fa a se na kamano epe le “Modimo yo o itumetseng” e bong Jehofa. (1 Tim. 1:11) Sengwe le sengwe se Modimo a se dirang se re solegela molemo. Batlhanka ba gagwe ba itumetse ka gonne ba tlhoma mogopolo mo go thuseng ba bangwe. (Dit. 20:35) Ka sekai, akanya kafa kobamelo ya boammaaruri e thusang malapa ka gone gore a itumele. Kobamelo ya boammaaruri e re ruta gore re tlotle balekane ba rona ba lenyalo, re tseye maikano a lenyalo a le botlhokwa, re tile boaka, re godise bana sentle le gore re rate ba malapa a rona. Ka ntlha ya seo, batho ba Modimo ba seoposengwe mo lefatsheng lotlhe.—Bala Isaia 65:13, 14.

8. Re ka dirisa jang Mathaio 5:3 go araba potso e e reng, ke eng se se dirang gore batho ba itumele?

8 Re ka reng ka kgang ya gore motho a ka kgona go itumela le fa a sa direle Modimo? Akanya ka potso eno: Ke eng se se dirang gore batho ba itumele? Batho bangwe ba itumedisiwa ke go nna le tiro ya maemo, go tshameka motshameko mongwe kgotsa go dira sengwe se ba se ratang fa ba iketlile. Ba bangwe bone ba itumedisiwa ke go tlhokomela ba losika le ditsala. Gone dilo tseno di ka dira gore re itumele, le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tsa botlhokwa tse di ka re tlisetsang boitumelo jo bo nnelang ruri. Go farologana le diphologolo, re ka kgona go itse Mmopi wa rona le go mo direla ka boikanyegi. Jehofa o re bopile gore re itumelele go dira jalo. (Bala Mathaio 5:3.) Ka sekai, baobamedi ba boammaaruri ba a itumela e bile ba a kgothala fa ba kopana mmogo gore ba obamele Jehofa. (Pes. 133:1) Gape ba itumelela botsala jo bo molemo le bakaulengwe ba bone, ba tshela sentle e bile ba na le tsholofelo ka isagwe.

A RE TLHOKA MELAO YA BOITSHOLO?

9. (a) Ke kgang efe e e tlwaelegileng malebana le tlhakanelodikobo? (b) Ke eng fa Lefoko la Modimo le re go phoso go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo?

9 “Ke eng fa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go sa siama?” Batho ba ka nna ba re raya ba re: “O tshwanetse go ijesa monate. Ke eng fa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go sa siama?” Kgang ya gore Mokeresete o tshwanetse go amogela boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo e phoso. Ka ntlha yang? Ka gonne Lefoko la Modimo la re boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo phoso. * (Bala 1 Bathesalonika 4:3-8.) Jehofa o na le tshwanelo ya go re beela melao ka gonne ke ene a re bopileng. Molao wa Modimo o o tlhalosang gore ke monna le mosadi ba ba nyalaneng fela ba ba ka tlhakanelang dikobo ke karolo ya thulaganyo ya lenyalo. Modimo o re naya melao ka gonne a re rata. Melao ya gagwe e re solegela molemo. Fa maloko a malapa a ikobela melao eno, a tla ratana, a tla tlotlana e bile a tla ikutlwa a sireletsegile. Modimo ga a amogele batho ba ba sa ikobeleng melao ya gagwe ka boomo.—Baheb. 13:4.

10. Mokeresete a ka tila jang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo?

10 Lefoko la Modimo le re ruta gore re ka tila jang boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Sengwe sa botlhokwa se se ka re thusang go dira jalo ke go ela tlhoko dilo tse re di lebang. Jesu o ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe. Jaanong, fa e le gore leitlho leo la gago la moja le a go kgopisa, le gonye mme o le latlhele kgakala le wena.” (Math. 5:28, 29) Ka jalo, Mokeresete ga a tshwanela go leba ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo kgotsa go reetsa mmino o o leswe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresetemmogo le ene jaana: “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo.” (Bakol. 3:5) Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ela tlhoko dilo tse re di akanyang le tse re di buang.—Baef. 5:3-5.

A O TSHWANETSE GO BATLA TIRO YA MAEMO?

11. Ke eng fa go nna le tiro ya maemo go ka kgatlha ba le bantsi?

11 “Go nna le tiro ya maemo go ka dira gore o itumele.” Batho ba le bantsi ba ka re rotloetsa gore re batle go nna le tiro ya maemo. Ba ka nna ba go bolelela gore tiro eo e tla dira gore o nne le maemo, taolo le madi. E re ka batho ba le bantsi ba ipeela mokgele wa go nna le tiro ya maemo, Mokeresete le ene a ka nna a simolola go akanya jalo.

12. A go nna le tiro ya maemo go ka dira gore o itumele?

12 A ke boammaaruri gore go nna le tiro e e go nayang taolo le maemo go ka dira gore o itumele? Nnyaa. Gopola gore keletso ya go batla go laola ba bangwe le go batla go tseelwa kwa godimo ke yone e e neng ya raela Satane, mme gone jaanong o galefile, ga a itumela. (Math. 4:8, 9; Tshen. 12:12) Fa o bapisa tiro ya maemo le boitumelo jo motho a nnang le jone fa a thusa batho gore ba solegelwe molemo ke botlhale jwa Modimo le gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng, o kgona go lemoga gore ruri tiro ya maemo e tlisa boitumelo jwa nakwana fela. Mo godimo ga moo, lefatshe leno le rotloetsa batho gore ba rate go gaisana. Gape lefatshe le dira gore batho ba tlale bogale le lefufa mme dilo tseno tsotlhe ke “go kgaratlhela phefo” fela.—Mor. 4:4.

13. (a) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka tiro ya boitshediso? (b) Go ya ka lekwalo le Paulo a le kwaletseng Bathesalonika, ke eng se se neng se dira gore a nne le boitumelo jwa mmatota?

13 Gone ke boammaaruri gore re tlhoka tiro ya boitshediso e bile ga go phoso go tlhopha tiro e o e ratang. Le fa go ntse jalo, tiro ya boitshediso ga e a tshwanela go nna selo sa botlhokwa mo go rona. Jesu o ne a re: “Ga go ope yo o ka nnang motlhanka wa beng ba babedi; gonne o tla tlhoa yo mongwe mme a rate yo mongwe, kgotsa o tla ngaparela yo mongwe mme a nyatse yo mongwe. Ga lo ka ke lwa nna batlhanka ba Modimo le ba Dikhumo.” (Math. 6:24) Fa selo sa botlhokwa e nna go direla Jehofa le go ruta batho ba bangwe Lefoko la gagwe, re tla bona boitumelo jo bo seng kana sepe. Moaposetoloi Paulo o ne a lemoga boammaaruri jwa seno. Fa a sa le mosha, o ne a batla tiro ya maemo mo bodumeding jwa Sejuda, le fa go ntse jalo, o ne a bona boitumelo jwa mmatota fa a ne a simolola go ruta batho e bile a bona kafa ba amogelang molaetsa wa Lefoko la Modimo ka gone le kafa o fetolang matshelo a bone ka gone. (Bala 1 Bathesalonika 2:13, 19, 20.) Ga go na tiro epe e nngwe e e ka dirang gore motho a itumele jaaka eo.

O ka nna le boitumelo jwa mmatota fa o thusa batho gore ba ithute ka Modimo (Bona serapa 12 le 13)

A RE KA KGONA GO RARABOLOLA MATHATA A BATHO?

14. Ke eng fa kakanyo ya gore batho ba ka kgona go rarabolola mathata a bone e kgatlha bangwe?

14 “Batho ba ka kgona go rarabolola mathata a bone.” Kakanyo eno e ka nna ya kgatlha batho ba le bantsi. Ka ntlha yang? Fa seno e ne e le boammaaruri, go raya gore batho ga ba tlhoke kaelo ya Modimo le gore ba ka kgona go itirela jaaka ba batla. Mo godimo ga moo, kgang ya gore batho ba ka kgona go rarabolola mathata a bone e ka bonala e utlwala ka gonne batho bangwe ba re dintwa, bokebekwa, bolwetse le khumanego di a fokotsega. Pego nngwe ya re: “Lebaka lengwe la go bo dilo di siama ke gore batho ba batla go baakanya lefatshe.” A seno se raya gore batho ba bone tsela ya go rarabolola mathata a a sa bolong go nna a ba bogisa? Gore re bone karabo ya potso eno, mma re tlotle ka mathata a re sa tswang go a umaka.

15. Ke dilo dife tse di bontshang gore batho ba sa ntse ba lebane le mathata a a seng kana ka sepe?

15 Dintwa: Dintwa tse pedi tsa lefatshe di ne tsa bolaya batho ba ka nna dimilione di le 60 kgotsa go feta. Fa e sa le Ntwa ya Lefatshe II e fela, batho ba sa ntse ba lwa. Ka 2015, batho ba ka nna dimilione di le 65 ba ne ba setse ba fudugile kwa magaeng a bone ka ntlha ya dintwa le pogiso. Ka ngwaga oo fela, batho ba ka nna dimilione di le 12,4 ba ne ba patelesega go fuduga kwa magaeng a bone. Bokebekwa: Le fa gone mefuta mengwe ya bokebekwa e fokotsegile kwa mafelong mangwe, mefuta e mengwe yone e e jaaka bokebekwa jo bo dirwang mo Internet, go sotlwa mo lelapeng le dintwa tsa dipuso, e ntse e oketsega fela thata. Mo godimo ga moo, batho ba le bantsi ba dumela gore bonweenwee bo oketsegile thata mo lefatsheng lotlhe. Batho ga ba kgone go fedisa bokebekwa. Bolwetse: Gone jaanong malwetse mangwe a kgona go alafega. Mme gone, pego nngwe e e neng ya kwalwa ka 2013 e tlhalosa gore ngwaga le ngwaga batho ba le dimilione di le robongwe ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 60 ba bolawa ke bolwetse jwa pelo, seterouku, kankere, bolwetse jwa mafatlha le bolwetse jwa sukiri. Khumanego: Go ya ka World Bank, palo ya batho ba ba dikobo dikhutshwane mo Afrika e oketsegile go tswa go batho ba le dimilione di le 280 ka 1990 go ya go batho ba le dimilione di le 330 ka 2012.

16. (a) Ke eng fa Bogosi Jwa Modimo e le jone fela bo ka rarabololang mathata a batho? (b) Ke masego afe a Bogosi a a ileng a bolelelwa pele ke Isaia le mopesalema?

16 Gompieno mekgatlho ya ikonomi le ya dipolotiki e eteletswe pele ke batho ba ba bogagapa. Ga go pelaelo gore batho bano ba ka se kgone go fedisa dintwa, bokebekwa, malwetse le khumanego. Ke Bogosi Jwa Modimo fela jo bo ka kgonang go dira jalo. Akanya ka se Jehofa a tla se direlang batho. Dintwa: Bogosi Jwa Modimo bo tla fedisa dilo tse di bakang dintwa jaaka bogagapa, bonweenwee, boratanaga, bodumedi jwa maaka le Satane. (Pes. 46:8, 9) Bokebekwa: Bogosi Jwa Modimo bo setse bo ruta batho ba le bantsi gore ba ratane le go tshepana, e leng selo se dipuso tse dingwe di sa kgoneng go se dira. (Isa. 11:9) Bolwetse: Jehofa o tla segofatsa batho ba gagwe ka botsogo jo bo siameng. (Isa. 35:5, 6) Khumanego: Jehofa o tla e fedisa e bile o tla tlamela batho ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang le go ba thusa gore ba nne le kamano e e molemo le ene, mme joo e tla bo e le botshelo jo bo kgotsofatsang tota go gaisa go nna le dikhumo.—Pes. 72:12, 13.

ITSE KAFA O TSHWANETSENG GO ARABA KA GONE

17. O ka tila jang tsela e lefatshe le akanyang ka yone?

17 Fa o utlwa kgang nngwe e e sa dumalaneng le se o se dumelang, batlisisa gore Lefoko la Modimo la reng ka kgang eo o bo o tlotle ka yone le Mokeresete yo o nang le nako e e telele a direla Jehofa ka boikanyegi. Leka go bona gore ke eng fa kgang eo e kgatlha, ke eng fa e le phoso le gore ke eng se o ka se dirang gore o e tile. Eleruri rotlhe re ka kgona go tila tsela e lefatshe le akanyang ka yone ka go ikobela kgakololo eno e Paulo a neng a e naya phuthego ya kwa Kolosa: “Tswelelang lo tsamaya ka botlhale mo bathong ba ba kwa ntle . . . [Itseng] kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakol. 4:5, 6.

^ ser. 9 Batho ba le bantsi ga ba itse gore pego e e mo Dibaebeleng dingwe mo go Johane 7:53–8:11 e ne e se karolo ya mekwalo ya ntlhantlha e e tlhotlheleditsweng. Ka ntlha ya pego eno, bangwe ba re ke motho yo o se nang boleo fela yo o ka kgonang go tlhalosa gore motho yo mongwe o na le molato wa go dira boaka. Le fa go ntse jalo, molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele o ne o tlhalosa go re: “Fa go direga gore monna a fitlhelwe a letse le mosadi yo o nang le mong wa gagwe, a ba swe boobabedi.”—Dute. 22:22.