Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Tlwaela Jang Phuthego e Ntšha?

O ka Tlwaela Jang Phuthego e Ntšha?

MOKAULENGWE mongwe e bong Allen * a re: “Ke ne ke okaoka go fudugela mo phuthegong eno. Ke ne ke ipotsa gore a nka kgona go nna le ditsala, le gore a bakaulengwe ba tla nkamogela.” Allen o leka go tlwaela phuthego e ntšha e e dikilometara di feta 1 400 go tswa kwa gabone.

Fa e le gore o fudugetse kwa phuthegong e nngwe, le wena o ka tswa o tshwenyegile. Ke eng se se ka go thusang gore o e tlwaele? O ka dira eng fa maemo a le thata go feta kafa o neng o lebeletse ka gone? Fa go na le bangwe ba ba fudugetseng mo phuthegong ya lona, o ka ba thusa jang?

O KA TLWAELA JANG?

Akanya ka sekai seno: Fa ditlhare di fudusiwa di bo di ya go jalwa kwa lefelong le lengwe, di utlwa botlhoko. Fa setlhare se kumolwa, medi e le mentsi ya sone e a kgaolwa gore go nne motlhofo go se tsamaisa. Fa setlhare seo se sena go jalwa gape mo lefelong le lengwe, se tshwanetse go mela medi e mesha ka yone nako eo. Ka tsela e e tshwanang, go fudugela kwa phuthegong e ntšha go ka tswa go dirile gore o tshwenyege. O ne o tlhomame mo phuthegong e o tswang kwa go yone ka gonne o ne o na le ditsala tse o di ratang e bile o na le thulaganyo e e molemo ya go direla Jehofa. Jaanong o tshwanetse go dira ka natla gore o kgone go tlwaela phuthego ya gago e ntšha. Ke eng se se ka go thusang? Go dirisa kgakololo e e mo Baebeleng. Mma re tlotle ka kgakololo nngwe e e ka go thusang.

Motho yo o balang Lefoko la Modimo ka metlha o tshwana le “setlhare se se jetsweng fa melatswaneng ya metsi, se se ntshang leungo la sone ka paka ya sone se dikala tsa sone tse di nang le makakaba di sa swabeng, mme sengwe le sengwe se a se dirang se tla atlega.”Pes. 1:1-3.

Fela jaaka setlhare se tlhoka go nosediwa nako le nako gore se gole sentle, Mokeresete le ene o tlhoka go bala Lefoko la Modimo ka metlha gore kamano ya gagwe le Jehofa e tswelele e nonofile. Ka jalo, tswelela o bala Baebele letsatsi le letsatsi e bile o ye dipokanong ka metlha. Tswelela o tshwara kobamelo ya lelapa le go ithuta o le nosi. Nna o dira dilo tse di nonotshang kamano ya gago le Jehofa tse o neng o di dira pele o fudugela kwa phuthegong e nngwe.

“Yo o nosetsang ba bangwe ka bopelotshweu le ene o tla nosediwa ka bopelotshweu.” Dia. 11:25.

O tla nna matlhagatlhaga e bile o tla tlwaela phuthego ka bonako fa o nna le seabe mo bodireding ka metlha. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Kevin a re: “Go tsaya bobulatsela jo bo thusang ka bonako fela fa re sena go fudugela mo phuthegong ya rona e ntšha, go ne ga re thusa gore re e tlwaele ka bonako. Re ne ra tlwaela bakaulengwe, babulatsela le tshimo ya phuthego ya rona ka bonako.” Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Roger yo o neng a fudugela kwa lefelong le le bokgakala jwa dikilometara di le 1 600 go tswa kwa a neng a nna gone a re: “Selo se se ka thusang motho go tlwaela phuthego ke go ya bodireding ka bonako. Gape o ka itsise bagolwane gore o batla go thusa, gongwe ka go phepafatsa Holo ya Bogosi, go ithaopela go neela puo fa mong wa yone a seyo kgotsa ka go ithaopela go pega mongwe mo koloing ya gago fa o ya dipokanong. Fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba bona gore o iketleeleditse go thusa mo phuthegong, go tla nna motlhofo gore ba go tlwaele.”

“Pitlologang.”2 Bakor. 6:13.

Bontsha bakaulengwe botlhe gore o a ba rata. Fa kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Melissa le ba lelapa la gagwe ba sena go fudugela kwa phuthegong e ntšha, ba ne ba tsaya matsapa go itirela ditsala. A re: “Re ne re tlotla le bakaulengwe le bokgaitsadi pele ga dipokano le morago ga dipokano. Seno se ne sa re thusa gore re kgone go ba itse botoka.” Mme gape go dira jalo go ne ga ba thusa gore ba kgone go itse maina a bone ka bonako. Gape ba ne ba amogela baeng kwa legaeng la bone, mme seno se ne sa nonotsha botsala jwa bone le Bakeresetemmogo le bone. Gape a re: “Re ne ra tsaya dinomoro tsa bone re bo re ba naya tsa rona gore ba kgone go re bolelela fa go na le ditiro dingwe tsa phuthego tse ba di dirang.”

Fa e le gore go bua le batho ba o sa ba tlwaelang go a go tshosa, o ka nna wa simolola ka go dira dilo tse dinnye. Ka sekai, o ka nna wa nyenya fela le fa o ka tswa o sa ikutlwe go dira jalo. Go nyenya go ka dira gore ba bangwe ba batle go tsalana le wena. Kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Rachel yo o neng a fudugela kwa lefelong le lengwe a re: “Ke motho yo o ditlhong ka tlhago. Ka dinako tse dingwe, ke tshwanetse go ipateletsa go bua le bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong ya me e ntšha. Ke leka go batla mongwe yo o dutseng fa fatshe a sa bue le ope. Gongwe le ene a ka tswa a le ditlhong fela jaaka nna.” Ke eng fa o sa tseye matsapa go bua le mongwe yo mosha mo phuthegong ya lona pele ga dipokano le morago ga dipokano?

Mme gone, gongwe o ka nna wa itumelela go nna le ditsala tse disha fa e le gone o gorogang mo phuthegong e ntšha. Le fa go ntse jalo, morago ga nakwana, seo se ka fetoga. Fa seo se direga, o tla tshwanelwa ke go tsaya matsapa gore o tswelele o batla ditsala tse disha.

Fa ditlhare di fudusiwa di bo di ya go jalwa kwa lefelong le lengwe, di utlwa botlhoko, le fa go ntse jalo, fa di sena go jalwa gape, di gola sentle

IPHE NAKO E E LEKANENG

Ditlhare dingwe di tsaya nako gore di gole sentle mo lefelong le lesha. Ka tsela e e tshwanang, batho bangwe ba tsaya nako go tlwaela phuthego e ntšha. Fa e le gore o setse o na le lobakanyana o fudugetse mo phuthegong e ntšha mme ga o ise o e tlwaele, go dirisa melaometheo eno ya Baebele go ka go thusa:

“A re se leseng go dira se se molemo, gonne re tla roba mo pakeng e e leng yone fa re sa lape.”Bagal. 6:9.

Iphe nako e e fetang e o ka tswang o ne o akanya gore o a e tlhoka gore o tlwaele phuthego e ntšha. Ka sekai, barongwa ba le bantsi ba ba tswang kwa sekolong sa Gileade ba nna dingwaga di le mmalwa kwa nageng e ba fudugetseng kwa go yone pele ba ka etela ba malapa a bone. Go dira jalo go ba thusa gore ba tlwaelane le bakaulengwe le setso sa mo nageng e ba fudugetseng kwa go yone.

Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Alejandro yo o ileng a fudugela kwa mafelong a masha makgetlo a le mmalwa, o ile a lemoga gore go tsaya nako go tlwaela lefelo le lesha. A re: “Labofelo fa re ne re fuduga, mosadi wa me o ne a re: ‘Ditsala tsa me tsotlhe di kwa phuthegong e re tswang kwa go yone.’” O ne a mo gopotsa gore o ile a bua se se tshwanang dingwaga di le pedi tse di fetileng fa ba ne ba fuduga kwa phuthegong e nngwe. Mme mo dingwageng tseo tse pedi, o ile a bontsha ba bangwe gore o a ba kgatlhegela mme o ne a nna le ditsala tse di molemo.

“O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a nnile botoka go na le ano?’ gonne ga o a botsa ka seno ka ntlha ya botlhale.” Mor. 7:10.

O se ka wa bapisa phuthego ya gago e ntšha le e o tswang kwa go yone. Ka sekai, bakaulengwe ba phuthego ya gago e ntšha ba ka tswa ba farologane le ba phuthego e o tswang kwa go yone, e ka tswa e se batho ba ba buang thata kgotsa ba ipuela fela. Tlhoma mogopolo mo dinonofong tse dintle tse ba nang le tsone, fela jaaka le wena o ka rata gore ba dire jalo ka wena. Bakaulengwe bangwe ba ile ba lemoga gore go fudugela kwa phuthegong e ntšha go ne ga dira gore ba ipotse go re, ‘A tota ke rata “bakaulengwe botlhe”?’1 Pet. 2:17.

“Nnang lo kope, mme lo tla newa.”Luke 11:9.

Kopa Jehofa gore a go thuse. Mogolwane mongwe e bong David a re: “O se ka wa swa senku. Dilo tse dingwe re ka di kgona fela fa re thusiwa ke Jehofa. Ka jalo, rapela ka bothata jwa gago!” Rachel yo re buileng ka ene pelenyana le ene o dumalana le ntlha eno. A re: “Fa nna le monna wa me re ikutlwa e kete ga re karolo ya phuthego, re kopa Jehofa gore a re thuse go lemoga fa re dira sengwe se se dirang gore go nne thata gore ba bangwe ba atamalane le rona. Morago ga moo, re ipha nako e e oketsegileng le bakaulengwe le bokgaitsadi ba mo phuthegong ya rona.”

Batsadi, fa go le thata gore bana ba lona ba tlwaele bakaulengwe ba phuthego e ntšha, rapelang le bone ka kgang eno. Ba thuseng go dira ditsala tse disha ka go laletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba tle go iketla le lelapa la lona.

THUSA BA BASHA GORE BA TLWAELE

O ka dira eng go thusa batho ba ba sa tswang go fudugela mo phuthegong ya lona? Leka go tsalana le bone ka bonako fela fa ba sena go goroga. Leka go akanya ka dilo tse o neng o ka itumelela gore ba bangwe ba go direle tsone fa o ka bo o le mo seemong sa bone, o bo o di dira. (Math. 7:12) Gongwe o ka ba laletsa go tla go tshwara kobamelo ya lelapa kgotsa go lebelela JW Broadcasting le lelapa la lona. O ka ba kopa go tsamaya le wena kwa bodireding. Fa o ka ba laletsa kwa lelapeng la gago go tla go ja dijonyana tse di motlhofo, ba ka se lebale tsela e o ileng wa ba bontsha lorato ka yone. O ka ba thusa ka ditsela dife gape?

Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Carlos a re: “Fa re ne re goroga kwa phuthegong e ntšha, kgaitsadi mongwe o ne a re fa maina a mabenkele a a sa tureng thata a mo lefelong leo. Seo se ne sa re thusa tota.” Bakaulengwe ba ba tswang kwa lefelong le maemo a lone a bosa a farologaneng le a mo lefelong la lona, ba ka itumela tota fa o ka ba thusa go itse gore ba apare jang mo lefelong la lona. Gape o ka ba thusa mo bodireding ka go ba tlhalosetsa hisitori ya lefelo la lona le dilo tse batho ba le bantsi ba mo lefelong la lona ba di dumelang.

O KA SE IKWATLHAELE GO TSAYA MATSAPA

Allen, yo re buileng ka ene kwa tshimologong o na le ngwaga a le mo phuthegong e ntšha. A re: “Go ne go se motlhofo go tlwaela bakaulengwe le bokgaitsadi. Mme gone jaanong, ke ba tsaya jaaka ba lelapa la me e bile ke itumetse.” O ile a lemoga gore go fuduga ga go a mo amoga ditsala, go na le moo, go mo thusitse gore a dire ditsala tse disha tse di tla nnelang ruri.

^ ser. 2 Maina mangwe a fetotswe.