Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’

‘Yo o Pelotshweu o Tla Segofadiwa’

GO NTSHA ditlhabelo ga e bolo go nna karolo ya botlhokwa ya kobamelo ya boammaaruri. Baiseraele ba ne ba ntsha ditlhabelo tsa diphologolo mme Bakeresete ga ba bolo go nna ba ntshetsa Modimo ‘setlhabelo sa pako.’ Le fa go ntse jalo, go na le ditlhabelo tse dingwe tse di itumedisang Modimo thata. (Baheb. 13:15, 16) Ditlhabelo tseno di dira gore re itumele le gore Modimo a re segofatse. Mma re bone dikai di le mmalwa.

Motlhanka yo o ikanyegang wa bogologolo e bong Hana, o ne a eletsa go nna le ngwana wa mosimane, le fa go ntse jalo, e ne e le moopa. O ne a rapela Jehofa mme a ikana gore fa a ka tshola ngwana wa mosimane, o ne a tla “mo naya Jehofa ka malatsi otlhe a botshelo jwa gagwe.” (1 Sam. 1:10, 11) Hana o ne a ima mme a tshola ngwana wa mosimane e bong Samuele. Fa Samuele a sena go kgwisiwa, Hana o ne a mo isa kwa motlaaganeng fela jaaka a ne a solofeditse Jehofa. Jehofa o ile a segofatsa Hana ka gonne a ile a intsha setlhabelo. O ne a segofadiwa ka bana ba bangwe ba batlhano mme Samuele o ne a nna moporofeti le mokwadi wa Baebele.—1 Sam. 2:21.

Fela jaaka Hana le Samuele, gompieno Bakeresete ba na le tshiamelo ya go dirisa matshelo a bone ba direla Mmopi wa bone. Jesu o ne a re Jehofa o tla re segofatsa fela thata fa re itima dilo dingwe gore re kgone go mo obamela.—Mar. 10:28-30.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Mokeresete mongwe e bong Dorekase o ne a itsege ka ‘ditiro tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko’ e leng matsapa a a neng a a tsaya go thusa batho ba bangwe. Ka maswabi, o ne ‘a bobola a bo a swa,’ mme loso lwa gagwe lo ne lwa utlwisa Bakeresetemmogo le ene botlhoko. Fa barutwa ba sena go utlwa gore Petere o ne a le mo motseng, ba ne ba mo kopa gore a ye kwa go bone. Akanya fela gore ba ne ba itumetse jang fa Petere a ne a tsosa Dorekase mo baswing! E ne e le ene moaposetoloi wa ntlha go tsosa motho mo baswing yo go buiwang ka ene mo Baebeleng. (Dit. 9:36-41) Modimo ga a ka a lebala ditiro tse di molemo tsa ga Dorekase. (Baheb. 6:10) Pego ya gagwe ya go nna pelotshweu e kwadilwe mo Lefokong la Modimo gore re etse sekao sa gagwe se se molemo.

Moaposetoloi Paulo le ene o re tlhometse sekao se se molemo. O ne a dirisa nako ya gagwe go thusa ba bangwe. Fa a ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha o ne a re: “Mme nna ke tla dirisa sotlhe se ke nang le sone ka go itumela thata ke [bo] ke dirisediwa meya ya lona ka botlalo.” (2 Bakor. 12:15) Paulo o ile a iponela gore go intsha setlhabelo ka go thusa ba bangwe go dira gore a kgotsofale mme sa botlhokwa le go feta, go dira gore Jehofa a mo segofatse le go mo amogela.—Dit. 20:24, 35.

Ga go pelaelo gore Jehofa o a itumela fa re tsaya matsapa go dira ditiro tsa Bogosi le go thusa badumedimmogo le rona. Le fa go ntse jalo, a go na le ditsela tse dingwe tse re ka emang nokeng tiro ya go rera? Ee! Gape re ka ema nokeng tiro ya go rera ka go ntsha meneelo. Meneelo eno e dirisiwa go tsweletsa tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe, mme seo se akaretsa go tlhokomela barongwa le bakaulengwe ba bangwe ba ba mo tirelong e e kgethegileng ya nako e e tletseng. Mo godimo ga moo, meneelo eno e dirisiwa mo tirong ya go ranola le go dira dikgatiso le dibidio, mo tirong ya namolo le mo tirong ya go aga Diholo Tsa Bogosi. Re ka tlhomamisega gore ‘yo o pelotshweu o tla segofadiwa.’ Mo godimo ga moo, fa re naya Jehofa dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo, re a mo tlotla.—Dia. 3:9; 22:9.