TORA YA TEBELO—MAKASINE O O ITHUTIWANG November 2018

Makasine ono o na le ditlhogo tsa thuto tsa December 31, 2018 go ya go February 3, 2019.

“Reka Boammaaruri Mme O se Ka wa bo Rekisa”

Go reka boammaaruri go kaya eng? Fa re setse re bo bone, re ka dira eng gore re tswelele re na le jone?

“Ke Tla Tsamaya mo Boammaaruring Jwa Gago”

Ke eng se se ka re thusang go ikemisetsa go ‘nna re tsamaya mo boammaaruring’?

Ikanye Jehofa Mme o Tshele!

Buka ya Habakuke e ka re thusa go ritibala le fa re lebana le mathata.

Ke Mang yo o Tlhotlheletsang Tsela e o Akanyang ka Yone?

Ke eng se se ka go thusang go akanya jaaka Jehofa e seng jaaka batho ba lefatshe leno?

A o Akanya Jaaka Jehofa?

Go ‘fetola megopolo ya rona’ go kaya eng? Mme re ka dira seo jang?

Bopelonomi—Bo Bontshiwa ka Mafoko le ka Ditiro

Bopelonomi ke karolo ya leungo la moya mme Bakeresete ba tshwanetse go nna le jone. Re ka nna jang le nonofo eno?

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Batho ba ba direlang molemo ba Jesu a neng a bua ka bone pele a tlhokafala e ne ele bomang, mme goreng ba ne ba bidiwa jalo?

Re ka Naya Jehofa Mpho Efe?

Diane 3:9 e bua ka dilo dife tse di “tlhwatlhwakgolo” mme re ka di dirisa jang mo tirelong ya Modimo?