Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Akanya Jaaka Jehofa?

A o Akanya Jaaka Jehofa?

“Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona.”—BAR. 12:2.

PINA: 56, 123

1, 2. Fa kamano ya rona le Jehofa e gola, re ithuta go dira eng? Dira sekai.

BATSADI ba naya ngwana wa bone yo monnye mpho ba bo ba mo raya ba re: “E re ke a leboga.” Ngwana yoo o dira jalo ka gonne a ikobela batsadi ba gagwe. Mme gone, fa a gola, o simolola go lemoga gore go botlhokwa go leboga batho fa ba mo direla dilo tse dintle. Ka jalo, fa batho ba mo direla dilo tse dintle, o ba leboga go tswa pelong ka gonne o a itse gore seno se botlhokwa.

2 Ka tsela e e tshwanang, fa re simolola go ithuta boammaaruri, re ile ra ithuta gore re tshwanetse go ikobela melao ya ga Jehofa. Mme fa kamano ya rona le Jehofa e ntse e gola, re ile ra ithuta dilo tse a di ratang, tse a sa di rateng le gore o leba dilo jang. Fa re ithuta go leba dilo jaaka Jehofa re bo re letla seo se tlhotlheletsa ditiro le ditshwetso tsa rona, re bontsha gore re akanya jaaka ene.

3. Ke eng fa go se motlhofo go leba dilo jaaka Jehofa?

3 Go ithuta go akanya jaaka Jehofa go a itumedisa, le fa go ntse jalo, ga go motlhofo ka gonne re na le boleo. Ka sekai, re tlhaloganya gore Jehofa o leba jang boitsholo jo bo sa siamang, go rata dikhumo, tiro ya go rera, go dirisa madi mo go tsa kalafi le dilo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, go ka nna thata go tlhaloganya gore ke eng fa a di leba jalo. Ke eng se se ka re thusang go leba dilo jaaka Jehofa? Go dira jalo go tshwanetse ga ama jang ditshwetso tse re di dirang gone jaanong le tse re tla di dirang mo nakong e e tlang?

RE KA AKANYA JAAKA JEHOFA JANG?

4. Go ‘fetola megopolo ya rona’ go kaya eng?

4 Bala Baroma 12:2. Mo temaneng eno, moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore ke eng se se ka re thusang go akanya jaaka Jehofa. Mo setlhogong se se fetileng, re ithutile gore fa re sa batle go “bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo,” ga re a tshwanela go akanya jaaka batho ba lefatshe leno. Gape Paulo o ne a tlhalosa gore re tshwanetse go ‘fetola megopolo ya rona.’ Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go bala Baebele ka maikaelelo a go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone, go tlhatlhanya ka se re se ithutang le go dira ka natla go akanya jaaka ene.

5. Go ithuta go kaya eng?

5 Go ithuta ga go kaye go bala ka bonako fela re feta kgotsa go thalela dikarabo tsa dipotso. Fa re ithuta, re akanya ka se re se balang. Re akanya ka gore se re ruta eng ka Jehofa, tsela e a dirang dilo le tsela e a akanyang ka yone. Re leka go tlhaloganya lebaka la go bo Modimo a re re dire dilo dingwe mme tse dingwe a re re se ka ra di dira. Gape re leka go lemoga gore re tlhoka go dira diphetogo dife mo botshelong le mo tseleng e re akanyang ka yone. Gone ke boammaaruri gore re ka se kgone go dira jalo nako le nako fa re ithuta, mme gone, re tshwanetse go ipha nako ya go tlhatlhanya fa re fetsa go bala.—Pes. 119:97; 1 Tim. 4:15.

6. Go direga eng fa re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo?

6 Fa re tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo ka metlha, go nna le diphetogo. Re a ‘iponela’ e bile re tlhatswega pelo gore tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone e siame. Re simolola go leba dilo ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone re bo re di amogela. Re ‘fetola’ megopolo ya rona e bile re simolola go akanya ka tsela e e farologaneng. Ka bonya ka bonya, re simolola go akanya jaaka Jehofa.

SE RE SE AKANYANG SE TLHOTLHELETSA DITIRO TSA RONA

7, 8. (a) Jehofa o leba dikhumo jang? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.) (b) Fa re leba dilo jaaka Jehofa, ke eng se se tla nnang botlhokwa thata mo go rona?

7 Ga re a tshwanela go lebala gore dilo tse re di akanyang di tlhotlheletsa ditiro tsa rona. (Mar. 7:21-23; Jak. 2:17) Gore re bone boammaaruri jwa seno, mma re tlotle ka dikai di le mmalwa. Diefangele di re thusa go bona gore Jehofa o ikutlwa jang ka dikhumo. O ile a tlhopha banyalani ba ba humanegileng gore e nne bone ba godisang Morwawe. (Lefi. 12:8; Luke 2:24) Fa Jesu a sena go tsholwa, Marea o ne “a mo latsa mo bojelong jwa diruiwa, ka gonne ba ne ba se na bonno mo phaposing ya baeng.” (Luke 2:7) Fa Jehofa a ne a batla, a ka bo a ile a dira gore Morwawe a tsholelwe mo lefelong le lentle. Mme gone, selo sa botlhokwa mo go Jehofa e ne e le gore Morwawe a godisiwe ke batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng le ba ba mo ratang.

8 Pego e e buang ka botshelo jwa ga Jesu e re thusa go lemoga gore Jehofa o leba dikhumo jang. Batsadi bangwe ba batla gore bana ba bone ba nne le dilo tse di ntle, le fa seno se ka dira gore tumelo ya bana e koafale. Mme gone, selo sa botlhokwa mo go Jehofa ke gore re nne le kamano e e molemo le ene. A le wena o leba dilo jalo? Tsela e o tshelang ka yone e bontsha gore o leba dilo jang?—Bala Bahebera 13:5.

9, 10. Re ka bontsha jang gore re akanya jaaka Jehofa mo kgannyeng ya go kgopisa ba bangwe?

9 Sekai se sengwe ke tsela e Jehofa a ikutlwang ka yone ka motho yo o kgopisang ba bangwe. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o kgopisang mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang, go ne go tla nna molemo thata mo go ene fa lelwala le le tshwanang le le le pitikololwang ke esele le ka gokelelwa mo molaleng wa gagwe a bo a latlhelwa mo lewatleng.” (Mar. 9:42) Mafoko ano a bontsha gore go kgopisa ba bangwe ke kgang e e masisi. E re ka Jesu a na le botho jo bo tshwanang le jwa ga Jehofa, ga go pelaelo gore Jehofa le ene o ikutlwa jalo ka motho yo o kgopisang ba bangwe.—Joh. 14:9.

10 A le rona re akanya jaaka Jehofa le Jesu? Dilo tse re di dirang di bontsha eng? Ka sekai, gotweng fa e le gore o rata go apara kgotsa go ipaakanya ka tsela e e ka kgopisang bangwe mo phuthegong kgotsa e e ka dirang gore ba nne le dikakanyo tse di sa siamang? A tsela e o ratang Bakeresetemmogo le wena ka yone e tla go tlhotlheletsa gore o fetole tsela e o aparang le e o ipaakanyang ka yone?—1 Tim. 2:9, 10.

11, 12. Go nna boikgapo le go tlhoa se Jehofa a se tlhoileng go tla re thusa jang?

11 Gape Jehofa o tlhoile tshiamololo. (Isa. 61:8) O a itse gore ka dinako tse dingwe re nna le dikeletso tse di sa siamang ka gonne re ruile boleo, le fa go ntse jalo, o batla gore le rona re tlhoe dilo tse di sa siamang. (Bala Pesalema 97:10.) Go tlhatlhanya ka lebaka la go bo Jehofa a tlhoile dilo tse di sa siamang go tla dira gore le rona re lebe dilo jaaka ene mme seno se tla re thusa gore re se ka ra di dira.

12 Go akanya jaaka Jehofa go tla re thusa go lemoga gore dilo dingwe ga di a siama le fa tota go sa buiwe ka tsone mo Baebeleng. Ka sekai, boitsholo bongwe jo bo sa siamang jo bo bidiwang lap dancing bo tlwaelegile gompieno. Bangwe ba ka nna ba akanya gore boitsholo jono ga bo phoso ka gonne ba re ga bo tshwane le go tlhakanela dikobo le mongwe. * A mme gone ke tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone? Baebele ya re o tlhoile bosula jwa mofuta mongwe le mongwe. Ka jalo, re tshwanetse go leka ka natla go nna boikgapo le go tlhoa dilo tse Jehofa a di tlhoileng. Go dira jalo go tla re thusa gore re se ka ra di dira.—Bar. 12:9.

AKANYA KA SE O TLA SE DIRANG

13. Go akanya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone go tla re thusa jang mo nakong e e tlang?

13 Fa re ithuta, re tshwanetse go akanya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone. Seno se tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng fa re iphitlhela re lebane le maemo mangwe a re neng re sa a lebelela. (Dia. 22:3) Mma re tlotle ka dikai dingwe tsa mo Baebeleng.

14. Re ithuta eng mo go se Josefa a ileng a se dira?

14 Mosadi wa ga Potifaro o ne a leka go raela Josefa gore a tlhakanele dikobo le ene mme Josefa o ne a gana. Seno se bontsha gore o ne a itse gore Jehofa o batla gore batho ba ba mo lenyalong ba ikanyege. (Bala Genesise 39:8, 9.) Mo godimo ga moo, Josefa o ile a bontsha gore o leba dilo jaaka Jehofa ka gonne o ne a raya mosadi yoo a re: “Ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?” Gotweng ka wena? A re re mongwe yo o berekang le ene o batla go ratana le wena kgotsa mongwe o go romelela setshwantsho kgotsa molaetsa o o buang ka tlhakanelodikobo. * Go tla nna motlhofo go dira se se siameng fa re setse re itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka dilo tseo e bile re itse se re tshwanetseng go se dira mo maemong ao.

15. Re ka ikanyega jang mo go Jehofa jaaka Bahebera ba bararo?

15 Akanya ka sekao sa Bahebera ba bararo e bong Shaderake, Meshake le Abedenego. Ba ile ba gana go obamela setshwantsho sa gauta se Kgosi Nebukadenesare a neng a se dirile e bile tsela e ba ileng ba mo araba ka yone e bontsha gore ba ile ba akanya ka gore go ikanyega mo go Jehofa go kaya eng. (Ekes. 20:4, 5; Dan. 3:4-6, 12, 16-18) Ka sekai, o ne o ka dira eng fa mothapi wa gago a go kopa gore o ntshe madi go tshegetsa moletlo mongwe o o amanang le kobamelo ya maaka? Go na le go emela gore maemo ao a tlhage, go ka nna molemo gore o akanye gone jaanong gore Jehofa o ikutlwa jang. Fa maemo ao a tlhaga, go tla nna motlhofo gore o bue le go dira se se siameng jaaka Bahebera ba bararo ba ile ba dira.

A o dirile dipatlisiso, o tladitse diforomo tsa kalafi le go bua le ngaka ya gago? (Bona serapa 16)

16. Go tlhaloganya tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone go tla re thusa jang go ipaakanyetsa maemo a fa re tlhoka go alafiwa ka tshoganyetso?

16 Gape go akanya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone go tla re thusa go ikanyega fa re tlhoka go alafiwa ka tshoganyetso. Gone ke boammaaruri gore ga re ka ke ra dumela go tshelwa madi kgotsa go amogela dikarolwana tse nnê tsa madi. Le fa go ntse jalo, dikalafi dingwe tse go dirisiwang madi mo go tsone di tlhoka gore Mokeresete a dire tshwetso e e theilweng mo melaometheong ya Baebele le e e bontshang gore o leba dilo jaaka Jehofa. (Dit. 15:28, 29) Eno ga se tshwetso e o ka e dirang o setse o le kwa bookelong gongwe o le mo ditlhabing e bile o le kafa tlase ga kgatelelo. Pele maemo ao a tlhaga, o tshwanetse go dira dipatlisiso, go tlatsa diforomo tsa kalafi tse di jaaka karata ya madi, o tlhalosa gore o batla go alafiwa jang le go bua le ngaka ya gago. *

17-19. Ke eng fa go le botlhokwa gore gone jaanong re ithute kafa Jehofa a lebang dilo ka gone? Naya sekai ka maemo mangwe a re ka iphitlhelang re le mo go one re ne re sa lebelela.

17 Akanya ka tsela e Jesu a ileng a araba Petere ka yone fa a ne a mo raya a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena.” Go bonala Jesu a ile a akanya thata ka se Modimo a neng a batla gore a se dire le ka se Dikwalo di se buang ka botshelo le loso lwa gagwe. Seno se ne sa mo thusa gore a tswelele a ikanyega mo go Jehofa le go ntsha botshelo jwa gagwe e le setlhabelo.—Bala Mathaio 16:21-23.

18 Gompieno Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba nne le kamano e e molemo le ene le gore ba tshwarege mo tirong ya go rera. (Math. 6:33; 28:19, 20; Jak. 4:8) Mme gone, fela jaaka Petere, batho bangwe ba ka nna ba re tlhotlheletsa gore re se ka ra nna le seabe ka botlalo mo tirong eno, gongwe ba akanya gore ba a re thusa. Ka sekai, o tla dira eng fa mothapi wa gago a ka re o go tlhatlosa mo tirong mme gone tiro eo e ka dira gore o se ka wa kgona go ya dipokanong le bodireding ka metlha? Kgotsa fa e le gore o tsena sekolo, gotweng fa o ka newa tshono ya gore o ye go ithutela kgakala le legae? A eo ke yone nako e e siameng ya go rapela, go dira dipatlisiso, go bua le ba lelapa la gago gongwe le bagolwane o bo o dira tshwetso? Go ka nna botoka go ithuta gone jaanong gore Jehofa o leba kgang eo jang o bo o leka go akanya jaaka ene. Fa o dira jalo, go tla nna motlhofo gore o dire tshwetso fa go ka direga gore o lebane le maemo ao. E re ka o tla bo o itse gore o ipeetse mekgele efe le gore o batla eng, ga go kitla go nna thata go diragatsa tshwetso ya gago.

19 Go ka tswa go na le maemo mangwe a o ka akanyang ka one a a ka tlhagang re sa lebelela. Gone ke boammaaruri gore re ka se kgone go ipaakanyetsa maemo mangwe le mangwe. Mme gone, fa re tlhatlhanya ka melao ya ga Jehofa ka nako ya fa re ithuta re le nosi, re tla kgona go gopola dilo tse re di ithutileng le go di dirisa mo maemong mangwe le mangwe. Ka jalo re tshwanetse go ithuta gore Jehofa o leba dilo jang re bo re leka go akanya jaaka ene. Seno se tla re thusa go dira ditshwetso tse di siameng gone jaanong le mo nakong e e tlang.

GO AKANYA JAAKA JEHOFA GO TLA DIRA GORE RE ITUMELE

20, 21. (a) Goreng re tlile go itumelela kgololesego mo lefatsheng le lesha? (b) Ke eng se se tla re thusang go itumela gone jaanong?

20 Rotlhe re lebile pele go ipona re tshelela ruri mo lefatsheng le lesha. Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko gone jaanong di tla bo di seyo. Mo godimo ga moo, re tla bo re na le kgololesego ya go itlhophela go dira dilo tse re di ratang.

21 Gone ke boammaaruri gore kgololesego eo e tla bo e lekanyeditswe. Jehofa ke ene a tla bong a re beela melao ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. Seno se tla dira gore re itumele le gore re tshele ka kagiso. (Pes. 37:11) Mme gone, fa re leba dilo jaaka Jehofa, re ka kgona go itumela tota le gone jaanong.

^ ser. 12 Lap dancing ke mofuta wa tanse e e dirwang ke motho yo o sa aparang sentle yo o dueletsweng go binela mo diropeng tsa motho go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya tlhakanelodikobo. Go ikaegile ka maemo, seno se ka tsewa e le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo jo bo ka dirang gore go tlhomiwe komiti ya boatlhodi. Mokeresete yo o kileng a dira boitsholo jono o tshwanetse go kopa thuso ya bagolwane.—Jak. 5:14, 15.

^ ser. 14 Go romela melaetsa, ditshwantsho kgotsa dibidio tsa tlhakanelodikobo go bidiwa sexting. Go ikaegile ka maemo, mokgwa ono o ka dira gore go tlhomiwe komiti ya boatlhodi. Mo maemong mangwe, basha ba ba ileng ba nna le seabe mo mokgweng ono ba ile ba bulelwa kgetsi semolao. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bala setlhogo se se reng, “Basha ba Botsa Jaana—Ke Tshwanetse go Itse Eng ka go Romela Melaetsa e e Hepisang ka Founo?” mo jw.org. (Leba DITHUTO TSA BAEBELE > BASHA.) Kgotsa bala setlhogo se se reng “Go Buisana le Mosha wa Gago Mabapi le go Romela Melaetsa e e Hepisang ka Founo” mo makasineng wa Tsogang! wa November 2013, ts. 4-5.

^ ser. 16 Dikgatiso tsa rona di tlhalosa melaometheo ya Baebele e e buang ka kgang eno. Ka sekai, bona buka ya Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo” ts. 215-218.