Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Batho ba ba direlang molemo ba Jesu a neng a bua ka bone pele a tlhokafala e ne ele bomang, mme goreng ba ne ba bidiwa jalo?

Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ne a kgothaletsa baaposetoloi ba gagwe gore ba se ka ba batla go tlhagelela ka magetla mo gare ga Bakeresetemmogo le bone. O ne a ba raya a re: “Dikgosi tsa ditšhaba di rena mo go bone, le ba ba nang le taolo mo go bone ba bidiwa bao ba ba direlang molemo. Le fa go ntse jalo, lona ga lo a tshwanela go nna ka tsela eo.”—Luke 22:25, 26.

Batho ba ba direlang molemo ba Jesu a neng a bua ka bone ke bomang? Mekwalo e e gabilweng, madi a tshipi le mekwalo mengwe ya bogologolo e bontsha gore kwa Gerika le kwa Roma go ne go tlwaelegile gore banna ba ba tumileng ba tlotliwe ka go bidiwa Euergetes kgotsa ba ba direlang molemo. Banna bao ba ne ba tlotliwa jalo ka gonne ba dirile tiro nngwe ya botlhokwa mo setšhabeng.

Dikgosi di le dintsi di ne di bidiwa jalo. Bangwe ba bone e ne e le dikgosi tsa kwa Egepeto e bong Ptolemy III le Ptolemy VIII. Dikgosi tsa kwa Roma e bong Julius Caesar le Augustus le bone ba ne ba bidiwa jalo gammogo le kgosi ya kwa Judea e bong Herode yo Mogolo. Herode o ne a bidiwa jalo ka gonne o ile a tlamela batho ba gagwe ka korong fa go ne go le leuba e bile o ne a naya batho ba ba humanegileng diaparo.

Go ya ka moithuti mongwe wa Baebele wa kwa Jeremane e bong Adolf Deissmann, sereto seno se ne se dirisiwa thata. O ne a re: “Go na le mekwalo ya bogologolo e le mentsi e e bontshang gore sereto seno se ne se dirisiwa thata.”

Ka jalo, Jesu o ne a raya jang fa a ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lona ga lo a tshwanela go nna ka tsela eo”? A o ne a raya gore ba se ka ba nna batho ba batho, gore ga ba a tshwanela go thusa batho ba bangwe? Nnyaa. Go na le moo, o ne a sa batle gore ba dire jalo e le ka gonne ba batla go tlotlomadiwa.

Ka nako ya ga Jesu, batho ba ba humileng ba ne ba duelela metshameko mengwe e e rileng, ba aga diparaka le ditempele le go dira dilo tse dingwe ka gonne ba ne ba batla go tlotlomadiwa. Gape ba ne ba dira dilo tseo ka gonne ba ne ba batla go tuma e bile ba batla gore batho ba ba boutele. Buka nngwe ya re: “Le fa go ne go na le batho ba ba neng ba dira jalo ka gonne ba batla go thusa batho, bontsi jwa bone ba ne ba dira jalo ka ntlha ya bopelotshetlha.” Jesu o ne a sa batle gore balatedi ba gagwe ba nne le mokgwa oo.

Dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a re go botlhokwa gore re direle batho dilo tse di molemo ka maikaelelo a a siameng. O ne a kwalela Bakeresete ba kwa Korintha jaana: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.”—2 Bakor. 9:7.