Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikanye Jehofa Mme o Tshele!

Ikanye Jehofa Mme o Tshele!

“Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.”—DIA. 3:5.

PINA: 3, 8

1. Ke eng fa re tlhoka go gomodiwa?

ROTLHE re tlhoka go gomodiwa. Gongwe go na le dilo tse di re tshwenyang, tse di re kgobang marapo le tse di re utlwisang botlhoko. Re ka tswa re boga ka ntlha ya botsofe, bolwetse kgotsa go swelwa ke mongwe yo re mo ratang. Bangwe ba rona re a ganediwa e bile re tshela le batho ba ba ratang ntwa. Re a itse gore ‘dinako tseno tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ di bontsha gore re tshela mo “metlheng ya bofelo” le gore go gaufi gore Jehofa a tlise lefatshe le lesha. (2 Tim. 3:1) Le fa go ntse jalo, re ka tswa re na le nako e e telele re letetse gore Jehofa a diragatse ditsholofetso tsa gagwe e bile gongwe mathata a rona a ntse a oketsega. Ka jalo, re ka bona kae kgomotso?

2, 3. (a) Ke eng se re se itseng ka Habakuke? (b) Ke eng fa re tlile go tlhatlhoba buka eno?

2 Re ka bona karabo ka go tlhatlhoba buka ya Habakuke. Le fa Baebele e sa bue sepe ka botshelo jwa ga Habakuke, buka e a e kwadileng e ka re kgothatsa fela thata. Leina la gagwe le ka tswa le kaya “Go Tlamparela.” Seno se ka tswa se kaya tsela e Jehofa a re gomotsang ka yone jaaka e kete o a re tlamparela kgotsa se kaya tsela e re ngangatlelang Jehofa ka yone. Habakuke o ile a bua le Modimo le go mmotsa dipotso. Jehofa o ne a mo araba a bo a mo tlhotlheletsa gore a kwale ka puisano ya bone ka gonne O ne a itse gore e tla re thusa.—Hab. 2:2.

3 Puisano ya ga Habakuke le Jehofa ke yone fela mo Baebeleng e e re nayang dintlha ka moporofeti yono. Buka ya gagwe ke karolo ya “dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele” mme e ne ya tsenngwa mo Lefokong la Modimo “gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Bar. 15:4) Buka ya Habakuke e ka re thusa jang? E ka re thusa go lemoga gore go ikanya Jehofa go kaya eng. Mo godimo ga moo, e re thusa go tlhomamisega gore re ka kgona go tswelela re na le kagiso ya mogopolo le fa re boga kgotsa re na le mathata. Ka jalo, mma re tlhatlhobeng buka eno ka botlalo.

RAPELA JEHOFA

4. Ke eng fa Habakuke a ne a kgobegile marapo?

4 Bala Habakuke 1:2, 3Habakuke o ne a tshela ka nako e go neng go le thata ka yone. O ne a utlwisiwa botlhoko ke gore o ne a tshela le batho ba ba bosula ba ba ratang ntwa. A ka tswa a ne a ipotsa gore bosula joo bo ne bo tlile go fela leng le gore ke eng fa Jehofa a ne a tsaya lobaka go tsaya kgato. Baiseraele ba ne ba sa dirisane sentle e bile ba tletse tshiamololo. Ka jalo, o ne a kgobegile marapo. Mme gone o ne a kopa Jehofa gore a tseye kgato. A ka tswa a ne a simolola go akanya gore Jehofa ga a tlhole a kgathalela batho ba Gagwe. Go ne go bonala e kete Jehofa o diega go tsaya kgato. A le wena o kile wa ikutlwa jalo?

5. Re ithuta eng mo bukeng ya Habakuke? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.)

5 A Habakuke o ne a sa tlhole a ikanya Jehofa? A o ne a sa tlhole a dumela ditsholofetso tsa Modimo? Le eseng! O ile a bolelela Jehofa mathata a gagwe le dilo tse di neng di mo tshwenya. Seno se bontsha gore o ne a sa ntse a na le tumelo. O ne a utlwile botlhoko ka gonne o ne a sa tlhaloganye gore Jehofa o tla tsaya kgato leng le gore ke eng fa Jehofa a ne a letla gore a lebane le maemo ao a a thata. Jehofa o ile a tlhotlheletsa Habakuke gore a kwale ka dilo tse di neng di mo tshwenya. Seno se re ruta gore Jehofa o batla gore re se ka ra tshaba go mmolelela dilo tse di re tshwenyang. Tota e bile, o batla gore re mmulele mafatlha. (Pes. 50:15; 62:8) Diane 3:5 ya re re ‘ikanye Jehofa ka dipelo tsa rona tsotlhe’ le gore re ‘se ka ra ikaega ka ditlhaloganyo tsa rona.’ Ga go pelaelo gore Habakuke o ne a dirisa kgakololo eno.

6. Ke eng fa go rapela go le botlhokwa?

6 Habakuke o ne a tshepa Jehofa e bile o ne a tsaya matsapa go atamalana le ene. Ga a ka a nnela go akanya ka mathata a gagwe kgotsa go leka go a rarabolola ka boene. Go na le moo, o ne a rapela, a bolelela Jehofa dilo tse di neng di mo utlwisa botlhoko le tse di neng di mo tshwenya. Eleruri, o re tlhometse sekao se se molemo. Jehofa o batla gore re bontshe gore re a mo ikanya ka go mmolelela mathata a rona. (Pes. 65:2) Fa re dira jalo, o tla re gomotsa e bile o tla re kaela. (Pes. 73:23, 24) O tla re thusa go tlhaloganya gore o ikutlwa jang ka maemo a rona. Fa re rapela go tswa pelong, re tla bo re bontsha gore re ikanya Jehofa.

REETSA JEHOFA

7. Jehofa o ile a dira eng fa Habakuke a ne a mmolelela dilo tse di mo tshwenyang?

7 Bala Habakuke 1:5-7. Fa Habakuke a sena go bolelela Jehofa dilo tse di neng di mo utlwisa botlhoko le tse di neng di mo tshwenya, a ka tswa a ne a ipotsa gore Jehofa o tla mo araba jang. E re ka Jehofa e le Rre yo o lorato, ga a ka a kgalemela Habakuke. O ne a itse gore o utlwile botlhoko. Jehofa o ile a bolelela Habakuke se se neng se tla diragalela Bajuda bao ba ba sa ikanyegeng. Go ka direga gore Habakuke ke ene motho wa ntlha yo Jehofa a ileng a mmolela gore o ne a tlile go otlhaya Bajuda bao mo bogautshwaneng.

8. Ke eng fa karabo ya ga Jehofa e ile ya gakgamatsa Habakuke?

8 Jehofa o ne a tlhalosetsa Habakuke gore O tlile go tsaya kgato. O ne a tlile go otlhaya Bajuda ba ba sa ikanyegeng le ba ba ratang ntwa. Fa Jehofa a ne a re “mo metlheng ya lona,” o ne a bontsha gore o ne a tla tlisa kotlhao eo mo motlheng wa ga Habakuke. Habakuke o ne a sa lebelela gore Jehofa o tla araba ka tsela eo. Se Jehofa a ileng a se bua se ne se raya gore Bajuda botlhe ba ne ba tlile go boga ka gonne Bababelona ba ne ba le setlhogo thata go feta Bajuda. Ke eng fa Jehofa a ne a dirisa batho ba ba setlhogo jalo go otlhaya batho ba gagwe? O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o le Habakuke?

9. Habakuke a ka tswa a ile a ipotsa dipotso dife?

9 Bala Habakuke 1:12-14, 17. Habakuke o ne a itse gore Jehofa o tlile go dirisa Bababelona go atlhola le go otlhaya Bajuda ba ba sa ikanyegeng, mme gone, o ne a sa ntse a akabetse. Le fa go ntse jalo, o ne a tswelela a le boikokobetso e bile a ikanya Jehofa. Tota e bile, o ne a re Jehofa ke “Lefika” la gagwe. (Dute. 32:4; Isa. 26:4) Habakuke o ne a itse gore Jehofa o lorato e bile o pelonomi, ka jalo, o ile a mmotsa dipotso tse dingwe gape. O ne a botsa gore ke eng fa Modimo a ne a letla gore maemo mo Juda a sulafalele go ya pele. Ke eng fa Modimo a ne a sa tseye kgato ka yone nako eo? Ke eng fa Mothatayotlhe a ne a itshoketse bosula joo? Ke eng fa Modimo a ne a “didimala” fela batho ba dira dilo tse di bosula? Kana e bile, Jehofa ke “Moitshepi,” e bile ‘o itshekile thata mo matlhong gore a ka bona se se bosula.’

10. Ka dinako tse dingwe re ka ikutlwa jang?

10 Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra ikutlwa fela jaaka Habakuke. Re ikobela Jehofa, re a mo ikanya e bile re bala Lefoko la gagwe mme seno se dira gore re nne le tsholofelo. Gape phuthego ya gagwe e re thusa go ithuta ka ditsholofetso tsa gagwe. Le fa go ntse jalo, re ka tswa re ipotsa jaana: ‘Mathata a rona a tlile go fela leng?’ Re ka ithuta eng mo go se Habakuke a ileng a se dira?

LETA JEHOFA

11. Habakuke o ile a ikemisetsa go dira eng fa a sena go bua le Jehofa?

11 Bala Habakuke 2:1. Fa Habakuke a sena go bua le Jehofa, o ile a ritibala. Ka jalo, o ile a ikemisetsa gore o tla leta Jehofa ka bopelotelele. Ga a ka a dira jalo ka gonne a tseegile maikutlo. Moragonyana o ile a bontsha gore o sa ntse a ikutlwa jalo ka gonne o ile a re o tla ‘leta letsatsi la matshwenyego ka tidimalo.’ (Hab. 3:16) Batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa le bone ba ile ba leta Jehofa ka bopelotelele mme sekao sa bone se re thusa gore re se ka ra ineela, go na le moo, re tswelele re letile Jehofa re le pelotelele.—Mik. 7:7; Jak. 5:7, 8.

12. Re ka ithuta eng mo go Habakuke?

12 Re ithuta eng mo go Habakuke? Sa ntlha, re tshwanetse go tswelela re rapela Jehofa fa re lebane le mathata. Sa bobedi, re tshwanetse go reetsa se Jehofa a re bolelelang sone a dirisa Lefoko le phuthego ya gagwe. Sa boraro, re tshwanetse go tswelela re letile Jehofa ka bopelotelele, re tlhatswegile pelo gore o tla re araba ka nako e e siameng. Fa re nna re rapela Jehofa, re mo reetsa e bile re mo leta ka bopelotelele fela jaaka Habakuke, le rona re tla kgona go ritibala mme seno se tla re thusa go itshoka. Go nna le tsholofelo go tla re thusa go nna pelotelele mme seno se tla re thusa gore re itumele le fa re lebane le mathata. Tsholofelo e re thusa go tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re thusa.—Bar. 12:12.

13. Habakuke 2:3 e re tlhomamisetsa eng?

13 Bala Habakuke 2:3. Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a itumelela gore Habakuke o ile a leta. Jehofa o ne a tlhaloganya maemo a a thata a Habakuke a neng a le mo go one. Ka jalo, o ile a mo gomotsa ka go mo tlhomamisetsa gore o tla mo araba. Go ne go ntse jaaka e kete Jehofa o raya Habakuke a re: “Nna pelotelele mme o ntshepe. Ke tla go araba, le fa go ka lebega e kete ke a diega.” Jehofa o ne a gopotsa Habakuke gore O tlile go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe ka nako e A e tlhomileng. Ka jalo o ne a mo raya a re a nne a letile. Jehofa ga a ka a mo swabisa.

Ke eng fa re ikemiseditse go direla Jehofa? (Bona serapa 14)

14. Re tshwanetse go dira eng fa re lebane le mathata?

14 Re tshwanetse go tswelela re letile Jehofa ka bopelotelele e bile re ikobela dilo tsotlhe tse a re laelang tsone. Go dira jalo go tla re thusa gore re ritibale le fa re lebane le mathata. Jesu o ne a re Jehofa ke Mmolokanako yo Mogolo, gape o ile a re re se ka ra tlhoma mogopolo mo ‘dinakong kgotsa dipaka’ tse Jehofa a iseng a di senole. (Dit. 1:7) Ka jalo, ga re a tshwanela go fela pelo, go na le moo, re tshwanetse go nna boikokobetso, go nna pelotelele le go nna le tumelo. Mme fa re sa ntse re letile gore Jehofa a tseye kgato, re tshwanetse go dira bojotlhe go mo direla.—Mar. 13:35-37; Bagal. 6:9.

JEHOFA O TLA RE SEGOFATSA FA RE MO IKANYA

15, 16. (a) Go na le ditsholofetso dife mo bukeng ya ga Habakuke? (b) Ditsholofetso tseo di re ruta eng?

15 Jehofa o solofetsa batho ba ba siameng jaana: ‘Mosiami o tla nna a tshela ka boikanyegi jwa gagwe.’ Gape a re: “Lefatshe le tla tladiwa ka go itse kgalalelo ya ga Jehofa.” (Hab. 2:4, 14) Jehofa o tlile go naya batho ba ba mo ikanyang botshelo jo bo sa khutleng.

16 Akanya ka tsholofetso e e mo go Habakuke 2:4. E botlhokwa thata jaana mo moaposetoloi Paulo a ileng a e nopola gararo mo makwalong a gagwe. (Bar. 1:17; Bagal. 3:11; Baheb. 10:38) Go sa kgathalesege mathata a re lebanang le one, fa fela re tswelela re ikanyega mo go Jehofa e bile re na le tumelo, re tla bona go diragadiwa ga ditsholofetso tsa gagwe. Jehofa o batla gore re tlhome mogopolo mo dilong tse di tla diregang mo isagweng.

17. Buka ya Habakuke e re tlhomamisetsa eng?

17 Re ka ithuta thuto ya botlhokwa mo bukeng ya Habakuke ka gonne re tshela mo metlheng ya bofelo. Jehofa o solofetsa gore o tla naya batho botlhe ba ba mo ikanyang botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, a re tsweleleng re ikanya Modimo e bile re nonotsha tumelo ya rona le fa re ka lebana le mathata. Se Jehofa a ileng a se bolelela Habakuke se re tlhomamisetsa gore O tla re ema nokeng e bile o tla re thusa. Jehofa o re kopa gore re mo ikanye e bile re lete ka bopelotelele go fitlha a tlisa Bogosi jwa gagwe. Ka nako eo, lefatshe le tla tlala ka batho ba ba itumetseng le ba ba bonolo.—Math. 5:5; Baheb. 10:36-39.

IKANYE JEHOFA MME O IPELE

18. Mafoko a ga Jehofa a ile a ama Habakuke jang?

18 Bala Habakuke 3:16-19. Mafoko a ga Jehofa a ile a kgothatsa Habakuke fela thata. O ile a akanya ka dilo tse di gakgamatsang tse Jehofa a neng a di direla batho ba gagwe mo nakong e e fetileng. Seno se ile sa dira gore a tshepe Jehofa. O ne a itse gore Jehofa o tla tsaya kgato. O ile a gomotsega le fa gone a ne a itse gore go ka nna ga feta nakonyana a ntse a boga. O ne a sa tlhole a na le dipelaelo, go na le moo, o ne a tlhomamisegile gore Jehofa o tla mo golola. O ile a bua sengwe se se bontshang gore eleruri o ikanya Jehofa ka pelo yotlhe. Baithuti bangwe ba Baebele ba re temana 18 e raya gore: “Ke tla tlola ka boipelo mo Moreneng; ke tla dikologa ka boitumelo mo Modimong.” Ruri seno se a re kgothatsa! Jehofa ga a re solofetse dilo tse di molemo fela mme gape o re tlhomamisetsa gore tota le gone jaanong o dira sengwe go tlhomamisa gore boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwa.

19. Re ka bona jang kgomotso fela jaaka Habakuke?

19 Thuto ya botlhokwa e re ithutang yone mo bukeng ya Habakuke ke gore re tshwanetse go ikanya Jehofa. (Hab. 2:4) Ke eng se se ka re thusang gore re ikanye Jehofa le gore re nne le kamano e e molemo le ene? Re ka thusiwa ke (1) go rapela ka metlha, re mo bolelela dilo tsotlhe tse di re tshwenyang; (2) go ithuta Lefoko la Modimo le go ikobela kaelo yotlhe e re e newang mo phuthegong le (3) go leta Jehofa ka bopelotelele. Habakuke o ile a dira jalo. Le fa gone a ne a utlwile botlhoko kwa tshimologong, kwa bofelong o ne a itumetse. Fa re etsa sekao sa gagwe, le rona Jehofa o tla re kgothatsa. Re ka se bone kgomotso e e ntseng jalo gope mo lefatsheng leno le le bosula!