Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Tlhotlheletsang Tsela e o Akanyang ka Yone?

Ke Mang yo o Tlhotlheletsang Tsela e o Akanyang ka Yone?

“Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.”—BAR. 12:2.

PINA: 88, 45

1, 2. (a) Jesu o ne a araba jang fa Petere a ne a re a ikutlwe botlhoko? (Bona setshwantsho se se simololang setlhogo.) (b) Goreng Jesu a ile a mo araba jalo?

BARUTWA ba ga Jesu ba ne ba gakgametse. Ba ne ba solofetse gore Jesu o ne a tla busetsa bogosi kwa Iseraele. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re o tlile go bogisiwa a bo a bolawa. Moaposetoloi Petere o ne a mo raya a re: “Ikutlwele botlhoko, Morena; ga o na go nna le phelelo eno ka gope.” Jesu o ne a mo araba jaana: “Mpota kafa morago, Satane! O sekgopi mo go nna, ka gonne ga o akanye dikakanyo tsa Modimo, mme tsa batho.”—Math. 16:21-23; Dit. 1:6.

2 Mafoko ano a ga Jesu a bontsha gore go na le pharologanyo fa gare ga tsela e Modimo a akanyang ka yone le tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone. (1 Joh. 5:19) Petere o ne a batla gore Jesu a ikakanyetse a le nosi jaaka batho ba lefatshe leno. Mme gone, Jesu o ne a itse tsela e Rraagwe a akanyang ka yone. O ne a itse gore Jehofa o batla gore a ipaakanyetse go boga le go swa. Tsela e Jesu a neng a araba Petere ka yone, e bontsha gore o ne a gana tsela e lefatshe leno le akanyang ka yone mme a amogela ya ga Jehofa.

3. Ke eng fa go le boima go akanya jaaka Jehofa?

3 Gotweng ka rona? A re akanya jaaka Modimo kgotsa jaaka batho ba lefatshe leno? Gone ke boammaaruri gore re ile ra dira diphetogo gore re tshele ka tsela e Modimo a e amogelang. Mme gotweng ka tsela e re akanyang ka yone? A re leka ka natla go akanya jaaka Jehofa? Go dira jalo ga go motlhofo. Kafa letlhakoreng le lengwe, go akanya ka tsela e lefatshe leno le akanyang ka yone go motlhofo fela ka gonne moya wa lefatshe o gongwe le gongwe. (Baef. 2:2) Gape batho ba lefatshe leno ba re kgothaletsa go ikakanyetsa re le nosi mme re ka raelesega go ba reetsa. Ga go motlhofo go akanya jaaka Jehofa mme go akanya jaaka lefatshe leno go itlela fela.

4. (a) Go tla direga eng fa re letla lefatshe leno le tlhotlheletsa tsela e re akanyang ka yone? (b) Setlhogo seno se tla re thusa jang?

4 Fa re letla lefatshe leno le tlhotlheletsa tsela e re akanyang ka yone, re tla ikakanyetsa fela re le nosi e bile re tla batla go itaola. (Mar. 7:21, 22) Ka jalo go botlhokwa gore re akanye “dikakanyo tsa Modimo,” e seng “tsa batho.” Setlhogo seno se tla re bontsha gore re ka dira seo jang. Se tlhalosa gore ke eng fa go akanya jaaka Jehofa go sa re gatelele mme go re thusa. Gape se re bontsha gore re ka tila jang go akanya jaaka lefatshe leno. Setlhogo se se latelang sone se tla re thusa go bona gore re ka akanya jang jaaka Jehofa mo dilong tse di farologaneng.

TSELA E JEHOFA A AKANYANG KA YONE E RE SOLEGELA MOLEMO

5. Ke eng fa batho ba bangwe ba sa batle go bolelelwa gore ba dire eng?

5 Batho ba bangwe ga ba batle gore ope a ba bolelele gore ba dire eng. Ba tle ba re: “Ke tla dira se ke akanyang gore se siame.” Se ba se buang ke gore ba tla itirela ditshwetso. Ga ba batle go laolwa kgotsa go patelediwa go dira dilo jaaka batho ba bangwe ba di dira. *

6. (a) Jehofa o re neile kgololesego efe? (b) A kgololesego eo e lekanyeditswe?

6 Le fa go ntse jalo, go akanya jaaka Jehofa ga go reye gore ga re kgone go ikakanyetsa. Bakorintha wa bobedi 3:17 ya re: “Koo moya wa ga Jehofa o leng gone, go na le kgololesego.” Re na le kgololesego ya go itlhophela gore re tla nna batho ba ba ntseng jang le gore ke dilo dife tse re di kgatlhegelang le tse re di ratang. Jehofa o re bopile gore re kgone go itirela ditshwetso tseo. Le fa go ntse jalo, kgololesego ya rona e lekanyeditswe. (Bala 1 Petere 2:16.) Fa go tla mo kgannyeng ya se siameng le se se sa siamang, Jehofa o batla gore re akanye jaaka a akanya. A go dira jalo go a re gatelela kgotsa go a re thusa?

7, 8. Goreng go leba dilo jaaka Jehofa go sa re gatelele? Tshwantsha.

7 Ela tlhoko sekai seno. Gantsi batsadi ba ruta bana go nna le mekgwa e e siameng. Ba ka nna ba ba ruta gore ba ikanyege, ba bereke ka natla le go akanyetsa batho ba bangwe. Seno ga se reye gore ba a ba gatelela. Go na le moo, batsadi ba ba thusa gore e nne batho ba ba nang le maikarabelo fa ba setse ba godile. Fa bana ba setse ba godile mme ba nna kwa matlong a bone, ba tla itirela ditshwetso. Fa ba tlhopha go tshela ka tsela e batsadi ba bone ba ba godisitseng ka yone, ga ba kitla ba ikwatlhaela ditshwetso tse ba tla di dirang mo botshelong. Ga ba kitla ba nna le mathata a le mantsi le go tlhobaela thata ka botshelo.

8 Fela jaaka motsadi yo o molemo, Jehofa le ene o batla gore re nne le botshelo jo bo kgotsofatsang. (Isa. 48:17, 18) O re naya melaometheo e e re bontshang gore re tshwanetse go itshwara jang le gore re dirisane jang le batho ba bangwe. O batla gore re akanye jaaka ene le gore re tshele go dumalana le melaometheo ya gagwe. Go dira jalo ga go re gatelele, go na le moo, go tokafatsa tsela e re akanyang ka yone. (Pes. 92:5; Dia. 2:1-5; Isa. 55:9) Gape go dira gore re dire ditshwetso tse di tla re itumedisang. (Pes. 1:2, 3) Eleruri go akanya jaaka Jehofa go ka re solegela molemo.

TSELA E JEHOFA A AKANYANG KA YONE E MOLEMO THATA

9, 10. Re itse jang gore tsela e Jehofa a akanyang ka yone e molemo thata go feta ya batho ba lefatshe leno?

9 Lebaka le lengwe le le dirang gore batlhanka ba ga Jehofa ba batle go akanya jaaka ene ke gore tsela e a akanyang ka yone e molemo thata go feta ya batho ba lefatshe leno. Batho ba lefatshe leno ba ntsha kgakololo ya gore batho ba ka itshwara jang, ba ka nna jang le lelapa le le itumetseng, ba ka dirang gore ba itumelele tiro ya boitshediso le dilo tse dingwe mo botshelong. Gantsi kgakololo ya bone ga e dumalane le melao ya Modimo. Ka sekai, ba kgothaletsa batho gore ba ikakanyetse fela ba le bosi. Gape ba dira gore batho ba akanye gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo itshiametse fela. Ba kgothaletsa banyalani gore fa ba sa itumela mo lenyalong, ba kgaogane kgotsa ba tlhalane. Kgakololo eo ga e dumalane le Dikwalo. Mme gone, a kgakololo ya lefatshe leno e a utlwala go feta kgakololo e e mo Baebeleng?

10 Jesu o ne a re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Math. 11:19) Gone ke boammaaruri gore batho ba lefatshe leno ba dirile dilo di le dintsi ba dirisa thekenoloji, le fa go ntse jalo, ga ba kgone go rarabolola mathata a a dirang gore batho ba se ka ba itumela a a jaaka dintwa, tlhaolele le bokebekwa. Mo godimo ga moo, ba akanya gore boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo bo siame fela. Mme gone, batho ba le bantsi ba lemoga gore boitsholo joo bo dira gore malapa a thubege, batho ba tsenwe ke malwetse e bile bo baka mathata a mangwe a mantsi. Kafa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete ba ba tshelang ka melao ya Modimo bone ba na le malapa a a itumetseng, ga ba lwale ka gonne ba itshwere sentle e bile ba tshela ka kagiso le Bakeresetemmogo le bone. (Isa. 2:4; Dit. 10:34, 35; 1 Bakor. 6:9-11) A seno ga se bontshe gore tsela e Jehofa a akanyang ka yone e molemo thata go feta ya batho ba lefatshe leno?

11. Moshe o ne a kaelwa ke eng, mme go ne ga felela jang?

11 Batlhanka ba ga Jehofa ba bogologolo ba ne ba itse gore tsela e Jehofa a akanyang ka yone e molemo thata. Ka sekai, le fa gone Moshe a ne a rutilwe “botlhale jotlhe jwa Baegepeto,” o ne a kopa Modimo gore a mo neye “pelo e e botlhale.” (Dit. 7:22; Pes. 90:12) Gape o ne a kopa Jehofa jaana: “Ntira gore ke itse ditsela tsa gago.” (Ekes. 33:13) Moshe o ne a kaelwa ke melao ya ga Jehofa, ka jalo, Jehofa o ne a mo dirisa go diragatsa boikaelelo jwa Gagwe mme Baebele ya re e ne e le monna yo o nang le tumelo e e nonofileng.—Baheb. 11:24-27.

12. Moaposetoloi Paulo o ne a kaelwa ke eng?

12 Moaposetoloi Paulo o ne a le botlhale e bile a rutegile, a itse dipuo tse pedi. (Dit. 5:34; 21:37, 39; 22:2, 3) Fa a tshwanetse go dira ditshwetso, o ne a sa dirise botlhale jwa lefatshe, go na le moo o ne a dirisa melaometheo e e mo Lefokong la Modimo. (Bala Ditiro 17:2; 1 Bakorintha 2:6, 7, 13.) Seo se ne sa dira gore Paulo a itumelele bodiredi e bile o ne a nna le tsholofelo ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.—2 Tim. 4:8.

13. Ke mang yo o nang le maikarabelo a go dira gore re akanye jaaka Jehofa?

13 Eleruri tsela e Jehofa a akanyang ka yone e molemo go feta ya lefatshe leno. Fa re tshela ka melao ya gagwe re tla itumela e bile re tla atlega mo botshelong. Mme gone, Jehofa ga a re pateletse go tshela ka melao ya gagwe. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le bagolwane ga ba re pateletse go akanya jaaka Jehofa. (Math. 24:45; 2 Bakor. 1:24) Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya matsapa gore a akanye jaaka Jehofa. Re ka dira seo jang?

O SE KA WA TLHOTLHELEDIWA KE LEFATSHE

14, 15. (a) Fa re batla go akanya jaaka Jehofa, re tshwanetse go dira eng? (b) Go ya ka Baroma 12:2, ke eng fa re sa tshwanela go akanya ka dilo tse Modimo a di tlhoileng? Tshwantsha.

14 Baroma 12:2 ya re: “Tlogelang go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo, mme lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.” Temana eno e re ruta gore le fa tsela e re akanyang ka yone e ka tswa e ne e tlhotlhelediwa ke eng pele re ithuta boammaaruri, re ka kgona go fetoga mme ra simolola go akanya jaaka Jehofa. Ke boammaaruri gore tsela e re akanyang ka yone e ile ya tlhotlhelediwa ke dilo tse di re diragaletseng mo botshelong. Le fa go ntse jalo, re ka kgona go fetola tsela e re akanyang ka yone. Seo se tla ikaega thata ka gore re tlhoma mogopolo wa rona mo go eng. Fa re tlhatlhanya ka tsela e Jehofa a akanyang ka yone, re tla kgona go lemoga gore melao ya gagwe e siame. Seo se tla re thusa gore re lebe dilo jaaka ene.

15 Fa re batla go leba dilo jaaka Jehofa, re tshwanetse go tlogela “go bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.” Re tshwanetse go tlogela go lebelela, go bala le go reetsa dilo tse Modimo a di tlhoileng. Gore re tlhaloganye gore seno se botlhokwa go le kana kang mma re dire sekai ka dijo. Fa motho a batla go nna le botsogo jo bo siameng, a ka simolola go ja dijo tse di nang le dikotla. A go dira jalo go ka mo thusa fa e le gore o tswelela a ja le dijo tse di bodileng? Ka tsela e e tshwanang, maiteko a rona a go batla go akanya jaaka Jehofa ga a kitla a re thusa fa re tswelela re akanya ka dilo tse Modimo a di tlhoileng.

16. Re tshwanetse go itshireletsa mo go eng?

16 A re ka kgona go tila gotlhelele tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone? Nnyaa, ka gonne re ka se kgone go tswa mo lefatsheng. Ka jalo re tla nna re kopana le batho ba ba sa akanyeng jaaka Jehofa. (1 Bakor. 5:9, 10) Fa re le mo bodireding re kopana le batho ba ba dumelang dilo tse Modimo a sa di amogeleng. Le fa go ntse jalo, fa re kopana le batho bao, ga re a tshwanela go nna re akanya ka dilo tse ba di buang. Fela jaaka Jesu, re tshwanetse go gana dikakanyo tse di tla itumedisang Satane. Mo godimo ga moo re ka kgona go itshireletsa mo tseleng e e sa siamang e lefatshe leno le akanyang ka yone.—Bala Diane 4:23.

17. Re tshwanetse go dira eng gore re se ka ra akanya jaaka lefatshe leno?

17 Ka sekai, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re itsalanya le bomang. Baebele ya re fa re itsalanya le batho ba ba sa obameleng Jehofa, re tla feleletsa re akanya jaaka bone. (Dia. 13:20; 1 Bakor. 15:12, 32, 33) Gape re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re tlhopha boitlosobodutu. Ga re a tshwanela go itlosa bodutu ka dilo tse di buelelang thuto ya go iphetogela ga ditshidi go nna tse dingwe, tse di nang le thubakanyo kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Fa re dira jalo re tla bo re sireletsa megopolo ya rona mo dilong tse di “kgatlhanong le kitso ka ga Modimo.”—2 Bakor. 10:5.

A re thusa bana ba rona gore ba se ka ba itlosa bodutu ka dilo tse di sa siamang? (Bona serapa 18 le 19)

18, 19. (a) Ke eng fa re tshwanetse go lemoga dikakanyo tsa lefatshe leno le fa di tla ka ditsela tse di sa lemotshegeng? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife mme ka ntlha yang?

18 Gape re tshwanetse go tila tsela e batho ba lefatshe leno ba akanyang ka yone e e sa lemotshegeng motlhofo. Ka sekai, pego nngwe ya dikgang e ka tswa e tsaya letlhakore la mokgatlho mongwe wa dipolotiki. Pego ya dikgang e e buang ka botshelo jwa motho mongwe yo o tumileng e ka dira gore re akanye gore go nna le madi le go tuma go tlisa boitumelo. Difilimi le dibuka dingwe di dira gore batho ba nne le mokgwa wa go ikakanyetsa fela ba le bosi e bile di dira gore ba akanye gore lelapa le botlhokwa go feta sengwe le sengwe. Tsela eno ya go akanya ga e dumalane le se Baebele e se rutang. Baebele ya re fa re rata Jehofa go feta sengwe le sengwe, re tla itumela e bile malapa a rona a tla atlega. (Math. 22:36-39) Mo godimo ga moo, dipopae le dibuka dingwe tse di kwaletsweng bana di ka dira gore bana ba rona ba akanye gore boitsholo jo bo sa siamang ga bo phoso.

19 Gone seno ga se reye gore go phoso go itlosa bodutu. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ipotsa dipotso tseno: ‘A ke lemoga dikakanyo tsa lefatshe leno le fa di tla ka ditsela tse di sa lemotshegeng? A ke tlhomamisa gore nna le bongwanake ga re lebelele e bile ga re bale dilo tse di ka senyang megopolo ya rona? A ke ruta bongwanake go leba dilo jaaka Jehofa gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ke lefatshe leno?’ Fa re itse pharologanyo fa gare ga tsela e Modimo a akanyang ka yone le tsela e lefatshe leno le akanyang ka yone, ga re kitla re “bopega jaaka tsamaiso eno ya dilo.”

KE MANG YO O GO TLHOTLHELETSANG?

20. Re ka itse jang gore ke mang yo o tlhotlheletsang tsela e re akanyang ka yone?

20 Gopola gore go na le metswedi ya tshedimosetso e le mebedi fela—Jehofa le lefatshe leno le le laolwang ke Satane. Wena o tlhotlhelediwa ke mang? Karabo ke gore, ke yo o tsayang tshedimosetso mo go ene. Fa re amogela dikakanyo tsa lefatshe, re tla akanya le go itshwara jaaka batho ba lefatshe leno. Ka jalo, go botlhokwa gore re ele tlhoko dilo tse re di lebelelang, tse re di balang le tse re akanyang ka tsone.

21. Re tla ithuta eng mo setlhogong se se latelang?

21 Mo setlhogong seno, re ithutile gore fa re batla go akanya jaaka Jehofa re tshwanetse go tila dilo tse di ka senyang megopolo ya rona. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go ithuta melao ya Modimo ka gonne e tla re thusa go akanya jaaka ene. Mo setlhogong se se latelang, re tla ithuta gore re ka dira seo jang.

^ ser. 5 Tota le batho ba ba sa ikaegang ka ope, ba ka tlhotlhelediwa ke batho ba bangwe. Ka sekai, e ka tswa re akanya kafa botshelo bo simologileng ka gone kgotsa ka gore re tla apara eng, boammaaruri ke gore batho bangwe ba a re tlhotlheletsa ka tsela nngwe. Mme gone, ke rona re dirang tshwetso ya gore re tla reetsa mang.