Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Tla Tsamaya mo Boammaaruring Jwa Gago”

“Ke Tla Tsamaya mo Boammaaruring Jwa Gago”

“Nthute tlhe Jehofa, kaga tsela ya gago. Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago.”—PES. 86:11.

PINA: 31, 72

1-3. (a) Re tshwanetse go ikutlwa jang ka boammaaruri jo bo mo Baebeleng? Tshwantsha. (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.) (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

GOMPIENO go tlwaelegile gore batho ba buse sengwe se ba neng ba se rekile. Dipatlisiso di bontsha gore kwa dinageng dingwe, batho ba le bantsi ba busa dilo dingwe tse ba di rekileng kwa lebenkeleng mme tse ba di rekileng mo Internet, ba di busa ka bontsi. Ba ka tswa ba dira jalo ka gonne dilo tseo e se tse ba neng ba di solofetse, di na le bothata bongwe kgotsa ba sa tlhole ba di rata. Ka jalo, ba busa dilo tseo ba bo ba tsaya tse dingwe kgotsa ba batla madi a bone.

2 Le fa gone re ka kgona go busa sengwe se re se rekileng re bo re kopa go busediwa madi a rona, ga re batle go busa kgotsa go “rekisa” ‘kitso ya boammaaruri’ e re e ‘rekileng.’ (Bala Diane 23:23; 1 Tim. 2:4) Jaaka re ithutile mo setlhogong se se fetileng, re bone boammaaruri ka go dirisa nako re ithuta. Gape gore re reke boammaaruri, re ka tswa re ile ra tlogela tiro e e duelang madi a mantsi, ra fetola tsela e re atamalane le batho bangwe ka yone le tsela e re akanyang le e re itshwarang ka yone kgotsa re ile ra tlogela dingwao dingwe tse di sa dumalaneng le dikwalo. Mme gone, dilo tse re di tlogetseng ga se sepe fa di bapisiwa le masego a re nnileng le one.

3 Re ikutlwa jaaka monna yo Jesu a ileng a bua ka ene mo setshwantshong sa gagwe. E le go bontsha gore boammaaruri jwa Bogosi bo botlhokwa go le kana kang, Jesu o ile a bua ka mogwebi yo o tsamayang a batla diperela tse di tlhwatlhwakgolo a bo a bona e le nngwe. Perela eo e ne ele tlhwatlhwakgolo thata mo monna yoo a ileng a “rekisa dilo tsotlhe” tse a neng a na le tsone gore a kgone go e reka. (Math. 13:45, 46) Ka tsela e e tshwanang, boammaaruri ka Bogosi Jwa Modimo le dilo tse dingwe tse di botlhokwa tse re di ithutileng mo Lefokong la Modimo di tlhwatlhwakgolo mo go rona mo re ileng ra tlogela dilo dingwe gore re bo bone. E re ka boammaaruri bo le botlhokwa mo go rona, ga re kilta re bo “rekisa.” Ka maswabi, batlhanka bangwe ba Modimo ga ba tlhole ba tsaya boammaaruri bo le botlhokwa e bile ba ile ba bo rekisa. Ga re batle gore seo se re diragalele. Go bontsha gore re rata boammaaruri le gore ga re batle go bo rekisa, re tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso eno e e mo Baebeleng: ‘Tswelelang lo tsamaya mo boammaaruring.’ (Bala 3 Johane 2-4.) Seno se raya gore boammaaruri bo tshwanetse go nna botlhokwa thata mo go rona mme re tla bontsha seo ka tsela e re tshelang ka yone. Mma re tlotle ka dipotso tseno: Ke eng fa bangwe ba “rekisa” boammaaruri mme ba dira seo jang? Re ka tila jang go dira phoso eo? Ke eng se se ka re thusang go ikemisetsa go ‘nna re tsamaya mo boammaaruring’?

BANGWE BA “REKISA” BOAMMAARURI JANG MME KA NTLHA YANG?

4. Goreng bangwe ba ile ba “rekisa” boammaaruri mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

4 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, batho bangwe ba ba ileng ba amogela dithuto tsa ga Jesu ba ile ba palelwa ke go tswelela ba tsamaya mo boammaaruring. Ka sekai, nako nngwe fa Jesu a sena go fepa boidiidi ka tsela ya kgakgamatso, bo ile jwa mo sala morago fa a ne a ya kwa karolong e nngwe ya Lewatle la Galalea. Fa ba le koo, Jesu o ile a bua sengwe se se ileng sa ba tshosa. O ne a re: “Fa lo sa je nama ya Morwa motho lo bo lo nwa madi a gagwe, ga lo na botshelo mo go lona.” Go na le gore ba mo kope gore a tlhalose gore o kayang, ba ne ba kgopisega ba bo ba re: “Puo eno e a tsitsibanya; ke mang yo o ka e reetsang?” Ka ntlha ya seo, “bontsi jwa barutwa ba gagwe ba tswa ba ya kwa dilong tse ba di tlogetseng kwa morago mme ba se ka ba tlhola ba tsamaya le ene.”—Joh. 6:53-66.

5, 6. (a) Ke eng fa batho bangwe ba ile ba tlogela boammaaruri? (b) Motho a ka tlogela boammaaruri jang ka bonya?

5 Go utlwisa botlhoko gore batho bangwe ba ba kileng ba direla Jehofa ga ba tlhole ba tsamaya mo boammaaruring gompieno. Bangwe ba ile ba kgopisega fa go ne go tokafadiwa tsela e re neng re tlhaloganya temana nngwe ya Baebele ka gone kgotsa ba ile ba kgopisiwa ke sengwe se mokaulengwe mongwe yo o nang le maikarabelo a ileng a se bua kgotsa a se dira. Bangwe ba ile ba kgopisega fa ba ne ba kgalemelwa kgotsa ba ile ba tlogela boammaaruri ka gonne ba sa utlwane le mongwe mo phuthegong. Gape bangwe ba ile ba tshegetsa batlhanogi le batho bangwe ba ba ganetsang boammaaruri. Ka jalo bangwe ba ile ba “katogela kgakala” le Jehofa le phuthego ya gagwe ka boomo. (Baheb. 3:12-14) Ba ka bo ba ile ba etsa sekao sa ga moaposetoloi Petere. Fa Jesu a ne a botsa baaposetoloi gore a le bone ba batla go tsamaya, Petere o ne a mo araba jaana: “Morena, re tla tsamaya re ya kwa go mang? Wena o na le mafoko a botshelo jo bo sa khutleng.”—Joh. 6:67-69.

6 Batho bangwe bone ba ile ba tlogela boammaaruri ka bonya ka bonya, gongwe e bile ba sa lemoge. Motho yo o tlogelang boammaaruri ka bonya, o tshwana le mokoro o o katogang losi lwa noka ka bonya ka bonya. Baebele e tlhalosa seno e le go “katogela go sele ka bonya.” (Baheb. 2:1) Go farologana le motho yo o katogelang kgakala le boammaaruri, motho yo o katogang ka bonya ene ga a dire jalo ka boomo. Le fa go ntse jalo, o letla gore kamano ya gagwe le Jehofa e koafale e bile e ka feleletsa e senyegile. Re ka dira eng gore seo se se ka sa re diragalela?

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GORE RE SE KA RA REKISA BOAMMAARURI?

7. Ke eng se se tla re thusang gore re se ka ra rekisa boammaaruri?

7 Re tshwanetse go amogela le go ikobela melao yotlhe ya ga Jehofa fa re batla go tsamaya mo boammaaruring. Boammaaruri bo tshwanetse go nna botlhokwa thata mo go rona e bile re tshwanetse go tshela ka melaometheo ya Baebele. Kgosi Dafide o ne a rapela Jehofa jaana: “Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago.” (Pes. 86:11) Dafide o ne a ikemiseditse go tsamaya mo boammaaruring mme le rona re tshwanetse go dira jalo. Fa re sa dire jalo, re ka nna ra simolola go akanya ka dilo tse re ileng ra di tlogela mme ra di batla gape. Ka jalo, re tshwanetse go tsamaya mo boammaaruring jotlhe. Ga re ka ke ra itlhophela gore ke dithuto dife tse re tla di amogelang le tse re se kitlang re di amogela. Baebele ya re re tshwanetse go tsamaya “mo boammaaruring jotlhe.” (Joh. 16:13) Mma re tlotle ka dilo di le tlhano tse re ka tswang re ile ra di tlogela gore re reke boammaaruri. Go dira jalo go tla re thusa gore re se ka ra eletsa go boela kwa go tsone.—Math. 6:19.

8. Go sa dirise nako sentle go ka dira jang gore Mokeresete a katogele kgakala le boammaaruri? Naya sekai.

8 Nako. Re tshwanetse go dirisa nako ya rona sentle gore re se ka ra katogela kgakala le boammaaruri. Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra simolola go fetsa nako e ntsi re itlosa bodutu, re dira dilo tse re di ratang, re le mo Internet kgotsa re lebeletse thelebishene. Le fa go dira dilo tseno go se phoso, re ka nna ra simolola go dirisa nako e ntsi mo go tsone re bo re feleletsa re sena nako ya go ithuta le go dira dilo tse dingwe tse re di direlang Jehofa. Ka sekai, akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe e bong Emma. * Go tloga fela a sa le monnye, o ne a rata dipitse thata. Fa a na le nako, o ne a ya go di palama. Mme morago ga nako, o ile a lemoga gore o fetsa nako e ntsi thata mo go tsone. O ile a dira diphetogo mme a fokotsa nako e a neng a e dirisa go palama dipitse. Gape o ile a thusiwa ke maitemogelo a ga Cory Wells yo e kileng ya bo e le mopalami wa dipitse. * Gone jaanong Emma o itumelela go fetsa nako e ntsi a direla Jehofa e bile a na le ba lelapa le ditsala. O atamalane le Jehofa e bile o na le kagiso ya mogopolo ka gonne o dirisa nako ya gagwe sentle.

9. Ke eng se se ka dirang gore go nna le dithoto go nne botlhokwa thata mo go rona?

9 Dithoto. Fa re batla go tswelela re tsamaya mo boammaaruring, re tshwanetse go leba dithoto ka tsela e e siameng. Fa re simolola go ithuta boammaaruri, re ile ra lemoga gore go direla Jehofa go botlhokwa go feta dikhumo. Re ile ra tlogela dilo dingwe gore re tsamaye mo boammaaruring. Mme gone, fa nako e ntse e tsamaya, re ka nna ra bona batho bangwe ba reka didirisiwa tsa ileketeroniki tsa bosheng kgotsa dilo dingwe tse dintle. Le rona re ka nna ra batla go nna le tsone. Seno se ka nna sa dira gore re se ka ra tlhola re kgotsofalela dilo tsa botlhokwa tse re nang le tsone mme ra simolola go ikgobokanyetsa dithoto. Seno se dira gore re akanye ka Demase. Go rata “tsamaiso ya jaanong ya dilo,” go ile ga dira gore a tlogele go tsamaya le Paulo. (2 Tim. 4:10) Ke eng fa a ile a dira jalo? Gongwe o ne a rata dikhumo go feta go direla Modimo kgotsa o ne a sa tlhole a batla go tlogela dilo dingwe gore a direle le Paulo. Eleruri ga re batle go eletsa go nna le dilo tse re neng re na le tsone le gore di nne botlhokwa thata mo go rona go feta boammaaruri.

10. Fa re batla go tswelela re tsamaya mo boammaaruring, ga re a tshwanela go dira eng?

10 Kamano ya rona le ba bangwe. Fa re batla go tswelela re tsamaya mo boammaaruring, ga re a tshwanela go ineela fa ba bangwe ba re gatelela. Fa re ne re simolola go tsamaya mo boammaaruring, tsela e re neng re dirisana ka yone le ba lelapa le ditsala ba e seng Basupi e ne ya fetoga. Bangwe ba bone ba ne ba amogela tshwetso ya rona ya go nna Basupi mme ba bangwe ba ne ba re ganetsa. (1 Pet. 4:4) Le fa gone re leka go dirisana sentle le ba lelapa ba e seng Basupi, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tlola melao ya Modimo ka gonne re batla go ba itumedisa. Go ya ka 1 Bakorintha 15:33, re tshwanetse go tsalana fela le batho ba ba ratang Jehofa.

11. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra dira dilo tse Modimo a sa di amogeleng?

11 Dikakanyo le mekgwa e e sa siamang. Batho botlhe ba ba tsamayang mo boammaaruring ba tshwanetse go nna boitshepo kgotsa go nna phepa. (Isa. 35:8; bala 1 Petere 1:14-16.) Fa re ne re ithuta boammaaruri, re ile ra fetola tsela e re neng re tshela ka yone gore re kgone go ikobela Modimo. Bangwe ba ile ba dira diphetogo tse dikgolo. Ka jalo, re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra simolola go dira dilo tse Modimo a sa di amogeleng. Ke eng se se ka re thusang? Akanya ka se Jehofa a ileng a se dira gore re nne phepa. O ile a ntsha Morwawe yo o rategang e bong Jesu Keresete. (1 Pet. 1:18, 19) Re tshwanetse go nna re akantse ka setlhabelo sa ga Jesu gore re tswelele re le phepa mo matlhong a ga Jehofa.

12, 13. (a) Goreng go le botlhokwa go leba meletlo mengwe ka tsela e Jehofa a e lebang ka yone? (b) Re tlile go tlotla ka eng?

12 Dingwao tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Ba malapa, batho ba re berekang le bone le ba re tsenang sekolo le bone ba ka nna ba batla gore re keteke meletlo mengwe le bone. Ke eng se se ka re thusang gore re se ka ra keteka meletlo eo e e sa itumediseng Jehofa? Ke go nna re akantse ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka gone. Gape go dira dipatlisiso mo dikgatisong tsa rona gore meletlo eo e simologile kae go ka re thusa. Fa re nna re ikgopotsa mabaka a go bo Baebele e re meletlo eo e phoso, re tla tlhomamisega gore re tsamaya mo tseleng e e “amogelesegang mo Moreneng.” (Baef. 5:10) Go ikanya Jehofa le Lefoko la gagwe go tla re thusa gore re se ka ra “boifa batho.”—Dia. 29:25.

13 Re batla go tswelela re tsamaya mo boammaaruring go ya go ile. Ke eng se se ka re thusang gore re ikemisetse go nna re tsamaya mo boammaaruring? Mma re tlotle ka ditsela tse tharo.

NNA O IKEMISEDITSE GO TSAMAYA MO BOAMMAARURING

14. (a) Go tswelela re ithuta boammaaruri go ka re thusa jang gore re se ka ra bo rekisa? (b) Goreng botlhale, kotlhao le tlhaloganyo di le botlhokwa?

14 Sa ntlha, tswelela o ithuta boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo le go tlhatlhanya ka jone. Ipeele nako ya go ithuta. Go dira jalo go tla go thusa gore o rate boammaaruri le gore o ikemisetse gore o se ka wa bo rekisa. Gape Diane 23:23 ya re re tshwanetse go reka “botlhale le kotlhao le tlhaloganyo.” Go nna le kitso fela ga go a lekana. Re tshwanetse go dirisa se re se ithutang. Tlhaloganyo e re thusa go lemoga gore dilo tse re di ithutang di amana jang le tse re setseng re di itse. Botlhale jone bo re thusa go dirisa dilo tse re di itseng. Ka dinako tse dingwe, boammaaruri bo a re kgalemela, bo re bontsha gore re tlhoka go dira diphetogo kae. Re tshwanetse go ikobela kgalemelo ka gonne Baebele ya re e tlhwatlhwakgolo go feta selefera.—Dia. 8:10.

15. Boammaaruri bo re sireletsa jang?

15 Sa bobedi, ikemisetse go tshela go dumalana le boammaaruri letsatsi le letsatsi. Baebele e tshwantsha boammaaruri le lebante la lesole. (Baef. 6:14) Mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, lebante le ne le sireletsa lotheka la lesole le dirwe tsa kafa teng tsa mmele. Mme gone, gore lebante leo le mo sireletse, o ne a tshwanetse go le gagamatsa. Le ne le ka se kgone go mo sireletsa go le kalo fa le repile. Boammaaruri bo re sireletsa jang fela jaaka lebante? Bo re thusa gore re se ka ra akanya ka tsela e e sa siamang e bile bo re thusa go dira ditshwetso tse di siameng. Fa re lekwa, boammaaruri bo tla re thusa go dira se se siameng. Lesole ga le ke le ya ntweng le sa tsenya lebante, ka jalo le rona re tshwanetse go dirisa boammaaruri jwa Baebele ka dinako tsotlhe. Gape lesole le ne le dirisa lebante go tsenya tšhaka mo go lone. Mma re bone gore rona re ka dira seo jang.

16. Go ruta ba bangwe boammaaruri go re thusa jang go tswelela re tsamaya mo go jone?

16 Sa boraro, dira bojotlhe go ruta ba bangwe molaetsa o o mo Baebeleng. Baebele e tshwana le tšhaka. Fela jaaka lesole le ngangatlela tšhaka ya lone kwa ntweng, le rona re tshwanetse go ngangatlela “lefoko la Modimo.” (Baef. 6:17) Rotlhe re ka kgona go tokafatsa tsela e re rutang ka yone, fa re dira jalo re tla bo re ‘tshwara lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Tim. 2:15) Fa re dirisa Baebele go thusa ba bangwe gore ba ithute boammaaruri le gore ba tlogele dilo tse di sa siamang, re tla bo rata le go feta. Go dira jalo go tla re thusa go tswelela re tsamaya mo boammaaruring.

17. Ke eng fa boammaaruri bo le botlhokwa mo go wena?

17 Boammaaruri ke mpho ya botlhokwa e e tswang kwa go Jehofa. Ka ntlha ya mpho eno, re na le kamano e e molemo le Rraarona yo o kwa legodimong. Mme gone, go na le dilo tse dintsi tse a sa ntseng a tla re ruta tsone. Modimo o re solofetsa botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, tsaya boammaaruri bo le botlhokwa fela jaaka perela e e tlhwatlhwakgolo. Tswelela o “reka boammaaruri mme o se ka wa bo rekisa.” Mme fela jaaka Dafide, o tla diragatsa tsholofetso eno mo go Jehofa: “Ke tla tsamaya mo boammaaruring jwa gago.”—Pes. 86:11.

^ ser. 8 Leina le fetotswe.

^ ser. 8 Go bona bidio eno ka seesemane ya kwa JW Broadcasting o bo o tsena mo INTERVIEWS AND EXPERIENCES > TRUTH TRANSFORMS LIVES.