Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Reka Boammaaruri Mme O se Ka wa bo Rekisa”

“Reka Boammaaruri Mme O se Ka wa bo Rekisa”

“Reka boammaaruri mme o se ka wa bo rekisa—botlhale le kotlhao le tlhaloganyo.”—DIA. 23:23.

PINA: 94, 96

1, 2. (a) Ke eng se se botlhokwa thata mo go rona? (b) Ke dithuto dife tse di botlhokwa thata mo go rona, mme ka ntlha yang? (Bona ditshwantsho tse di simololang setlhogo.)

KE ENG se se botlhokwa thata mo go wena? A o ne o ka dumela go se rekisa o bo o reka selo se se seng botlhokwa go le kalo? E re ka re le batlhanka ba ga Jehofa, karabo e e motlhofo fela ke gore, selo sa botlhokwa thata mo go rona ke kamano ya rona le Jehofa mme re ka se ka ra e rekisa. Gape re rata boammaaruri jo bo mo Baebeleng ka gonne bo re thusa go nna le kamano e e molemo le Jehofa.—Bakol. 1:9, 10.

2 Akanya ka dilo tsotlhe tse Motlhatlheledi wa rona yo Mogolo a re rutang tsone mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. O re ruta gore leina la gagwe le botlhokwa e bile o re ruta ka dinonofo tsa gagwe tse di molemo. O re bolelela ka mpho ya thekololo e a ileng a re naya yone a dirisa Morwawe e bong Jesu. Mo godimo ga moo, Jehofa o re ruta ka Bogosi Jwa Bomesia e bile o naya batlodiwa tsholofelo ya go tshela kwa legodimong mme ba “dinku tse dingwe” bone o ba naya tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la Paradaise. (Joh. 10:16) O re ruta gore re tshwanetse go itshwara jang. Dithuto tseno di botlhokwa thata mo go rona ka gonne di re thusa go atamalana le Mmopi wa rona. Di re thusa gore re itumelele botshelo.

3. Go reka boammaaruri ga go kaye eng?

3 Jehofa o rata go aba. Fa a bona gore motho o batla go ithuta boammaaruri, o a mo thusa. Jehofa o ile a ntsha Morwawe e le mpho ya mahala. Ka jalo, ga a lebelela gore re reke boammaaruri ka madi. Tota e bile, fa monna mongwe yo o bidiwang Simone a ne a leka go naya moaposetoloi Petere madi gore a mo neye taolo ya gore a neye ba bangwe moya o o boitshepo, Petere o ne a mo kgalema a re: “A selefera ya gago e nyelele le wena, ka gonne o akantse gore o ka bona mpho ya mahala ya Modimo ka madi.” (Dit. 8:18-20) Ka jalo, Baebele e kayang fa e re: “Reka boammaaruri”?

GO “REKA” BOAMMAARURI GO KAYA ENG?

4. Re tlile go ithuta eng ka boammaaruri mo setlhogong seno?

4 Bala Diane 23:23. Fa re batla go bona boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, re tshwanetse go tsaya matsapa. Re ka nna ra tshwanelwa ke go tlogela dilo dingwe gore re bo bone. Fa re sena go “reka” kgotsa go bona “boammaaruri,” re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra bo “rekisa” kgotsa jwa re latlhegela. Mma re tlotle ka gore go “reka” boammaaruri go kaya eng le gore ke dilo dife tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go di tlogela gore re bo bone. Go dira jalo go tla re thusa gore re rate boammaaruri e bile go tla re thusa gore re se ka ra bo “rekisa.” Gape re tla ithuta gore ke eng fa boammaaruri jo bo tswang kwa go Jehofa bo le botlhokwa thata go feta dilo tsotlhe.

5, 6. (a) Re ka reka boammaaruri jang re sa dirise madi? Tshwantsha. (b) Go tshela ka melao ya Modimo go re solegelang molemo jang?

5 Le fa re ka newa sengwe mahala, re tshwanetse go tsaya matsapa. Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le go “reka” mo go Diane 23:23, gape le kaya go “bapala.” Mafoko ano a kaya gore motho o tshwanetse go tsaya matsapa kgotsa go tlogela sengwe e le gore a bone se sengwe se a se tsayang se le botlhokwa. Re ka tshwantsha seno jaana: Mma re re lebenkele le bapatsa dipanana tsa mahala. A dipanana tseo di ka tla kwa go rona ka tsela nngwe ya kgakgamatso? Nnyaa! Re tshwanetse go ya kwa lebenkeleng re ye go di tsaya. Gone ke boammaaruri gore ga re kitla re duelela dipanana tseo, mme gone, re tshwanetse go tsaya matsapa go ya kwa lebenkeleng. Ka tsela e e tshwanang, ga re tlhoke madi go reka boammaaruri. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go tsaya matsapa go bo bona.

6 Bala Isaia 55:1-3. Mafoko a ga Jehofa a a kwadilweng ke Isaia a re thusa go tlhaloganya gore go reka boammaaruri go kaya eng. Mo pegong eno, Jehofa o tshwantsha lefoko la gagwe le metsi, mashi le waene. Fela jaaka metsi a a tsididi, Lefoko la Modimo le a lapolosa, e bile fela jaaka mashi a nonotsha masea e bile a a thusa go gola, Lefoko la Modimo le a re nonotsha e bile le re thusa gore kamano ya rona le Modimo e gole. Mo godimo ga moo, mafoko a ga Jehofa a tshwana le waene. Jang? Baebele ya re waene e dira gore motho a itumele. (Pes. 104:15) Fa Jehofa a ne a laela batho ba gagwe gore ba ‘reke beine,’ o ne a re tlhomamisetsa gore go tshela ka melao ya gagwe go tla dira gore re itumele. (Pes. 19:8) Ruri eno ke tsela e e molemo ya go tshwantsha kafa go tshela ka melao ya Modimo go re solegelang molemo ka gone. Mma re tlotle ka dilo di le tlhano tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go di tlogela gore re reke boammaaruri.

KE ENG SE O SE TLOGETSENG GORE O REKE BOAMMAARURI?

7, 8. (a) Ke eng fa re tshwanetse go dirisa nako gore re reke boammaaruri? (b) Lekgarebe lengwe le ne la tlogela eng gore le kgone go reka boammaaruri, mme go ne ga nna le diphelelo dife?

7 Nako. Mongwe le mongwe yo o batlang go ithuta boammaaruri o tshwanetse go dirisa nako. Re tlhoka nako go reetsa molaetsa wa Bogosi, go bala Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, go nna le thuto ya botho, go baakanyetsa dipokano le go nna teng kwa go tsone. Gore re kgone go dira jalo, re tshwanetse go “ithekela” nako, kgotsa go dirisa nako e re neng re e dirisa mo dilong tse di seng botlhokwa go le kalo. (Bala Baefeso 5:15, 16.) Re tlhoka nako e e kae gore re itse dithuto tsa motheo tsa Baebele? Go ikaegile ka maemo a rona. Go na le dilo di le dintsi tota tse re ka ithutang tsone ka botlhale jwa ga Jehofa, ditsela tsa gagwe le ditiro tsa gagwe. (Bar. 11:33) Setlhogo sengwe sa Tora ya Tebelo se ne sa tshwantsha boammaaruri le “lelomo le lennye” se bo se re: “Ga re a tshwanela go kgotsofalela go nna le lelomo le le lengwe fela la boammaaruri. Modimo a ka bo a sa re naya dithuto di le dintsi jaana fa e ne e le gore re tlhoka thuto e le nngwe fela. Tswelela o batla malomo a mangwe a boammaaruri.” Re ka nna ra ipotsa jaana: ‘Ke itse boammaaruri go le kana kang?’ Re tla nna re ithuta dilo tse disha ka Jehofa go ya go ile. Gone jaanong, selo sa botlhokwa ke gore re dirise nako ya rona sentle gore re kgone go ithuta dilo di le dintsi ka Jehofa. Mma re tlotle ka sekai sa mongwe yo o neng a batla go ithuta boammaaruri.

8 Lekgarebe lengwe la kwa Japane le le bidiwang Mariko, * le ne la ya go tsena sekolo kwa New York City, U.S.A. O ne a tsena kereke nngwe e e simolotseng kwa Japane ka 1959. Kgaitsadi mongwe wa mmulatsela o ne a kopana le Mariko mo bodireding. O ne a itumelela go ithuta boammaaruri thata jaana mo a neng a kopa kgaitsadi yoo gore ba bale gabedi mo bekeng. Le fa gone a ne a na le tiro e ntsi ya sekolo e bile a tla a bereka, o ne a simolola go ya dipokanong. O ne a fokotsa nako e a neng a e dirisa go itlosa bodutu gore a kgone go nna le nako ya go ithuta ka Jehofa. Go dira jalo go ne ga mo thusa gore a kgone go gatela pele. O ile a kolobediwa morago ga ngwaga. Dikgwedi di le thataro morago ga moo ka 2006, o ne a nna mmulatsela mme le gompieno o sa ntse a tsweletse.

9, 10. (a) Boammaaruri bo tshwanetse go ama jang tsela e re lebang dikhumo ka yone? (b) Lekgarebe lengwe le ile la tlogela eng, mme le ikutlwa jang ka tshwetso eo?

9 Dithoto. Gore re kgone go reka boammaaruri, go ka nna ga tlhokega gore re tlogele tiro ya maemo a a kwa godimo. Fa Jesu a ne a laletsa Petere le Anderea gore e nne “batshwari ba batho,” ba ile ba tlogela tiro ya bone ya go tshwara ditlhapi. Baebele ya re ba ne “ba tlogela matlowa.” (Math. 4:18-20) Gone ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ba ithutang boammaaruri gompieno ba ka se kgone go tlogela tiro ka gonne ba tshwanetse go tlamela ba malapa a bone. (1 Tim. 5:8) Mme gone, go le gantsi batho ba ba ithutang boammaaruri ba tshwanetse go fetola tsela e ba lebang dikhumo ka yone e bile ba tshwanetse go ithuta gore ke eng se se botlhokwa thata mo botshelong. Jesu o ne a re: “Tlogelang go ipolokela matlotlo mo lefatsheng . . . Go na le moo, ipolokeleng matlotlo kwa legodimong.” (Math. 6:19, 20) Akanya ka sekai sa lekgarebe lengwe.

10 Maria o ne a rata motshameko wa kolofo go tloga fela a sa le monnye. O ne a nna a tokafatsa tsela e a tshamekang ka yone mme fa a le kwa sekolong se segolwane, o ne a newa basari ya go ya yunibesithing. Maria o ne a rata motshameko wa kolofo thata mme o ne a batla go tuma le go nna le madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, o ne a simolola go ithuta Baebele mme o ne a rata se a se ithutang. O ne a itumelela go bona kafa boammaaruri bo neng bo fetola tsela e a tshelang ka yone. A re: “Go dirisa melao ya Modimo go fetola tsela e ke akanyang le e ke tshelang ka yone go ne go dira gore ke itumele.” Maria o ne a lemoga gore a ka se kgone go nna motlhanka wa beng ba babedi. (Math. 6:24) O ne a tlogela mokgele wa gagwe wa go tshameka kolofo le go batla go huma. Gone jaanong ke mmulatsela e bile a re o itumelela “botshelo jo bo monate le jo bo kgotsofatsang.”

11. Go ka direga eng ka kamano ya rona le ba bangwe fa re reka boammaaruri?

11 Kamano ya rona le ba bangwe. Fa re simolola go tshela ka melao ya Modimo, ditsala tsa rona le ba losika ba ka nna ba re katoga. Goreng? Jesu o ne a rapela jaana a bua ka balatedi ba gagwe: “Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke boammaaruri.” (Joh. 17:17) Mafoko a a reng “ba itshepise” gape a ka kaya “ba tlhaole.” Fa re ikobela melao ya Modimo, re farologana le lefatshe ka gonne ga re tshele ka tsela e e tshwanang le ya bone. Batho ba ka nna ba se ka ba re tshwara sentle ka gonne tsela e re tshelang ka yone e fetogile. Le fa gone re leka go tswelela re na le kamano e e molemo le ba lelapa le ditsala tsa rona, bangwe ba bone ba ka re katoga kgotsa ba re ganetsa. Seno ga se re gakgamatse ka gonne Jesu o ne a re: “Eleruri, baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo.” (Math. 10:36) Mme gone, o ile a re tlhomamisetsa gore fa re reka boammaaruri, Jehofa o tla re segofatsa.—Bala Mareko 10:28-30.

12. Monna mongwe wa Mojuda o ile a latlhegelwa ke eng gore a bone boammaaruri?

12 Monna mongwe wa Mojuda yo o bidiwang Aaron o godile a rutiwa gore ga a tshwanela go bitsa leina la Modimo. Mme gone, o ne a eletsa go itse boammaaruri. Letsatsi lengwe Mosupi mongwe o ne a mmontsha gore fa a kopanya ditumammogo tsa Sehebera tsa leina la Modimo le ditumanosi, leina leo le bidiwa “Jehofa.” E re ka a ne a itumetse, o ile a ya kwa sinagogeng go ya go bolelela borabi se a se ithutileng. Ba ile ba dira sengwe se a neng a sa se lebelela. Go na le gore ba itumelele dikgang tse a neng a tla ka tsone, ba ile ba mo kgwela mathe ba bo ba mo koba. Ba lelapa ba ne ba mo katoga. Le fa go ntse jalo ga a ka a kgobega marapo, go na le moo, o ne a tswelela a ithuta boammaaruri mme o ne a direla Jehofa botshelo jwa gagwe jotlhe. Fela jaaka Aaron, re tshwanetse go ikemisetsa go tswelela re tshela ka melao ya Modimo le fa seno se ka dira gore batho ba re ba ratang ba re katoge.

13, 14. Re tshwanetse go dira diphetogo dife gore re reke boammaaruri? Naya sekai.

13 Dikakanyo le mekgwa e e sa siamang. Fa re ithuta boammaaruri e bile re simolola go tshela ka melao ya Modimo, re tshwanetse go fetola tsela e re akanyang le e re itshwarang ka yone. Moaposetoloi Petere o ne a re: “Jaaka bana ba ba utlwang, tlogelang go bopega go ya ka dikeletso tse pele lo neng lo na le tsone mo go tlhokeng kitso ga lona, mme . . . nnang boitshepo mo boitshwarong jotlhe jwa lona.” (1 Pet. 1:14, 15) Batho ba le bantsi ba kwa motseng wa Korintha ba ne ba dira dilo tse di sa siamang. Ka jalo, ba ne ba tshwanelwa ke go fetola tsela e ba tshelang ka yone gore Jehofa a ba amogele. (1 Bakor. 6:9-11) Ka tsela e e tshwanang, batho ba le bantsi gompieno ba ile ba tlogela dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira gore ba kgone go reka boammaaruri. Gape Petere o ne a re: “Nako e e fetileng e lekane gore lo bo lo dirile thato ya ditšhaba fa lo ne lo tswelela mo ditirong tsa boitshwaro jo bo repileng, dikeletso tse di fekeetsang, go nwa beine mo go feteletseng, mediro ya ditlhapelo, mekete ya go nwa, le kobamelo e e seng kafa molaong ya medingwana.”—1 Pet. 4:3.

14 Devynn le Jasmine e ne e le matagwa. Le fa gone Devynn a ne a rutegile, o ile a latlhegelwa ke tiro ka gonne o ne a nwa bobe. Jasmine o ne a itsege e le motho yo o dikgoka le yo o ratang ntwa. Letsatsi lengwe fa Jasmine a ne a tagilwe, o ile a kopana le barongwa ba babedi. Ba ile ba kopa go ithuta Baebele le ene mme fa ba mo etela mo bekeng e e latelang, ba ne ba fitlhela Devynn le Jasmine ba tagilwe. Ba ne ba sa akanye gore barongwa bao ba ka tla kwa legaeng la bone. Barongwa bao ba ile ba ba etela gape mme ba fitlhela ba sa tagwa. Go tloga fela kwa tshimologong, Devynn le Jasmine ba ne ba itumelela go ithuta e bile ba dirisa dilo tse ba di ithutang. Mo dikgweding di le tharo, ba ne ba tlogela bojalwa mme moragonyana ba ile ba nyalana semolao. Batho ba le bantsi mo motseng oo ba ile ba lemoga gore Devynn le Jasmine ba fetogile mme le bone ba ne ba simolola go ithuta Baebele.

15. Ke eng se se boima se o ka se dirang go bona boammaaruri, mme ka ntlha yang?

15 Dingwao tse di sa dumalaneng le Dikwalo. Go tlogela dingwao le ditiro dingwe tse Modimo a sa di rateng go ka nna thata. Ba bangwe go motlhofo fela gore ba tlogele dilo tseo mme ba bangwe go thata go dira jalo ka gonne ba tshaba ba lelapa, badirimmogo le ditsala. Ba a itse gore batho ba rata dingwao tseo thata, segolobogolo tse di direlwang batho ba ba tlhokafetseng. (Dute. 14:1) Dikao tsa batho ba ba ileng ba bontsha bopelokgale di ka re thusa go dira diphetogo. Ka sekai, akanya kafa baagi ba kwa motseng wa Efeso ba ileng ba dira diphetogo ka gone.

16. Batho bangwe ba kwa Efeso ba ile ba dira eng gore ba reke boammaaruri?

16 Motse wa Efeso o ne o itsege ka batho ba ba dirang boselamose. Batho ba e neng ya nna Bakeresete ba ne ba dira eng gore ba kgone go tlogela boselamose le gore ba reke boammaaruri? Baebele ya re: “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe. Mme ba bala ditlhwatlhwa tsa tsone tsotlhe mme ba fitlhela di ja dipapetlana tsa selefera di le dikete di le masome a matlhano. Ka gone lefoko la ga Jehofa la nna la gola ka tsela e e nonofileng e bile le fenya.” (Dit. 19:19, 20) Bakeresete bao ba ba ikanyegang ba ile ba tlogela go dira dilo tseno tsotlhe mme Jehofa o ne a ba segofatsa.

17. (a) Ke dilo dife tse re ka tswang re di tlogetse gore re ithute boammaaruri? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

17 O tlogetse eng gore o ithute boammaaruri? Rotlhe re dirisitse nako. Bangwe ba ile ba tlogela dithoto le go itshokela go latlhegelwa ke batho ba ba ratang. Ba bangwe ba ile ba tlogela dingwao le ditiro tse ba neng ba di dira tse di neng di sa dumalane le dikwalo. Go sa kgathalesege gore re tlogetse eng, re tlhomamisegile gore go itse boammaaruri jwa Baebele go botlhokwa go feta sengwe le sengwe. Go itse boammaaruri joo go re thusa gore re nne le kamano le Jehofa. Go akanya ka masego a re nnang le one ka gonne re itse boammaaruri, go dira gore re gakgamalele batho ba ba batlang go bo rekisa. Re ka bo rekisa jang, mme ke eng se re ka se dirang gore re se ka ra dira phoso eo? Re tla tlotla ka dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

^ ser. 8 Maina mangwe a fetotswe.