Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 48

Feleletsa Se o Se Simolotseng

Feleletsa Se o Se Simolotseng

‘Feleletsang go go dira.’—2 BAKOR. 8:11.

PINA 35 ‘Tlhomamisa Dilo Tsa Botlhokwa Thata’

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Jehofa o re letla gore re dire eng?

JEHOFA o re letla gore re itlhophele gore re batla go tshela jang. O re ruta gore re ka dira jang ditshwetso tse di siameng. Fa re dira ditshwetso tse di siameng, o a itumela a bo a re segofatsa. (Pes. 119:173) Fa re dirisa dilo tse re di ithutang mo Baebeleng, re tla kgona go dira ditshwetso tse di siameng.—Baheb. 5:14.

2. Le fa re ka dira tshwetso e e siameng, go ka nna thata gore re dire eng?

2 Ka dinako tse dingwe le fa re dirile tshwetso e e siameng, go ka nna thata gore re e diragatse kgotsa go ka nna thata gore re feleletse se re se simolotseng. Akanya ka dikai tseno: Mokaulengwe yo mosha o dira tshwetso ya gore o tlile go bala Baebele yotlhe. Go feta dibeke di le mmalwa a e bala mme go bo go nna le sengwe se se mo kgoreletsang. Kgaitsadi o dira tshwetso ya gore e nne mmulatsela wa ka metlha, mme ga go tle gore a simolole. Bagolwane ba dira tshwetso ya gore ba tla nna ba etela bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba ye go ba kgothatsa. Mme gone, go feta dikgwedi di le mmalwa ba sa dire jalo. Maemo ano ga a tshwane. Mme batho bano botlhe ga ba a ka ba dira se ba neng ba re ba tla se dira. Bakeresete ba kwa Korintha le bone ba ile ba lebana le maemo a a tshwanang. Re ka ithuta eng mo go bone?

3. Bakeresete ba kwa Korintha ba ile ba dira tshwetso efe, mme go ne ga diregang?

3 Mo e ka nnang ka ngwaga wa 55, Bakeresete ba kwa Korintha ba ile ba dira tshwetso nngwe e e botlhokwa. Ba ile ba utlwa gore Bakeresete ba kwa Jerusalema le kwa Judea ba humanegile le gore diphuthego tse dingwe di ne di ba ntshetsa moneelo. Le bone ba ne ba batla go thusa bakaulengwe bao, ka jalo, ba ile ba botsa moaposetoloi Paulo gore ba ka thusa jang. Seno se bontsha gore ba ne ba rata batho. Paulo o ile a ba romelela ditaelo tsa gore ba dire eng a bo a kopa Tito gore a ba thuse go phutha meneelo. (1 Bakor. 16:1; 2 Bakor. 8:6) Le fa go ntse jalo, morago ga dikgwedi di le mmalwa, Paulo o ile a utlwa gore Bakeresete bao ba ne ba sa ntshe meneelo jaaka ba ne ba solofeditse. E re ka moneelo wa bone o ne o sa felela, o ne o ka se kgone go romelwa le moneelo o o tswang kwa diphuthegong tse dingwe.—2 Bakor. 9:4, 5.

4. Go ya ka 2 Bakorintha 8:7, 10 le 11, Paulo o ile a kgothaletsa Bakeresete ba kwa Korintha gore ba dire eng?

4 Bakeresete ba kwa Korintha ba ne ba dirile tshwetso e e siameng e bile Paulo o ile a ba akgola ka gonne ba ne ba na le tumelo e bile ba rata go thusa batho. Mme gone, gape o ne a tshwanelwa ke go ba kgothaletsa gore ba feleletse se ba se simolotseng. (Bala 2 Bakorintha 8:7, 10, 11.) Seno se bontsha gore tota le Bakeresete ba ba ikanyegang ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore ba dire se ba neng ba re ba tla se dira.

5. Re tla tlotla ka dipotso dife?

5 Fela jaaka Bakeresete ba kwa Korintha, le rona ka dinako tse dingwe ga go motlhofo gore re dire dilo tse re neng re re re tla di dira. Ka ntlha yang? Ka gonne re na le mokgwa wa go busetsa dilo kwa morago, kgotsa go ka nna ga direga sengwe se re neng re sa se lebelela, re bo re palelwa ke go dira sengwe se re neng re re re tla se dira. (Mor. 9:11; Bar. 7:18) Ka dinako tse dingwe, re ka nna ra tshwanelwa ke go akanyetsa ditshwetso dingwe tse re di dirileng re bo re leka go bona gore a re tshwanetse go di fetola. Re ka dira seo jang? Mme ke eng se se ka re thusang go feleletsa se re se simolotseng?

O KA DIRA JANG DITSHWETSO TSE DI MOLEMO?

6. Ke eng fa ka dinako tse dingwe re ka nna ra tshwanelwa ke go fetola ditshwetso dingwe tse re di dirileng?

6 Gone ke boammaruri gore go na le ditshwetso dingwe tsa botlhokwa tse re sa tshwanelwang go di fetola. Ka sekai, re batla go tswelela re direla Jehofa e bile re batla go nna re ikanyega mo mothong yo re nyalaneng le ene. (Math. 16:24; 19:6) Mme gone, go na le ditshwetso dingwe tse re ka nnang ra tshwanelwa ke go di fetola. Ka ntlha yang? Ka gonne maemo a a fetoga. Ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng?

7. Re tshwanetse go rapelela eng mme ka ntlha yang?

7 Kopa Jehofa gore a go fe botlhale. Jehofa o ile a tlhotlheletsa Jakobe gore a kwale a re: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale, a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu.” (Jak. 1:5) Ka tsela nngwe, rotlhe re “tlhoka botlhale.” Ka jalo, kopa Jehofa gore a go thuse fa o dira ditshwetso le fa o tlhoka go fetola tshwetso nngwe e o neng o e dirile. Fa o dira jalo, Jehofa o tla go thusa go dira ditshwetso tse di siameng.

8. Pele re dira tshwetso, re tshwanetse go dira dipatlisiso kae?

8 Dira dipatlisiso. Dira dipatlisiso mo Baebeleng le mo dikgatisong tsa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Gape o ka nna wa kopa kgakololo mo mothong mongwe yo o mo tshepang. (Dia. 20:18) Pele o dira tshwetso ya go batla tiro e nngwe kgotsa ya go fudugela kwa lefelong le lengwe, o tshwanetse go dira dipatlisiso pele. Gape o tshwanetse go dira dipatlisiso fa o dira tshwetso ya gore ke thuto efe e e tla go thusang go bona tiro e e tla go letlang go direla Jehofa o sa kgoreletsege.

9. Go itse lebaka la go bo re dira tshwetso go ka re thusa jang?

9 Ipotse gore ke eng fa o dira tshwetso eo. Jehofa ga a lebelele fela dilo tse re di dirang, gape o lebelela lebaka la go bo re di dira. (Dia. 16:2) O batla gore re ikanyege mo dilong tsotlhe. Ka jalo, fa re dira ditshwetso, re tshwanetse go itse lebaka la go bo re di dira. E seng jalo, go ka nna thata gore re di diragatse. Ka sekai, a re re mokaulengwe yo mosha o dira tshwetso ya go nna mmulatsela wa ka metlha. Morago ga nako, ga a tlhole a kgona go dira diura tse di tlhokegang mme seo se dira gore a se ka a tlhola a itumelela bodiredi. A ka tswa a ne a akanya gore o tsaya bobulatsela ka gonne a batla go itumedisa Jehofa. Mme gone, gongwe tota selo se se dirileng gore a tseye bobulatsela ke gore o ne a batla go itumedisa batsadi ba gagwe kgotsa mongwe yo o rileng.

10. Ke eng se se ka re thusang go fetoga?

10 Akanya ka motho yo o ithutang Baebele yo o batlang go tlogela go goga motsoko. Le fa gone go le thata, go feta beke kgotsa dibeke tse pedi a sa goge, mme moragonyana o boa a goga gape. Le fa go ntse jalo, ga a ineele a bo a feleletsa a kgonne go o tlogela. O rata Jehofa e bile o batla go mo itumedisa, mme seo ke sone se mo thusitseng gore a kgone go tlogela motsoko.—Bakol. 1:10; 3:23.

11. Goreng re tshwanetse go ipeela mekgele?

11 Ipeele mekgele. Fa o ipeetse mekgele, go tla nna motlhofo gore o e fitlhelele. Ka sekai, gongwe o batla go bala Baebele letsatsi le letsatsi. Fa o sa itirele thulaganyo ya letsatsi le letsatsi ya gore o tla e bala leng, go tla nna thata gore o fitlhelele mokgele wa gago. * Bagolwane ba ka nna ba dira tshwetso ya gore ba tla nna ba etela bakaulengwe le bokgaitsadi go bo go feta nako e e telele ba sa dire se ba neng ba re ba tla se dira. Gore ba kgone go dira se ba se ikaeletseng, ba tshwanetse go ipotsa dipotso tse di jaaka tseno: “A re dirile lenaane la bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlhokang go etelwa? A re beile letsatsi le re tla nnang re ba etela ka lone?”

12. Re ka nna ra tshwanelwa ke go dira eng mme ka ntlha yang?

12 O se ka wa ipeela mekgele e o ka se kgoneng go e fitlhelela. Boammaaruri ke gore, re ka se kgone go dira sengwe le sengwe se re eletsang go se dira. Ka jalo, o se ka wa ipeela mekgele e o ka se e kgoneng. Fa o lemoga gore o ka se kgone go fitlhelela mokgele mongwe o o neng o ipeetse one, o ka nna wa tshwanelwa ke go o fetola. (Mor. 3:6) A re re o setse o fetotse mokgele wa gago mme o tlhatswegile pelo gore jaanong o ka kgona go o fitlhelela. O ka o fitlhelela jang? Mma re tlotle ka dilo di le tlhano tse di tla go thusang.

O KA DIRAGATSA JANG DITSHWETSO TSA GAGO?

13. Ke eng se se tla go thusang go diragatsa ditshwetso tsa gago?

13 Kopa Jehofa gore a go thuse. Jehofa o tla go naya maatla a go ‘dira’ kgotsa a go diragatsa ditshwetso tsa gago. (Bafil. 2:13) Ka jalo mo kope gore a go neye moya o o boitshepo. Moya o o boitshepo o tla go thusa gore o nne le maatla a o a tlhokang. Tswelela o rapela le fa go ka tswa go lebega e kete Jehofa ga a arabe dithapelo tsa gago. Jesu o ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa [moya o o boitshepo.]”—Luke 11:9, 13.

14. Molaomotheo o o mo go Diane 21:5 o ka go thusa jang go diragatsa tshwetso ya gago?

14 Itirele thulaganyo. (Bala Diane 21:5.) Fa go na le tiro e o tshwanetseng go e dira, o tshwanetse go itirela thulaganyo e e tla go thusang gore o dire tiro eo o bo o e fetse. Ka tsela e e tshwanang, fa o dira tshwetso, kwala dilo tsotlhe tse o tshwanetseng go di dira gore o kgone go e diragatsa. Fa o na le tiro e ntsi, e dire ka bonya ka bonya. Seo se tla go thusa gore o kgone go e fetsa. Paulo o ne a kgothaletsa Bakorintha gore ba ntshe moneelo “letsatsi lengwe le lengwe la ntlha la beke” go na le gore ba leke go o ntsha otlhe fa a goroga. (1 Bakor. 16:2) Fa o na le tiro e ntsi o bo o nna o e dira ka bonya ka bonya, seo se tla go thusa gore o se ka wa kgobega marapo.

15. Go kwala lenaane la dilo tse o tshwanetseng go di dira go tla go thusa jang?

15 Go kwala dilo tse o tshwanetseng go di dira go tla go thusa. (1 Bakor. 14:40) Ka sekai, bagolwane ba tshwanetse go tlhopha mogolwane yo o tla kwalang ditshwetso tsotlhe tse ba di dirang. Gape mogolwane yoo o tla kwala gore ke mang yo o tshwanetseng go dira eng, le gore o tshwanetse go se dira leng. Fa bagolwane ba dira jalo go nna motlhofo gore ba diragatse ditshwetso tsa bone. (1 Bakor. 9:26) Le wena o ka nna wa leka go dira se se tshwanang. Ka sekai, o ka nna wa kwala lenaane la dilo tse o tlhokang go di dira letsatsi le letsatsi, mme o simolole ka go kwala dilo tse di botlhokwa pele. Seo se tla go thusa gore o kgone go dira dilo tse o ikaeletseng go di dira e bile o tla kgona go di dira ka nako.

16. Re tshwanetse go dira eng fa re ipeetse mekgele, mme Baroma 12:11 e gatelela jang ntlha eo?

16 Tsaya matsapa. Ga go motlhofo go dira dilo tse o ikaeletseng go di dira, ka jalo, o tshwanetse go tsaya matsapa. (Bala Baroma 12:11.) Paulo o ile a raya Timotheo a re a ‘dire ka bojotlhe’ le gore a ‘nne’ a leke go tokafatsa tsela e a rutang ka yone. Le rona re tshwanetse go dira se se tshwanang fa re ipeetse mekgele mo tirelong ya ga Jehofa.—1 Tim. 4:13, 16.

17. Baefeso 5:15 le 16 e ka re thusa jang go dira sengwe se re batlang go se dira?

17 Dirisa nako ya gago sentle. (Bala Baefeso 5:15, 16.) Fa o batla go dira sengwe, ipeele nako ya gore o tla se dira leng mme o se ka wa e fetola. O se ka wa nnela go busetsa dilo kwa morago o re o emetse nako e e siameng gore o kgone go dira se o batlang go se dira. Gongwe nako e e siameng ga nkitla e tsamaya e nna teng. (Mor. 11:4) Mo godimo ga moo, o se ka wa senya nako o dira dilo tse di seng botlhokwa. (Bafil. 1:10) Fa o batla go dira sengwe, se dire ka nako e o itseng gore batho ga ba kitla ba go tshwenya ka yone. Ba bolelele gore o dira sengwe sa botlhokwa gore ba se ka ba go tshwenya go sa tlhokege. Gape o ka nna wa tima founo. *

18-19. Ke eng se se ka go thusang gore o nne o leke go dira se o neng o ikaeletse go se dira le fa gone go se motlhofo?

18 Akanya ka se o tlileng go se fitlhelela. Go dira tshwetso le go e diragatsa go tshwana le go tsaya loeto. Fa o batla go goroga kwa o yang gone, o tshwanetse go nna o tsamaya, le fa go ka nna ga tlhokega gore o dirise tsela e nngwe. Ka tsela e e tshwanang, go nna re akanya ka se re tlileng go se fitlhelela fa re ka kgona go diragatsa ditshwetso tsa rona go tla re thusa gore re se ka ra kgobega marapo fa dilo di sa tsamaye jaaka re batla.—Bagal. 6:9.

19 Go dira ditshwetso tse di siameng le go di diragatsa ga go motlhofo. Mme gone, Jehofa o ka go thusa gore o kgone go feleletsa se o se simolotseng.

PINA 65 Gatelang Pele!

^ ser. 5 A o ikwatlhaela ditshwetso dingwe tse o di dirileng? Kgotsa a ka dinako tse dingwe go thata gore o dire ditshwetso tse di siameng e bile go thata gore o dire se o neng o ikaeletse go se dira? Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore ke eng se se ka re thusang go dira ditshwetso tse di siameng re bo re di diragatsa.

^ ser. 11 Gore o kgone go bala Baebele letsatsi le letsatsi, o ka nna wa dirisa “Thulaganyo ya Mmalo wa Baebele” e e mo jw.org®.

^ ser. 17 Go bona dintlha tse di oketsegileng tsa gore o ka dirisa jang nako ya gago sentle, bona setlhogo se se reng “Ditsela Tse 20 Tsa go Oketsa Nako” mo makasineng wa Tsogang! wa April 2010.