Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 45

Moya o o Boitshepo o re Thusa Jang?

Moya o o Boitshepo o re Thusa Jang?

“Mo dilong tsotlhe ke na le nonofo ka ntlha ya yo o nnayang maatla.”—BAFIL. 4:13.

PINA 104 Mpho ya Modimo ya Moya o o Boitshepo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Ke eng se se re thusang go itshokela mathata? Tlhalosa. (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

A O KILE wa tsamaya wa lebana le boemo bongwe jo bo thata mme moragonyana o bo re, “ke kgonne go itshoka fela ka ntlha ya thuso ya ga Jehofa”? Ga se wena fela. Gongwe o ne o lwala thata kgotsa o tlhokafaletswe ke mongwe yo o mo ratang thata. Fa o akanya ka maemo a o fetileng mo go one, o ka tswa o lemoga gore o kgonne go itshoka fela ka gonne moya wa ga Jehofa o ne o go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.”—2 Bakor. 4:7-9.

2 Gape moya o o boitshepo o re thusa gore re se ka ra tlhotlhelediwa ke moya wa lefatshe leno la ga Satane. (1 Joh. 5:19) Mo godimo ga moo, o re thusa go lwantshana le “meya e e boikepo.” (Baef. 6:12) Mo setlhogong seno, re tla bona gore moya o o boitshepo o ka re thusa jang ka ditsela di le pedi. Gape re tla bona gore re tshwanetse go dira eng gore moya o o boitshepo o re thuse.

MOYA O O BOITSHEPO O RE NAYA MAATLA

3. Jehofa o re thusa jang go itshokela mathata?

3 Moya o o boitshepo wa ga Jehofa o re thusa go dira dilo tse re tshwanetseng go di dira le fa gone re lebane le mathata. Moaposetoloi Paulo o ile a lebana le mathata a le mantsi mme o ile a tlhalosa gore o ne a kgona go tswelela a direla Jehofa fela ka gonne a ne a thusiwa ke “maatla a ga Keresete.” (2 Bakor. 12:9) Mo loetong lwa gagwe la bobedi la borongwa, o ne a rera dikgang tse di molemo gape a tla a bereka. O ne a nna kwa Korintha kwa lelapeng la ga Akhwila le Perisila. O ne a bereka le bone mo tirong ya go dira ditente. (Dit. 18:1-4) Moya o o boitshepo ke one o neng o thusa Paulo gore a kgone go rera dikgang tse di molemo le gore a kgone go bereka.

4. Go ya ka 2 Bakorintha 12:7b-9, Paulo o ne a na le bothata bofe?

4 Bala 2 Bakorintha 12:7b-9. Mo temaneng eno, Paulo o ne a raya jang fa a ne a re o na le “mutlwa mo nameng”? Fa motho a tlhabilwe ke mutlwa o utlwa botlhoko. Ka jalo, Paulo o ne a raya gore o na le mathata a a mo utlwisang botlhoko. O ne a re bothata joo bo tshwana le “moengele wa ga Satane” yo o nnang a mo ‘phantsha’ kgotsa a mo itaya. Gone ke boammaaruri gore Satane le madimona a gagwe ga se bone ba neng ba bakile bothata joo jwa ga Paulo, jo bo neng bo tshwana le mutlwa mo nameng. Mme gone e rile ba lemoga gore Paulo o na le bothata, ba ka tswa ba ile ba leka ka natla go bo oketsa. Go ne go ntse jaaka e kete ba kgotleletsa mutlwa wa gagwe kwa teng. Paulo o ile a dirang?

5. Jehofa o ile a araba jang thapelo ya ga Paulo?

5 Kwa tshimologong, Paulo o ne a batla gore Jehofa a mo tlhomole “mutlwa” oo. Tota e bile o ne a re: “Ke ne ka rapela Morena [Jehofa] gararo . . . gore o tloge fa go nna.” Mme gone, Jehofa ga a ka a tlhomola mutlwa oo. A seno se raya gore Jehofa ga a ka a araba thapelo ya ga Paulo? Nnyaa, o ile a mo araba. Jehofa ga a ka a fedisa bothata jwa ga Paulo, mme o ne a mo thusa go bo itshokela. Jehofa o ne a re: “Maatla a me a a bo a tletse mo bokoeng.” (2 Bakor. 12:8, 9) O ile a thusa Paulo gore a tswelele a mo direla a itumetse.—Bafil. 4:4-7.

6. (a) Jehofa a ka araba jang dithapelo tsa rona? (b) Ke ditemana dife tse di umakilweng mo serapeng tse di go kgothatsang?

6 A le wena o kile wa tsamaya wa kopa Jehofa gore a go rarabololele bothata bongwe? Gongwe o ile wa rapela ka bothata joo makgetlo a le mantsi mme ga bo a ka jwa rarabologa, go na le moo, bo ile jwa gakala. A seo se ile sa dira gore o akanye gore Jehofa ga a tlhole a go rata? Fa go le jalo, gopola se se ileng sa diragalela Paulo. Jehofa o ile a araba thapelo ya ga Paulo, ka jalo, le wena itse gore Jehofa o tla araba thapelo ya gago. Gone ke boammaaruri gore gongwe Jehofa a ka se fedise bothata jwa gago. Mme gone, a ka go thusa a dirisa moya o o boitshepo gore o kgone go bo itshokela. (Pes. 61:3, 4) Le fa o ka “latlhelwa fa fatshe,” Jehofa ga a kitla a go latlha.—2 Bakor. 4:8, 9; Bafil. 4:13.

MOYA O O BOITSHEPO O RE THUSA GORE RE TSWELELE RE DIRELA JEHOFA

7-8. (a) Moya o o boitshepo o tshwana le phefo ka tsela efe? (b) Petere o ile a re moya o o boitshepo o dira jang?

7 Moya o o boitshepo o ka re thusa jang gape? Re ka tshwantsha moya o o boitshepo le phefo. Fa phefo e fokela kwa sekepe se yang teng, e ka se thusa gore se kgone go goroga sentle kwa se yang teng, le fa gone lewatle le bifile. Ka tsela e e tshwanang, le fa re kopana le diteko di le dintsi, moya o o boitshepo o tla re thusa gore re tswelele re direla Jehofa go fitlha re tsena kwa lefatsheng le lesha.

8 E re ka moaposetoloi Petere e ne e le motshwaraditlhapi, o ne a itse go le gontsi ka dikepe. Gongwe leo ke lone lebaka la go bo fa a ne a tlhalosa gore moya o o boitshepo o bereka jang, a ileng a bua sengwe se se amanang le dikepe. O ne a re: “Gonne ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa tlisiwa ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” Lefoko la Segerika le le ranotsweng fano e le go “tlhotlhelediwa” totatota le kaya go “kgweediwa” kgotsa go “kgoromediwa.”—2 Pet. 1:21.

9. Petere o ne a batla gore batho ba akanye ka eng fa a ne a re bakwadi ba Baebele ba ne ba “kgoromediwa” ke moya o o boitshepo?

9 Petere o ne a batla gore batho ba akanye ka eng fa a ne a dirisa lefoko go “kgoromediwa”? Fa Luke a ne a kwala buka ya Ditiro, le ene o ile a dirisa lefoko la Segerika le le tshwanang le leno fa a ne a tlhalosa gore sekepe se ne sa kgweediwa ke phefo. (Dit. 27:15) Motho mongwe yo o ithutang Baebele o ne a re fa Petere a ne a re bakwadi ba Baebele ba ne ba “kgoromediwa” ke moya o o boitshepo, o ne a dirisa lefoko le le neng le tla dira gore batho ba akanye ka dikepe. Gape o ne a tlhalosa gore bakwadi ba Baebele ba ne ba tshwana le dikepe tse di nang le di saile tse di butsweng. Bakwadi bao ba ne ba iketleeleditse go kaelwa ke moya o o boitshepo. Petere o ne a tlhalosa gore fela jaaka phefo e kgorometsa sekepe gore se ye kwa se tshwanetseng go ya teng, moya o o boitshepo o ne o thusa bakwadi ba Baebele gore ba dire tiro ya bone. Jehofa o ne a ba naya moya o o boitshepo mme bone ba ne ba tshwanetse go dira tiro e a neng a ba e neile. Ba ne ba latela kaelo ya moya o o boitshepo.

KGATO 1: Dira dilo tse Jehofa a reng re di dire

KGATO 2: O se ka wa goga dinao fa o dira dilo tseno. Letla moya o o boitshepo gore o go thuse (Bona serapa 11) *

10-11. Re tshwanetse go dira dilo dife tse pedi fa re batla gore moya o o boitshepo o re kaele? Naya sekai.

10 Gone ke boammaaruri gore Jehofa ga a tlhole a dirisa moya o o boitshepo go tlhotlheletsa batho gore ba kwale Baebele. Le fa go ntse jalo, o sa ntse a o dirisa go kaela batho ba gagwe. Ka jalo, re tshwanetse go dira eng gore moya o o boitshepo o re kaele? Re tshwanetse go dira se Jehofa a reng re se dire. Re tshwanetse go dirang?

11 Akanya ka sekai seno: Fa motho yo o kgweetsang sekepe a batla gore phefo e mo thuse, o tshwanetse go dira dilo tse pedi. Sa ntlha, o tshwanetse go tlhomamisa gore sekepe sa gagwe se eme fa phefo e fokang teng ka gonne ntle le moo, se ka se tsamaye. Sa bobedi, o tshwanetse go tsholetsa saile ya sekepe a bo a e phutholola. Sekepe sa gagwe se ka kgona go tsamaya fa fela a phutholotse saile. Ka tsela e e tshwanang, le rona re ka kgona go tswelela re direla Jehofa fa fela re thusiwa ke moya o o boitshepo. Gore moya o o boitshepo o kgone go re thusa, re tshwanetse go dira dilo tse pedi. Sa ntlha, re tshwanetse go dira dilo tse Jehofa a reng batlhanka ba gagwe ba tshwanetse go di dira. Sa bobedi, ga re a tshwanela go goga dinao fa re dira dilo tseno. (Pes. 119:32) Fa re dira dilo tseno tse pedi, moya o o boitshepo o tla re thusa gore re kgone go tswelela re direla Jehofa go fitlha re tsena kwa lefatsheng le lesha.

12. Re tlile go tlotla ka eng?

12 Re setse re bone gore moya o o boitshepo o ka re thusa jang. O re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go Jehofa fa re lebane le diteko. Mo godimo ga moo, o a re kaela, e bile o re thusa go dira dilo tse Jehofa a laelang gore re di dire, mme seno se tla dira gore re bone botshelo jo bo sa khutlheng. Mma jaanong re tlotle ka dilo di le nne tse rona re tshwanetseng go di dira gore moya o o boitshepo o kgone go re thusa.

RE TSHWANETSE GO DIRA ENG GORE MOYA O O BOITSHEPO O RE THUSE?

13. Go ya ka 2 Timotheo 3:16 le 17, Lefoko la Modimo le ka re thusa jang, mme gone re tshwanetse go dira eng?

13 Sa ntlha, bala Baebele. (Bala 2 Timotheo 3:16, 17.) Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le ‘tlhotlhelediwa ke Modimo’ gape le kaya “buduletswe ke Modimo.” Modimo o ile a dirisa moya wa gagwe go tsenya dikakanyo tsa gagwe mo megopolong ya batho ba ba neng ba kwala Baebele. Fa re bala Baebele e bile re akanya ka se re se balang, melao ya Modimo e tsena mo dipelong tsa rona. Melao eo e re tlhotlheletsa go tshela ka tsela e e itumedisang Modimo. (Baheb. 4:12) Mme fa re batla gore moya o o boitshepo o re thuse, re tshwanetse go ipha nako ya go bala Baebele le go akanya ka dilo tse re di balang. Fa re dira jalo, re tla kgona go dira dilo tse Modimo a di batlang.

14. (a) Ke eng fa re ka re moya wa ga Jehofa o teng kwa dipokanong? (b) Re tshwanetse go dira eng gore moya o o boitshepo o kgone go re thusa?

14 Sa bobedi, ya dipokanong ka metlha. (Pes. 22:22) Moya wa ga Jehofa o teng kwa dipokanong. (Tshen. 2:29) Ke eng fa re rialo? Fa re le kwa dipokanong, re rapelela moya o o boitshepo, re opela dipina tsa Bogosi tse di theilweng mo Lefokong la Modimo e bile re reetsa dipuo tse di theilweng mo Baebeleng tse di neelwang ke bakaulengwe ba ba tlhomilweng ka moya o o boitshepo. Gape moya o o boitshepo o thusa bokgaitsadi go baakanyetsa le go neela dipuo tsa bone. Mme gone fa re batla gore moya o o boitshepo o re thuse, re tshwanetse go ya dipokanong re baakanyeditse e bile re tshwanetse go akgela fa re le kwa go tsone. Fa re dira jalo, re tla bo re bontsha gore re batla gore moya o o boitshepo o re thuse.

15. Moya o o boitshepo o re thusa jang mo bodireding?

15 Sa boraro, rerela batho. Fa re dirisa Baebele mo bodireding, re letla moya o o boitshepo gore o re thuse. (Bar. 15:18, 19) Mme gone, fa re batla gore moya o o boitshepo o re thuse, re tshwanetse go ya bodireding ka metlha. Mo godimo ga moo, fa re le kwa bodireding, re tshwanetse go dirisa Baebele fa re bua le batho. Sengwe se se ka go thusang gore o kgone go bua le batho fa o le mo bodireding ke go dirisa dipuisano tse di tlhagelelang mo Bukaneng ya Botshelo le Bodiredi.

16. Re tshwanetse go dirang fa re batla gore Jehofa a re neye moya o o boitshepo?

16 Sa bonê, rapela. (Math. 7:7-11; Luke 11:13) Fa re kopa moya o o boitshepo, Jehofa o tla re o naya. Ga go na sepe se Satane a ka se dirang se se ka re thibelang go amogela moya o o boitshepo. Jehofa a ka re naya moya wa gagwe, tota le fa re le kwa kgolegelong. (Jak. 1:17) Fa re batla gore moya o o boitshepo o re thuse, re tshwanetse go rapela jang? Gore re bone karabo, mma re tlotle ka setshwantsho se se tlhagelelang mo pegong ya ga Luke. *

RAPELA O SA KGAOTSE

17. Setshwantsho sa ga Jesu se se mo go Luke 11:5-9 le 13, se re ruta eng ka go rapela?

17 Bala Luke 11:5-9, 13. Mo setshwantshong seno, Jesu o re bontsha gore re tshwanetse go rapela jang fa re batla gore Jehofa a re neye moya o o boitshepo. Monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o ile a kgona go bona thuso fela ka gonne o ile a nna a kopa tsala ya gagwe gore e mo thuse e bile ga a ka a itlhoboga. O ne a sa tshabe go kopa thuso le fa go ne go le bosigo. * Jesu o ne a re setshwantsho seno se re ruta eng ka go rapela? O ne a re: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa.” Re ithuta eng? Fa re batla gore Jehofa a re neye moya o o boitshepo re tshwanetse go rapela re sa kgaotse.

18. Go ya setshwantsho sa ga Jesu, ke eng fa re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re naya moya wa gagwe o o boitshepo?

18 Gape setshwantsho seno, se re bontsha lebaka la go bo Jehofa a ka re naya moya wa gagwe o o boitshepo. Monna yo go buiwang ka ene mo setshwantshong seno o ne a batla go amogela moeng wa gagwe ka diatla tsoopedi. Ka jalo, o ne a batla go mo direla sengwe sa go ja. Le fa go ntse jalo, o ne a se na dijo kwa ga gagwe. Jesu o ile a tlhalosa gore tsala ya monna yoo e ile ya mo thusa fela ka gonne o ne a nna a kopa a sa kgaotse. Jesu o ne a batla go re ruta eng? Fa motho a kgona go thusa yo mongwe ka gonne a nna a mo kopa a sa kgaotse seo se bontsha gore le rona Jehofa a ka re thusa fa re nna re mo kopa. Ka jalo, re a itse gore Jehofa o tla re naya moya wa gagwe o o boitshepo fa re nna re o kopa.—Pes. 10:17; 66:19.

19. Re itse jang gore re tla kgona go itshokela diteko tsa ga Satane?

19 Re tlhatswegile pelo gore le fa Satane a ka dirang, re tla nna re itshokela diteko tsa gagwe. Ka ntlha yang? Ka gonne moya o o boitshepo o a re thusa. Sa ntlha, o re thusa go itshokela mathata. Sa bobedi, ke one o tla re thusang go tswelela re direla Jehofa go fitlha re tsena mo lefatsheng le lesha. Ka jalo, a re direng sotlhe se re ka se kgonang gore moya o o boitshepo o kgone go re thusa.

PINA 41 Ka Kopo Utlwa Thapelo ya me

^ ser. 5 Mo setlhogong seno, re tla bona gore moya o o boitshepo o re thusa jang go itshokela mathata. Gape setlhogo seno se tla re thusa go bona gore ke eng se re tshwanetseng go se dira gore moya o o boitshepo o re thuse.

^ ser. 16 Pego ya Luke e re thusa go bona gore go rapela go ne go le botlhokwa tota mo go Jesu Keresete.—Luke 3:21; 5:16; 6:12; 9:18, 28, 29; 18:1; 22:41, 44.

^ ser. 17 Bona ntlha e e reng “go mo emelela ka bopelokgale” mo Bukaneng ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona ya July 2018 tsebe 4.

^ ser. 60 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: KGATO 1: Mokaulengwe le kgaitsadi ba goroga kwa Holong ya Bogosi. Ba kopana le badumedimmogo le bone kwa moya wa ga Jehofa o leng teng. KGATO 2: Ba baakanyeditse gore ba kgone go akgela kwa dipokanong. Gape ba tshwanetse go dira dilo dingwe tse re tlotlileng ka tsone mo setlhogong seno e leng go bala baebele, go ya bodireding le go rapela.