Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Onésime le Géraldine

Jehofa o Segofatsa ba ba Boelang Kwa Dinageng Tse ba Tsholetsweng Kwa go Tsone

Jehofa o Segofatsa ba ba Boelang Kwa Dinageng Tse ba Tsholetsweng Kwa go Tsone

BAKAULENGWE le bokgaitsadi ba le bantsi ba ile ba tswa kwa dinageng tse ba tsholetsweng kwa go tsone ba bo ba ya kwa dinageng tse dingwe gore ba kgone go amogela madi a mantsi. Mme gone jaanong, ba boela kwa dinageng tse ba tsholetswe kwa go tsone. Goreng? Ka gonne ba rata Jehofa e bile ba rata batho. Mme seo se ile sa ba tlhotlheletsa gore ba ye kwa mafelong a go nang le tlhokego kwa go one. (Math. 22:37-39) Bakaulengwe le bokgaitsadi bano ba ile ba ikentsha setlhabelo jang mme Jehofa o ile a ba segofatsa jang? Gore re kgone go tlhaloganya kgang eno sentle, a re bueng ka naga ya Cameroon e e kwa Afrika.

“MO LEFELONG LE LE SIAMENG LA GO DIRA BARUTWA.”

Ka 1998 mokaulengwe yo o bidiwang Onésime o ile a fuduga kwa legaeng la gagwe le le kwa Cameroon. Mme o ile a fetsa dingwaga di le 14 a nna kwa nageng e nngwe. Letsatsi lengwe fa a le kwa dipokanong go ne ga buiwa ka sekai se se neng se bua ka tiro ya go rera. Mokaulengwe yo o neng a neela puo o ile a re: “Fa batho ba babedi ba ne ba eme mo mafelong a farologaneng a go tshwara ditlhapi, yo mongwe a bo a tshwara ditlhapi tse dintsi go feta yo mongwe, a yo o sa tshwarang ditlhapi tse dintsi o ne a se kitla a ya kwa lefelong le tsala ya gagwe e emeng kwa go lone, gore le ene a kgone go tshwara ditlhapi di le dintsi?”

Seo se ile sa dira gore Onésime a akanyetse go ya go thusa baboledi ba kwa Cameroon ka gonne o ne a itse gore go na le batho ba le bantsi ba ba batlang go ithuta Baebele koo. Mme gone, go na le sengwe se a neng a tshwenyegile ka sone. E re ka a ne a feditse dingwaga di le dintsi a tse a nna kwa nageng e nngwe, o ne a ipotsa gore a o ne a tla kgona go tlwaela go tshela kwa Cameroon. Ka jalo, o ile a etela gone dikgwedi di le thataro. Mme ka 2012 o ile a fudugela kwa Cameroon.

Onésime a re: “Ke ile ka tshwanelwa ke go itlwaetsa maemo a naga eo le mogote wa yone. Mme fa ke le kwa dipokanong ke ne ka tshwanelwa ke go tlwaela go nna mo pankeng. Ke ne ke tlhoma mogopolo mo dilong tse re neng re di rutiwa mme seo se ile sa nthusa gore ke se ka ka akanya ka ditulo tsa Holo ya Bogosi e ke neng ke kopanela kwa go yone pele.”

Ka 2013 Onésime o ile a nyala kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Géraldine. Kgaitsadi Géraldine le ene o ne a tsholetswe kwa Cameroon mme o ile a fudugela kwa France a bo nna gone dingwaga di le robongwe. Mme morago ga moo, o ile a boela kwa Cameroon. E re ka Onésime le Géraldine ba ne ba rata go direla Jehofa, Jehofa o ile a ba segofatsa jang? Onésime a re: “Re ile ra nna le tshiamelo ya go ya Sekolong sa Baboledi ba Bogosi mme morago ga moo re bo re direla kwa Bethele. Mme mo ngwageng o o fetileng go ile ga kolobediwa batho ba le 20 mo phuthegong ya rona. Gone jaanong, ke ikutlwa ke le mo lefelong le le siameng la go dira barutwa.” (Mar. 1:17, 18) Géraldine a re: “Ke ile ka nna le masego a a fetang a ke neng ke solofetse gore ke tla nna le one.”

BA ITUMELELA GO DIRA BARUTWA

Judith le Sam-Castel

Judith o ile a fudugela kwa United States mme gone, o ne a batla go direla Jehofa mo go oketsegileng. A re: “Fa ke ne ke etela ba masika kwa Cameroon, ke ne ke tlhola ke lela fa ke tshwanelwa ke go tsamaya ka gonne ke akanya ka batho ba ke ithuta Baebele le bone ba ke tshwanetseng go ba tlogela kwa morago.” Le fa Judith a ne a utlwile botlhoko, o ne a okaoka go boela kwa Cameroon. O ne a bereka tiro e e neng e mo duela madi a mantsi tota mme seo se ne se mo thusa gore a kgone go duelela kalafi e rraagwe yo o neng a nna kwa Cameroon a neng a e tlhoka. Mme gone, o ile a ikanya Jehofa, a bo a tlogela tiro ya gagwe mme a boela kwa Cameroon. Judith a re o ne a tlhola a gopola botshelo jwa kwa United States. Ka jalo, o ile a kopa Jehofa gore a mo thuse go fetoga le maemo. Gape molebedi wa potologo le mosadi wa gagwe ba ile ba mo kgothatsa fela thata.

Judith a re: “Morago ga dingwaga di le tharo fela, ke fa ke setse ke kgonne go thusa batho ba le banê gore e nne Basupi ba ga Jehofa.” Judith o ile a nna mmulatsela yo o kgethegileng. Gone jaanong, ene le monna wa gagwe e bong Sam-Castel ba dira tiro ya go potologa. Mme go ile ga diragala eng ka rraagwe? Judith le ba lelapa la gagwe ba ile ba isa rraagwe kwa bookelong jo bo kwa nageng e nngwe mme sepetlele seo se ile sa re se tla duelela karo ya ga rraagwe. Mme karo eo e ile ya tsamaya sentle.

JEHOFA O ILE A BA EMA NOKENG

Caroline le Victor

Mokaulengwe yo o bidiwang Victor o ile a fudugela kwa Canada. Mme morago ga gore a bale setlhogo sengwe mo Toreng ya Tebelo se se neng se bua ka go nna le thutego ya maemo a a kwa godimo, o ile a akanya ka thutego e a neng a e tlhophile. O ile a tlogela yunibesithi a bo a ya go dira khoso e e neng e tsaya dikgwedi di le mmalwa kwa kholetšheng. Victor a re: “Khoso eno e ile ya nthusa gore ke bone tiro ka bonako mme ke ile ka kgona go dira se e neng e le kgale ke batla go se dira. Ke ne ka nna mmulatsela.” Moragonyana Victor o ile a nyala Caroline mme ba ile ba etela kwa Cameroon. Fa ba etetse ofisi ya lekala ya kwa Cameroon bakaulengwe ba koo ba ile ba ba kgothaletsa gore ba tle go direla mo Cameroon. Victor a re: “Re ne re sa bone lebaka la go gana ka gonne re ne re tlwaetse go tshela botshelo jo bo motlhofo. Ka jalo, go ne go le bonolo go re re amogele kopo ya bone.” Le fa Caroline a ne a tlhola a lwala thata, banyalani bano ba ile ba dira tshwetso ya gore ba fudugele kwa Cameroon.

Victor le Caroline ba ile ba nna babulatsela ba ka metlha gore ba kgone go thusa batho botlhe ba ba neng ba batla go ithuta Baebele. Mme ba ne ba bolokile madi, gore ba se ka ba tlhoka go bereka fa ba sena go nna babulatsela. Morago ga moo ba ile ba bereka kwa Canada dikgwedi di le mmalwa gore ba kgone go nna le madi a go boela kwa Cameroon gore ba ye go rera gone. Jehofa o ile a ba segofatsa jang? Ba ile ba ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi mme gone jaanong ke babulatsela ba ba kgethegileng. Gone jaanong ba direla mo tirelong ya dikago. Victor a re: “E re ka re ile ra tlogela botshelo jo re neng re bo tlwaetse, re ile ra ikanya Jehofa mme o ile re tlhokomela.”

BA ITUMELELA GO THUSA BATHO GO INEELA MO GO JEHOFA

Stéphanie le Alain

Ka 2002, moithuti mongwe wa kwa yunibesithing ya Germany yo o bidiwang Alain o ile a bala pampitshana nngwe ya basha e e reng, Basha—Lo Tla Dirang ka Botshelo Jwa Lona? Se a ileng a se bala mo pampitshaneng eo, se ile sa mo tlhotlheletsa gore a ipeele mekgele e mesha. Ka 2006, o ile a ya kwa Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi mme morago ga moo o ile a abelwa go ya go direla kwa Cameroon, naga e a tsholetsweng kwa go yone.

Fa Alain a le kwa Cameroon o ile a bona tiro e a neng a ka e dira mo malatsing a a rileng. Fa nako e ntse e tsamaya o ile a bona tiro e e neng e mo duela madi a a botoka. Mme o ile a ipotsa gore a tiro eo ga e kitla e mo kgoreletsa go rera jaaka a ne a dira mo nakong e e fetileng. Ka jalo, fa a ne a newa taletso ya go nna mmulatsela yo o kgethegileng, o ile a dumela a sa okaoke. Mothapi wa gagwe o ile a mo tshepisa gore o tlile go mo duela madi a mantsi. Mme Alain o ile a gana a bo a tlhopha go nna mmulatsela yo o kgethegileng. Moragonyana Alain o ile a nyala Stéphanie. Mme Stéphanie o ne a feditse dingwaga di le dintsi a nna kwa France. Stéphanie o ile a lebana le mathata a fe fa a sena go fudugela kwa Cameroon?

Stéphanie a re: “Ke ne ka nna le mathata a botsogo mme ke ile ka kgona go bona kalafi.” Jehofa o ile a segofatsa banyalani bano ka gonne ba ile ba itshoka. Alain a re: “Fa re ne re ile go rera kwa motseng mongwe o o kgakala o o bidiwang Katé, re ile ra kopana le batho ba le bantsi ba ba neng ba batla go ithuta Baebele koo. Mme moragonyana re ile ra kgona go tshwara dithuto tsa Baebele le batho bangwe ba koo re dirisa founu. Mo bathong ba re neng re ithuta le bone go ile ga kolobediwa ba le babedi mme go ile ga tlhomiwa setlhopha kwa lefelong leo.” Stéphanie a re: “Ga go na sepe se se itumedisang go feta go thusa batho gore ba ineele mo go Jehofa.” Gone jaanong, Alain le Stéphanie ba mo tirelong ya potologo.

“RE DIRILE SE RE NENG RE TLHOKA GO SE DIRA”

Léonce le Gisèle

Gisèle o ile a kolobediwa a sa ntse a ithutela bongaka kwa Italy. O ne a rata tsela e e motlhofo e banyalani ba babulatsela ba ba neng ba mo ruta ba neng ba tshela ka yone. Mme seo se ile sa dira gore le ene a batle go direla Jehofa mo go oketsegileng. Ka jalo, Gisèle o ile a nna mmulatsela wa ka metlha le fa a ne a sa ntse a tsena sekolo.

Gisèle o ne a batla go boela kwa Cameroon ka gonne o ne a itse gore o tla kgona go direla Jehofa mo go oketsegileng fa a le koo. Mme gone go ne go na le dilo dingwe tse di neng di mo tshwenya. A re: “Fa ke fuduga, ke ne ke tlile go latlhegelwa ke lekwalo la boagedi la mo Italy. E bile ke ne ke tlile go nna kgakala le ba losika le ditsala ba ba nnang kwa Italy.” Mme gone, ka May 2016, Gisèle o ile a boela kwa Cameroon.

Fa nako e ntse e ya, Gisèle o ile a nyalwa ke Léonce. Mme ofisi ya lekala ya kwa Cameroon e ile ya kgothaletsa banyalani bano gore ba ye go direla kwa toropong nngwe e e bidiwang Ayos, e re ka go ne go tlhokega baboledi ba le bantsi kwa lefelong leo.

Botshelo jwa bone jwa kwa Ayos bo ne bo ntse jang? Gisèle a re: “Re ne re fetsa dibeke di le dintsi re se na motlakase, ka jalo, re ne re sa kgone le go tšhaja difouno tsa rona. Go ne go feta malatsi a le mantsi re sa kgone go di dirisa. Ke ile ka ithuta go gotsa molelo gore re kgone go apaya kwa ntle. Re ne re dirisa keriba go ya go ga metsi. Mme re ne re ya go ga metsi bosigo ka gonne go ne go se na batho ba le bantsi ba ba gang metsi ka nako eo. Fa re ne re ya go ga metsi, re ne re tsamaya re tshwere ditotšhe.” Ke eng se se thusitseng banyalani bano gore ba kgone go itshoka? Gisèle a re: “Jehofa o ile a re thusa ka moya wa gagwe o o boitshepo mme nna le Léonce re ne re nna re emana nokeng. Balosika le ditsala ba ne ba re kgothatsa e bile ka dinako dingwe ba ne ba re thusa ka madi.”

A Gisèle o itumeletse go bo a ile a boela kwa nageng e a tsholetsweng kwa go yone? A re: “Ee, ga ke ikwatlhaele tshwetso ya me leseeng! Gone ka dinako tse dingwe re ne re lebana le mathata e bile re kgobega marapo, mme fa re sena go lwantsha maikutlo ao, re ne ra lemoga gore re dirile se re neng re tlhoka go se dira. Re ile ra ikanya Jehofa mme seo se ile sa re thusa go atamalana le ene.” Léonce le Gisèle ba ile ba ya kwa Sekolong sa Baboledi ba Bogosi mme gone jaanong ke babulatsela ba ba kgethegileng ba nakwana.

Batshwaraditlhapi ba lebana le mathata fa ba tshwara ditlhapi, mme gone, ba tswelela ba le pelokgale. Bakaulengwe ba ba boelang kwa dinageng tse ba tsholetsweng kwa go tsone le bone ba ikentsha setlhabelo gore ba kgone go thusa batho ba ba batlang go ithuta ka Modimo. Jehofa ga a kitla a lebala baboledi bano ba ba dirang ka natla le tsela e ba ile ba bontsha gore ba a mo rata ka yone. (Neh. 5:19; Baheb. 6:10) Fa e le gore gone jaanong o nna kwa nageng e nngwe mme go na le tlhokego ya baboledi kwa nageng e o tsholetsweng kwa go yone, a o ka boela gone? Fa o ka dira jalo Jehofa o tla go segofatsa.—Dia. 10:22