Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 46

Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa

Nna Pelokgale Gonne Jehofa o Tla go Thusa

“Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” —BAHEB. 13:5.

PINA 55 Se ba Boifeng!

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Ke eng se se ka re thusang fa re ikutlwa e kete re nosi kgotsa re palelwa ke go itshokela mathata a re nang le one? (Pesalema 118:5-7)

A O KILE wa lebana le mathata o bo o ikutlwa e kete o nosi le gore ga go na ope yo o go thusang? Batho ba le bantsi go akaretsa le batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, ba kile ba ikutlwa jalo. (1 Dikg. 19:14) Fa e le gore seo se kile sa go diragalela, gopola mafoko a ga Jehofa a a reng: “Ruri ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Ka jalo, re ka bua re tlhatswegile pelo re re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?” (Baheb. 13:5, 6) Mo e ka nnang ka ngwaga wa 61, moaposetoloi Paulo o ile a kwalela Bakeresete ba kwa Judea mafoko ao. Se a ileng a se kwala se re gopotsa mafoko a a mo go Pesalema 118:5-7.—E bale.

2. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno, mme ka ntlha yang?

2 Paulo o ne a itse gore Jehofa ke mothusi wa gagwe ka gonne Jehofa o ile a mo thusa ka makgetlo a le mantsi mo nakong e e fetileng. Ka sekai, dingwaga di le pedi pele a kwalela Bakeresete ba Bahebera lekwalo, o ile a tsaya loeto ka sekepe, mme o ne a falola fa go ne go tsogile setsuatsue mo lewatleng. (Dit. 27:4, 15, 20) Pele ga Paulo a tsaya loeto leo le morago ga lone, Jehofa o ile a mo thusa ka ditsela tse di farologaneng. Re tla tlotla ka ditsela tse Jehofa a ileng a mo thusa ka tsone a dirisa Jesu le baengele, balaodi, le bakaulengwe le bokgaitsadi. Go sekaseka dilo tse di diragaletseng Paulo go tla dira gore re ikanye ditsholofetso tsa ga Jehofa le go feta le gore re dumele gore o tla araba dithapelo tsa rona.

JEHOFA O DIRISA JESU LE BAENGELE

3. Paulo a ka tswa a ile a ipotsa eng, mme ka ntlha yang?

3 Paulo o ne a tlhoka thuso. Ka ngwaga wa bo56, segopa sa batho se ile sa gogela Paulo kwa ntle ga tempele ya Jerusalema se leka go mmolaya. Mo letsatsing le le latelang, fa a ne a tlisiwa fa pele ga Sanehederine, o ne a gobetse thata mo a batlileng a swa. (Dit. 21:30-32; 22:30; 23:6-10) Ka nako eo, Paulo a ka tswa a ne a ipotsa gore o tla itshokela dipogiso tseo go fitlha leng.

4. Jehofa o ile a dirisa Jesu jang go thusa Paulo?

4 Jesu o ile a thusa Paulo jang? Mo bosigong jwa pele Paulo a tshwarwa, Jesu o ile a ema fa go ene a bo a mo raya a re: “Nna le bopelokgale jo bogolo! Gonne fela jaaka o ntse o neela bosupi ka botlalo ka dilo tse di leng kaga me mo Jerusalema, jalo o tshwanetse go naya bosupi le kwa Roma.” (Dit. 23:11) Mafoko ao a ile a kgothatsa Paulo fela thata! Jesu o ile a akgola Paulo ka gonne a ile a rera kwa Jerusalema. Mme o ile a mo solofetsa gore o tla fitlha kwa Roma, a bo a rerela batho ba koo. Ga go pelaelo gore se Jesu a ileng a se bolelela Paulo, se ile sa dira gore a ikutlwe a sireletsegile jaaka ngwana mo matsogong a ga rraagwe.

Fa pula e ntse e na e bile go na le setsuatsue mo lewatleng, moengele o bolela Paulo gore batho botlhe mo sekepeng ba tla goroga kwa ba yang gone ba tshela (Bona serapa 5)

5. Jehofa o ile a dirisa jang moengele go thusa Paulo? (Bona setshwantso sa khabara.)

5 Ke mathata afe gape a Paulo a ileng a lebana le one? Dingwaga di le pedi morago ga dilo tse di mo diragaletseng kwa Jerusalema, Paulo o ile a tsaya loeto a ya kwa Itali mme go ile ga tsoga setsuatsue. Setsuatsue seo se ne se le bogale jaana mo eleng gore bakgweetsi ba sekepe le batho ba ba neng ba le mo sekepeng seo ba ne ba akanya gore ba tlile go swa. Mme Paulo ene o ne a sa tshoga. Goreng? O ile a bolelela batho ba ba mo sekepeng a re: “Mo bosigong jono moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe e bile e le yo ke mo direlang tirelo e e boitshepo o ne a ema gaufi le nna, a re, ‘Se boife, Paulo. O tshwanetse go ema fa pele ga ga Kaesara, mme, bona! Modimo o go neile ka kgololesego botlhe ba ba tsamayang le wena ka mokoro.’” Jehofa o ile a dirisa moengele go bolelela Paulo se se tshwanang le se Jesu a ileng a mmolelela sone, e le ka gonne a ne a batla go mo tlhomamisetsa gore se a mo solofeditseng sone, se ne se tla direga. Paulo o ile a goroga kwa Roma fela jaaka Jehofa a ne a mo solofeditse.—Dit. 27:20-25; 28:16.

6. Ke eng se Jesu a ileng a se bua se se ka re gomotsang mme ka ntlha yang?

6 Jesu o re thusa jang gompieno? Fela jaaka Jesu a ile a thusa Paulo, le rona o a re thusa. Ka sekai, Jesu o ile a tshepisa balatedi ba gagwe a re: “Ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Math. 28:20) Mafoko ao a ga Jesu a ka re kgothatsa. Goreng re re jalo? Ka gonne ka dinako dingwe go ka nna thata gore re itshokele mathata a re lebanang le one. Ka sekai, fa mongwe yo re mo ratang a tlhokofala, go ka tsaya lobaka gore re gomotsege e bile gongwe go ka feta dingwaga re ntse re utlwile botlhoko. Ba bangwe ba ka tswa ba lwala thata ka ntlha ya botsofe. Ba bangwe bone ga ba kgone go itumelela botshelo ka gonne ba gateletswe mo maikutlong. Le fa gone re lebana le mathata, re gomodiwa ke go itse gore Jesu o ile a re o tla nna le rona malatsi otlhe,” tota le fa re lebana le maemo a a thata.—Math. 11:28-30.

Baengele ba a re thusa fa re rera (Bona serapa 7)

7. Tshenolo 14:6, e a re Jehofa o re thusa jang gompieno?

7 Baebele e a re Jehofa o dirisa baengele go re thusa. (Bah. 1:7, 14) Ka sekai, baengele ba a re thusa fa re ntse re rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi” mo bathong ba ‘setšhaba sengwe le sengwe le lotso le teme.’—Math. 24:13, 14; bala Tshenolo 14:6.

JEHOFA O DIRISA BALAODI

8. Jehofa o ile a dirisa jang molaodi wa masole go thusa Paulo?

8 Jehofa o ile a thusa Paulo jang? Ka ngwaga wa 56, Jesu o ile a bolelela Paulo gore o tla fitlha kwa Roma. Le fa go ntse jalo, Bajuda bangwe ba kwa Jerusalema ba ile ba loga leano la go tlhasela Paulo le go mmolaya. Fa molaodi wa masole a Roma e bong Kalaudio Lisiase a utlwa ka leano leo, o ile a thusa Paulo. Kalaudio o ile a laela masole gore a sireletse Paulo a bo a mo isa kwa Kaesarea, e e neng e le dikilometara di ka nna 105 go tswa kwa Jerusalema. Fa a fitlha koo, Molaodi Felise o ile a laela gore Paulo ‘a disediwe mo ntlong ya segosi ya mmusimogolo ya ga Herode.’ Ka jalo, Bajuda ba ba neng ba batla go mmolaya ba ne ba ka se kgone go dira jalo.—Dit. 23:12-35.

9. Molaodi Feseto o ile a thusa Paulo jang?

9 Morago ga dingwaga di le pedi, Paulo o ne a sa ntse a le kwa kgolegelong kwa Kaesarea. Ka nako eo, Felise o ne a sa tlhole a busa mme go ne go busa Feseto. Bajuda ba ile ba kopa Feseto gore a tlise Paulo kwa Jerusalema gore a tle go sekisiwa mme Feseto o ile a gana. Gongwe Feseto o ne a lemoga gore Bajuda “ba ne ba loga maano a go . . . lalela [Paulo] gore ba mmolaye mo tseleng.”—Dit. 24:27–25:5.

10. Molaodi Feseto o ile a dira eng fa Paulo a kopa gore a atlholwe ke Kaesara?

10 Moragonyana Paulo o ne a sekisediwa kwa Kaesarea. E re ka Feseto a ne a batla “go amogelwa ke Bajuda,” o ile a botsa Paulo a re: “A o eletsa go tlhatlogela kwa Jerusalema le go atlholelwa gone fa pele ga me ka ga dilo tseno?” Paulo o ne a itse gore fa a ne a ka ya kwa Jerusalema, Bajuda ba ne ba ka nna ba mmolaya. Mme o ne a itse gore o tshwanetse go dira eng gore a itshireletse, gore a fitlhe kwa Roma le gore a tswelele ka tiro ya go rera. Ka jalo, o ile a re: “Ke ikuela kwa go Kaesara!” Fa Feseto a sena go bua le bagakolodi ba gagwe o ile a mo raya a re: “O ikuetse kwa go Kaesara; o tla ya kwa go Kaesara.” Tshwetso ya ga Feseto e ile ya dira gore Paulo a sireletsege. Paulo o ne a tlile go ya kwa Roma, kgakala le Bajuda ba ba neng ba batla go mmolaya.—Dit. 25:6-12.

11. Ke mafoko afe a a kgothatsang a Paulo a ka tswang a ile a akanya ka one?

11 Fa Paulo a ne a ipaakanyetsa loeto la go ya kwa Itali gongwe o ile a akanya ka mafoko a ga moporofeti Isaia a a neng a a bolelela batho ba ba neng ba le kgatlhanong le Jehofa. Jehofa o ile a laela gore Isaia a kwale jaana: “Logang leano, mme le tla senngwa! Buang lefoko lepe fela, mme ga le kitla le ema, gonne Modimo o na le rona!” (Isa. 8:10) Paulo o ne a itse gore Jehofa o tlile go mo thusa mme seo se ile sa mo naya maatla gore a kgone go itshokela mathata a a neng a tla kopana le one.

Mo nakong e e fetileng Jehofa o ne a dirisa balaodi go thusa batho ba gagwe mme a ka dira jalo le gompieno (Bona serapa 12)

12. Juliase o ile a dirisana jang le Paulo mme seo se ka tswa se ile sa dira gore Paulo a lemoge eng?

12 Ka ngwaga wa 58, Paulo o ile a tsaya loeto go ya Itali. O ne a tlhokometswe ke Molaodi wa masole e bong Juliase ka gonne e ne e le legolegwa. Juliase o ne a ka tlhopha go sotla Paulo kgotsa go mo tshwara sentle. Molaodi yono o ile a dirisa jang taolo ya gagwe? Pele ba fitlha kwa Itali ba ne ba ema kwa Sidona. Mme Baebele e a re: “Juliase a tshwara Paulo ka bopelonomi mme a mo letla go ya kwa ditsaleng tsa gagwe.” Mme moragonyana, Juliase o ile a sireletsa Paulo. O ile a mo sireletsa jang? Masole a ne a batla go bolaya magolegwa a a neng a le mo sekepeng mme Juliase ga a ka a ba letla. Goreng? Ka gonne “o ne a batla go gorosa Paulo ka pabalesego.” Gongwe Paulo o ile a lemoga gore Jehofa o ne a dirisa molaodi yono go mo sireletsa.—Dit. 27:1-3, 42-44.

Bona serapa 13

13. Jehofa a ka dirisa jang batho ba ba nang le taolo?

13 Jehofa o re thusa jang? Jehofa a ka nna a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo, go dira gore balaodi ba dire se a se batlang. Kgosi Solomone o ile a re: “Pelo ya kgosi e ntse jaaka melatswana ya metsi mo seatleng sa ga Jehofa. O e faposetsa gongwe le gongwe kwa a ratang teng.” (Dia. 21:1) Seane seno se kaya eng? Batho ba kgona go epa mosele gore metsi a kgone go ya kwa ba ba tlang gone. Jehofa le ene a ka dirisa moya wa gagwe o o boitshepo gore balaodi ba diragatse boikaelelo jwa gagwe. Fa Jehofa a dira jalo, batho ba ba nang le taolo ba ka dira ditshwetso tse di solegelang batlhanka ba Modimo molemo.—Bapisa Esera 7:21, 25, 26.

14. Go dumalana le Ditiro 12:5 re ka rapelela bomang?

14 Ke eng se re ka se dirang? Fa “dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo” ba tlhoka go dira ditshwetso tse di amang bodiredi jwa rona le kobamelo ya rona, re ka rapela Jehofa gore a dirise moya wa gagwe o o boitshepo go ba kaela. (1 Tim. 2:1, 2; Neh. 1:11) Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha, le rona re ka rapelela gore Jehofa a thuse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba kwa kgolegelong. (Bala Ditiro 12:5; Baheb. 13:3) Gape re ka rapelela gore batlhokomedi ba kgolegelo ba tshware bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona sentle fela jaaka Juliase a ile a tshwara Paulo.

JEHOFA O DIRISA BAKAULENGWE LE BOKGAITSADI

15-16. Jehofa o ile a dirisa jang Arisetareko le Luke go thusa Paulo?

15 Jehofa o ile a thusa Paulo jang? Fa Paulo a ne a ya kwa Roma Jehofa o ile a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go mo thusa. A re bone gore ba ile ba mo thusa jang.

16 Ditsala tse pedi tsa ga Paulo e leng Arisetareko le Luke ba ile ba tsamaya le ene go ya kwa Roma. * Baebele ga e tlhalose gore Jesu o ile a tlhomamisetsa Arisetareko le Luke gore ba tla fitlha kwa Roma ba sireletsegile. Ka jalo, fa ba ne ba tsamaya le Paulo ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing mme ba ne ba ikemiseditse go dira jalo ka gonne ba batla go thusa Paulo. Morago ga gore ba falole setsuatsue se segolo mo lewatleng, ke gone ba ileng ba utlwa gore ba tla goroga kwa Roma ba tshela. Fa Arisetareko le Luke ba palama sekepe kwa Kaesarea, Paulo o tshwanetse a bo a ile a leboga Jehofa go bo a ile a mo thusa a dirisa banna bano ba ba pelokgale.—Dit. 27:1, 2, 20-25.

17. Jehofa o ile a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi jang go thusa Paulo?

17 Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba thusa Paulo makgetlo a le mmalwa fa a ne a tsaya maeto. Ka sekai, fa Paulo le batho ba a neng a tsamaya le bone ba ya kwa Itali, ba ne ba ema kwa Sidona mme Juliase o ile a letla Paulo “go ya kwa ditsaleng tsa gagwe le go ipelela tlhokomelo ya bone.” Fa Paulo le ditsala tsa gagwe ba fitlha kwa Puteoli ba ile ba fitlhela bakaulengwe mme bakaulengwe ba ba kopa gore ba nne le bone malatsi a le supa. Fa ba le koo bakaulengwe ba ne ba ba naya dilo tse ba neng ba di tlhoka. Mme Paulo o tshwanetse a bo a ile a dirisa nako eo go ba kgothatsa le go ba bolelela dilo tse di ileng tsa mo diragalela. (Bapisa Ditiro 15:2, 3.) Morago ga gore Paulo le ditsala tsa gagwe ba fetse nako le bakaulengwe, ba ne ba tswelela ka loeto.—Dit. 27:3; 28:13, 14.

Fela jaaka Jehofa a ile a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go thusa Paulo, le rona a ka dira jalo go re thusa (Bona serapa 18)

18. Ke ka ntlha yang fa Paulo a ile a leboga Jehofa mme ke eng se se mo thusitseng gore a nne pelokgale?

18 Fa Paulo a le gaufi le go fitlha kwa Roma, gongwe o ile a akanya ka mafoko a a ileng a a kwalela phuthego eo dingwaga di le tharo pele ga moo. Mafoko ao a re: “Ka dingwaganyana ke nnile ka tlhologelelwa go tla kwa go lona.” (Bar. 15:23) Mme gone, o ne a sa akanye gore o tla fitlha koo e le legolegwa. O tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a bona bakaulengwe ba kwa Roma ba tla go mo kgatlhantsha. Baebele e a re: “Ya re Paulo a . . . ba bona, a leboga Modimo mme a kgothala.” (Dit. 28:15) Fa Paulo a bona bakaulengwe ba tla kwa go ene o ile a leboga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne o ne a lemoga gore Jehofa o ne a mo thusa a dirisa bakaulengwe.

Bona serapa 19

19. Go ya ka se se tlhalositsweng mo go 1 Petere 4:10, Jehofa a ka re dirisa jang go thusa ba bangwe?

19 Ke eng se re ka se dirang? A go na le bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi mo phuthegong ya lona ba ba lwalang, ba ba nang le mathata mangwe kgotsa ba ba tlhokafaletsweng ke mongwe mo lelapeng? Fa re lemoga gore mongwe o tlhoka thuso re ka kopa Jehofa gore a re thuse go bua kgotsa go dira sengwe se se ka bontshang motho yoo gore re a mo rata. Gongwe sengwe se o tla se buang kgotsa se o tla se dirang se tla kgothatsa mokaulengwe yoo kgotsa kgaitsadi yoo fela thata. (Bala 1 Petere 4:10.) * Fa re dira jalo, gongwe bakaulengwe bao ba tla lemoga gore Jehofa o bua le bone fa a re: “Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” Mme ga go pelaelo gore fa o lemoga gore ba dumela tsholofetso eo ya ga Jehofa o tla itumela fela thata!

20. Goreng re ka bua re re: “Jehofa ke mothusi wa me”?

20 Fela jaaka Paulo le ditsala tsa gagwe, le rona re ka lebana le mathata. Mme gone, re a itse gore re ka nna pelokgale ka gonne Jehofa o tla re thusa. O dirisa Jesu le baengele go re thusa mme gape a ka dirisa le balaodi go re thusa. Mme re a itse gore Jehofa o dirisa moya o o boitshepo go tlhotlheletsa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba re thuse. Ka jalo, fela jaaka Paulo, le rona re na le mabaka a le mantsi a go bo re ka re: “Jehofa ke mothusi wa me; ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?”—Baheb. 13:6.

PINA 38 O Tla go Nonotsha

^ ser. 5 Mo setlhogong seno re tla tlotla ka ditsela tse tharo tse Jehofa a ileng a thusa moaposetoloi Paulo ka tsone, go itshokela mathata a a neng a kopana le one. Re tla bona gore Jehofa o ile a thusa jang batlhanka ba gagwe ba mo nakong e e fetileng. Mme seo se tla re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re thusa fa re kopana le mathata.

^ ser. 16 Arisetareko le Luke ba ne ba kile ba tsaya maeto le Paulo. Gape ba ile ba nna le Paulo fa e ne e le legolegwa kwa Roma.—Dit. 16:10-12; 20:4; Bakol. 4:10, 14.