Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 48

Nna o Akantse ka Masego a a Tlang

Nna o Akantse ka Masego a a Tlang

“Fa e le matlho a gago, a tshwanetse go leba kwa pele, ee, matlho a gago a a phatsimang a lebe kwa pele fa pele ga gago.” DIA. 4:25.

PINA 77 Lesedi mo Lefatsheng le le Lefifi

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. Re ka dirisa jang kgakololo e e mo go Diane 4:25? Naya sekai.

AKANYA ka dikai tseno tse tharo. Kgaitsadi yo o godileng o akanya ka dinako tse di monate tse a kileng a di itumelela fa a ne a le mosha. Le fa gone jaanong botshelo jwa gagwe bo sa tlhole bo tshwana le jwa pele, o sa ntse a itumelela go direla Jehofa. (1 Bakor. 15:58) Letsatsi le letsatsi, o nna a ipona a le kwa paradaiseng, a na le ditsala le ba lelapa la gagwe. Kgaitsadi yo mongwe o gopola gore mongwe mo phuthegong o kile a mo utlwisa botlhoko thata. Mme gone, kgaitsadi yono o ile a dira tshwetso ya gore a se ka a tlhola a akanya thata ka kgang eo. (Bakol. 3:13) Mokaulengwe o gopola diphoso tse a di dirileng mme o dira sotlhe se a ka se kgonang go tswelela a ikanyega mo go Jehofa.—Pes. 51:10.

2 Mokaulengwe yono le bokgaitsadi bano, ba tshwana ka eng? Botlhe ba gopola dilo tse di kileng tsa ba diragalela mme gone, ga ba nne ba akantse ka tsone. Go na le moo ba nna ba akantse ka masego a Jehofa a tlileng go ba naya one.—Bala Diane 4:25.

3. Goreng re tshwanetse go nna re akantse ka masego a Jehofa a tlileng go re naya one?

3 Goreng re tshwanetse go nna re akantse ka masego a Jehofa a tlileng go re naya one? Fa motho a tsamaya a lebile kwa morago, ga a kgone go tsamaya sentle. Go ntse fela jalo le fa re direla Jehofa. Ga re ka ke ra kgona go direla Jehofa ka pelo yotlhe fa re nna re akantse ka dilo tse re kileng ra di dira kgotsa tse di kileng tsa re diragalela.—Luke 9:62.

4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

4 Mo setlhogong seno re tlile go tlotla ka dilo tse tharo, tse di ka dirang gore re nnele go akanya ka dilo tse di fetileng. Dilo tseo ke (1) go leba kwa morago, (2) go tshwara sekgopi, (3) go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng. Re tlile go ithuta gore melaometheo ya Baebele e ka re thusa jang gore re se ka ra leba “dilo tse di kwa morago”, mme re nne re tlhomile mogopolo “kwa dilong tse di kwa pele.”—Bafil. 3:13.

GO LEBA KWA MORAGO

Ke eng se se ka re kgoreletsang go nna re akantse ka masego a a tlang? (Bona serapa 5, 9, 13) *

5. Moreri 7:10 e a re ga re a tshwanela go dira eng?

5 Bala Moreri 7:10. Temana eno ga e re go phoso go botsa o re: “Ke eng fa malatsi a pele a ne a le monate?” Bokgoni jwa go gopola dilo, ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. Go na le moo, temana eo e a re: “O se ka wa re: ‘Ke ka ntlha yang fa malatsi a pele a nnile botoka go na le ano?’” Ka jalo, ga re a tshwanela go bapisa botshelo jwa rona jwa pele le jwa gone jaanong, re bo re simolola go akanya gore gone jaanong botshelo ga bo monate. Thanolo nngwe ya Baebele e baya Temana eno jaana: “Se re: ‘Ke eng fa malatsi a gompieno a phalwa ke a bogologolo?’ Gonne potso eo ga se ya botlhale.”

Baiseraele ba ile ba dira phoso efe fa ba sena go tswa kwa Egepeto? (Bona serapa 6)

6. Goreng re sa tshwanela go nnela go akanya gore botshelo jwa rona bo ne bo le monate mo nakong e e fetileng? Naya sekai.

6 Goreng re sa tshwanela go nnela go akanya gore botshelo jwa rona bo ne bo le botoka mo nakong e e fetileng? Ka gonne seo se ka dira gore re nne re akantse fela ka dilo tse di monate tse di diragetseng mme re bo re lebala gore go ne go tle go nne thata. Akanya ka se Baiseraele ba ileng ba se dira. Fa ba sena go tswa kwa Egepeto, ba ne ba lebala gore botshelo jwa bone jwa koo bo ne bo le thata. Go na le moo, ba ne ba nna ba akantse fela ka dijo tse di monate tse ba neng ba di ja. Ba ne ba re: “A bo re gakologelwa jang ne tlhapi e re neng re tle re e je mahala kwa Egepeto, makgomane le magapu le diliki le dieie le gareleke!” (Dipa. 11:5) A mme gone ba ne ba ja dijo tseo “mahala”? Nnyaa. Fa ba ne ba le kwa Egepeto ba ne ba bogisiwa e bile e le makgoba. (Ekes. 1:13, 14; 3:6-9) Mme gone, ba ile ba lebala dilo tseo ba bo simolola go eletsa e kete ba ka busetsa nako kwa morago. Ba ne ba nnela go akanya fela ka dinako tse di monate tse ba nnileng le tsone pele go na le go akanya ka dilo tse di molemo tse Jehofa a ba diretseng tsone. Seo se ile sa utlwisa Jehofa botlhoko.—Dipa. 11:10.

7. Ke eng se se thusitseng kgaitsadi mongwe gore a se ka a nnela go akanya ka dilo tse di fetileng?

7 Ke eng se se ka re thusang go tila go nnela go akanya ka dilo tse di fetileng? Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe yo o simolotseng go direla kwa Bethele ya Brooklyn ka 1945. Morago ga dingwaga di se kae a direla koo, o ne a nyalwa ke mokaulengwe mongwe yo le ene a neng a direla mo Bethele, ba bo ba tswelela ba direla koo mmogo. Mme gone, ka 1976, monna wa gagwe o ile a lwala. Kgaitsadi yoo o ile a re fa monna wa gagwe a tloga a tlhokafala o ne a mo naya kgakololo e e neng e tla mo thusa go itshoka. Monna wa gagwe o ile a mo raya a re: “Re nnile le lenyalo le le itumedisang. Batho ba le bantsi ga ba ke ba nna le lenyalo le le ntseng jalo.” Mme gone, o ile a mo gakolola a re: “O se ka wa akanya thata ka dilo tsa nako e e fetileng—le fa gone o tla nna o ntse o di gakologelwa. Kutlobotlhoko ya gago e tla fela fa nako e ntse e tsamaya. O se ka wa galefa le go ikutlwela botlhoko. Itumelele fela gore o ile wa nna le boitumelo jono le masego ano. . . . Modimo o re file mpho ya go gakologelwa dilo tsa nako e e fetileng.” Ruri kgakololo eno e ne e le molemo!

8. Kgaitsadi mongwe o ile a thusiwa jang ke go dirisa kgakololo ya monna wa gagwe?

8 Kgaitsadi yono o ile a dirisa kgakololo ya monna wa gagwe. O ile a tswelela a direla Jehofa a ikanyega go fitlha a tlhokafala a na le dingwaga di le 92. Dingwaga di le mmalwa pele a tlhokafala o ile a re: “Fa ke gopola dingwaga tse 63 tse ke di feditseng mo tirelong ya nako e e tletseng, nka re botshelo jwa me e nnile jo bo itumedisang.” Ke eng se se ileng sa mo thusa? A re: “Se se dirang gore botshelo jwa me e nne jo bo itumedisang ke go direla Jehofa le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba molemo le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng la paradaise le bone, re direla Modimo yo o esi wa boammaaruri e bong Jehofa ka bosakhutleng.” * Re ka ithuta go le gontsi mo go se kgaitsadi yono a ileng a se dira!

GO TSHWARA SEKGOPI

9. Fela jaaka go tlhalositswe mo go Lefitiko 19:18, ke leng go ka nnang thata go itshwarela motho yo o re utlwisitseng botlhoko?

9 Bala Lefitiko 19:18. Ka dinako dingwe, ga go motlhofo go itshwarela tsala, mongwe wa losika kgotsa mongwe mo phuthegong yo o re utlwisitseng botlhoko. Ka sekai, kgaitsadi mongwe o ile a latofadiwa ke kgaitsadi yo mongwe a re o utswile madi a gagwe. Mme moragonyana kgaitsadi yoo o ile a lemoga gore kgang eo ga se nnete, a bo a kopa maitshwarelo. Mme gone, kgaitsadi yo o neng a latofadiwa o ne a utlwile botlhoko e bile a sa kgone go tlogela go akanya ka se se diragetseng. A le wena o kile wa ikutlwa jalo? Le fa gongwe re ise re diragalelwe ke se se diragaletseng kgaitsadi yono, bontsi jwa rona re kile ra utlwa botlhoko re bo re akanya gore ga re kitla re kgona go itshwarela motho yo o re utlwisitseng botlhoko.

10. Ke eng se se ka re thusang fa go le thata go itshwarela mongwe?

10 Ke eng se se ka re thusang fa go le thata go itshwarela mongwe? Re tshwanetse go gopola gore Jehofa o bona dilo tsotlhe. O itse dilo tsotlhe tse di re diragalelang, tota le fa batho ba sa re tshware sentle. (Baheb. 4:13) O utlwa botlhoko fa re sa tshwarwe sentle. (Isa. 63:9) Mme o re solofetsa gore o tlile go fedisa dilo tsotlhe tse di re utlwisang botlhoko.—Tshen. 21:3, 4.

11. Go tla diragala eng fa re itshwarela motho yo o re utlwisitseng botlhoko?

11 Re tshwanetse go gopola gore fa re itshwarela ba bangwe, re tla itumela. Seno ke se kgaitsadi yo re buileng ka ene a ileng a se lemoga. Fa nako e ntse e ya o ile a kgona go itshwarela kgaitsadi yo a neng a mo latofatsa, a bo a tlogela go nnela go akanya ka kgang eo. O ile a lemoga gore fa re itshwarela ba bangwe, Jehofa le ene o tla re itshwarela. (Math. 6:14) O ne a itse gore se kgaitsadi yoo a ileng a se dira se ne se le phoso, mme gone, o ile a tlhopha go mo itshwarela. Seo se ile sa dira gore a itumele a bo a tswelela a tlhomile mogopolo mo go direleng Jehofa.

GO IKUTLWA MOLATO THATA

12. Re ithuta eng mo go se se buiwang mo go 1 Johane 3:19 le 20?

12 Bala 1 Johane 3: 19, 20. Rotlhe re a tle re ikutlwe molato. Ka sekai, bangwe ba ikutlwa molato ka ntlha ya dilo tse ba ileng ba di dira pele ba ithuta boammaaruri. Ba bangwe ba ikutlwa molato ka ntlha ya dilo tse ba ileng ba di dira fa ba sena go kolobediwa. (Bar. 3:23) Re batla go dira se se siameng. Mme gone, “rotlhe re kgotšwa makgetlo a le mantsi.” (Jak. 3:2; Bar. 7:21-23) Le fa gone go se monate go ikutlwa molato, ka dinako dingwe go ka re thusa. Goreng re re jalo? Ka gonne, go ikutlwa molato go ka dira gore re fetole tsela e re tshelang ka yone go bo go dira gore re ikemisetse gore ga re kitla re boeletsa phoso e re e dirileng.—Baheb. 12:12, 13.

13. Goreng re sa tshwanela go nna re ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng?

13 Ka dinako dingwe re ka nna ra ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng mme gone, re ka dira jalo le fa Jehofa a setse a re itshwaretse. Go ikutlwa jalo go ka nna kotsi. (Pes. 31:10; 38:3, 4) Ka ntlha yang? Akanya ka se se diragaletseng kgaitsadi mongwe, yo o neng a sa kgone go tlogela go ikutlwa molato ka ntlha ya dilo tse a kileng a di dira. A re: “Ke ne ke akanya gore ga go tlhole go le botlhokwa gore ke dire ka natla mo tirong ya ga Jehofa ka gonne ke akanya gore go a tshwana, ke tlile go fedisiwa.” Bontsi jwa rona re ka nna ra ikutlwa jaaka kgaitsadi yono. Ka jalo, go botlhokwa gore re se ka ra nnela go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng. Goreng? Ka gonne Satane a ka itumela tota fa re ka tlogela go direla Jehofa le fa gone Jehofa a setse a re itshwaretse!—Bapisa 2 Bakorintha  2:5-7, 11.

14. Re ka itse jang gore Jehofa o batla go re itshwarela?

14 Batho bangwe ba ka ipotsa gore, ‘Nka itse jang gore Jehofa ga a ntlhoboga?’ Fa o botsa potso eno go bontsha gore o dumela gore Jehofa a ka go itshwarela. Makasine mongwe wa Tora ya Tebelo o ile wa re: “Re ka nna ra iphitlhela re boaboeletsa phoso e le nngwe gantsintsi. Gongwe lebaka ke gore ga re ise re tlogele mekgwa mengwe e Jehofa a sa e amogeleng. . . . O se ka wa kgobega marapo. O se ka wa akanya gore o motho yo o bosula thata jaana mo e leng gore Jehofa ga a kitla a go itshwarela. Satane o batla gore o akanye jalo. Fa o dirile phoso o bo o galefa kgotsa o bo o utlwa botlhoko, seo ga se reye gore o motho yo o bosula. Mme se bontsha gore Jehofa a ka go itshwarela. Nna boikokobetso mme o kope gore Jehofa a go itshwarele, a go thuse gore o nne le segakolodi se se phepa le gore a go thuse gore o se ka wa boeletsa phoso eo gape. Fela jaaka ngwana a nna a ya kwa go rraagwe gore a mo thuse fa a dirile phoso, le wena kopa Jehofa gore a go thuse. Mme Jehofa o tla go thusa ka gonne o kutlwelobotlhoko.”

15-16. Batho bangwe ba ile ba ikutlwa jang fa ba lemoga gore Jehofa ga a ba tlhoboga?

15 Batlhanka ba le bantsi ba ga Jehofa ba ile ba gomodiwa ke go lemoga gore Jehofa ga a ba tlhoboga. Ka sekai, mokaulengwe mongwe o ile a kgothadiwa ke go bala maitemogelo a kgaitsadi mongwe a a tlhagang mo setlhogong sa, “Baebele e Fetola Matshelo.” Kgaitsadi yoo o ile a tlhalosa gore go ne go le thata gore a dumele gore Jehofa o tla mo itshwarela ka gonne a dirile dilo di le dintsi tse di sa siamang. Mme le fa a sena go kolobediwa, o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a ntse a ikutlwa jalo. Mme gone fa a ntse a akanya ka thekololo o ile a lemoga gore Jehofa o a mo rata. *

16 Maitemogelo ano a ile a thusa mokaulengwe yono jang? A re: “Fa ke ne ke le mmonye, ke ne ke rata go lebelela ditshwantsho tsa tlhakanelodikobo mme go ne go le thata gore ke tlogele go dira jalo. Mme mo malobeng ke ne ka di leba gape. Ke ne ka kopa bagolwane gore ba nthuse mme ke ntse ke leka go dira diphetogo. Bagolwane ba ile ba nthusa go lemoga gore Jehofa o a nthata e bile o batla go intshwarela. Mme ka dinako dingwe ke sa ntse ke ikutlwa ke se na mosola e bile ke akanya gore Jehofa a ka se intshwarele. Maitemogelo a ga [kgaitsadi yono] a nthusitse fela thata. Jaanong, ke a tlhaloganya gore fa ke re Jehofa ga a kitla a intshwarela, ke a bo ke raya gore setlhabelo sa ga Jesu ga se kitla se kgona go phimola maleo a ke a dirileng. Ke beile setlhogo seno gaufi gore ke nne ke se bala le go tlhatlhanya ka sone fa ke utlwa e kete Jehofa ga a nthate.

17. Ke eng se se thusitseng moaposetoloi Paulo gore a se ka a ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng?

17 Maitemogelo a a tshwanang le ano a re gopotsa se se diragaletseng moaposetoloi Paulo. Pele e nna Mokeresete o ile a dira dilo di le dintsi tse di bosula. Paulo ga a ka a lebala dilo tse a ileng a di dira mme gone, ga a ka a nnela go akanya ka tsone. (1 Tim. 1:12-15) O ne a dumela gore setlhabelo sa ga Jesu se ne se ka dira gore Modimo a mo itshwarele le gore setlhabelo seo, ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. (Bagal. 2:20) Ka jalo, Paulo ga a ka a letla dilo tse a kileng a di dira di mo kgoba marapo, go na le moo, o ne a tlhoma mogopolo mo go direleng Jehofa.

NNA O AKANTSE KA MASEGO A A TLANG!

A re nneng re akantse ka masego a a tlang (Bona serapa 18-19) *

18. Re ithutile eng mo setlhogong seno?

18 Re ithutile eng mo setlhogong seno? (1) Bokgoni jwa go gopola dilo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa; mme le fa botshelo jwa rona mo nakong e e fetileng bo ne bo le monate, botshelo jo re tlileng go nna le jone kwa lefatsheng le lesha bo tlile go nna monate le go feta. (2) Batho bangwe ba ka nna ba re utlwisa botlhoko mme gone, fa re ba itshwarela re ka kgona go tswelela re direla Jehofa. (3) Go ikutlwa molato ka tsela e e feteletseng go ka dira gore re se ka ra itumelela go direla Jehofa. Ka jalo, fela jaaka Paulo re tshwanetse go dumela gore Jehofa o re itshwaretse.

19. Re itse jang gore kwa lefatsheng le lesha ga re kitla re nnela go akanya ka diphoso tse re di dirileng?

19 Re na le tsholofelo ya go tshelela ruri. Mme kwa lefatsheng le lesha ga re kitla re tlhola re gopola dilo tse di re utlwisang botlhoko. Baebele e a re: “Dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa.” (Isa. 65:17) Akanya ka seno: Bangwe ba rona re tsofetse e bile re na le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa, mme kwa lefatsheng le lesha re tla bo re le basha gape. (Jobe 33:25) Ka jalo, a re lekeng ka natla gore re se ka ra nnela go akanya ka dilo tse di fetileng. Go na le moo, re batla go nna re akantse ka lefatshe le lesha le go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tshele kwa go lone!

PINA 142 A re Ngangatleleng Tsholofelo ya Rona

^ ser. 5 Ga go phoso go akanya ka dilo tse di fetileng. Mme gone, fa re nna re akantse thata ka dilo tseo, di ka nna tsa dira gore re palelwe ke go direla Jehofa re itumetse. Kgotsa di ka nna tsa dira gore re lebale ka masego a Jehofa a tlileng go re naya one kwa Paradaiseng. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dilo tse tharo tse re tshwanetseng go tila go di dira, tse di ka dirang gore re nne re akantse ka dilo tse di fetileng. Re tla bona gore Baebele le maitemogelo a bakaulengwe le bokgaitsadi bangwe a ka re thusa jang.

^ ser. 57 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Go leba kwa morago, go tshwara sekgopi le go ikutlwa molato thata go ka dira gore re ikutlwe re imetswe e bile ga dira gore re palelwe ke go tswelela re le mo tseleng e e isang botshelong.

^ ser. 64 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Fa re sena go tlogela go akanya ka dilo tseno, re ka ikutlwa re imologile, re itumetse e bile re na le maatla. Mme re tla kgona go tswelela re direla Jehofa.