Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 45

Thusa ba Bangwe go Ikobela Ditaelo Tsa ga Jesu

Thusa ba Bangwe go Ikobela Ditaelo Tsa ga Jesu

“Jalo tsamayang mme lo dire batho . . . , barutwa, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.”—MATH. 28:19, 20.

PINA 89 Utlwa, Ikobe Mme o Segofadiwe

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1. Mo go Mathaio 28:18-20, Jesu o ile a laela barutwa ba gagwe gore ba dire eng?

FA Jesu a sena go tsosiwa o ile a ya kwa barutweng ba gagwe ba ba neng ba le kwa Galalea. O ne a batla go ba bolelela sengwe sa botlhokwa. Selo seo ene e le eng? Se a ileng a se bua se tlhagelela mo go Mathaio 28:18-20.—E bale.

2. Re tla tlotla ka dipotso dife?

2 Le rona re tshwanetse go ikobela taelo ya ga Jesu ya go dira batho barutwa. Ka jalo, a re tlotleng ka dipotso tse tharo, tse di amanang le tiro e Jesu a re fileng yone. Sa ntlha, ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re ruta batho? Sa bobedi, batho botlhe mo phuthegong ba ka thusa jang motho yo o ithutang Baebele go gatela pele? Sa boraro, re ka thusa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlogetseng go rera dikgang tse di molemo kgotsa ba ba tsidifetseng gore ba boe ba dira tiro eno gape?

BA RUTE GO IKOBELA DITAELO TSA GA JESU

3. Ke selo sefe sa botlhokwa se Jesu a re laetseng gore re se dire?

3 Jesu o rile re rute batho dilo tse a di re laetseng. Mme gone, ga re a tshwanela go lebala ntlha eno ya botlhokwa. Jesu ga a ka a re fela re rute batho dilo tse a di re laetseng, mme gone, o ile a re re rute batho ‘go boloka dilo tsotlhe tse a di re laetseng.’ Re tshwanetse go ikobela taelo eno ya ga Jesu ka go ruta batho ba re ithutang Baebele le bone se ba tshwanetseng go se dira le gore ba tshwanetse go se dira jang. (Dit. 8:31) Goreng re tshwanetse go dira jalo?

4. Go boloka taelo go kaya eng? Naya sekai.

4 Go “boloka” taelo go kaya go e ikobela. Re ka thusa jang motho go ikobela ditaelo tsa ga Jesu? Akanya ka sekai se se latelang. Fa motho a ruta motho yo mongwe go kgweetsa, o simolola pele ka go dira eng? Sa ntlha, o mo ruta melao ya tsela. Mme gone, go na le sengwe se a tshwanetseng go se dira gore a rute moithuti wa gagwe go ikobela melao eo. O tshwanetse go nna gone fa moithuti wa gagwe a kgweetsa gore a kgone go mmontsha gore a ka dirisa jang se a se ithutileng. Re ka ithuta eng mo sekaing seno?

5. (a) Johane 14:15 le 1 Johane 2:3 e a re re tshwanetse go ruta batho ba re ithutang le bone Baebele go dira eng? (b) Ke eng se re ka se dirang go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone?

5 Fa re ithuta le motho Baebele, re mo ruta se Modimo a batlang re se dira. Mme gone, re tlhoka go ruta batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba dirise se ba se ithutang. (Bala Johane 14:15; 1 Johane 2:3.) Gape re tshwanetse go ba tlhomela sekao. Re tshwanetse go ba bontsha gore ba ka dirisa jang se ba se ithutang fa ba le kwa tirong, kwa sekolong kgotsa fa ba itlosa bodutu. Gongwe re ka ba tlotlela ka sengwe se se re diragaletseng, se se bontshang gore go ikobela melao ya Baebele go re thusitse jang gore re se ka ra wela mo mathateng kgotsa go re thusitse jang gore re dire ditshwetso tse di molemo. Fa re na le bone, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a ba kaele ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Joh. 16:13.

6. Ke eng gape se re tshwanetseng go se dira go ruta batho go ikobela ditaelo tsa ga Jesu?

6 Ke eng gape se re tshwanetseng go se dira go ruta batho go ikobela ditaelo tsa ga Jesu? Re tshwanetse go thusa batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba rate tiro ya go dira batho barutwa. Bangwe ba ka tswa ba tshaba go dira tiro ya go rera. Ka jalo, re tshwanetse go nna pelotelele fa re ntse re ba thusa go tlhaloganya boammaaruri jo bo mo Baebeleng le gore ba nne le tumelo e e nonofileng. Mme seo se ka nna sa dira gore ba batle go rera dikgang tse di molemo. Ke eng se re ka se dirang go thusa batho ba re ithutang le bone gore ba rate tiro ya go rera dikgang tse di molemo?

7. Re ka thusa jang motho yo re ithutang le ene gore a rate tiro ya go rera?

7 Re ka nna ra botsa motho yo re ithutang le ene dipotso tseno: “O thusitswe jang ke go dirisa se o se ithutileng mo Baebeleng? A o akanya gore batho ba bangwe le bone ba tlhoka go utlwa molaetsa ono? Ke eng se o ka se dirang go ba thusa?” (Dia. 3:27; Math. 9:37, 38) Bontsha moithuti dipampitshana tse di mo Lebokosong la go Ruta, mme o mo kope gore a tlhophe tse a akanyang gore ditsala tsa gagwe, batho ba a berekang le bone kgotsa ba losika la gagwe ba ka rata go di bala. O bo o mo naya tsone. Ikatise le ene go mmontsha gore a ka naya jang batho dipampitshana. Mme fa a sena go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, o tshwanetse go tsamaya le ene mo bodireding gore o mo thuse.—Mor. 4:9, 10; Luke 6:40.

PHUTHEGO E KA THUSA JANG?

8. Goreng go le botlhokwa gore batho ba re ithutang Baebele le bone ba rate Modimo le batho? (Bona lebokoso la setlhogo se se reng, “ Thusa Batho ba o Ithutang le Bone go Rata Jehofa le go Feta.”)

8 Gopola gore Jesu o re laetse gore re rute batho go ‘boloka dilo tsotlhe tse a di re laetseng.’ Seno se akaretsa gore re ba rute go rata Modimo le go rata batho. (Math. 22:37-39) Goreng re tlhoka go rata Modimo le batho gore re kgone go rera dikgang tse di molemo? Lebaka la go bo re rerela batho ke ka gonne re rata Modimo le baagelani ba rona. Gone fa moithuti wa Baebele a akanya ka gore o tlhoka go rerela batho, a ka nna a simolola go boifa. Mme re ka bolela batho ba re ithutang le bone gore Jehofa o tlile go ba thusa mme fa nako e ntse e ya, ga ba kitla ba tlhola ba boifa go rerela batho. (Pes. 18:1-3; Dia. 29:25) Lebokoso le le tsamaisanang le setlhogo seno, le re thusa go itse gore ke dilo dife tse re tlhokang go di dira gore re thuse batho ba re ithutang Baebele le bone gore ba rate Modimo le go feta. Mme ke eng se phuthego e ka se dirang gore e thuse moithuti wa Baebele gore a rate tiro ya go rera le go feta?

9. Ke eng se se ka thusang moithuti gore e nne mokgweetsi yo o siameng?

9 A re bueng gape ka motho yole yo o ithutang go kgweetsa. Ke eng se se mo thusang gore a ithute tsela e e siameng ya go kgweetsa? Ke go reetsa fa mokatisi wa gagwe a ntse a mo kaela le go ithuta mo bathong ba ba kgweetsang sentle. Ka sekai, fa a ntse a kgweetsa, mokatisi wa gagwe a ka nna a mmontsha mokgweetsi mongwe yo o sutelang bakgweetsi ba bangwe gore ba kgone go tsena fa pele ga gagwe. Kgotsa a ka nna a mmontsha mokgweetsi mongwe yo o fokotsang dipone tsa gagwe gore a se ka a fatlha bakgweetsi ba bangwe. Mme a ka nna a kgothaletsa moithuti wa gagwe gore le ene a dire se se tshwanang. Dilo tseno di ka thusa moithuti gore e nne mokgweetsi yo o siameng.

10. Ke eng se se ka thusang moithuti go gatela pele?

10 Ka tsela e e tshwanang, fa moithuti wa Baebele a simolola go direla Jehofa, ga a ithute fela mo sekaong sa motho yo a ithutang Baebele le ene. Mme gape, o ithuta mo dikaong tsa batlhanka ba bangwe ba ga Jehofa. Ka jalo, ke eng se se ka thusang moithuti go gatela pele? Ke go ya dipokanong ka metlha. Goreng re rialo? Se a se ithutang kwa dipokanong se tla mo thusa gore a nne le kitso e e oketsegileng le go nonotsha tumelo ya gagwe le gore a rate Jehofa le go feta. (Dit. 15:30-32) Gape fa a le kwa dipokanong, motho yo o ithutang Baebele le ene a ka nna a mmontsha bakaulengwe le bokgaitsadi ba le bone ba lebanang le mathata a a tshwanang le a gagwe. Akanya ka dikai tse di latelang.

11. Ke dilo dife tse moithuti wa Baebele a ka di lemogang mo phuthegong mme dilo tseo di ka mo thusa jang?

11 Moithuti wa Baebele yo o godisang bana a le nosi o lemoga gore kgaitsadi mongwe le ene o godisa bana a le nosi. Fa a ntse a bona kgaitsadi yoo a ntse a tla le bana ba gagwe kwa dipokanong, seo se mo ama pelo fela thata. Moithuti mongwe wa Baebele yo a nang le bothata jwa go tlogela go goga motsoko, o simolola go tlwaelana le mokaulengwe yo le ene a neng a na le bothata joo. Mokaulengwe yoo o mo tlhalosetsa gore selo se se mo thusitseng go tlogela go goga ke fa a ntse a ithuta ka Jehofa a bo a simolola go mo rata le go feta. (2 Bakor. 7:1; Bafil. 4:13) Fa mokaulengwe yoo a sena go mmolela gore ke eng se se mo thusitseng go tlogela go goga, o mo raya a re: “Le wena o ka kgona.” Seo se thusa moithuti yoo gore a bone gore tota a ka kgona. Mosha mongwe yo o ithutang Baebele o lemoga gore kgaitsadi mongwe yo le ene e leng mosha, o itumelela go nna Mosupi mme o dirisa nako ya gagwe go thusa ba bangwe. Seno se dira gore moithuti yono a batle go itse gore ke eng se se dirang gore kgaitsadi yono a nne a itumetse.

12. Ke eng fa re ka re rotlhe re ka thusa moithuti wa Baebele go gatela pele?

12 Fa motho yo ithutang Baebele a simolola go itse bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba farologaneng, o ithuta mo go bone gore ke eng se a tshwanetseng go se dira gore a kgone go ikobela taelo ya ga Jesu ya gore a rate Modimo le batho. (Joh. 13:35; 1 Tim. 4:12) Mme fela jaaka go tlhalositswe mo dirapeng tse di fetileng, moithuti wa Baebele a ka ithuta mo bakaulengweng le bokgaitsadi ba ba ileng ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tse a lebanang le tsone. Dilo tseo di ka mo thusa go lemoga gore a ka kgona go dira diphetogo tse di tlhokegang gore e nne morutwa wa ga Jesu. (Dute. 30:11) Mongwe le mongwe mo phuthegong a ka thusa moithuti wa Baebele gore a gatele pele. (Math. 5:16) Ke eng se wena o se dirang go kgothatsa batho ba ba ithutang Baebele ba ba tlang dipokanong?

THUSA BA BA TSIDIFETSENG

13-14. Jesu o ile a dirisana jang le baaposetoloi ba gagwe fa ba ne ba kgobegile marapo?

13 Re batla go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsidifetseng gore ba boe ba dire tiro ya go rera dikgang tse di molemo le ya go dira barutwa. Tsela e Jesu a ileng a dirisana le baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba kgobegile marapo ka yone e re bontsha se re tshwanetseng go se dira gompieno.

14 Fa Jesu a tloga a bolawa, baaposetoloi ba gagwe ‘botlhe ba ne ba mo tlogela, ba tshaba.’ (Mar. 14:50; Joh. 16:32) Jesu o ile a dirisana jang le baaposetoloi ba gagwe fa ba ne ba kgobegile marapo? Fa Jesu a sena go tsosiwa o ile a raya basadi bangwe ba e neng e le balatedi ba gagwe a re: “Se boifeng! Tsamayang, begelang bomorwarre, gore [ke tsositswe].” (Math. 28:10a) Jesu ga a ka a tlhoboga baaposetoloi ba gagwe. Le fa ba ile ba mo tlogela, o ne a sa ntse a ba bitsa ‘bomorwarraagwe.’ Jesu o ne a le kutlwelobotlhoko e bile a itshwarela ba bangwe fela jaaka Jehofa.—2 Dikg. 13:23.

15. Re ikutlwa jang ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlogetseng go dira tiro ya go rera?

15 Le rona re amega ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tlogetseng go rera dikgang tse di molemo. E sa ntse e le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, e bile re a ba rata. Re sa ntse re gopola tsela e ba neng ba dira ka natla ka yone mo tirelong ya ga Jehofa. Bangwe ba bone ba feditse dingwaga di le dintsi ba direla Jehofa. (Baheb. 6:10) Re ba gopotse fela thata! (Luke 15:4-7) Re ka etsa Jesu jang ka go bontsha bakaulengwe le bokgaitsadi bano gore re a ba rata?

16. Re ka bontsha jang gore re tshwenyegile ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsidifetseng?

16 Ba laletse gore ba tle dipokanong. Tsela nngwe e Jesu a ileng a kgothatsa baaposetoloi ba gagwe ba ba neng ba kgobegileng marapo ka yone, ke go ba laletsa gore ba kopane mmogo. (Math. 28:10b;1 Bakor. 15:6) Le rona re tshwanetse go kgothaletsa batho ba ba tsidifetseng gore ba tle dipokanong. Gongwe re ka tlhoka go ba laletsa makgetlho a le mmalwa pele ba tla. Ga go pelaelo gore Jesu o ile a itumela tota fa baaposetoloi ba gagwe ba tla kwa a neng a ba laleditse gone mme le rona re ka ikutlwa ka tsela e e tshwanang.—Bapisa Mathaio 28:16 le Luke 15:6.

17. Re tshwanetse go dira eng fa motho yo o tsidifetseng a tla dipokanong?

17 Ba amogele ka diatla tsoopedi. Fa Jesu a ne a kopana le baaposetoloi ba gagwe o ile a dira gore ba ikutlwe ba amogelesegile. Ga a ka a emela gore ba tle kwa go ene, go na le moo, o ile a tsaya matsapa go ya kwa go bone a bo a bua le bone. (Math. 28:18) Re tshwanetse go dira eng fa motho yo o tsidifetseng a tla dipokanong? Re tshwanetse go ya kwa go ene re bo re mo amogela. Gongwe re ka nna ra tshwenyega, re ipotsa gore re tla mo raya re reng. Re ka mmolelela gore re itumeletse go mmona, go na le go bua dilo dingwe tse di ka dirang gore a ikutlwe a sa amogelesega.

18. Re ka kgothatsa jang bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsidifetseng?

18 Ba kgothatse. Gongwe barutwa ba ga Jesu ba ne ba akanya gore ga ba kitla ba kgona go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ile a ba raya a re: “Ke na le lona malatsi otlhe.” (Math. 28:20) A seo se ile sa kgothatsa barutwa ba gagwe? Ee. Go ise go ye kae, ke fa ba dira ka natla, “ba ruta e bile ba bolela dikgang tse di molemo.” (Dit. 5:42) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba tsidifetseng le bone ba tlhoka go kgothadiwa. Ba ka tswa ba tshoga fa ba akanya gore ba tlhoka go dira tiro ya go rera dikgang tse di molemo gape. Re ka nna ra ba bolelela gore ga ba nosi mo tirong eno ya go rera. Fa ba setse ba ikutlwa ba gololesegile go ya tshimong, re ka nna ra tsamaya le bone. Ba tla itumela tota fa re ka ba thusa. Fa re bontsha batho ba ba tsidifetseng gore re sa ntse re ba tsaya e le bakaulengwe le bokgaitsadi, ba ka nna ba batla go boa ba direla Jehofa gape. Mme phuthego yotlhe e tla itumela.

RE BATLA GO WETSA TIRO E JESU A RE NEILENG YONE

19. Ke eng se re batlang go se dira mme ka ntlha yang?

19 Re tshwanetse go rera le go dira barutwa go fitlha leng? Go fitlha tsamaiso eno ya dilo e ya bokhutlong. (Math. 28:20) A re tla kgona go rera le go dira barutwa go fitlha ka nako eo? Re ikemiseditse go dira jalo! Re dirisa nako, maatla le madi a rona gore re kgone go fitlhelela ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng.” (Dit. 13:48) Fa re dira jalo re a bo re latela sekao sa ga Jesu. O ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.” (Joh. 4:34; 17:4) Ke se le rona re batlang go se dira. Re batla go wetsa tiro e Jesu a re neileng yone. (Joh. 20:21) Re batla gore batho botlhe, go akaretsa le batho ba ba tsidifetseng ba dire tiro eno ya go rera le rona.—Math. 24:13.

20. Bafilipi 4:13 e a re ke eng se se ka re thusang go wetsa tiro e Jesu a re laetseng gore re e dire?

20 Ga go motlhofo go dira se Jesu a re laetseng gore re se dire. Mme gone, ga re nosi mo tirong eno. Jesu o re solofeditse gore o tla nna le rona. Fa re dira tiro ya go dira barutwa re a bo re le “badirimmogo le Modimo” e bile “re patilwe ke Keresete.” (1 Bakor. 3:9; 2 Bakor. 2:17) Ka jalo, re ka kgona go dira tiro eno. Ruri go dira tiro eno le go thusa ba bangwe go e dira ke tshiamelo e e seng kana ka sepe!—Bala Bafilipi 4:13.

PINA 79 Ba Rute go Nitama

^ ser. 5 Jesu o ile a laela balatedi ba gagwe gore ba rute batho go boloka dilo tsotlhe tse a di laetseng. Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore re ka ikobela jang ditaelo tsa ga Jesu. Dilo dingwe tse re tla tlotlang ka tsone fano di tswa mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 2004, tsebe 14-19.

^ ser. 66 TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Kgaitsadi o tlhalosetsa moithuti gore ke eng se a tlhokang go se dira gore a rate Jehofa le go feta. Moragonyana moithuti yoo o dirisa dilo tse kgaitsadi yoo a mo rutileng tsone.