Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 46

Banyalani ba Basha—Tlhomang Mogopolo mo go Direleng Jehofa

Banyalani ba Basha—Tlhomang Mogopolo mo go Direleng Jehofa

“Jehofa ke nonofo ya me . . . Ke mo tshepa ka pelo yotlhe.” —PES. 28:7.

PINA 131 “Se Modimo a se Kopantseng Mmogo”

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Ke eng fa batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanetse go ikanya Jehofa? (Pesalema 37:3, 4) (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

A O IPAAKANYETSA go nyala kgotsa o sa tswa go nyala? Fa e le gore go ntse jalo, ga go pelaelo gore o lebile pele go itumelela botshelo le motho yo o mo ratang. Boammaaruri ke gore lenyalo le na le dikgwetlho, mme batho ba ba sa tswang go nyalana ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tsa botlhokwa. Tsela e lo rarabololang dikgwetlho le e lo dirang ditshwetso ka yone, ke yone e e tla dirang gore lo itumele kgotsa lo se ka lwa itumela mo dingwageng tse di latelang. Fa lo ikaega ka Jehofa, lo tla dira ditshwetso tse di botlhale, lenyalo la lona le tla nonofa e bile lo tla itumela. Fa lo sa dirise kgakololo e Modimo a lo nayang yone, lo ka nna lwa lebana le maemo a a ka dirang gore go nne le mathata mo lenyalong la lona e bile ga lo kitla lo itumela.—Bala Pesalema 37:3, 4.

2 Le fa setlhogo seno se kwaletswe batho ba ba sa tswang go nyalana, se tla tlotla ka dikgwetlho tse banyalani botlhe ba ka lebanang le tsone. Se tla sekaseka se re ka se ithutang mo dikaong tsa banna le basadi ba bogologolo ba ba ikanyegang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng. Dikao tseno di tla re ruta dithuto tse re ka di dirisang mo botshelong, go akaretsa le mo lenyalong. Gape re tla bona se re ka se ithutang mo banyalaning ba motlha wa gompieno.

BANYALANI BA BASHA BA KA LEBANA LE DIKGWETLHO DIFE?

Ke ditshwetso dife tse di ka dirang gore batho ba ba sa tswang go nyalana ba se ka ba kgona go direla Jehofa mo go oketsegileng? (Bona serapa 3-4)

3-4. Batho ba ba sa tswang go nyalana ba ka lebana le dikgwetlho dife?

3 Batho bangwe ba ka nna ba kgothaletsa banyalani ba basha gore ba tshele jaaka batho ba le bantsi ba tshela gompieno. Ka sekai, batsadi le bangwe ba masika, ba ka ba gatelela gore ba nne le bana ka bonako fela fa ba sena go nyalana. Kgotsa ba lelapa le ditsala ba ka ba kgothaletsa gore ba reke ntlo le gore ba e tlatse ka dithoto tse di jang madi a mantsi.

4 Fa banyalani ba se kelotlhoko, ba ka dira ditshwetso tse di ka dirang gore ba tsene mo dikolotong tse dintsi. Mme seo se bo se dira gore boobabedi ba fetse nako e ntsi kwa tirong gore ba kgone go duela dikoloto tseo. Tiro eo e ka dira gore ba se ka ba nna le nako ya go ithuta Baebele ba le nosi, go nna le kobamelo ya lelapa le go nna le seabe mo bodireding. Banyalani bao ba ka nna ba lofela dipokano ka gonne ba bereka diura tse dintsi gore ba nne le madi a a oketsegileng kgotsa gore ba se ka ba felelwa ke ditiro. Mme seo se tla dira gore ba latlhegelwe ke ditshono tsa go direla Jehofa mo go oketsegileng.

5. O ithuta eng mo sekaong sa ga Klaus le Marisa?

5 Maitemogelo a batho ba le bantsi a bontsha gore fa re batla go nna le dilo di le dintsi mo botshelong, ga re kitla re itumela. A re bone gore banyalani ba ba bidiwang Klaus le Marisa ba ithutile eng mo kgannyeng eo. * Fa ba sena go nyalana, ba ne ba bereka ba le babedi gore ba kgone go tshela botshelo jwa manobonobo. Mme gone ba ne ba sa itumela. Klaus a re: “Le fa gone re ne re na le sengwe le sengwe se re se tlhokang, re ne re se na mekgele ya go direla Jehofa mo go oketsegileng. Botshelo jwa rona bo ne bo nna bo tlhakatlhakane e bile re tshwenyegile.” Gongwe le lona lo lemogile gore go tlhoma mogopolo mo dikhumong ga go a dira gore lo itumele. Fa e le gore go ntse jalo, lo se ka lwa kgobega marapo. Go sekaseka maitemogelo a batho ba bangwe go ka lo thusa gore lo dire diphetogo. Sa ntlha, a re boneng gore banna ba ba nyetseng ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Kgosi Jehoshafate.

IKANYE JEHOFA FELA JAAKA KGOSI JEHOSHAFATE

6. Kgosi Jehoshafate o ne a dirisa kgakololo e e mo go Diane 3:5, 6 jang fa a ne a lebane le bothata jo bogolo?

6 Banna ba ba nyetseng, a ka dinako dingwe lo ikutlwa lo imelwa ke maikarabelo a lona? Fa e le gore go ntse jalo, lo ka solegelwa molemo ke sekao sa ga Kgosi Jehoshafate. E re ka Jehoshafate e ne e le kgosi, o ne a tshwanetse go tlhomamisa gore setšhaba sotlhe se sireletsegile! O ne a dira eng gore a kgone go diragatsa maikarabelo ao a gagwe a a botlhokwa? Jehoshafate o ne a dira sotlhe se a neng a ka se kgona gore a sireletse setšhaba. O ne a nonotsha metse ya Juda a bo a rulaganya mophato o mogolo wa masole a a fetang 1 160 000. (2 Ditir. 17:12-19) Moragonyana, Jehoshafate o ne a lebana le bothata jo bogolo. Mophato o mogolo wa Baamone, Bamoabe le banna ba kgaolo e e dithaba ya Seire, o ne wa tla go tlhasela ene le lelapa la gagwe le setšhaba sa gagwe. (2 Ditir. 20:1, 2) Jehoshafate o ne a dira eng? O ne a kopa Jehofa gore a mo thuse le gore a mo nonotshe. O ne a dirisa kgakololo e e botlhale e e mo go Diane 3:5, 6. (E bale.) Thapelo ya ga Jehoshafate e e mo go 2 Ditiragalo 20:5-12, e bontsha gore o ne a ikanya Jehofa fela thata. Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Jehoshafate jang?

7. Jehofa o ne a araba thapelo ya ga Jehoshafate jang?

7 Jehofa o ne a bua le Jehoshafate a dirisa Molefi yo o bidiwang Jahasiele. Jehofa o ne a re: “Emang mo maemong a lona, emang lo sa tshikinyege mme lo bone kafa Jehofa a tla lo gololang ka gone.” (2 Ditir. 20:13-17) Eo e ne e se tsela e e tlwaelegileng ya go tlhabana! Le fa go ntse jalo, ditaelo tseo di ne di sa tswe mo mothong; di ne di tswa kwa go Jehofa. E re ka Jehoshafate a ne a ikanya Modimo ka botlalo, o ne a ikobela ditaelo tseo. Fa ene le masole a gagwe ba ne ba ya go tlhabana le baba ba bone, o ne a baya baopedi kwa pele e seng masole a a neng a tlhometse. Jehofa o ne a fenya mophato oo wa baba fela jaaka a ne a solofeditse Jehoshafate.—2 Ditir. 20:18-23.

Banyalani ba basha ba ka dira gore go direla Jehofa go tle pele mo botshelong jwa bone ka go mo rapela le go ithuta Lefoko la gagwe (Bona serapa 8, 10)

8. Banna ba ba nyetseng ba ka ithuta eng mo sekaong sa ga Jehoshafate?

8 Banna ba ba nyetseng, lo ka ithuta sengwe mo sekaong sa ga Jehoshafate. E re ka o le monna yo o nyetseng, o na le maikarabelo a go tlhokomela ba lelapa la gago, e bile o dira ka natla go ba sireletsa le go ba tlamela. Ka jalo, fa o lebana le mathata o ka nna wa akanya gore o ka a rarabolola ka bowena. Le fa go ntse jalo, o se ka wa ikaega ka maatla a gago. Go na le moo, rapela o le nosi mme o kope Jehofa gore a go thuse. Mo godimo ga moo, rapela go tswa pelong o na le mosadi wa gago. Batla kaelo ya ga Jehofa ka go ithuta Baebele le dikgatiso tse phuthego ya Modimo e re nayang tsone, mme o dirise kgakololo e o e bonang mo go tsone. Batho ba bangwe ba ka nna ba se ka ba dumalana le ditshwetso tse o di dirang tse di theilweng mo Baebeleng, e bile ba ka nna ba go bolelela gore ke boeleele. Ba ka nna ba go raya ba re madi le dithoto di ka sireletsa ba lelapa la gago. Le fa go ntse jalo, gakologelwa sekao sa ga Jehoshafate. O ne a ikanya Jehofa mme a bontsha seo ka se a neng a se dira. Jehofa ga a ka a latlha monna yoo yo o ikanyegang, e bile ga a ka ke a go latlha. (Pes. 37:28; Baheb. 13:5) Ke eng gape se banyalani ba ka se dirang go tlhomamisa gore ba itumelela botshelo mmogo?

TSAYANG GO DIRELA JEHOFA GO LE BOTLHOKWA JAAKA MOPOROFETI ISAIA LE MOSADI WA GAGWE

9. O ka tlhalosa jang botshelo jwa ga moporofeti Isaia le mosadi wa gagwe?

9 Moporofeti Isaia le mosadi wa gagwe ba ne ba tsaya go direla Jehofa go le botlhokwa mo botshelong jwa bone. Isaia e ne e le moporofeti e bile go ka direga gore mosadi wa gagwe le ene o ne a na le ditiro tse a neng a di dira tsa boporofeti ka gonne o bidiwa “moporofeti wa mosadi.” (Isa. 8:1-4) Go bonala sentle gore Isaia le mosadi wa gagwe, ba ne ba dira gore kobamelo ya ga Jehofa e tle pele mo botshelong jwa bone. Ruri sekao seo sa bone se se molemo se ka thusa banyalani gompieno!

10. Go ithuta boporofeti jo bo mo Baebeleng go tla thusa banyalani jang gore ba ikemisetse go direla Jehofa sotlhe se ba ka se kgonang?

10 Gompieno, banyalani ba ka etsa sekao sa ga Isaia le mosadi wa gagwe ka go dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya ga Jehofa. Ba ka nonotsha tsela e ba ikanyang Jehofa ka yone ka go ithuta boporofeti jwa Baebele mmogo, le go sekaseka kafa bo diragadiwang ka gone ka metlha. * (Tito 1:2) Ba ka akanya ka se ba ka se dirang go thusa gore boporofeti bongwe jwa Baebele bo diragadiwe. Ka sekai, ba ka nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jwa ga Jesu jwa gore dikgang tse di molemo di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Fa banyalani ba tlhomamisegile gore boporofeti jwa Baebele bo a diragadiwa, ba tla ikemisetsa go direla Jehofa sotlhe se ba ka se kgonang.

DIRANG GORE BOGOSI BO TLE PELE JAAKA PERISILA LE AKHWILA

11. Perisila le Akhwila ba ne ba kgona go dira eng, mme ka ntlha yang?

11 Banyalani ba basha ba ka ithuta go le gontsi mo sekaong sa ga Perisila le Akhwila, e leng banyalani ba Bajuda ba ba neng ba nna kwa Roma. Ba ne ba utlwile dikgang tse di molemo ka ga Jesu ba bo ba nna Bakeresete. Ga go pelaelo gore ba ne ba itumelela botshelo. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa bone bo ne jwa fetoga ka ponyo ya leitlho fa Mmusimogolo Kalaudio a ne a laela gore Bajuda botlhe ba tswe kwa Roma. Akanya kafa seo se neng sa ama Akhwila le Perisila ka gone. Ba ne ba tla tshwanelwa ke go tswa mo lefelong le ba le tlwaetseng mme ba ye go batla legae le lesha ba bo ba simolole kgwebo ya go dira ditente kwa lefelong leo. A maemo ao a a thata a ne a tla ba thibela go tswelela ba direla Jehofa sotlhe se ba ka se kgonang? O ka tswa o itse karabo ya potso eo. Fa Akhwila le Perisila ba sena go goroga kwa legaeng la bone le lesha kwa Korintha, ba ne ba simolola go thusa phuthego ya koo ba bo ba dira mmogo le moaposetoloi Paulo gore ba nonotshe bakaulengwe ba bone. Moragonyana ba ne ba fudugela kwa metseng e mengwe kwa go neng go tlhokega bareri ba ba oketsegileng gone. (Dit. 18:18-21; Bar. 16:3-5) Ruri ba ne ba dira ka natla e bile ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumelela botshelo mmogo!

12. Goreng banyalani ba tshwanetse go ipeela mekgele ya se ba tla se direlang Jehofa?

12 Gompieno banyalani ba ka etsa sekao sa ga Perisila le Akhwila ka go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele. Nako e e siameng ya gore baratani ba bue ka mekgele ya bone, ke pele ga ba nyalana. Fa ba ipeela mekgele ya go direla Jehofa mmogo e bile ba dira ka natla gore ba e fitlhelele, ba tla nna le ditshono tse dintsi tsa go bona fa Jehofa a ba thusa mo botshelong jwa bone. (Mor. 4:9, 12) Akanya ka maitemogelo a ga Russell le Elizabeth. Russell a re: “Pele re nyalana, re ne ra tlotla ka se re neng re batla go se direla Jehofa.” Elizabeth a re: “Re ne ra tlotla ka kgang eo gore moragonyana fa re tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse dingwe re tlhomamise gore ditshwetso tseo ga di re thibele go fitlhelela mekgele e re neng re ipeetse yone.” Maemo a ga Russell le Elizabeth a ne a ba letla gore ba kgone go ya kwa Micronesia gore ba ye go direla kwa go neng go tlhokega baboledi ba ba oketsegileng gone.

Banyalani ba basha ba ka dira gore go direla Jehofa go tle pele mo botshelong jwa bone ka go ipeela mekgele ya go mo direla (Bona serapa 13)

13. Go ya ka Pesalema 28:7, go tla direga eng fa re tshepa Jehofa?

13 Fela jaaka Russell le Elizabeth, banyalani ba le bantsi ba tlhofofaditse botshelo jwa bone gore ba kgone go nna le nako e ntsi mo tirong ya go rera le go dira barutwa. Fa banyalani ba ipeela mekgele ya gore ba direle Jehofa sotlhe se ba ka se kgonang e bile ba dira mmogo gore ba e fitlhelele, ba tla nna le diphelelo tse di molemo. Ba tla bona kafa Jehofa a ba tlhokomelang ka gone, ba tla mo tshepa le go feta e bile ba tla itumela.—Bala Pesalema 28:7.

TSHEPA DITSHOLOFETSO TSA GA JEHOFA JAAKA MOAPOSETOLOI PETERE LE MOSADI WA GAGWE

14. Moaposetoloi Petere le mosadi wa gagwe ba ne ba bontsha jang gore ba tshepa tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Mathaio 6:25, 31-34?

14 Sekao sa ga moaposetoloi Petere le mosadi wa gagwe le sone se ka ruta banyalani sengwe. Mo e ka nnang dikgwedi di le thataro kgotsa ngwaga morago ga gore moaposetoloi Petere a kopane le Jesu, o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya botlhokwa. Petere o ne a na le kgwebo ya go tshwara ditlhapi gore a tlamele ba lelapa la gagwe. Ka jalo, fa Jesu a ne a mo kopa gore a nne molatedi wa gagwe ka metlha, Petere a ka tswa a ile a bua le mosadi wa gagwe fa a ne a dira tshwetso eo. (Luke 5:1-11) Petere o ne a tlhopha go tsamaya le Jesu fa a ya go rera. O ne a dirile tshwetso e e molemo! E bile go a utlwala gore re akanye gore mosadi wa gagwe o ne a ema tshwetso eo nôkeng. Baebele e a re fa Jesu a sena go tsosiwa, Petere o ne a tsamaya le mosadi wa gagwe ka makgetlo mangwe. (1 Bakor. 9:5) Ga go pelaelo gore sekao se se molemo sa mosadi wa ga Petere se ne sa thusa Petere gore a bue a gololesegile fa a gakolola banna le basadi ba Bakeresete. (1 Pet. 3:1-7) Ga re belaele gore Petere le mosadi wa gagwe ba ne ba tshepa tsholofetso ya ga Jehofa ya gore o ne a tla ba tlhokomela fa ba ne ba ka dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo botshelong jwa bone.—Bala Mathaio 6:25, 31-34.

15. O ithuta eng mo maitemogelong a ga Tiago le Esther?

15 Fa banyalani ba na le dingwaga di le mmalwa ba nyalane, ba ka dira eng gore ba nne le keletso ya go direla Jehofa mo go oketsegileng? Sengwe se ba ka se dirang ke go ithuta mo maitemogelong a banyalani ba bangwe. Ka sekai, ba ka bala motseletsele wa “Ba Ithaopile ka go Rata.” Ditlhogo tseo di ne tsa thusa Tiago le Esther, e leng banyalani ba kwa Brazil, gore ba batle go direla kwa go nang le tlhokego gone. Tiago a re: “Fa re ne re bala kafa Jehofa a neng a thusa batlhanka ba gagwe ba mo motlheng wa rona ka gone le rona re ne re batla go dirisa kgakololo ya ga Jehofa le go bona fa a re thusa.” Ba ne ba fudugela kwa Paraguay, kwa ba ntseng ba direla gone mo tshimong ya Sepotokisi fa e sa le ka 2014. Esther a re: “Temana nngwe e re e ratang thata ke Baefeso 3:20. Re bone ka makgetlo a le mantsi kafa mafoko ao a neng a diragala ka gone fa re ntse re direla Jehofa.” Mo lekwalong leo le Paulo a neng a le kwalela Baefeso, o ne a solofetsa gore Jehofa o tla re naya dilo tse di fetang tse re di kopang. Jehofa o diragaditse tsholofetso eo ka makgetlo a le mantsi!

Banyalani ba basha ba ka dira gore go direla Jehofa go tle pele mo botshelong jwa bone ka go kopa kgakololo mo banyalaning ba ba nang le maitemogelo (Bona serapa 16)

16. Banyalani ba basha ba ka kopa kgakololo ya bomang fa ba ipeela mekgele mo botshelong?

16 Banyalani ba basha ba ka solegelwa molemo ke maitemogelo a batho ba bangwe ba ba neng ba ikaega ka Jehofa. Banyalani bangwe ba ka tswa ba feditse dingwaga tse dintsi ba le mo tirelong ya nako e e tletseng. Goreng lo sa kope kgakololo ya bone fa lo ntse lo akanya ka mekgele ya lona? Eno ke tsela e nngwe e lo ka bontshang ka yone gore lo tshepa Jehofa. (Diane 22:17, 19) Bagolwane le bone ba ka thusa banyalani gore ba ipeele mekgele ya go direla Jehofa mo go oketsegileng le gore ba e fitlhelele.

17. Klaus le Marisa ba ne ba lebana le boemo bofe, mme re ithuta eng mo maitemogelong a bone?

17 Ka dinako dingwe re ka nna ra batla go direla Jehofa mo go oketsegileng ka tsela nngwe e e rileng mme ene a bo a re kaela gore re mo direle ka tsela e sele. Seno se diragaletse Klaus le Marisa ba re buileng ka bone pelenyana. Morago ga dingwaga tse tharo ba nyalane, ba ne ba fuduga kwa legaeng la bone mme ba ithaopela go ya go dira tiro ya go aga kwa lekaleng la Finland. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bolelelwa gore ba ne ba tla letlelelwa go nna koo dikgwedi di le thataro fela. Kwa tshimologong ba ne ba kgobegile marapo. Mme go ise go ye kae, ba ne ba lalediwa kwa tlelaseng e go neng go rutiwa puo ya Searabia kwa go yone. Gone jaanong ba itumelela go rera kwa tshimong ya Searabia kwa nageng e nngwe. Fa Marisa a akanya ka se se diregileng a re: “Ke ne ke tlhoka go ikanya Jehofa ka botlalo ka gonne ke ne ke tshaba go dira sengwe se ke iseng ke ko ke se dire. Le fa go ntse jalo, ke bone kafa Jehofa a re thusitseng ka gone ka ditsela tse re neng re sa di solofela. Seo se ne sa dira gore ke tshepe Jehofa le go feta.” Jaaka re bona mo sekaing seno, re ka tlhomamisega gore ka metlha Jehofa o tla re segofatsa fa re mo tshepa ka pelo yotlhe.

18. Banyalani ba ka dira eng gore ba tswelele ba ikanya Jehofa?

18 Lenyalo ke mpho e e tswang kwa go Jehofa. (Math. 19:5, 6) O batla gore banyalani ba itumelele mpho eno. (Diane 5:18) Banyalani ba basha, sekasekang se lo se dirang ka botshelo jwa lona. A lo dira sotlhe se lo ka se kgonang go bontsha Jehofa gore lo ananeela dimpho tse a lo neileng tsone? Buang le Jehofa ka thapelo. Batlang melaometheo e e mo Lefokong la Modimo e e tshwanelang boemo jwa lona. Go tswa foo, dirisang kgakololo e Jehofa a lo nayang yone. Lo ka tlhomamisega gore fa lo dira gore go direla Jehofa go tle pele mo lenyalong la lona lo tla nna le botshelo jo bo itumedisang le jo bo kgotsofatsang!

PINA 132 Jaanong re Nama e le Nngwe

^ ser. 5 Ditshwetso tse re di dirang di ka dira gore re dirise maatla le nako e ntsi re direla Jehofa kgotsa re se ka ra nna le maatla a go mo direla. Batho ba ba sa tswang go nyalana, ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go dira ditshwetso tse di tla amang matshelo a bone. Setlhogo seno se tla ba thusa gore ba dire ditshwetso tse di tla dirang gore ba itumelele botshelo.

^ ser. 5 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 10 Ka sekai, lo ka tlotla ka dithuto tsa botlhokwa tse di mo kgaolo 6, 7 le 19 mo bukeng ya Pure Worship of Jehovah—Restored At Last!