A o Ne o Itse?
Go ne ga direga eng ka Ninife morago ga motlha wa ga Jona?
MO E ka nnang ka ngwaga wa 670 B.C.E, Asiria e ne e le mmusomogolo wa lefatshe lotlhe, mme go ya ka websaete ya Musiamo wa Boritane, “e ne e busa go tloga kwa Kupero e e kwa bophirima go ya kwa Iran e e kwa botlhaba mme ka nako nngwe puso ya yone e ne e akaretsa Egepeto.” Motsemogolo wa yone e leng Ninife, e ne e le motse o mogolo thata mo lefatsheng. E ne e na le ditshingwana tse dintle tse dintsi le matlo a segosi a magolo le dilaeborari tse dikgolo. Mafoko a a gabilweng mo loboteng lwa motse wa bogologolo wa Ninife a bontsha gore Kgosi Ashurbanipal, fela jaaka dikgosi tse dingwe tsa Asiria o ne a ipitsa “kgosi ya lefatshe lotlhe.” Ka nako ya puso ya gagwe, go ne go lebega e kete ga go na ope yo o neng a tla kgona go fenya Asiria le Ninife.
Ka nako eo, puso ya Asiria e ne e nonofile thata, mme moporofeti wa ga Jehofa e bong Sefania o ne a bolelela pele jaana: “[Jehofa] o tla . . . senya Asiria, e bile o tla dira gore Ninife e kgakgabale fela jaaka sekaka.” Moporofeti yo mongwe wa ga Jehofa e bong Nahume le ene o ne a bolelela pele jaana: “Gapang selefera, gapang gauta! . . . Motse o lolea fela, o sentswe, o kgakgabetse! . . . Mongwe le mongwe yo o go bonang o tla go tshaba a bo a re, ‘Ninife o sentswe!’” (Sefa. 2:13; Nah. 2:9, 10; 3:7) Fa batho ba ne ba utlwa boporofeti joo, ba ka tswa ba ne ba ipotsa jaana: ‘A seo se ka kgonega? A Asiria e ka fenngwa e nonofile jaana?’ Go ne go lebega go ka se kgonege.
Le fa go ntse jalo, e ne ya fenngwa! Nakwana pele ga ngwaga wa 600 B.C.E., Bababelona le Bamede ba ne ba fenya Asiria. Fa nako e ntse e ya, go ne go sa tlhole go na le ope yo o nnang kwa Ninife e bile batho ba ne ba lebetse le gore motse oo o kile wa nna teng. Go ya ka kgatiso e e kwadilweng ke The Metropolitan Museum of Art, morago ga lobaka lo lo rileng, motse wa Ninife o ne wa nyelediwa mme batho ba ne ba bala ka one fela mo Baebeleng. Kgatiso ya Biblical Archaeology Society yone e a re: “Mo e ka nnang kwa masimologong a bo1800, go ne go se na ope yo o neng a itse gore motsemogolo wa Asiria o kile wa nna teng.” Le fa go ntse jalo, ka 1845 moithutamarope yo o bidiwang Austen Henry Layard o ne a simolola go epa marope a motse wa Ninife. Se a se fitlhetseng se ne se bontsha gore ruri Ninife e ne e le motse o mogolo.
Go diragadiwa ga boporofeti jo bo malebana le Ninife go re tlhomamisetsa gore ruri boporofeti jo bo mo Baebeleng jo bo buang ka dipuso tsa gone jaanong tsa dipolotiki bo tla diragadiwa.—Dan. 2:44; Tshen. 19:15, 19-21.